Seabe sa Gago mo go Direng Gore Dipokano E Nne Tse Di Solegelang Molemo
1 Dipokano tsa rona di re thusa gore re tlwaelane botoka le Jehofa. Di re thusa gore re tlhaloganye melao ya gagwe le melaometheo ya gagwe ebile di re kgothaletsa gore re tshele go ya ka yone. Dipokano di re baakanyetsa gore re nne le seabe ka katlego go ya pele mo tirong ya go rera e e bolokang botshelo. Ebile di re thusa gore re fitlhelele mokgele wa rona wa go bona botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Diura tseo re di senyang re le mmogo kwa dipokanong di tla re tlisetsa molemo o o seng kana ka sepe fa rona ka namana re dira seabe sa rona go dira gore dipokano e nne tse di solegelang molemo.
2 Go na le dilo di le tharo tsa konokono tseo di dirang gore dipokano e nne tse di solegelang molemo—eleng go baakanyetsa, go nna le seabe, le go dirisa seo mo se ka dirisiwang gone. Dilo tseno di tsamaisana mmogo. Go baakanyetsa sentle go dira gore go nne motlhofo go nna le seabe le gore go ipedise. Dikakgelo tse di leng kaga tumelo ya rona tseo di dirwang ka boipelo, ka matlhagatlhaga di kgothatsa bao ba reeditseng le go ba tlhotlheletsa. (Baef. 4:29) Botlhe bao ba leng gone go ka diragala thata gore ba dirise seo go buiwang ka sone fa ba se tlhaloganya ebile ba thusiwa gore ba lemoge kafa tshedimosetso eo e ka dirisiwang ka gone ka ditsela tseo e ka dirang mo go tsone mo matshelong a bone ka namana le fa ba thusa ba bangwe gore ba fetoge barutwa.
DITHUTO TSA TORA YA TEBELO LE TSA BUKA YA PHUTHEGO
3 Thuto ya Tora ya Tebelo le Thuto ya Buka ya Phuthego ke dipokano tse di botlhokwa thata ka gonne “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o fepa ba ntlo ya tumelo ka tsone. (Math. 24:45-47) A o beela nako kwa thoko ya gore o ithute dintlha tseo di tlileng go ithutiwa kwa go tsone? A o ipaakanyeditse go ka akgela kwa dipokanong? Kwantle ga pelaelo, o na le seabe sa botlhokwatlhokwa mo ntlheng eno.
4 Fa e le gore o ile wa ithuta dintlha tsa Thuto ya Tora ya Tebelo kana tsa Thuto ya Buka ya Phuthego ka kelotlhoko, o tla bo o siametse go ka nna le seabe mo boitumelong jo bogolwane jwa go aba. (Dit. 20:35) Ba le bantsi ba go fitlhela go le mosola go thalela mafoko a konokono. Fa o leba dikwalo tse di tsopotsweng mmogo le go akanya kafa di ka dirisiwang ka gone, o tla nna le kutlwisiso ya kafa dikarabo di tshegediwang ke Dikwalo ka gone. A jaanong o kgona go araba ka mafoko a gago, kana a o tshwanela go bala dikarabo tsa gago? Maitlhomo a konokono a mo thutong ya bolegodimo ke a go dira gore tshedimosetso eo e nne ya gago le gore o e dirise ka kanaanelo e e tswang pelong ebile o e tlhaloganya.—Dia. 2:5; 4:7, 8.
SEKOLO SA BODIHEDI SA BOLEGODIMO LE POKANO YA TIRELO
5 A o leba dipuo tsa gago tsa mo sekolong jaaka dikabelo tseo di tswang kwa go Jehofa mme o bontsha seno ka tsela eo o di baakanyetsang ka yone? Tlhomamisa gore o tlhaloganye puo eo le gore o ka kgona go ka e neela ka tsela e e ikuelang. Mme lefa go ntse jalo esita le fa o sena kabelo epe e e totobetseng, ithute ka go bala dikgaolo tsa Bibela tseo di leng mo thulaganyong mmogo le dipuo tse dingwe tsa pokano beke nngwe le nngwe. Go tshwanetswe ga dirwa se se tshwanang le ka Pokano ya Tirelo. Fa seno se dirwa nako e santse e le gone, ka nako ya pokano o ka nna wa bo o akanya ka tlhagafalo ka seo go buiwang ka sone, go na le gore o bo o kgaratlhela go itlwaelanya le dipuo tseo e le ka lekgetlo la ntlha o di bona.
6 Ditsela tseo dipontsho tsa mo Pokanong ya Tirelo le dipuo tsa diithuti di rulaganngwang ka tsone e tshwanetse ya nna tsa dilo tsa mmatota, di bontsha maemo a mo lefelong la lona ao botlhe ba a tlhaloganyang sentle. Baakanyetsa puo ya gago sentle. Gape, apara ka tsela e e tshwanetseng e le gore tsela eo o apareng ka yone e ke e nne sekao mo go ba bangwe.
7 Dira gore mokgele wa gago e nne wa go neela dipuo tseo di baakanyeditsweng sentle ebile di neelwa ka matlhagatlhaga. Batsadi, thusang bana ba lona gore ba baakanyetse le gore ba arabe ka mafoko a bone fa sebaka sa gore ba dire jalo se tlhaga. Eleruri, fa botlhe ba dira gore e nne selo seo ba amegileng ka sone ka namana gore ba tle ka nako le gore ba nne ba ipaakanyeditse go nna le seabe, dipokano tsa rona di tla phephetha ka tshedimosetso ya botlhokwa, e e rotloetsang eo e neelwang ka tsela eo o kgonang go ka tshwara tlhokomelo ya bareetsi. A o tla dira seabe sa gago mo ntlheng eno e le gore “dilō cotlhe di dihèlwè kagèlèlō” mo go ba bangwe bao ba phuthegileng mmogo le wena?—1 Bakor. 14:26.