September 28–October 4
A o Ka Dirisa Nako ya Gago le Maatla a Gago go Direla Jehofa?
Fela jaaka Isaia a ile a bolelelapele, phuthego ya ga Jehofa e nna e ntse e gola go feta le e leng pele. (Isa 54:2) E re ka phuthego ya Modimo e ntse e gola, go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse disha, Diholo Tsa Dikopano le diofisi tsa makala. Bontsi jwa dikago tseno, di tlhoka go tlhokomelwa mme fa nako e ntse e ya, tse dingwe di ka tlhoka go baakanngwa. Seno se ka re naya ditshono dife tsa go dirisa nako ya rona le maatla a rona go direla Jehofa?
Re kgona go thusa ka go phepafatsa kwa Holong ya Bogosi fa e le nako ya gore setlhopha sa rona sa tshimo se phepafatse
Re ka ithaopa gore re rutiwe gore re ka tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi jang
O ka tlatsa foromo ya Local Design/Construction Volunteer Application (DC-50) go ya go thusa go aga le go tlhokomela dikago tsa Bogosi tse di leng gaufi le lefelo le o leng mo go lone
O ka tlatsa foromo ya Application for Volunteer Program (A-19) o bo o ithaopa go thusa beke e le nngwe kgotsa go feta kwa Bethele e e mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa kwa makaleng a mangwe a Bethele
LEBANG BIDIO YA GO RULAGANNGWA GA POROJEKE E NTŠHA YA KAGO—BIDIO E E KHUTSWAFADITSWENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Tlhalosa gore go simologa ka 2014, go ile ga nna le diphetogo dife mo tseleng e re dirisang dibidio ka yone.
Gore go tswelele go na le dibidio mo kobamelong ya rona, go rulagantswe gore go dirwe porojeke efe mme porojeke eo e tlile go simolola le go fela leng?
Baithaopi ba ka thusa jang mo porojekeng eno?
Fa e le gore o batla go thusa go aga kwa Ramapo, goreng o tshwanetse go tlatsa foromo (DC-50) le go thusa mo diporojekeng tsa Local Design/Construction mo lefelong le o nnang mo go lone?
Ke eng se se bontshang gore Jehofa ke ene a kaelang porojeke eno?
Re ka tshegetsa jang porojeke eno le fa gone re sa kgone go thusa ka go aga?