Kgaitsadi a bala Baebele a bo a akanya ka se a se balang
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TSOGANG!
Potso: A Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong? Kgotsa ke buka e e nang le dikakanyo tsa batho fela?
Temana: 2Ti 3:16
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tsogang! o bua ka dilo di le tharo tse di bontshang gore Baebele e tswa kwa Modimong.
RUTA BOAMMAARURI
Potso: Re tshwanetse go leba botshelo jang?
Temana: Tsh 4:11
Boammaaruri: Botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong, ka jalo re tshwanetse go bontsha gore re a bo tlotla. Ga re tsenye matshelo a rona mo kotsing e bile ga re ka ke ra bolaya motho ka boomo. Re rata botshelo.
KE ENG SE SE DIRANG GORE BOTSHELO JWA LELAPA BO ITUMEDISE?
Potso: Bona potso eno le dikarabo dingwe tse di ka go thusang. O ka araba potso eno jang?
Temana: Luk 11:28
Fa o mo naya kgatiso: Pampitshana eno e bontsha kafa temana eno e ka solegelang lelapa la gago molemo ka gone le lebaka la go bo re ka dumela Baebele.
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.