Go Kgakolwa ga Lefelo la Thuto la Watch Tower—Moletlo wa ga Jehofa
GO TLOGA bogologolo, meletlo ya boipelo e ne e ntse e le bontlhanngwe jwa kobamelo ya boammaaruri. Meletlo mengwe e e neng e ketekwa kwa Iseraeleng wa bogologolo e ne e tsaya malatsi a a rileng mme go ne go tla diketekete tsa baobamedi ba ga Jehofa kwa go yone. Go kgakolwa ga tempele ya ga Solomone go ne ga tsaya malatsi a le supa mme go ne ga latelwa ke Moletlo wa Diobo o o neng o tsaya beke yotlhe. Seno se ne se naya Baiseraele tshono ya go akanya ka tsela e e molemo e Jehofa a neng a dirisana le bone ka yone. Ba ne ba boela gae “ba le pelo e e ipelang ka ntlha ya molemo otlhe o Jehofa o [ba] o supeditseng.”—1 Dikgosi 8:66.
Se se neng sa direga kwa Lefelong la Thuto la Watch Tower kwa Patterson, New York, U.S.A., ka May 17-22, 1999, se ne sa gopotsa baeti ka meletlo eo ya bogologolo ya boitumelo. Beke eo e ne e le ya tiro e e kgethegileng e e neng e remeletse mo go neeleng tikwatikwe eo ya dikago di le 28 e e diretsweng go etleetsa thuto ya Baebele mo lefatsheng lotlhe. Go ile ga dirwa dithulaganyo tsa gore maloko otlhe a le 5 400 a badiri ba ntlokgolo kwa Brooklyn, Wallkill le Patterson a tseye loeto lo lo tseneletseng lwa go leba dikago tsa Patterson mo bekeng eo e e sa lebalegeng. Gareng ga baeti go ne go na le maloko a le 500 a e kileng ya bo e le badiri ba ba neng ba nna le seabe mo go ageng lefelo leo la thuto, baemedi ba ba tswang kwa makaleng a le 23 a Mokgatlho wa Watch Tower le ba bangwe ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi—palogotlhe e le 8 100.
Ditshwantsho Tsa Kago di a Ruta
Go ne go dirilwe ditshwantsho tse di kgethegileng, ga bontshiwa dibidio tse di rutang le maeto a go itšhebela dikago go tlwaelanya baeti le lefelo leno la thuto. Mo lefelong la konokono la go amogela baeti, baeti ba ne ba gapiwa kgatlhego ke kago e nnye ya sekai sa tempele e e neng e le gone kwa Jerusalema ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. Ditshwantsho tse dingwe di ne di bontsha hisitori ya bogologolo ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, dikopano tsa bogologolo, dipokano tsa phuthego, tiro ya segompieno ya dithuto tsa magae tsa Baebele—tse gone jaanong go tshwarwang dimilionemilione tsa tsone beke nngwe le nngwe—le tiro e e dirwang ke Lefapha la Tsa Molao go thibosa dilo tse di ka kgoreletsang tiro e e malebana le go ikobela taelo ya ga Jesu.—Mathaio 28:19, 20.
Mo holong e e bapileng le kago eno, e go ka tsenang batho ba le 1 700 sentle mo go yone, batho ba ba neng ba etile ka nako ya moletlo ono wa go kgakolwa ga kago ba ne ba bontshiwa bidio ya metsotso e le 33 ya setlhogo se se reng “Not by Power—By My Spirit!” Bidio eno e ne ya bontsha kafa Lefelo la Thuto la Watch Tower le nnileng gone ka teng. Dipotsolotso tsa teng di ile tsa bontsha sentle gore Jehofa ke ene yo o ileng a kaela dilo le go segofatsa maiteko a a neng a dirwa gore go wediwe porojeke eno e e tsereng dingwaga di le 15. Diketekete tsa batho di ile tsa nna le seabe mo go e ageng. Ka nako nngwe ka 1994, go ne go na le badiri ba le 526 mo setsheng sa kago, go akaretsa le baithaopi ba nako e e tletseng ba le 350, badiri ba nakwana ba le 113, le batho ba le 63 ba ba neng ba tla letsatsi le letsatsi go tla go thusa. Ba bangwe ba bantsi ba ile ba etleetsa tiro eno ka meneelo. Botlhe fela ba ile ba lemoga gore seo se ka bo se ile sa se ka sa kgonega kwantle ga moya wa ga Jehofa.—Sekaria 4:6.
Batho ba ba neng ba leba kago ba ne ba kgona go lemoga gore tiro e e dirwang mo lefelong leno la thuto e remeletse thata mo go etleetseng thuto ya bomodimo. Setshwantsho se se mo matsenong a Sekolo sa Gileate mo boalong jwa ntlha jwa kago ya sekolo se gatelela boswa jo bogolo jwa semoya le hisitori ya sekolo seno. Sekolo sa Gileate se thapisitse baithuti ba feta 7 000 mo tirong ya borongwa fa e sa le go tshwarwa tlelase ya ntlha ya sone ka 1943 kwa setsheng sa pele sa sekolo seno kwa South Lansing, New York. Ditshwantsho tse di mo boalong jwa bobedi jwa kago ya sekolo di bontsha Sekolo sa Maloko a Dikomiti Tsa Makala le Sekolo sa Balebedi ba ba Etang, tse ka bobedi di tshwarelwang teng. Fa e sa le sekolo sa makala se simolola ka November wa 1995, se ile sa neela maloko a Dikomiti Tsa Makala a le 360 go tswa kwa dinageng tse 106 thuto e e tseneletseng.
Fa baeti ba ntse ba leba dikago, ba ile ba lemoga ka bonako gore mo dikarolong tse dintsi, ba ne ba sa bone ditshwantsho fela. Ba ne ba kgona go tsena le mo teng ga mafapha a a farologaneng, go etela diofisi le mafelo a mangwe a ditiro dingwe go bona ka botlalo kafa tiro e dirwang ka teng. Selo se se neng sa ba kgatlha thata e ne e le go bona kago ya Tirelo ya Dikhasete/Dibidio. A bo e na le didirisiwa tse di molemo jang ne go etleetsa thuto ya Baebele! Baeti ba ne ba thusiwa go tlhaloganya kafa mantswe a gatisiwang ka teng le kafa dibidio di dirwang ka teng ka motseletsele wa ditshwantsho tse di nayang tshedimosetso le dibidio tse dikhutshwane. Ba ile ba ithuta sengwe malebana le dipatlisiso tse di tseneletseng tse di dirwang fa go dirwa didirisiwa tsa serala le diaparo tsa badiragatsi. Ba ile ba bona kafa serala se tlhamaganngwang ka teng ka tsela e e sa jeng madi a mantsi mme e le e e maatlametlo thata. Ba ile ba bona kafa mmino o dirisiwang ka teng gore batho ba ikutlwe ba na le seabe ka namana mo go se ba se lebileng. Fa e sa le ka 1990, Mokgatlho o tlhagisitse dibidio tse di lesome tse di gatelelang dikgang tse di farologaneng tsa Baebele ka dipuo di le 41, mo godimo ga dibidio tsa batho ba ba dirisang Puo ya Diatla ya Amerika.
Bontsi jwa ba ba neng ba leba dikago ba ne ba ya kwa Laboratoring ya Dinepe, Lefapha la Botaki, Tirelo ya Tshedimosetso, e e thusang ka thapiso ya dikhomputara le ditiro tse dingwe, Lefapha la Tirelo, le le okamelang tiro ya diphuthego tse 11 242 le balebedi ba ba etang ba le 572, le lefapha la Tsa Makwalo, le le arabang dipotso tse di ka tshwarang 14 000 ngwaga nngwe le nngwe. Ba ne ba kgatlhiwa ke go bona dipatlisiso tse di dirwang fa go arabiwa makwalo le kgatlhego e e bontshiwang batho ba dipotso tsa bone di supang gore ba leka go lepalepana le mathata a a masisi.
