Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Botsa Dipotso Le ka Go Reetsa
1 Batho ba le bantsi ba rata go tlhalosa maikutlo a bone mme ga ba rate go tlhatlhelelwa kgotsa go thamathamisiwa ka dipotso. Ka jalo, jaaka badiredi ba Bakeresete, re tshwanetse go ithuta kafa re ka nnang ditswerere ka gone go botsa batho dipotso go bona se ba se akanyang.—Dia. 20:5.
2 Dipotso tsa rona di tshwanetse go dira gore motho a akanye, e seng gore a ikutlwe a sa gololesega. Fa mokaulengwe mongwe a rera ka ntlo le ntlo, o botsa jaana: “A o akanya gore go tla tsamaya go nna le nako e batho ba tshwaranang ka seriti le tlotlo?” Go ya ka gore motho o araba a reng, o tla bo a re: “O akanya gore go tlhokega eng go fitlhelela seno?” kgotsa “Ke ka ntlha yang fa o ikutlwa ka tsela eo?” Mokaulengwe yo mongwe fa a neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo le mo mafelong a batho botlhe, o botsa batho ba ba nang le bana jaana: “Ke eng se o se ratang thata ka go nna motsadi?” Go tswa foo a bo a botsa jaana: “Ke eng se o tshwenyegileng thata ka sone?” Ela tlhoko gore dipotso tseno di dira gore batho ba tlhalose maikutlo a bone kwantle ga go ba tlhabisa ditlhong. E re ka maemo a farologana, re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola se re buang ka sone le tsela e re botsang dipotso ka yone gore e tshwanele batho ba ba mo tshimong ya rona.
3 Go Dira Gore Batho ba Tlhagise Maikutlo a Bone: Fa batho ba rata go go bolelela se ba se akanyang, reetsa ka bopelotelele o sa ba tsene ganong go sa tlhokege. (Jak. 1:19) Leboga dikakgelo tsa bone. (Bakol. 4:6) O ka nna wa re: “Go a kgatlha go utlwa se o se buang. Ke lebogela go mpolelela seo.” Ba akgole fa o ka kgona go ba akgola kwantle ga gore o ba fore. Ba botse ka bopelonomi dipotso tse dingwe go bona gore ba akanya eng le lebaka la go bo ba ikutlwa ka tsela eo. Batla dilo tse lo dumalanang ka tsone. Fa o batla go ba balela temana, o ka nna wa re: “A o kile wa akanya ka seno?” O se ka wa gatelela fela maikutlo a gago kgotsa wa nna manganga.—2 Tim. 2:24, 25.
4 Tsela e ba bangwe ba arabang dipotso tsa rona ka yone e ikaegile thata ka kafa re reetsang ka gone. Batho ba ka kgona go lemoga gore a re ba reeditse ka bopeloephepa. Molebedi yo o etang o ne a re: “Fa o iketleeleditse go reetsa batho ka bopelotelele, seno se tla ba tlhotlheletsa e bile se bontsha gore o a ba kgatlhegela.” Go reetsa ba bangwe go bontsha gore o a ba tlotla, e bile go tla ba tlhotlheletsa go reetsa dikgang tse di molemo tse re batlang go ba di bolelela.—Bar. 12:10.