Basupi ba ga Jehofa—Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 1: Go Tswa mo Lefifing
Mo Baebeleng, lesedi le amanngwa le boammaaruri, fa lefifi lone le amanngwa le maaka. (Pes. 43:3; Isa. 5:20) Satane o ne a tlisa lefifi mo lefatsheng fa a ne a tsietsa Efa, mme kgabagare o ne a le anamisetsa mo lefatsheng lotlhe. (Tshen. 12:9) Bidio ya Basupi ba ga Jehofa—Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 1: Go Tswa mo Lefifing e tlhalosa kafa lesedi le neng la simolola go bonesa mo lefifing ka teng. (Isa. 60:1, 2) A o ka araba dipotso tseno morago ga go leba bidio?
(1) Lefifi le le kwenneng le ne la nna teng jang morago ga loso lwa baaposetoloi? (2) Go simolola ka dingwaga tsa bo1100, ke ditiragalo dife tse di ileng tsa thusa batho go bona gore dikereke di ne di sa rute boammaaruri? (3) Ke eng se re se itseng ka Henry Grew le George Storrs? (4) Ke ditiragalo dife tse di nnileng le matswela a magolo mo botshelong jwa ga Charles Russell? (5) Mokaulengwe Russell, ditsala tsa gagwe le rragwe ba ne ba tshwara jang ditlelase tsa bone tsa thuto ya Baebele, mme ba ne ba swetsa ka goreng ka se ba neng ba se ithuta mo Dikwalong? (6) Go tlile jang gore setlhopha seno sa baithuti ba Baebele se kopane le setlhopha sa ga Nelson Barbour, mme ke eng se se dirileng gore Mokaulengwe Russell a ikgogele morago? (7) Ke eng se se diragetseng ka July 1879 se se neng sa simolola motlha o mosha wa lesedi la semoya? (8) Morago ga moo, palo e e neng e ntse e oketsega ya Baithuti ba Baebele e ne ya dira eng go anamisa dikgang tse di molemo? (9) Dingwaga di le dintsi pele ga 1914, Baithuti ba Baebele ba ne ba solofetse gore go tla diragalang ka ngwaga oo? (10) Ke dikgwetlho dife tse Baithuti ba Baebele ba neng ba lebana le tsone morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell? (11) Baithuti ba Baebele ba ne ba dira eng morago ga gore Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe ba gololwe kwa kgolegelong? (12) Go leba bidio eno go godisitse kanaanelo ya gago mo phuthegong ya ga Jehofa go le go kana kang? (13) Bidio eno e nonotshitse boikemisetso jwa gago jang gore o tswelele o rera ka tlhagafalo le fa o lebana le dikgoreletsi? (14) Re ka dirisa bidio eno jang go thusa ba masika, baithuti ba Baebele le batho ba bangwe?
Ruri Baithuti ba Baebele ba ntlha ba re tlogeletse boswa jo bo tlhwatlhwakgolo! Mo lefatsheng leno le le mo lefifing la semoya, ba ne ba tlhoafetse e bile e le batshodi ba lesedi ba ba tlhagafetseng. E kete re ka etsa sekao sa bone le go ‘tswelela re tsamaya jaaka bana ba lesedi.’—Baef. 5:8.