MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 44-45
Josefa o Itshwarela Bomogolowe
Go ka nna thata go itshwarela ba bangwe fa ba re utlwisitse botlhoko mme go ka nna thata le go feta fa ba dirile jalo ka boomo. Ke eng se se thusitseng Josefa go itshwarela bomogolowe fa ba ne ba sa mo tshware sentle?
Go na le gore Josefa a ipusolosetse mo go bomogolowe, o ile a batla mabaka a go ba itshwarela.—Pes 86:5; Luk 17:3, 4
Josefa ga a ka a nna a galefile mme o ile a etsa Jehofa ka go itshwarela ba bangwe a gololesegile.—Mik 7:18, 19
Nka etsa Jehofa jang ka go itshwarela ba bangwe ke gololesegile?