LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 June ts. 8
  • Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Atlege

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Atlege
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bana ke “Boswa jo bo Tswang Kwa go Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 June ts. 8
Josefa le Marea ba ruta Jesu le bana ba bangwe ba bone ka nako ya dijo

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Atlege

Batsadi ba Bakeresete ba eletsa go bona bana ba bone ba nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Batsadi ba ka thusa bana ba bone ka go ba ruta Lefoko la Modimo ba sa ntse ba le bannye. (Dut 6:7; Dia 22:6) A seno se raya gore batsadi ba tlhoka go tsaya matsapa? Ee! Ka gonne matsapa a ba a tsayang a tla solegela bana ba bone molemo.—3Jo 4.

Batsadi ba ka ithuta dilo di le dintsi mo go Josefa le Marea. Ba ne ba “tlwaetse go ya kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga ba ela moletlo wa tlolaganyo” le fa go ne go ba tlhoka madi a mantsi. (Luk 2:41) Go bonala Josefa le Marea ba ne ba dira gore go direla Jehofa e nne selo se se tlang pele mo lelapeng la bone. Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba ka thusa bana ba bone go direla Jehofa ka go dirisa tshono nngwe le nngwe go ba ruta Lefoko la Modimo le go ba tlhomela sekao.—Pes 127:3-5.

A O NE O ITSE?

Le fa gone Jesu a goletse mo lelapeng le le direlang Jehofa, bomorwarraagwe ba ile ba simolola go dumela mo go ene morago ga loso lwa gagwe. (Joh 7:5; Dit 1:14) Moragonyana, bomorwarraagwe Jesu ba babedi e bong, Jakobe le Jude, ba ile ba kwala dibuka tsa Baebele tse di bidiwang ka maina a bone.

LEBA BIDIO YA GA BA A KA BA GANA GORE JEHOFA A BA DIRISE O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Jon le Sharon Schiller ba ne ba dira jang gore go direla Jehofa go tle pele mo lelapeng la bone?

  • Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go ruta, go kaela le go kgalemela ngwana mongwe le mongwe ka tsela e e farologaneng?

  • Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go lebana le diteko?

  • Ke dilo dife tse o di dirisitseng mo phuthegong ya Modimo go thusa bana ba gago gore e nne ditsala tsa ga Jehofa?

Lelapa la boorra Schiller

Dira gore go direla Jehofa e nne selo se se tlang pele mo lelapeng la gago

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela