Go Tsamaisa Buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
1 Mo bodireding jwa rona jwa tshimo ka December, re tla bo re tsamaisa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. O tla reng go simolola motlotlo o o tshwanelang wa Baebele mme o tla buelela jang kgatiso e e molemolemo eno?
2 Fa o sena go dumedisa mongantlo, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Gompieno re botsa baagisani ba rona gore ba akanyang fa ba bala ka go tshelela ruri mo Baebeleng ya bone. [Letela karabo.] Kgang eno e botlhokwa thata ka gonne Baebele e dirisa polelwana ‘botshelo jo bo sa khutleng’ ka makgetlho a a ka nnang 40. Botshelo jo bo ntseng jalo bo ka raya eng mo go rona? Ela tlhoko se Tshenolo 21:4 e se bolelang. [E bale.] A o etse tlhoko gore go solofediwa eng? [Letela karabo.] Re ka bona jang botshelo jo bo sa khutleng?” Bala Johane 17:3 mme o bo o tlhalosa botlhokwa jwa gore re tshwanetse gore re itse Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete. Bula buka ya Monna Yo Mogolo, o bontshe mongantlo dingwe tsa ditshwantsho tsa yone. Morago ga foo bula ketapele, o bo o dirisa ditlhogwana tsa yone go oketsa kgatlhego ya gagwe. Tsamaisa buka ka R10,50.
3 Fa o sena go dumedisa ka tsela e e tshwanetseng, o ka nna wa re:
◼ “Re botsa batho gore a ba dumela gore Jesu Keresete e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. [Mo fe nako ya go araba.] Ee ruri, batho ba le bantsi ba tlhotlheleditse tsela e batho ba tshelang ka yone mme ba bangwe ba ile ba nna le seabe mo go tlhabololeng batho, mme le fa go ntse jalo ela tlhoko gore ke eng se se dirang gore Jesu Keresete a tlhomologe mo go ba bangwe botlhe. [Bala Johane 17:3.] Ga go na motho ope yo o nang le maatla a go naya batho botshelo jo bo sa khutleng. [Bula kgaolo 111 ya buka ya Monna Yo Mogolo.] Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhalosa ditiragalo tse di neng di tla diragala pele ga bokhutlo jwa lefatshe.” Fa o sena go tlotla ka bokhutshwane ka dikarolo tsa sesupo sa go nna gone ga ga Keresete, mmontshe dintlhakgolo tsa buka eno.
4 Tsela e nngwe ya go simolola e ka nna ya nna gore, fa o sena go dumedisa ka tsela ya lefelo la lona, o bo o re:
◼ “Ka December batho ba akanya le go bua thata kaga Jesu. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu, monna yo mogolo go gaisa botlhe mo lefatsheng? [Letela karabo, mme morago ga foo o bo o lebisa tlhokomelo mo go 1 Petere 2:21.] O ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rate baagisani ba bone, ba nne le boitsholo jo bo phepa le gore ba rapele gore Bogosi jwa Modimo bo tle. Gore re tle re bolokiwe go ikaegile ka gore re lemoge gore Jesu ke Mmoloki wa rona le gore re mo utlwe. [Bala Johane 14:6.] Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. Buka eno e tlhalosa gore e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Kgaolo 59 e gatelela seno ka go mo tlhalosa jaaka ‘Keresete Morwa Modimo yo o tshelang.’ E re ka re ikaegile ka ene gore re bolokiwe, a ga o akanye gore re tshwanetse gore re ithute thata ka mo re ka kgonang ka teng ka tiro ya gagwe le ka se a neng a se ruta? Buka eno e kwaletswe sone seo fela mme ke ne ke ka rata go go tlogelela khopi eno ka moneelo wa R10,50.”
5 Fa o bua le mosha o ka nna wa rata go leka go simolola ka gore:
◼ “Basha ba le bantsi ba batla motho yo ba ka tshwanang nae yo ba ka mo etsang, mme go thata go bona ba ba tlhomang sekao. Jesu Keresete o ne a tlhomela mongwe le mongwe sekao se se molemolemo. [Bala 1 Petere 2:21.] Botshelo jwa gagwe jotlhe bo ne bo thailwe mo go obameleng Rraagwe wa selegodimo. O akanya gore go ka bo go ntse jang fa batho ba ba oketsegileng ba ka bo ba leka go mo etsa?” Letela karabo. Mmontshe serapa sa boraro mo tsebeng e e fa pele ga ya bofelo mo bukeng eno, se se tlhalosang dinonofo tsa gagwe tse di kgethegileng. Mo tlhalosetse gore buka ya Monna Yo Mogolo e ka re thusa jang rotlhe gore re nne Bakeresete ba ba botoka.
6 Fa rotlhe re ipaakanyeditse sentle, re ka kgona go dirisa buka eno go ‘rarabololela batho ba bangwe Dikwalo’ ka tsela e e tla ba itumedisang thata!—Luke 24:32.