MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 29-33
“Kgosi e Tla Busa Gore go Nne le Tshiamo”
Jesu yo e leng Kgosi o tla dira gore go nne le “dikgosana” kgotsa bagolwane ba ba tla tlhokomelang letsomane
Ba tshwana le “lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu,” ka gonne ba sireletsa letsomane mo mathateng a go bogisiwa le go kgobega marapo
Fela jaaka “melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi,” ba lapolosa ba ba nyorilweng ka go ba ruta boammaaruri
Fela jaaka “moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng,” ba namola letsomane ka go le kaela mo tseleng ya ga Jehofa le go le lapolosa