Ba dirisa boroutšhara jwa Lelapa la Gago le ka Itumela go rerela mongwe kwa Georgia
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TORA YA TEBELO
Potso: Ke mang yo o re neileng mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng?
Temana: Jak 1:17
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tla re thusa go lebogela mpho e e di gaisang tsotlhe e Modimo a re neileng yone.
RUTA BOAMMAARURI
LELAPA LA GAGO LE KA ITUMELA
O ka simolola ka go re: Re bontsha batho bidio eno e khutshwane. [Tshameka bidio ya Lelapa la Gago le ka Itumela.]
Fa o mo naya kgatiso: Nka go naya boroutšhara jo go buiwang ka jone mo bidiong eno kgotsa nka go bontsha gore o ka bo tsaya jang mo jw.org.
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.