Go Tshela o Dumela Ditsholofetso Tsa Modimo
“Ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe.”—ISAIA 46:9, 10.
1, 2. Batho bangwe ba farologana jang ka dikgopolo malebana le seabe se Modimo a nang le sone mo ditiragalong tsa lefatshe?
MODIMO o na le seabe go le kana kang mo ditiragalong tsa lefatshe? Batho ba a farologana ka dikgopolo. Bangwe ba akanya gore ga a na seabe gotlhelele. Ba re morago ga go bopa dilo o ne a se ka a tlhola a batla kana a se ka a tlhola a kgona go re direla sepe. Go ya ka batho bano, Modimo o tshwana le rre yo o pegang morwawe mo godimo ga baesekele e ntšha, a e emisa a bo a e kgorometsa gore morwawe a kgokologe ka yone. Go tswa foo, rre o a itsamaela. Mosimane o sala a le mongwe; a ka nna a wa, kana a ka nna a se ka a wa. Gore go tla diragala eng, rraagwe ene o dule mo dilong.
2 Ba bangwe ba na le kgopolo ya gore Modimo o laola karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona le gore o nna le seabe ka tlhamalalo mo go sengwe le sengwe se se diragalelang popo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, fa e le gore go ntse jalo, bangwe ba ka swetsa ka gore Modimo ga a re direle dilo tse di molemo fela mme gape ke ene yo o bakang bokebekwa le masetlapelo a a welang batho. Go itse boammaaruri malebana le tsela e Modimo a dirisanang le batho ka yone go tla re thusa go itse se re ka se lebelelang mo go ene. Gape go tla nonotsha tumelo ya rona gore re tshepe gore ditsholofetso tsa gagwe di tla diragadiwa.—Bahebera 11:1.
3. (a) Re itse jang gore Jehofa ke Modimo wa maikaelelo? (b) Ke eng fa go twe Jehofa o ‘bopa’ kana o ‘aga’ maikaelelo a gagwe?
3 Selo sa botlhokwa mo kgannyeng eno e e malebana le seabe se Modimo a nang le sone mo ditiragalong tsa batho ke kgang ya gore Jehofa ke Modimo wa maikaelelo. Seno se bonala mo leineng la gagwe ka bolone. Leina “Jehofa” le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Kgato ka kgato Jehofa o dira gore ene ka boene e nne Modiragatsi wa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Ka ntlha ya seo, go buiwa ka Jehofa go twe o ‘bopa’ kana o aga maikaelelo a gagwe malebana le ditiragalo kana dikgato tse a tla di tsayang mo isagweng. (2 Dikgosi 19:25; Isaia 46:11) Mareo ano a tswa mo lefokong la Sehebera e bong ya·tsarʹ, le le amanang le lefoko le le kayang “mmopi wa letsopa.” (Jeremia 18:4, NW) Fela jaaka mmopi wa letsopa a ka bopa kgwethe ya mmopa go nna pitsana e ntle, Jehofa le ene a ka bopa kana a dira dilo gore di diragatse thato ya gagwe.—Baefeso 1:11.
4. Modimo o ile a baakanya lefatshe jang gore batho ba age mo go lone?
4 Ka sekai, Modimo o ne a ikaeletse gore lefatshe e nne lefelo le lentle thata gore batho ba ba itekanetseng le ba ba kutlo ba age mo go lone. (Isaia 45:18) Bogologolo pele ga Jehofa a bopa monna le mosadi wa ntlha, o ile a ba baakanyetsa dilo ka lorato. Dikgaolo tse di simololang tsa Genesise di tlhalosa kafa Jehofa a ileng a tlhoma bosigo le motshegare le naga le lewatle ka teng. Go tswa foo o ne a bopa dijalo le diphologolo. Go baakanya lefatshe jalo gore batho ba tle go aga mo go lone go tsere diketekete tsa dingwaga. Tiro eno e ne ya wediwa ka katlego. Monna le mosadi wa ntlha ba ne ba simolola botshelo jwa bone kwa Edene, paradaise e ntle e e neng e na le sengwe le sengwe se se neng se ka dira gore ba itumelele botshelo. (Genesise 1:31) Ka gone, Jehofa o ne a na le seabe ka tlhamalalo mo go se se neng se direga mo lefatsheng, a bopa ditiro tsa gagwe kgato ka kgato gore di dumalane le boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo. A go oketsega ga batho go ile ga dira gore a fetole go nna ga gagwe le seabe?
Jehofa o Lekanyetsa go Dirisana ga Gagwe le Batho
5, 6. Ke eng fa Modimo a lekanyetsa tsela e a dirisanang le batho ka yone?
5 Le mororo Jehofa a na le maatla, ga a laole sengwe le sengwe se batho ba se dirang. Go na le mabaka a seo. Lengwe la one ke gore batho ba ne ba bopiwa mo setshwanong sa Modimo, ba na le tshwanelo ya go itlhophela se ba se ratang. Jehofa ga a re patelele go dira se a se batlang; e bile ga a re laole jaaka e kete ga re kgone go ikakanyetsa. (Duteronome 30:19, 20; Jošua 24:15) Le mororo Modimo a dira gore re ikarabelele mo go se re se dirang, ka lorato o re letlile gore re nne le kgololesego e e rileng ya go itirela ditshwetso tsa kafa re batlang go tshela botshelo jwa rona ka teng.—Baroma 14:12; Bahebera 4:13.
6 Lebaka le lengwe gape la go bo Modimo a sa laole sengwe le sengwe se se diregang le amana le kgangkgolo e Satane a neng a e tsosa kwa Edene. Satane o ne a gwetlha bolaodi jwa Modimo. O ne a solofetsa Efa selo se go neng go bonala e le tshono ya go itaola—selo se ene le mogatse Adame ba neng ba se dumela. (Genesise 3:1-6) Modimo o ile a tsibogela seo ka go letla batho gore ba ipuse ka lobaka lo lo rileng gore go ke go bonale gore a kgwetlho ya ga Satane e ne e le boammaaruri. Ka ntlha ya seno, re ka se ka ra pega Modimo molato ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse batho ba di dirang gompieno. Moshe o ile a kwala jaana a bua ka batho ba ba tsuologang: “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba [Modimo], ke setshubaba mo go bone.”—Duteronome 32:5.
7. Jehofa o ikaeletse eng ka lefatshe le batho?
7 Lefa go ntse jalo, le fa Jehofa a letla batho gore ba itlhophele se ba se batlang le go lekeletsa gore a ba ka kgona go ipusa ka katlego, ga a itlhokomolose dilo tse di diregang mo lefatsheng, e leng selo se se neng se tla re tlogela re se na tsholofelo ya gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Le mororo Adame le Efa ba ile ba tsuologela bolaodi jwa Modimo, Jehofa ga a ka a fetola boikaelelo jwa gagwe jo bo lorato ka lefatshe le ka batho. Ruri o tla fetola lefatshe leno gore e nne paradaise e batho ba ba itekanetseng, ba ba kutlo le ba ba itumetseng ba tla nnang mo go yone. (Luke 23:42, 43) Pego ya Baebele go tloga ka Genesise go fitlha ka Tshenolo e tlhalosa kafa Jehofa a ntseng a dira ka teng kgato ka kgato gore a diragatse boikaelelo jono jwa gagwe.
