“Ikgatlheng ka Kgobalalo ya Mogopolo”
“Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 PETERE 5:5.
1, 2. Ke ditsela dife tse pedi tsa go akanya tse di farologanang tse di amang thata tsela e batho ba itshwarang ka yone?
GARENG ga ditsela tsa go akanya tse Lefoko la Modimo le re lemotshang tsone go na le tse pedi tse di farologaneng thata. Tsoopedi di ama thata tsela e batho ba itshwarang ka yone. E nngwe ya tsone e tlhalosiwa e le “kgobalalo ya mogopolo.” (1 Petere 5:5) Dikishinare e tlhalosa “kgobalalo” e le “go nna boikokobetso mo boitshwarong kana mo moyeng: o sa ikgogomose ka boikgantsho.” Kgobalalo ya mogopolo e tshwana le go nna boikokobetso, mme go ya ka tsela ya Modimo ya go leba dilo, ke nonofo e e molemo tota.
2 Se se farologanang le seo ke boikgogomoso. Bo tlhalosiwa e le “go itseela kwa godimo ka tsela e e feteletseng,” o le “lonyatso.” Bo amana le moya wa boithati, mme bo dira gore motho a batle dikhumo, a batle go itshologela molemo a le esi fela le go nna le melemo e mengwe go sa kgathalasege gore go tla ama batho ba bangwe maswe go le kana kang. Baebele e tlhalosa matswela a mangwe a jone jaana: ‘Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ E bua ka ‘bopelotshetlha jwa motho go wa ga gabo’ e le “go belebetlela phefo fela” ka gonne fa motho a sule ‘a ka se tseye sepe a tsamaya ka sone.’ Boikgogomoso jo bo ntseng jalo ke selo se Modimo a sa se beyeng sebete.—Moreri 4:4; 5:15; 8:9.
Moya wa Lefatshe o o Anameng
3. Ke moya ofe o o anameng thata mo lefatsheng?
3 Ke boikutlo bofe mo go e mebedi eno jo bo tlwaelegileng thata mo lefatsheng gompieno? Ke moya ofe wa lefatshe o o anameng? World Military and Social Expenditures 1996 e bolela jaana: “Ga go na lekgolo lepe la dingwaga le le tshwanang le la bo20 ka thubakanyo . . . e e feteletseng.” Go lwela maatla a bopolotiki le a itsholelo—le dintwa tsa dinaga, bodumedi, merafe le ditso—go bolaile batho ba ba fetang dimilione tse 100 mo lekgolong leno la dingwaga. Moya wa boithati mo bathong le one o oketsegile fela thata. Chicago Tribune e boletse jaana: “Mathata a a farafereng batho a akaretsa thubakanyo e e setlhogo, go sotla bana, tlhalano, botagwa, AIDS, go ipolaya ga basha, diokobatsi, digongwana tsa mo mebileng, petelelo, bana ba dikgora, go senya mpa, ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, . . . go bua maaka, go tsietsa, boferefere mo go tsa dipolotiki . . . Melao e e malebana le maitsholo a a siameng le a a sa siamang ga e tlhole e tsewa tsia.” Ka gone, UN Chronicle e ile ya tlhagisa jaana: “Ditšhaba di a senyega.”
4, 5. Moya wa lefatshe o ile wa tlhalosiwa sentle jang mo boporofeting jwa Baebele jo bo malebana le motlha wa rona?
4 Maemo ano a aparetse lefatshe lotlhe. Go ntse fela jaaka boporofeti jwa Baebele bo ile jwa bolelela pele jaana malebana le motlha wa rona: “Mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.”—2 Timotheo 3:1-4.
5 Ke tlhaloso e e tlhalosang sentle moya wa lefatshe leno o o anameng. Ke moya wa bogagapa wa boithati. Go tlhoana ga dinaga go bonala mo go tlhoaneng ga batho. Ka sekai, mo dikgaisanong tsa metshameko, bontsi jwa borametshameko ba batla go gaisa ba bangwe go sa kgathalasege gore seno se utlwisa ba bangwe botlhoko mo maikutlong kana mo mmeleng go le kana kang. Moya ono wa boithati o rotloediwa thata mo baneng mme ba tswelela pele ka one jalo mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo jwa bone fa ba setse ba godile. O feleletsa o bakile “bobaba, kgogakgogano, lefufa, ditsogelo tsa kgalefo, dingangisano, dikgaogano.”—Bagalatia 5:19-21.
