LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/90 ts. 1-4
  • Go Bontsha Mosola wa Lefoko la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha Mosola wa Lefoko la Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • FA RE DIRISA SETLHOGO SA MOTLOTLO
  • Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • A o Dirisa Diboroutšhara Tseno?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 11/90 ts. 1-4

Go Bontsha Mosola wa Lefoko la Modimo

1 Batho ba le bantsi gompieno ba leba Bibela jaaka eo e siilweng ke nako le eo e sa bueng dilo tsa mmatota. Lefa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le na le nonofo ya go fetola matshelo. (Baheb. 4:12) Seno se ile sa bonala mo mokgweng wa go akanya, wa go itshwara, le tsela e e tokafaditsweng eo batho ba le bantsi ba ikutlwang ka yone. (Baef. 4:24) Go dirisa kgakololo ya Bibela go tlatseletsa mo go reng tikologo ya lelapa e nne e e itumetseng. Go tokafatsa dikamano tsa boagelani, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, ba mmala ofe, kana ba morafe ofe.—Luke 10:29-37.

2 Seo re se itemogetseng ka borona ka Lefoko la Modimo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re kgothaletse ba bangwe gore ba itlhatlhobele ka bobone ka moo Bibela eleng ya botlhokwa ka mmatota ka gone. Re neilwe tsela e e molemolemo eo re ka dirang seno ka yone mo Setlhogong sa rona sa Motlotlo, se se reng “Ke ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Bala Bibela?” Re ka dirisa jang setlhogo seno mmogo le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang le boroutšhara ya Tharo-Nngwe kana “Bonañ” mo bodiheding jwa rona ka November?

FA RE DIRISA SETLHOGO SA MOTLOTLO

3 Morago ga gore re ikitsise ka bokhutswanyane, re ka nna ra re: “Ereka go na le dikgatelelo di le dintsi jaana le mathata a le mantsi jaana ao a amang malapa gompieno, re go etetse go go bontsha motswedi o le mongwe fela wa mmatota wa thuso eo eleng mosola. Mo nakong e e fetileng, gantsi batho ba ne ba leba kwa Bibeleng gore e ba kaele, mme jaanong dinako di fetogile, a ga go jalo? A o akanya gore Bibela e ka re thusa gore re rarabolole mathata a gompieno, a a jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, boitshwaro jo bo sa siamang, le magae a a thubegileng? [Mo letle gore a arabe.] Tlhokomela seo Bibela e se bolelang mo go 2 Timotheo 3:16. [E bale] A o akanya gore Bibela e ka tlhotlheletsa motho ka tsela e e molemo go le go kalo? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba tlhoka mofuta mongwe wa kaelo ebile ba a o batla fa ba lebane le mathata kana ba dira ditshwetso mo botshelong, a ga go jalo? A o ke o tlhokomele gore fa re latela Lefoko la Modimo seno se ka re gogela kae. [Bala Yohane 17:3.] Bibela e re neela kaelo e e utlwalang sentle ya ka moo re ka rarabololang mathata ao re nang le one ka namana ka gone mme e re neela tsholofelo e e tlhomamisegileng ya isagwe.” Fa motho a bontsha gore o kgatlhegela go tlhaloganya Lefoko la Modimo ka mmatota, re ne re ka nna ra mmontsha ka moo buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang eleng botlhokwa ka gone kana nngwe ya diboroutšhara.

4 Ereka re tlotla le batho malebana le ka moo go leng botlhokwa ka gone go bala Bibela, o ka nna wa batla go mo tlhokomedisa Kgaolo 35 mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang. Morago ga gore o mmontshe ka bokhutshwanyane mefuta e e farologaneng ya dibuka tse di leng gone tse di ka balwang, o ka nna wa bala serapa sa bofelo se se mo go tsebe 288. Gape o ka nna wa batla go dirisa kgaolo 39, tsebe 312 gore o tshwantshe ka moo go bala Bibela e ka nnang go go itumedisang ka gone. Fa o dirisa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, bontsha ka moo Bibela e ka re neelang thuso ka gone malebana le mathata a a ntseng jaaka go fenya tiriso e e sa siamang ya diokobatsi (kgaolo 34), boitshwaro jo bo sa siamang (dikgaolo 23 le 24), le go bona ditsala tse eleng tsa mmatota (kgaolo 8). Bao ba kgatlhegang ba laleletse gore ba nne le thuto Bibela ya legae.

5 Fa o ba tlhokomedisa boroutšhara ya Tharo-Nngwe, o ka nna wa bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba rutilwe gore ba dumele mo go Tharonngwe, lefa go ntse jalo ba fitlhela kgopolo eno e le thata go e tlhaloganya. Boroutšhara eno e sekaseka Tharonngwe ka botlalo go ya ka hisitori le go ya ka seo Bibela e se bolelang. A o ka rata go e bala?” Fa o dirisa boroutšhara ya “Bonañ” gone, o ka nna wa ngoka kgatlhego ya mong wa ntlo ka go mmontsha setshwantsho se se kgatlhisang se se kafa ntle kana setlhogo se se reng “Dilo tse di Bosula—Ke ka Ntlhayang fa Modimo o di Dumelela?” mo tsebeng ya 15.

6 Ka November, nna o ntse o ntshitse matlho dinameng gore o nne o ntse o lebile ditshono tseo o ka di dirisang gore o kgothaletse batho gore ba bale Bibela. Nna bofefo go dira maeto a go boela kwa go bao ba bontshitseng go kgatlhega. Ba thuse gore ba tlhagolele go anaanela tsela eo Lefoko la Modimo le leng maatla ka yone. Fa ba dirisa melaometheo ya yone mo matshelong a bone, ba tlile go bona melemo eo e nnetseng ruri jaanong le mo botshelong jo bo tlang.—1 Tim. 4:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela