BOTSHELO JWA BOKERESETE
Se re Se Ithutang mo Bukeng ya Jona
Jehofa o ile a dira gore dipego tsa botshelo jwa banna le basadi ba ba ikanyegang di kwalwe mo Baebeleng, gore di re rute dithuto tsa botlhokwa mo botshelong. (Bar 15:4) O ithutile eng mo bukeng ya Jona? Leba bidio ya Kobamelo ya Lelapa: Jona—Go Ithuta go Tswa mo Kutlwelobotlhokong ya ga Jehofa, go tswa foo, araba dipotso tse di latelang:
Ke dikgwetlho dife tse baboledi ba bararo, ba ba mo bidiong eno, ba ileng ba lebana le tsone?
Buka ya Jona e ka go kgothatsa jang fa o kile wa kgalemelwa kgotsa wa latlhegelwa ke ditshiamelo mo phuthegong? (1Sa 16:7; Jon 3:1, 2)
Pego ya ga Jona e go thusa jang go nna le boikutlo jo bo siameng ka tshimo e re e berekang? (Jon 4:11; Mat 5:7)
Pego ya ga Jona e re kgothatsa jang fa re lwala thata? (Jon 2:1, 2, 7, 9)
O ithutile eng mo bidiong eno malebana le go bala Baebele le go akanya ka dilo tse o di balang?