Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Leitlho ke sengwe sa dilo tse di gakgamatsang thata tsa popo. (Pes. 139:14) Le fa go ntse jalo, le kgona go lebelela selo se le sengwe fela ka nako. Go ntse jalo ka leitlho la mmatota le ka leitlho la tshwantshetso. Gore re kgone go nna le pono e e siameng ya dilo tsa semoya, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go direng thato ya Modimo. E re ka dilo tse di ka re itayang tsebe di ntse di oketsega mo lefatsheng la ga Satane, a bo go tshwanela jang ne go bo thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2006 e na le setlhogo se se reng “Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana”!—Math. 6:22.
Ke eng se re ka se dirang gore Jehofa a re segofatse? (Dia. 10:22) Potso eno e tla arabiwa mo puong ya setlhogo se se reng, “Bona Masego ka Ntlha ya go Dira Gore Leitlho la Gago le Nne le sa Raraana.” Dipotsolotso di tla gatelela kafa re ka solegelwang molemo ka gone fa re dirisa melaometheo ya Dikwalo. Puo ya ntlha e e tla neelwang ke sebui se se etileng, e e reng “Go Dira Gore Leitlho le Nne le sa Raraana mo Lefatsheng le le Boikepo” e tla re tlhagisa ka dilo tse di ka re tlisetsang mathata tse kgabagare di ka re thibelang go gola semoyeng. Re tla ithuta gape gore go tlhopha “karolo e e molemo” go akaretsa eng.—Luke 10:42.
Batsadi le ba bangwe ba ka kgothatsa jang basha ba Bakeresete gore ba gagamalele dilo tsa semoya? Puo e e reng “Batsadi ba ba Lebaganyang Metswi ya Bone Sentle” le e e reng “Basha ba ba Gagamalelang Mekgele ya Semoya,” di tla nna le dikakgelo tse di tswang mo batsading le mo basheng malebana le potso eno e e botlhokwa. (Pes 127:4) Puo e e konelang e e tla neelwang ke sebui se se etileng e tla bontsha kafa re ka gatelang pele ka gone le phuthego ya ga Jehofa motho ka bongwe, re le malapa le jaaka phuthego.
Le fa re sa tswa go ithuta boammaaruri kana re ntse re direla Jehofa ka dingwagangwaga, go botlhokwa gore re ‘boloke leitlho la rona le sa raraana.’ Thulaganyo eno ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e tla re thusa go dira jalo.