Bontsi jwa baeti ba ne ba etela Tirelo ya Boranodi. Ba ne ba gakgamadiwa ke go itse gore mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng Mokgatlho o ile wa gatisa dibuka tsa Baebele ka dipuo tse dingwe gape tse 102. Lefatshe ka bophara, diperesente di ka nna 80 tsa Basupi ba ga Jehofa di bala dikgatiso tsa Mokgatlho ka dipuo tse dingwe kwantle ga Seesemane. Go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang, go na le badiri ba baithaopi ba ba ka fetang 1 700 ba ba dirang tiro ya go ranola mo dinageng tse 100. Ditshwantsho tsa teng di ne di bontsha Tora ya Tebelo ka dipuo tsa dinaga tsa Amerika, Yuropa, Asia le Afrika. Baeti ba ne ba bona Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo tse 31 tse e gatisitsweng ka tsone. Ba ne ba ithuta gore dikgatiso tsa Watch Tower jaanong di gone ka dipuo di le 332 le gore boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? bo gatisitswe ka dipuo tseno di le 219.
Batho ba ba neng ba etela Lefapha la Tsa Molao ba ne ba bontshiwa ditiro tse di farologaneng tsa semolao tse di tlhokang go dirwa lefatshe ka bophara. Mo bidiong, ba ne ba bona agente ya Mosupi e le mo kgotlatshekelong e ntsha mabaka malebana le kgang ya go tshelwa madi. Gape ba ile ba bona gore go dirwa eng gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo phatlalatsa e se ka ya kgorelediwa. (Bafilipi 1:7) Ba ile ba tlhokomedisiwa tshwetso e e neng ya dirwa ke kgotlatshekelo ya kgaolo ka March monongwaga, e e neng e laela lekgotla la Oradell, New Jersey, U.S.A., go fetola melao ya yone gore go tlosiwe taelo ya gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le lekwalo la tumelelo le go tsenya betšhe fa ba batla go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa jwa ntlo le ntlo mo motseng oo.
Seno ga se sotlhe se baeti ba ileng ba se bona. Gareng ga tse dingwe ba ile ba sekaseka ditshwantsho tsa Lefelo la Konkereite ba ba ba bona le mafelo a go Tlhotlha Metsi a a Leswe, Lefelo la go Fetlha Motlakase, Lefelo la go Phepafatsa Metsi le mafelo a a farologaneng a go baakanngwang dilo mo go one. E ne e le tshono e e sa tshwaneng le epe.
Thulaganyo ya go Kgakola Kago e Gatelela Thuto ya Bomodimo
Thulaganyo ya go kgakola kago yone e ne ya tshwarwa ka Laboraro, May 19, go simolola ka 4:00 p.m. Setlhopha se se itumetseng sa batho ba le 6 929 se ne se akaretsa maloko a badiri ba ntlokgolo, baeti ba Mokgatlho le batho ba le 372 ba ba neng ba kgobokanetse kwa lekaleng la Canada, le le neng le gokagantswe ka mafaratlhatlha a eleketeroniki.
Bareetsi ba ne ba itumetse tota go utlwa Milton G. Henschel, yo e leng poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, a ba amogela ka diatla tsoopedi. Theodore Jaracz, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, e bile e le modulasetulo wa tiragalo eo, o ne a rola William Malenfant. Fa a ne a bua ka “Dintlhakgolo Tsa Thulaganyo ya Kago,” o ne a botsolotsa bakaulengwe ba bararo ba ba neng ba na le seabe se segolo mo go rulaganyeng, mo go tlhameng le mo go ageng Lefelo la Thuto la Watch Tower. Fa a ntse a ba botsolotsa, go ile ga bolelwa gore mo dingwageng tsa fa go ntse go agiwa, go ile ga tla badiri ba nakwana ba ba fetang 8 700 ba ba neng ba ituelela ditshenyegelo tsa bone go tla go bereka mo porojekeng eno. A bo seo e le bosupi jo bo molemo jang ne jwa kutlwano le bopelotshweu jo bo nnang gone ka ntlha ya thuto ya bomodimo!
Go tswa foo go ne ga latela simphosiamo sa setlhogo se se reng, “Thuto ya Bomodimo mo Lefatsheng Lotlhe.” Se ne sa neelwa ke maloko a le manè a Setlhopha se se Laolang. John E. Barr o ne a gatelela gore thuto ya bomodimo e remeletse mo Lefokong la Modimo e leng Baebele, e e kgothaletsang Bakeresete go “tswelela [ba] ntsha maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile [ba] oketsega mo kitsong e e leng yone kaga Modimo.” (Bakolosa 1:10) Daniel Sydlik o ne a tlhalosa kafa thuto ya bomodimo e rulaganngwang ka teng ka tsela ya puso ya Modimo go tloga ka tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, e bong Jesu Keresete, go fitlha ka mongwe le mongwe yo e leng leloko la bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. (1 Bakorintha 12:12-27) Dipuo tse pedi tsa bofelo tsa simphosiamo seno tse di neng tsa neelwa ke Gerrit Lösch le Carey Barber, di ne tsa bontsha kafa thuto ya bomodimo e thusang badiredi ka teng gore ba tshwanelegele go fitlhelela batho gongwe le gongwe le go ba ruta gore ba tsamaye mo tseleng ya Modimo.—Isaia 2:1-4; 2 Bakorintha 3:5.
Go tlwaelanya bareetsi le dikolo tse di farologaneng tse di tshwarelwang kwa lefelong leno la thuto, go ne ga nna le dipotsolotso le metlotlo le batlhatlheledi le batho ba bangwe ba ba nnang le seabe mo ditirong tsa teng. Go ile ga bontshiwa kafa sekolo sengwe le sengwe se nang le seabe ka teng mo thulaganyong ya go ruta thuto ya bomodimo mo lefatsheng lotlhe. Go ile ga bolelwa gore Sekolo sa Gileate se remeletse thata mo go ruteng buka nngwe le nngwe ya Baebele, mo hisitoring ya segompieno ya batho ba ga Jehofa, le mo go thuseng motho go ipaakanyetsa tirelo ya borongwa. Sekolo sa makala ke thulaganyo ya thuto e e molemo e e tseneletseng e e rutang motho ditiro tse di farologaneng tse maloko a Dikomiti Tsa Makala a nnang le seabe mo go tsone. Sekolo sa Balebedi ba ba Etang ga se a direlwa fela go thusa bakaulengwe ba ba etang ka dilo tse ba di tlhokang mme gape se diretswe go ba neela thuso ya dilo tsa semoya e segolobogolo e tla solegelang diphuthego molemo.
Lloyd Barry wa Setlhopha se se Laolang o ne a garela thulaganyo ka go neela puo ya go kgakola kago ka setlhogo se se reng, “Go Aga le Mmopi wa Rona yo Mogolo.” O ile a tlhalosa gore Mmopi, Jehofa, o itumelela dilo tsotlhe tse a di bopileng mme o batla gore re itumele le ene. (Isaia 65:18) Jehofa Modimo ke ene yo o tshwanelwang ke go tlotlomadiwa ka ntlha ya kago eno yotlhe ka gonne “yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Morago ga gore sebui se tlhalose dintlha tseno tsotlhe, se ne sa konela ka thapelo e e tswang pelong e e neng e kgakolela Jehofa, Mmopi wa rona yo Mogolo Lefelo la Thuto la Watch Tower.a
Ga go pelaelo gore batho ba ba neng ba le gone ga ba kitla ba lebala dilo tsotlhe tse di neng tsa direga mo bekeng eo. Ke eng fa o sa rulaganyetse go etela Lefelo la Thuto la Watch Tower? Ga re na pelaelo gore go le etela le go le bona go tla go kgothatsa mo maitekong a o a dirang go ithuta go le gontsi ka Mmopi wa rona yo o lorato le go tshela go ya ka melao ya gagwe e e siameng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokaulengwe Barry o ile a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka boikanyegi ka July 2, 1999. Bona Tora ya Tebelo ya October 1, 1999, tsebe 16.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Holo e e tletseng tota le bareetsi ba bangwe ba le mo phaposing ya bojelo
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Maeto a go leba kago ke one a segolobogolo a neng a itumedisa