LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 August ts. 3
  • Emang lo Nitame fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Emang lo Nitame fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Bopelokgale
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Ga go Thata go Nna Pelokgale
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • “O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Mphe Bopelokgale!
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 August ts. 3

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Emang lo Nitame fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Go ise go ye kae, re tla tshwanela ke go bontsha bopelokgale le gore re tshepa Jehofa go feta le eleng pele. Pitlagano e kgolo e tlile go simolola fa bodumedi jwa maaka bo sena go fedisiwa. (Mat 24:21; Tsh 17:16, 17) Ka nako eo e e thata, re tla tshwanela ke go rerela batho molaetsa wa katlholo. (Tsh 16:21) Re tlile go tlhaselwa ke Gogo wa Magogo. (Esek 38:10-12, 14-16) Mme Jehofa o tlile go sireletsa batho ba gagwe ka go tlisa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Motlhatayotlhe.’ (Tsh 16:14, 16) Fa re na le mathata gone jaanong, re tshwanetse go tswelela re ikanyega ka gonne seo se tla kgona gore re thusa gore re kgone go emelana le mathata a re tlileng go lebana le one kwa pele.

SE O KA SE DIRANG:

  • Tswelela o tshela ka melao ya Modimo ka bopelokgale.—Isa 5:20

  • Tswelela o ya dipokanong ka metlha.—Bah 10:24, 25

  • Nna bonako go ikobela ditaelo tsa phuthego ya ga Jehofa.—Bah 13:17

  • Akanya ka ditsela tse Jehofa a ileng a sireletsa batho ba gagwe mo nakong e e fetileng.—2Pe 2:9

  • Kopa Jehofa gore a go thuse mme o mo tshepe.—Pes 112:7, 8

LEBANG BIDIO YA DITIRAGALO TSE DI TLA TLANG TSE DI TLHOKANG BOPELOKGALE—BIDIO E E KHUTSWAFADITSWENG LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG

  • Ditiragalo tse di tswang mo dibidiong ya ‘Ditiragalo Tse di Tla Tlang Tse di Tlhokang Bopelokgale.’ Kgaitsadi mongwe kwa Holong ya Bogosi o akantse ka lenaane le le dirilweng la go kopanngwa ga phuthego ya bone le phuthego e nngwe.

    Ke kgwetlho efe ya go nna kutlo e Bakeresete bangwe ba neng ba lebana le yone fa phuthego ya bone e ne e kopanngwa le phuthego nngwe?

  • Ditiragalo tse di tswang mo dibidiong ya ‘Ditiragalo Tse di Tla Tlang Tse di Tlhokang Bopelokgale.’ Kgaitsadi yono o tlotla le bokgaitsadi ba babedi ka lenaane la go kopanngwa ga phuthego.

    Go ikobela ditaelo go ka dira gore re nne pelokgale jang?

  • Ditiragalo tse di tswang mo dibidiong ya ‘Ditiragalo Tse di Tla Tlang Tse di Tlhokang Bopelokgale.’ Fa mosimane yono a sena go bona setshwantsho sa se se tlileng go direga ka Haramagedona mo bukeng ya ‘Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!’ o ile a simolola go tshwenyega.

    Goreng ke tla tlhoka go nna pelokgale ka nako ya Haramagedona?

  • Ditiragalo tse di tswang mo dibidiong ya ‘Ditiragalo Tse di Tla Tlang Tse di Tlhokang Bopelokgale.’ Fa Jehoshafate le Bajuda ba bangwe ba ne ba fitlha kwa lefelong la ntwa ba ile ba fitlhela masole a a neng a le kgatlhanong le bone a sule.

    O tshwanetse go ipaakanya gone jaanong gore o kgone go nna pelokgale mo nakong e e tlang

    Ke pego efe ya Baebele e e ka dirang gore re dumele gore Jehofa o tla re sireletsa?—2Dit 20:1-24

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela