Boelang Kwa Bathong ba ba Neng ba Kgatlhega
1 Mo go 1 Bakorinthe 3:6, Paulo o ne a kwala jaana: “Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa.” Paulo o ne a bona go le botlhokwa gore a bue jaana gore a thuse bakaulengwe ba gagwe gore ba bone gore go botlhokwa gore ba dire mmogo ka kutlwano kafa tlase ga botlhogo jwa ga Keresete. Mme gape ka tsela eno o ne a kgona go ba thusa gore ba anaanele karolo e e botlhokwa e ba nang le yone mo tirong e e botlhokwa eno ya go jala le go nosa.
2 Tiro eo e e bolokang botshelo e tshwanetse gore e wediwe gone mo motlheng ono. E re ka re le Bakeresete ba ba ineetseng, re na le boikarabelo jo bo masisi jwa go thusa batho ba bangwe gore ba nne balatedi ba ga Jesu. (Dit. 13:48) O tla dirang fa o boela kwa mothong yo o ileng wa tsosa kgatlhego ya gagwe ka go dirisa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela?
3 Fa o boela kwa mothong yo o ileng a tsaya buka, o ka nna wa re:
◼ “Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, re ile ra tlotla ka gore Jesu Keresete e ne e le motho yo o ntseng jang. Ke ne ka itumelela go go tlogelela buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Ke eng se se go kgatlhileng thata ka tsela e Jesu a neng a ruta ka teng le ka botho jwa gagwe?” Letela karabo. Bula kgaolo 113 mme o bo o tlotla ka sekao sa ga Jesu se se molemolemo sa go nna boikokobetso. Bala Bafilipi 2:8 go bontsha kafa moaposetoloi Paulo a neng a leba boikutlo jwa ga Jesu jwa go nna boikokobetso ka gone. Morago ga foo o ka nna wa mo tlhalosetsa gore motho a ka ithuta jang mo go oketsegileng ka go ithuta Baebele ka metlha.
4 O ka nna wa rata go simolola jaana:
◼ “Re ile ra bua ka dilo tse Jesu a neng a di dira fa a ne a santse a le mo lefatsheng tse di neng di bontsha gore tota o ne a amega ka rona. O akanya gore o tla dira eng kgabagare go thusa batho ba ba ntseng ba boga thata jaana?” Letela karabo. Bula kgaolo 133 mme o sekaseke dikakgelo tse di mo serapeng sa botlhano. Bula mo setshwantshong se se mo tsebeng e e latelang mme o bo o tlhalosa gore go tla nna jang fa go rata ga Modimo go dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Mmontshe melemo e motho a ka e bonang ka go ithuta mo go oketsegileng.
5 Fa e le gore motho o ne a sa bontshe kgatlhego thata fa o ne o tsamaisa buka mo lekgetlhong la ntlha, gongwe o ka nna wa simolola jaana:
◼ “Ke akanya gore re a dumalana gore batho ba le bantsi gompieno ba tshela ka tsela ya motho yo ba mo lebang jaaka sekao se ba ka se latelang. Jesu Keresete ke sekao se se molemolemo se mongwe le mongwe a ka se latelang. Ke ka rata go go bolelela ka thuto e e botlhokwa thata e ke ileng ka e ithuta ka go ithuta ka sekao se Jesu a se tlhomileng. [Bula kgaolo 40 mo bukeng ya Monna Yo Mogolo, mme o bo o mmolelela ka thuto e e molemo ya ga Jesu ya kutlwelobotlhoko.] Seno se ne sa nkgakolola thata kafa ke tshwanetseng ka teng go nna le nonofo eno mo bathong ba bangwe.” Bala Mathaio 5:7. Fa jaanong go bonala gore kgatlhego ya motho yoo e oketsegile, mo tsamaisetse buka kana boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
6 Kana o ka nna wa rata go leka go simolola jaana ka tlhamalalo:
◼ “La bofelo fa ke ne ke le fa, re ne ra tlotla ka botlhokwa jwa go itse Jesu. Johane 17:3 ya re go raya ‘botshelo jo bo sa khutleng’ go nna le kitso e e ntseng jalo. Re ka dira seo jang?” Letela karabo. Tswelela pele o mo tlhalosetsa ka thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele le ka moo motho a ka solegelwang molemo ka teng mo go yone.
7 Paulo a re modiri yo o mo thobong “o tla amogela tuelo ya gagwe ka fa tirong ya gagwe.” (1 Bakor. 3:8) Fa re dira gotlhe mo re ka go kgonang go thusa batho ba bangwe gore e nne balatedi ba ga Jesu, tuelo ya rona e tla nna kgolo eleruri.