Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka December
“Batho ba le bantsi ba emetse gore Jesu a boe. Fa Jesu a ne a ka boa, ke eng se o neng o ka rata gore a se dire?” Mo letle gore a arabe. Mmontshe tsebe e e ka fa morago ya makasine wa Tora ya Tebelo ya December 1, lo bo lo sekaseka mmogo tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha le bobotlana temana e le nngwe ya tse di umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boela kwa go ene gore lo sekaseke potso e e latelang.
Tora ya Tebelo December 1
“Gompieno re nna re tshwaregile thata jaana mo go ka nnang thata go akanya ka Modimo. A o akanya gore re tlhoka Modimo mo matshelong a rona? [Mo letle gore a arabe.] Mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu o ne a re re tlhoka melao ya Modimo gore re itumele ka tsela ya mmatota. [Bala Mathaio 5:3.] Makasine ono o tlhalosa mabaka a le mararo a go bo re tlhoka Modimo.”
Tsogang! December
“Bontsi jwa rona re leba dilo ka tsela e e rileng go ya ka se re se utlwang kgotsa se re se balang mo metsweding ya dikgang. A o akanya gore dikgang tse re di utlwang di boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] Baebele ya re re nne kelotlhoko malebana le go ikanya se re se utlwang. [Bala Jobe 12:11.] Makasine ono o na le dintlha tse di ka re thusang go tlhatlhoba mafoko a re a utlwang le a re a balang.”