Modimo o Tsaya Kgato ya go Diragatsa Thato ya Gagwe
8. Go fitlhisa Baiseraele kwa Nageng e e Solofeditsweng go ne go akaretsa eng?
8 Modimo o ile a bontsha ka tsela e a ileng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka yone gore o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Ka sekai, Jehofa o ile a tlhomamisetsa Moshe gore O tla golola Baiseraele go tswa kwa Egepeto le go ba tsenya mo Nageng e e Solofeditsweng, naga e e elelang mashi le dinotshe. (Ekesodo 3:8) Eno e ne e le kitsiso e e botlhokwa le e e nametsang pelo. E ne e tla raya go golola Baiseraele—ba palo ya bone fa e kopane le ya batho ba ba neng ba itswakantse le bone e neng e ka nna dimilione tse tharo—go tswa mo setšhabeng se se nonofileng se se neng se le kgatlhanong thata le gore ba tsamaye. (Ekesodo 3:19) Naga e ba neng ba tla fitlhisiwa kwa go yone e ne e agilwe ke ditšhaba tse di nonofileng tse di neng di tla nna kgatlhanong thata le go goroga ga bone. (Duteronome 7:1) Fa Baiseraele ba sa ntse ba le mo tseleng, ba ne ba tla ralala naga e mo go yone ba neng ba tla tlhoka dijo le metsi. Ano ke maemo a a neng a naya Jehofa tshono ya go bontsha maatla a gagwe a magolo le Bomodimo jwa gagwe.—Lefitiko 25:38.
9, 10. (a) Ke eng fa Joshua a ne a ka tlhomamisa gore ditsholofetso tsa Modimo di a ikanyega? (b) Go botlhokwa go le kana kang gore re tshepe bokgoni jo Modimo a nang le jone jwa go duela batho ba gagwe ba ba ikanyegang?
9 Modimo o ne a golola Baiseraele kwa Egepeto ka motseletsele wa ditiragalo tse di boitshegang. Sa ntlha o ne a setlaka Baegepeto ka dipetso tse di lesome tse di botlhoko. Go tswa foo, o ne a fatoganya Lewatle le Lehibidu ka bogare mme a dira gore Baiseraele ba kgabaganye fa Baegepeto ba ba neng ba ba setse morago bone ba ile ba nyelela. (Pesalema 78:12, 13, 43-51) Morago ga foo, o ile a tlhokomela Baiseraele ka dingwaga tse 40 mo sekakeng, a ba fepa ka mana, a ba tlamela ka metsi e bile a dira gore diaparo tsa bone di se ka tsa onala le gore dinao tsa bone di se ka tsa ruruga. (Duteronome 8:3, 4) Fa Baiseraele ba sena go tsena ka Naga e e Solofeditsweng, Jehofa o ile a ba thusa go fenya baba ba bone. Joshua yo o ileng a bontsha tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa, ke mosupi yo o boneng dilo tseno ka matlho. Ka gone, o ne a ka raya banna ba bagolwane ba motlha wa gagwe jaana a sa okaoke: “Lo a itse mo pelong tsa lona lotlhe, le mo meweng ya lona lotlhe, fa go se na sepe se se tlhaetseng sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Jehofa Modimo wa lona o di buileng ka ga lona; di lo dirafaletse tsotlhe.”—Jošua 23:14.
10 Jaaka Joshua wa bogologolo, Bakeresete gompieno ba dumela ba sa belaele gore Modimo o a rata e bile o kgona go tsaya kgato mo boemong jwa batho ba ba mo direlang. Tshepo eno ke selo se se botlhokwa thata mo tumelong ya rona. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go o itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore . . . o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.
Modimo o Bonela Isagwe Pele
11. Ke dilo dife tse di dirang gore Modimo a kgone go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe?
11 Go fitlha fano, re bone gore le fa Modimo a letla gore batho ba itlhophele se ba se ratang le gore ba ipuse, o na le maatla e bile o rata go tsaya kgato gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go na le selo se sengwe gape se se dirang gore re tlhomamisege gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa. Jehofa o kgona go bonela isagwe pele. (Isaia 42:9) Modimo o ile a bua jaana ka moporofeti wa gagwe: “Gakologelwang dilo tsa pele tsa bogologolo; gonne ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’” (Isaia 46:9, 10) Molemi yo o nang le maitemogelo o a itse gore ke leng e bile ke kae mo a tshwanetseng go jala peo teng, mme gone, a ka nna a se ka a tlhomamisega sentle gore dilo di tla nna jang. Le fa go ntse jalo, “Kgosi ya bosafeleng” yone e kgona go bonela pele ka tlhomamo gore ke leng e bile ke kae mo a tshwanetseng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe teng.—1 Timotheo 1:17.
12. Ke ka tsela efe Jehofa a ileng a bontsha gore o kgona go bonela dilo pele mo motlheng wa ga Noa?
12 Akanya ka tsela e Modimo a neng a bontsha go bonela dilo pele ka teng mo metlheng ya ga Noa. Modimo o ne a ikaelela go fedisa batho ba ba sa utlweng ka gonne boikepo bo ne bo aname mo lefatsheng. O ile a tlhoma nako e a neng a tla dira seno ka yone, dingwaga di le 120 pele ga foo. (Genesise 6:3) Fa Jehofa a ne a tlhoma nako eo, ga a ka a akanyetsa fela kgang ya go senya baikepi, e leng selo se a neng a ka se dira nako nngwe le nngwe. Thulaganyo ya ga Jehofa ya nako e ne e akaretsa go rulaganyetsa gore batho ba ba siameng ba bolokwe. (Bapisa Genesise 5:29.) E re ka Modimo a le botlhale, o ne a itse go sa le gale nako e e siameng ya gore a abe tiro e e neng e tla diragatsa seno. O ne a neela Noa dintlha tsotlhe tsa tshedimosetso e e tshwanetseng. Noa o ne a tshwanetse go aga araka, “gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe,” mme baikepi bone ba ne ba tlile go fedisiwa ka morwalela wa lefatshe lotlhe.—Bahebera 11:7; Genesise 6:13, 14, 18, 19.
Tiro e e Boitshegang ya Kago
13, 14. Ke eng fa tiro ya go aga araka e ne e le tiro e e gwetlhang?
13 Akanya ka tiro eno go ya ka maemo a Noa a neng a le mo go one. Ka go bo Noa e ne e le monna wa Modimo, o ne a itse gore Jehofa o ne a ka nyeletsa batho ba ba bosula. Le fa go ntse jalo, pele ga seo se dirwa, go ne go na le tiro e e tshwanetseng go dirwa—tiro e e neng e tlhoka tumelo. Go aga araka e ne e tla nna tiro e e boitshegang. Modimo o ne a boletse gore e nne kana kang. Boleele jwa araka bo ne bo tla feta jwa mabala mangwe a gompieno a metshameko mme bogodimo jwa yone bo ne bo tla lekana le jwa kago ya matlhatlaganyane a le matlhano. (Genesise 6:15) E ne e tla agiwa ke batho ba sekae fela ba ba senang maitemogelo. Ba ne ba se kitla ba nna le didirisiwa tsa segompieno tse di maatlametlo. Mo godimo ga moo, e re ka Noa a ne a se na kgono e Jehofa a nang le yone ya go bonela isagwe pele, go ne go se na tsela e a neng a ka itse ka yone gore maemo a tlile go nna jang fa dingwaga di ntse di ya, maemo a a neng a ka nna a thusa kana a kgoreletsa tiro eno ya kago. Go ka direga gore Noa o ile a ipotsa dipotso tse dintsi. O ne a tlile go kgobokanya dilo tsa go aga jang? O ne a tla kgobokanya diphologolo jang? O ne a tlile go tlhoka dijo tse di ntseng jang mme gone tse kana kang? Totatota Morwalela o o boleletsweng pele o ne o tlile go tla ka letlha lefe?
14 Gape go ne go na le maemo a loago. Boikepo bo ne bo ntsifetse. Banefilime—bana ba mekaloba ba baengele ba ba boikepo ba neng ba ba tshola le basadi—ba ne ba tladitse lefatshe ka thubakanyo. (Genesise 6:1-4, 13) Mo godimo ga moo, tiro ya go aga araka e ne e ka se direlwe mo sephiring. Batho ba ne ba tla ipotsa gore Noa o dirang, mme o ne a tla ba bolelela. (2 Petere 2:5) A go ne go ka lebelelwa gore ba itumelele seo? Legoka! Dingwaga di sekae pelenyana ga foo, Enoke yo o ikanyegang o ile a bolela gore baikepi ba ne ba tlile go nyelediwa. Batho ba ne ba sa rate molaetsa wa gagwe thata jaana mo Modimo a ileng a “mo tsaya,” kana a khutshwafatsa botshelo jwa gagwe, go bonala e ne e le gore a thibele gore baba ba Gagwe ba se ka ba mmolaya. (Genesise 5:24; Bahebera 11:5; Jude 14, 15) Noa o ne a sa lebana fela le gore a bolele molaetsa o o ntseng jalo o o sa rategeng mme gape o ne a tshwanetse go aga araka. Fa araka eo e ntse e agiwa, e ne e tla nna sesupo se segolo se se bontshang boikanyegi jo Noa a neng a na le jone mo gare ga batho ba ba boikepo ba motlha wa gagwe!
15. Ke eng fa Noa a ile a nna le tsholofelo ya gore o tla kgona go dira tiro e a e abetsweng?
15 Noa o ne a itse gore tiro eno e ne e engwe nokeng e bile e segofadiwa ke Modimo Mothatayotlhe. A e ne e se Jehofa ka boene yo o mo abetseng tiro eno? Jehofa o ile a tlhomamisetsa Noa gore ene le lelapa la gagwe ba ne ba tla tsena mo arakeng e e fedileng mme ba bo ba falola Morwalela wa lefatshe lotlhe ba tshela. Modimo o ile a ba a tlhomamisa gore o tla dira seo ka go dira tumalano e e masisi le ene. (Genesise 6:18, 19) Go ka direga gore Noa o ile a lemoga gore Jehofa o ile a akanya pele le go sekaseka dilo tsotlhe tse di neng di tla tlhokega pele ga a mo abela tiro eno. Mo godimo ga moo, Noa o ne a itse gore Jehofa o ne a na le maatla a go mo thusa fa go tlhokega. Ka jalo tumelo ya ga Noa e ile ya mo tlhotlheletsa go dira tiro eo. Fela jaaka setlogolwana sa gagwe e bong Aborahame, Noa o ne a “tlhatswegile pelo ka botlalo gore se [Modimo] o neng o se solofeditse gape o ne o kgona go se dira.”—Baroma 4:21.
16. Fa tiro ya go aga araka e ntse e gatela pele, tumelo ya ga Noa e ne ya nonotshiwa jang?
16 Fa dingwaga di ntse di feta mme araka le yone e ntse e fela, tumelo ya ga Noa e ne ya nonotshiwa. Mathata a kago le a mangwe a ne a rarabololwa. Diteko di ne tsa fenngwa. Go ne go se na kganetso epe e e neng e ka emisa tiro. Jehofa o ne a ema lelapa la ga Noa nokeng le go le sireletsa. Fa Noa a ntse a tswelela pele, ‘boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya gagwe bo ne jwa baka boitshoko.’ (Jakobe 1:2-4) Kgabagare araka e ne ya wediwa, Morwalela wa tla, mme Noa le lelapa la gagwe ba falola. Noa o ne a bona ditsholofetso tsa Modimo di diragadiwa, fela jaaka go ile ga direga ka Joshua moragonyana. Tumelo ya ga Noa e ne ya duelwa.
Jehofa o Ema Tiro Nokeng
17. Motlha wa rona o tshwana jang le motlha wa ga Noa?
17 Jesu o ile a bolelela pele gore motlha wa rona o ne o tla tshwana le motlha wa ga Noa. Modimo o ikaeletse go boa gape a nyeletsa baikepi mme o tlhomile nako e a tla dirang seno ka yone. (Mathaio 24:36-39) Gape o dirile dithulaganyo tsa gore a boloke batho ba ba siameng. Le fa Noa ene a ile a tshwanelwa ke go aga araka, batlhanka ba Modimo gompieno bone ba tshwanelwa ke go bolela maikaelelo a ga Jehofa, go ruta Lefoko la gagwe le go dira batho barutwa.—Mathaio 28:19.
18, 19. Re itse jang gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e engwa nokeng ke Jehofa?
18 Fa Jehofa a ka bo a ile a se ka a ema Noa nokeng le go mo thusa, araka e ka bo e ile ya se ka ya agiwa. (Bapisa Pesalema 127:1.) Bakeresete ba boammaaruri le bone, fa Jehofa a sa ba eme nokeng, ba ka se falole, re sa re sepe ka go atlega. Seno se ile sa lemogiwa ke Gamaliele, Mofarasai yo o neng a tseelwa kwa godimo e bile e le morutisi wa Molao. Fa Sanehederine ya Bajuda e ne e batla go nyeletsa baaposetoloi, o ile a tlhagisa kgotla eo jaana: “Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, mme ba leseng; (ka gonne, fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya.)”—Ditiro 5:38, 39.
19 Go atlega ga tiro ya go rera ya lekgolo la ntlha la dingwaga le ya gompieno go supa gore tiro eno ga se tiro ya motho, go na le moo ke ya Modimo. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka mangwe a maemo a a kgatlhang le ditlhabololo tse di ileng tsa thusa go dira gore tiro eno e atlege thata jaana ka selekanyo se segolo.
Le ka Motlha se Ineele!
20. Re engwa nokeng ke bomang fa re ntse re rera dikgang tse di molemo?
20 Le fa re tshela mo “dinakong tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,” re ka tlhomamisega gore Jehofa o laola dilo ka botlalo. O ema batho ba gagwe nokeng le go ba thusa fa ba ntse ba wetsa tiro ya go rera dikgang tse di molemo pele ga nako e Modimo a e beetseng go fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e goroga. (2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:14) Jehofa o re laletsa gore re nne “badirimmogo” le ene. (1 Bakorintha 3:9) Gape re namediwa pelo ke gore Keresete Jesu o na le rona mo tirong eno le gore re ka ikaega ka thuso le kaelo ya baengele.—Mathaio 28:20; Tshenolo 14:6.
21. Le ka motlha ga re a tshwanela go ineela gore re felelwe ke tumelo efe?
21 Noa le lelapa la gagwe ba ne ba namolwa mo metsing a morwalela ka gonne ba ile ba nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. Batho ba ba nang le tumelo e e ntseng jalo gompieno ba tla namolwa mo “pitlaganong e kgolo” e e tlang. (Tshenolo 7:14) Ruri re tshela mo dinakong tse di kgatlhang. Go sa ntse go tlile go diragala ditiragalo tse di botlhokwa! Go ise go ye kae, Modimo o tla tsaya kgato ya go lere magodimo a masha le lefatshe le lesha le go tla bong go na le tshiamo mo go lone. (2 Petere 3:13) Le ka motlha o se ka, o se ka wa ineela go felelwa ke tumelo ya gore sengwe le sengwe se Modimo a se buang, o kgona go se dira.—Baroma 4:21.
Dintlha Tse O ka Di Gopolang
◻ Ke eng fa Jehofa a sa laole sengwe le sengwe se batho ba se dirang?
◻ Kgang ya go bo Jehofa a kgona go diragatsa maikaelelo a gagwe e ile ya bonala jang mo go dirisaneng ga gagwe le Baiseraele?
◻ Kgang ya go bo Jehofa a kgona go bonela isagwe pele e ile ya bonala jang mo motlheng wa ga Noa?
◻ Re ka tshepa ditsholofetso tsa Modimo go le kana kang?