6. Ke mang yo o rotloetsang moya wa bogagapa, mme Jehofa o ikutlwa jang ka boikutlo jono?
6 Baebele e supa gore moya ono wa lefatshe wa boithati o senola moya wa ene yo o “bidiwang Diabolo le Satane, yo o timetsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” Baebele e bolelela pele jaana malebana le tsela e Satane a tlhotlheletsang batho ba ba tshelang mo malatsing ano a bofelo a mathata ka yone: “Abo go latlhega lefatshe . . . ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:9-12) Ka jalo ene le badimona ba gagwe ba okeditse maiteko a bone a go dira gore batho ba nne le moya wa bogagapa. Mme Jehofa o ikutlwa jang ka boikutlo jo bo ntseng jalo? Lefoko la gagwe la re: “Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa.”—Diane 16:5.
Jehofa o Rata ba ba Ikgobalatsang
7. Jehofa o leba jang batho ba ba boikokobetso, mme o ba ruta eng?
7 Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa o segofatsa batho ba ba ikgobalatsang. Fa Kgosi Dafide a ne a opelela Jehofa, o ile a re: “Batho ba ba boikokobetso o tla ba boloka; Mme matlho a gago a kgatlhanong le ba ba mabela, gore o ba kokobetse.” (2 Samuele 22:1, 28, NW) Ka gone, Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Batlang Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe . . . batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.” (Sefania 2:3) Batho ba ka boikokobetso ba batlang Jehofa o ba ruta go lwela go nna le moya o o farologaneng gotlhelele le wa lefatshe leno. “Ba ba pelonolo o tlaa ba ruta tsela ya gagwe.” (Pesalema 25:9; Isaia 54:13) Tsela eo ke ya lorato. E ikaegile ka go dira se se siameng go ya ka melao ya Modimo. Go ya ka Baebele, lorato lono lo lo laolwang ke melaometheo “ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo batle melemo ya lone.” (1 Bakorintha 13:1-8) Gape lo bonala ka go nna le kgobalalo ya mogopolo.
8, 9. (a) Lorato lo lo laolwang ke melaometheo lo simologa kae? (b) Go botlhokwa go le kana kang go etsa lorato le boikokobetso tse Jesu a ileng a di bontsha?
8 Paulo le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ithuta lorato lo lo ntseng jalo go tswa mo dithutong tsa ga Jesu. Mme Jesu ene o ne a lo ithuta mo go Rraagwe, Jehofa, yo Baebele e buang jaana ka ene: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jesu o ne a itse gore ke thato ya Modimo gore a tshele go ya ka molao wa lorato, mme o ne a go dira. (Johane 6:38) Ke gone ka moo a neng a utlwela botlhoko batho ba ba gateletsweng, bahumanegi le baleofi. (Mathaio 9:36) O ile a ba raya a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo fufulelwang le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke maikutlo a bori e bile ke kgobaletse mo pelong.”—Mathaio 11:28, 29.
9 Jesu o ile a bontsha barutwa ba gagwe botlhokwa jwa go etsa lorato le boikokobetso jwa gagwe ka go ba raya a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) Ba tla farologana gotlhelele le lefatshe leno le le tletseng ka boithati. Ke gone ka moo Jesu a neng a ka bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14) Nnyaa, ga ba etse moya wa boikgogomoso le wa bogagapa wa lefatshe leno la ga Satane. Go na le moo, ba etsa moya wa lorato le boikokobetso o Jesu a neng a na le one.
10. Jehofa o dira eng ka batho ba ba boikokobetso mo motlheng wa rona?
10 Lefoko la Modimo le ile la bolelela pele gore mo metlheng eno ya bofelo, batho ba ba boikokobetso ba ne ba tla phuthwa go nna setšhaba sa lefatshe lotlhe se se lorato le se se boikokobetso. Ka gone, mo lefatsheng leno le le ntseng le nnela boikgogomoso go ya pele, batho ba ga Jehofa ba bontsha boikutlo jo bo farologaneng le joo gotlhelele—kgobalalo ya mogopolo. Batho bao ba re: “A re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri e e tlotlomaditsweng], . . . mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.” (Isaia 2:2, 3) Basupi ba ga Jehofa ke karolo ya setšhaba seno sa lefatshe lotlhe se se sepelang mo ditseleng tsa Modimo. Ba akaretsa palo e e ntseng e oketsega ya “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” (Tshenolo 7:9) Gone jaanong boidiidi jono jo bogolo bo dirilwe ka batho ba le dimilione. Jehofa o ba thapisa jang gore ba nne boikokobetso?
Go Ithuta go Nna le Kgobalalo ya Mogopolo
11, 12. Batlhanka ba Modimo ba bontsha jang go nna le kgobalalo ya mogopolo?
11 Moya wa Modimo o o dirang mo bathong ba gagwe ba ba iketleeletsang o ba thusa go ithuta go fenya moya o o maswe wa lefatshe mme go tswa foo ba bo ba bontsha maungo a moya wa Modimo. Seno se bonala ka “lorato, boipelo, kagiso, go itshwara ka bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori, boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Gore batlhanka ba Modimo ba nne le dinonofo tse di ntseng jalo, ba gakololwa gore ba se ka ba nna batho ba ba ‘ikgopolang, ba sa tsosetsane kgaisano, ba sa tswelane pelo.’ (Bagalatia 5:26) Moaposetoloi Paulo le ene o ile a re: “Ke bolelela mongwe le mongwe koo mo go lona gore a se ka a ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone; mme a akanye e le gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.”—Baroma 12:3.
12 Lefoko la Modimo le laela Bakeresete gore ba se “dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo lo tsaya ba bangwe [batlhanka ba bangwe ba Modimo] ba le bagolo mo go lona, lo beile leitlho, e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang lona fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.” (Bafilipi 2:3, 4) “A mongwe le mongwe a nne a senke, e seng tsholegelomolemo ya gagwe, fa e se ya motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Ee, ‘lorato lo aga’ ba bangwe ka mafoko le ditiro tse e seng tsa bogagapa. (1 Bakorintha 8:1) Lo rotloetsa moya wa tirisanommogo, e seng wa kgaisano. Batlhanka ba ga Jehofa ga ba utlwane le moya wa boithati.
13. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta go nna le kgobalalo ya mogopolo, mme motho o ka e ithuta jang?
13 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng, ga re tsholwe re na le kgobalalo ya mogopolo. (Pesalema 51:5) Nonofo eno e tshwanetse go ithutiwa. Mme seno se ka nna bokete thata mo bathong ba ba ileng ba se ka ba rutwa ditsela tsa ga Jehofa go tloga boseeng mme e bo e re morago mo botshelong jwa bone ba bo ba di amogela. Ba setse ba na le botho jo bo tsamaelanang le mekgwa ya lefatshe leno la bogologolo. Ka jalo ba tshwanetse gore ba “latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya [bone] ya pele ya boitshwaro” mme ba “apare botho jo bosha jo bo neng jwa tlholwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.” (Baefeso 4:22, 24) Ka thuso ya Modimo batho ba ba tlhoafetseng ba ka dira seno se a ba kopang go se dira: “Ikapeseng dikatamalano tse di bothitho tsa tlekeetso tsa bopelotlhomogi, bopelonomi, kgobalalo ya mogopolo, bori, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.
14. Jesu o ile a nna kgatlhanong jang le go batla go itlotlomatsa?
14 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta go dira jalo. E ne e setse e le bagolo fa ba nna barutwa ba gagwe e bile ba na le moyanyana wa lefatshe wa go gaisana. E ne ya re fa mmè wa ba babedi ba bone a ne a batla gore Jesu a abele bomorwawe maemo a a kwa godimo, o ile a re: “Babusi ba merafe ba rena mo [bathong] le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. Ga go a nna jalo mo go lona; mme lefa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme lefa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona. Fela jaaka Morwa motho [Jesu] a ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:20-28) Fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba dirisa direto go itlotlomatsa, o ile a oketsa ka gore: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.”—Mathaio 23:8.
15. Batho ba ba batlang go nna balebedi ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo ntseng jang?
15 Morutwa wa mmatota wa ga Jesu ke motlhanka, ee, lekgoba la Bakeresetekaene. (Bagalatia 5:13) Go ntse jalo segolobogolo ka ba ba batlang go tshwanelegela go nna balebedi mo phuthegong. Ga ba a tshwanela go lwela maemo kana go nna le taolo; ga ba a tshwanela ‘go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme ba tshwanetse go nna dikao mo go bone.’ (1 Petere 5:3) Ee ruri, moya wa boithati ke selo se se supang gore motho ga a tshwanelege go nna molebedi. Motho yo o ntseng jalo o tla nna kotsi mo phuthegong. Ke boammaaruri gore, go siame gore motho a ‘gabalalele tiro ya bolebedi,’ mme gone o tshwanetse go dira jalo ka go bo a batla go direla Bakeresete ba bangwe. Tiro eno ga se tiro ya go nna le maemo kana ya go busa ka gonne batho ba e leng balebedi e tshwanetse go nna batho ba ba nang le kgobalalo ya mogopolo go gaisa botlhe mo phuthegong.—1 Timotheo 3:1, 6.
16. Ke eng fa Dioterefese a ile a kgalwa mo Lefokong la Modimo?
16 Moaposetoloi Johane o re lemotsha ka motho mongwe yo o neng a na le pono e e phoso, a re: “Ke ne ka kwalela phuthego sengwe, mme Dioterefese, yo o ratang go nna le maemo a ntlha gareng ga bone, ga a amogele sepe mo go rona ka tlotlo.” Monna yono o ne a leka go iponela maemo ka go nna lonyatso mo bathong ba bangwe. Go na le moo, moya wa Modimo o ile wa tlhotlheletsa Johane go akaretsa mafoko a go kgala Dioterefese mo Baebeleng ka ntlha ya go bo a ne a na le moya wa boithati.—3 Johane 9, 10.
Boikutlo jo bo Siameng
17. Petere, Paulo le Barenabase ba ile ba bontsha jang go nna le kgobalalo ya mogopolo?
17 Go na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba na le boikutlo jo bo siameng, jwa kgobalalo ya mogopolo. Fa Petere a ne a tsena kwa ntlong ya ga Korenelio, monna yono o ne “a wela fa fatshe fa dinaong tsa [ga Petere] a ba a obama fa pele ga gagwe.” Mme mo boemong jwa go amogela go tlotlomadiwa jalo ka tsela e e feteletseng, “Petere a mo emisa, a re: ‘Ema; le nna ka bonna ke motho.’” (Ditiro 10:25, 26) Fa Paulo le Barenabase ba ne ba le kwa Lisetera, Paulo o ne a fodisa monna mongwe yo o tshotsweng a golafetse. Ka ntlha ya seo, boidiidi bo ne jwa re baaposetoloi bano ke medimo. Le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase “ba gagola diaparo tsa bone tsa kafa ntle mme ba tlolela mo boidiiding, ba goa ba re: ‘Banna, ke ka ntlha yang fa lo dira dilo tseno? Le rona re batho ba ba nang le makoa a a tshwanang le a lo nang le one.’” (Ditiro 14:8-15) Bakeresete bano ba ba boikokobetso ba ne ba ka se letle gore ba galalediwe ke batho.
18. Moengele yo o maatla o ile a bontsha boikokobetso ka go raya Johane a reng?
18 Fa moaposetoloi Johane a ne a newa “tshenolo ka Jesu Keresete,” e ne ya fetisediwa kwa go ene ka moengele. (Tshenolo 1:1) Ka ntlha ya maatla a moengele, re ka tlhaloganya lebaka la go bo Johane a ile a gamarega, ka gonne moengele a le mongwe o ne a bolaya Baaseria ba le 185 000 mo bosigong bo le bongwe. (2 Dikgosi 19:35) Johane o bolela jaana: “E rile ke sena go utlwa le go bona, ka wela fa fatshe go obamela fa pele ga dinao tsa moengele yo o neng a ntse a mpontsha dilo tseno. Mme o nthaya a re: ‘O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena le bakaulengwe ba gago . . . Obamela Modimo.’” (Tshenolo 22:8, 9) A bo moengele yono yo o maatla a ile a bontsha kgobalalo ya mogopolo jang ne!
19, 20. Bontsha kafa boikgogomoso jwa bagenerale ba Roma bo neng jwa farologana ka teng le kgobalalo ya mogopolo ya ga Jesu.
19 Jesu ke sekao se se molemo thata sa motho yo o neng a na le kgobalalo ya mogopolo. E ne e le Morwa yo o tsetsweng a le nosi wa Modimo, Kgosi ya mo isagweng ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Fa a ne a ipolela jalo mo bathong, o ne a sa etse bagenerale ba Roma ba ba boikgantsho ba motlha wa gagwe. Ba ne ba tle ba direlwe mekete e megolo ya tlotlo—mekoloko—ba kgweetsa dikoloi tse di kgabisitsweng ka gauta le dinaka tsa ditlou di gogwa ke dipitse tse ditshweu, kana le e leng ditlou, ditau kana dinkwe. Mo mekolokong eno go ne go na le baopedi ba ba opelang dipina tsa phenyo, le dikolotsana tse di tletseng ka dilo tse di gapilweng le dikoloi tse dikgolo tse di bontshang ditshwantsho tsa ntwa. Gape go ne go na le dikgosi tse di gapilweng, dikgosana le bagenerale le ba malapa a bone, gantsi ba tlontlololwa ka go tsamaisiwa ba sa apara. Ditiragalo tseno di ne di tletse ka boikgogomoso le boikgodiso.
20 Bapisa seo le tsela e Jesu a neng a intsha setlhabelo ka yone. Ka boikokobetso o ne a iketleeditse go diragatsa boporofeti jo bo malebana le ene, jo bo neng bo boleletse pele gore: “Bona, kgosi ya gago e etla kwa go wena; o tshiamo, o na le poloka o boikokobetso, o palame esela.” Ka boikokobetso o ne a palama phologolo e e belesiwang, e seng koloi e e gogwang ke diphologolo tse dintle mo moketeng o mogolo. (Sekaria 9:9; Mathaio 21:4, 5) A bo batho ba ba boikokobetso ba le lesego jang ne go bo Jesu e tla nna Kgosi ya ga Jehofa e e tlhomilweng mo lefatsheng lotlhe mo lefatsheng le lesha, yo ruri a nang le kgobalalo ya mogopolo, boikokobetso, lorato, bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko!—Isaia 9:6, 7; Bafilipi 2:5-8.
21. Kgobalalo ya mogopolo ga e supe eng?
21 Kgang ya go bo Jesu, Petere, Paulo le banna le basadi ba bangwe ba tumelo ba motlha wa Baebele ba ne ba na le kgobalalo ya mogopolo e ganetsa kgopolo ya gore boikokobetso ke nonofo e e supang bokoa. Go na le moo, bo bontsha gore motho o nonofile, ka gonne batho bano ba ne ba le pelokgale e bile ba tlhoafetse. Ba ile ba itshokela diteko tse di maswe ka go bo ba ne ba nonofile mo tlhaloganyong le mo boitsholong. (Bahebera, kgaolo 11) Mme gompieno, fa batlhanka ba ga Jehofa ba na le kgobalalo ya mogopolo le bone ba nna le nonofo e e ntseng jalo ka gonne Modimo o nonotsha ba ba nnang le kgobalalo ya mogopolo ka moya wa gagwe o o boitshepo o o maatla. Ke gone ka moo re kgothadiwang jaana: “Lotlhe ikgatlheng ka kgobalalo ya mogopolo mongwe go yo mongwe, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. Jalo, ikokobetseng tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore o tle o lo godise mo nakong e e tshwanetseng.”—1 Petere 5:5, 6; 2 Bakorintha 4:7.
22. Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
22 Go na le sengwe gape se se molemo ka kgobalalo ya mogopolo e batlhanka ba Modimo ba tshwanetseng go leka go nna le yone. Ke sengwe se se nang le seabe se segolo mo go ageng moya wa lorato le tirisanommogo mo diphuthegong. Ee ruri, ke selo se se botlhokwa thata mo go nneng le kgobalalo ya mogopolo. Go tla tlotliwa ka sone mo setlhogong se se latelang.
Poeletso
◻ Tlhalosa moya wa lefatshe leno o o anameng.
◻ Jehofa o segofatsa jang batho ba ba nang le kgobalalo ya mogopolo?
◻ Ke eng fa motho a tshwanetse go ithuta go nna le kgobalalo ya mogopolo?
◻ Dingwe tsa dikai tsa Baebele tsa batho ba ba neng ba na le kgobalalo ya mogopolo ke dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Moengele o ne a raya Johane a re: “O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena”