LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 June ts. 3
  • Sengwe le Sengwe se Jehofa a se Buang se a Diragala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sengwe le Sengwe se Jehofa a se Buang se a Diragala
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 3—Babelona yo o Maatla—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Boraro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 2
    Tsogang!—2012
  • “Cwañ mo go Ena, Lona Batho ba me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Bodumedi Jwa Maaka—Bokhutlo Jwa Jone jo bo Gakgamatsang bo Bonelwa Pele
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 June ts. 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 51-52

Sengwe le Sengwe se Jehofa a se Buang se a Diragala

Jehofa o ne a bua ka dilo tse di sa ntseng di tla direga mo isagweng

Modisa wa ntlo ya segosi ya Peresia a tshwere motswi

Modisa wa ntlo ya segosi ya Peresia a tshwere motswi

“Phatsimisang metswi”

51:11, 28

  • Bameda le Baperesia ba ne ba itshireletsa ka go hula metswi. Ba ne ba phatsimisa metswi ya bone gore e kgone go tlhabelela kwa teng thata

“Banna ba ba thata ba Babelona ba tlogetse go tlhabana”

51:30

  • Letlapa le le kwadilweng pego ya botshelo jwa ga Kgosi Nabonidase (Nabonidus Chronicle) ya re: “Masole a ga Kurose a tsene mo Babelona a sa lwa.” Seno se raya gore ga go a ka ga tsoga ntwa fela jaaka boporofeti jwa ga Jeremia bo buile

Letlapa la Nabonidus Chronicle

Letlapa la Nabonidus Chronicle

‘Babelona o tla nna mekoa ya maje [e bile o tla] kgakgabala ka bosakhutleng’

51:37, 62

  • Go simologa ka 539 B.C.E., motse wa Babelona o ne a sa tlhole o tseelwa kwa godimo thata. Alexander yo Mogolo o ne a batla go o dira motsemoshate wa puso ya gagwe mme o ne a swa pele a ka dira jalo. Fa motlha wa Bakeresete o simologa, go ne go na le Bajuda ba ba nnang kwa Babelona, ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a ba etela. Mme ka dingwaga tsa bo400, motse oo o ne o senyegile mme kwa bofelong o ne o sa tlhole o nniwa

    Ditiragalo tsa nako ya fa Babelona e senngwa, Alexander yo Mogolo a swa, Petere a le kwa Babelona le marope a Babelona

Go diragadiwa ga boporofeti go tshwanetse ga nkama jang?

Nka ruta batho ba bangwe eng ka boporofeti jono?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela