LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 August ts. 8
  • Ditiro Tse di Molemo Tse Di ka Se Lebalweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiro Tse di Molemo Tse Di ka Se Lebalweng
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Go Anaanela “Ntlo ya Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 August ts. 8
Kgaitsadi o bereka kwa khitšhineng kwa Bethele

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ditiro Tse di Molemo Tse Di ka Se Lebalweng

Batho botlhe ba ga Jehofa ba kgona go dira ditiro tse di molemo tse di ka se kang tsa lebalwa. Motsadi yo o ratang bana ba gagwe ga a ka ke a lebala ditiro tse di molemo tse bana ba gagwe ba di dirang. Ka jalo, Jehofa le ene ga kitla a lebala ditiro tsa rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe. (Mat 6:20; Bah 6:10) Gone bokgoni jwa rona ga bo tshwane e bile maemo a rona a farologane. Mme fa re direla Jehofa ka pelo yotlhe re tla itumela. (Bag 6:4; Bak 3:23) Mo dingwageng tse di fetileng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba direla kwa Bethele. A o ka kgona go ya go thusa kwa Bethele? Fa o sa kgone kgothaletsa mongwe gore a ye Bethele kgotsa thusa mongwe yo o direlang koo gore a tswelele a le mo tirelong eno e e kgethegileng.

LEBA BIDIO YA SE O TLHOKANG GO SE DIRA GORE O KGONE GO DIRELA KWA BETHELE, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se se ka dirang gore o batle go direla kwa Bethele?

  • Batho bangwe ba ba direlang kwa Bethele ba re Jehofa o ba segofaditse jang?

  • Ke eng se se tlhokegang gore o tshwanelege go direla kwa Bethele?

  • O ka ipaakanyetsa jang go ya go direla kwa Bethele?

Mokaulengwe le bokgaitsadi ba babedi ba dira porojeke mmogo mo khomputareng; mokaulengwe o tsenya dikgatiso mo mabokosong; mokaulengwe o bereka ka dipolanka kwa Bethele

Dilo Tse di Tlhokegang Gore o Tshwanelege go Direla Kwa Bethele

  • O tshwanetse go rata Jehofa le phuthego ya gagwe

  • O tshwanetse go nna le boitsholo jo bo siameng le segakolodi se se phepa

  • O tshwanetse go apara le go ipaakanya sentle

  • O tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng

  • O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 19 go ya go di le 35

  • O tshwanetse go nna le botsogo jo bo siameng, o sa lwale mo tlhaloganyong le mo maikutlong

  • O tshwanetse go itse go bala, go kwala le go bua puo e e dirisiwang thata kwa Bethele

  • O tshwanetse go iketleeletsa go nna kwa Bethele ngwaga o le mongwe kgotsa go feta

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela