LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 9/15 ts. 14-15
  • Sekano ‘sa ga Jukale’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekano ‘sa ga Jukale’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ga ba Na go Go Fenya”
  • Tshedimosetso e e Kgatlhang
  • O Tla Tlhopha Ditsala Tse di Ntseng Jang?
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 9/15 ts. 14-15

Sekano ‘sa ga Jukale’

MO LEKGOLONG la bosupa la dingwaga B.C.E., mmusi wa Bakaladia e bong Nebukadenesare o ne a fenya masole a Jerusalema, a fisa motse wa teng mme a senya dipota tsa teng. O ne a thopa kgosi ya Juda e bong Sedekia mme a mo foufatsa. Mo godimo ga moo, “batlotlegi botlhe ba Juda kgosi ya Babelona e ne ya ba bolaya.”—Jeremia 39:1-8.

Mongwe wa dikgosana tsa Juda yo go lebegang a ne a bolawa ke Bababelona e ne e le Jukale, morwa wa ga Shelemia. Go sa tswa go bonwa tshedimosetso e ntšha ka kgang ya ga Jukale yo o umakiwang mo Baebeleng. Le gale, pele ga re e sekaseka, mma re boneng gore Dikwalo di re bolelela eng ka Jukale le motlha o a neng a tshela mo go one.

“Ga ba Na go Go Fenya”

Jehofa o ne a laela moporofeti Jeremia gore a bolele molaetsa wa katlholo kgatlhanong le Juda le Jerusalema. Modimo o ne a bolelela Jeremia gore dikgosi tsa Juda, dikgosana, baperesiti le batho ba teng ba ne ba tla “tlhabana” le ene. Jehofa o ne a re: “Mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena.’”—Jeremia 1:17-19.

Fa Bababelona ba ne ba dikanyeditse motsemoshate wa Juda e leng Jerusalema, Kgosi Sedekia o ne a romela barongwa gabedi kwa go Jeremia gore ba ye go batlisisa gore a Nebukadenesare o ne a tla tswa mo motseng, le gore ba kope moporofeti gore a rapelele seo gore se direge. Mongwe wa barongwa bano ba kgosi e ne e le Jukale, yo gape a neng a itsege jaaka Jehukale. Molaetsa o Modimo a neng a o naya Jeremia, e ne e le wa gore Bababelona, kana Bakaladia, ba ne ba tla nyeletsa motse. Baagi bape ba Jerusalema ba ba neng ba tla sala mo motseng ba ne ba tla bolawa ke leuba, bolwetse jwa leroborobo le ke tšhaka. Mme ba ba neng ba tla ineela mo diatleng tsa Bakaladia bone, ba ne ba tla falola. Ruri mafoko ao a ga Jeremia a ne a galefisa dikgosana tsa Juda fela thata!—Jeremia 21:1-10; 37:3-10; 38:1-3.

Jukale e ne e le mongwe wa dikgosana tse di neng tsa kopa Sedekia tsa re: “Tsweetswee, a monna yo [Jeremia] a bolawe, ka gonne . . . o koafatsa diatla tsa banna ba ntwa.” Gape Jukale yo o boikepo e ne e le mongwe wa ba ba neng ba latlhela Jeremia mo mogobeng o o tletseng loraga o a neng a gololwa mo go one moragonyana. (Jeremia 37:15; 38:4-6) E re ka Jeremia a ne a utlwa Jehofa, o ne a falola fa Jerusalema e nyelediwa, mme go lebega Jukale ene a ne a swa fa puso e a neng a e ikantse e ne e nyelediwa.

Tshedimosetso e e Kgatlhang

Tshedimosetso e ntšha kaga Jukale e ne ya lemogiwa bosheng jaana ka 2005. Baithutamarope ba ne ba epa mo lefelong le ba neng ba solofetse go bona ntlo ya segosi ya ga Kgosi Dafide mo go lone. Go na le moo ba ne ba fitlhela kago e e atlhameng e e dirilweng ka leje, e ba neng ba dumela gore e ne ya senngwa fa Bababelona ba ne ba gapa Jerusalema mo motlheng wa ga Jeremia.

Ga go tlhomamisege gore a kago eno ke ntlo ya segosi ya ga Dafide kana ga se yone. Le fa go ntse jalo, baithutamarope ba ne ba tlhalosa selo sengwe se ba se fitlhetseng foo—mokwalo o o bontshitsweng mo go tsebe 14 o o gabilweng ka sekano mo letsopeng la bophara jwa sentimetara e le nngwe. O kile wa bo o kanetse lekwalo le le sa bolong go senyega. Mokwalo ono o o gabilweng o balega jaana: “Sa ga Jehukale morwa wa ga Shelemiyahu morwa wa ga Shovi.” Go bonala mokwalo ono o ne o gabilwe ka sekano sa moganetsi wa ga Jeremia e bong Jehukale, kana Jukale morwa wa ga Shelemia.

Moithutamarope yo o neng a tlhaloganya mokwalo ono e bong Eilat Mazar, o ne a kwala gore Jehukale ke ene “modiredi wa bobedi wa segosi” morago ga ga Gemaria, morwa wa ga Shafane yo leina la gagwe le tlhagang mo mokwalong o o gabilweng ka sekano o o fitlhetsweng mo Motseng wa ga Dafide.a

Go dumela mo Lefokong la Modimo ga go a ikaega ka go bonwa ga dilo tse di dirilweng ke batho; go na le moo, go diragadiwa ga boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng ke lone lebaka le le utlwalang la go dumela mo Baebeleng. Dintlha tsa hisitori di supa gore Jeremia o ne a bolelela pele ka tlhomamo go senngwa ga Jerusalema. Phelelo e e tlhabisang ditlhong ya baganetsi ba ga Jeremia e tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona gore fa re ikanyega jaaka Jeremia, baba ba rona ‘ga ba na go re fenya, gonne Jehofa o na le rona.’

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso ka ga Gemaria le Shafane, bona setlhogo se se reng, A o Itse Shafane le ba Lelapa la Gagwe? mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 15, 2002, tsebe 19-22.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jeremia ga a ka a ineela fa a gatelelwa gore a nyenyefatse molaetsa wa Modimo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]

Gabi Laron/Institute of Archaeology/ Hebrew University ©Eilat Mazar

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela