LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 4/15 ts. 23-27
  • Ba-Collegiant—Go Ithuta Baebele go Ile ga ba Tlhaola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba-Collegiant—Go Ithuta Baebele go Ile ga ba Tlhaola
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang ya Taolelogale
  • Tshimologo le go Gola ga Ba-Collegiant
  • Ditumelo Tsa Ba-Collegiant
  • Dikokoano Tsa Beke le Beke
  • Dikopano Tsa Naga Yotlhe
  • Lebaka La go Bo ba Ile ba Nyelela
  • Diphetogo—A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • A Modimo o Setse a Tlhomile Bofelelo Jwa Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Anaanela Dikokoano Tsa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Dipokano Tsa Kobamelo, Tse di Layang, le Tse di Kgothatsang
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 4/15 ts. 23-27

Ba-Collegiant—Go Ithuta Baebele go Ile ga ba Tlhaola

A o kile wa utlwa ka Ba-Collegiant?

Setlhopha seno se sennye sa bodumedi sa Ba-Dutch sa lekgolo la bo17 la dingwaga se ne se farologane le dikereke tse dikgolo tsa nako eo. jang, mme re ka ithuta eng mo go bone? go bona karabo, a re boele morago kwa nakong eo.

KA 1587, Jacobus Arminius (kana, Jacob Harmensen) o ne a fitlha kwa Amsterdam. O ile a bona tiro motlhofo ka gonne pego ya botshelo jwa gagwe e ne e kgatlhisa. Fa a le dingwaga di le 21, o ne a aloga kwa Yunibesithing ya Leiden ya kwa Holland. Morago ga foo, o ne a nna dingwaga di le thataro kwa Switzerland, a ithuta thutabodumedi a rutwa ke Théodore de Bèze, yo e neng e le motlhatlhami wa ga John Calvin yo e neng e le Modiradiphetogo wa Moporotesetanta. Ga go gakgamatse go bo Baporotesetanta ba kwa Amsterdam ba ile ba itumelela go tlhoma Arminius wa dingwaga tse 27 go nna mongwe wa baruti ba bone! Le fa go ntse jalo, dingwaga di sekae morago ga foo, maloko a le mantsi a kereke a ne a ikwatlhaela go mo tlhopha. Ka ntlha yang?

Kgang ya Taolelogale

Ka bonako fa Arminius a sena go nna moruti, go ne ga nna le kgogakgogano mo Baporotesetanteng ba kwa Amsterdam malebana le thuto ya taolelogale. Thuto eno e ne e le motheo wa thuto ya ga Calvin, mme maloko mangwe a kereke a ne a akanya gore Modimo yo o laoletseng gale gore batho bangwe ba bolokiwe mme ba bangwe ba otlhaiwe o ne a le setlhogo e bile a sa dire dilo ka tshiamo. Balatedi ba ga Calvin ba ne ba lebeletse gore Arminius yo e neng e le moithuti wa ga Bèze, a baakanye baganetsi bano. Le fa go ntse jalo, Arminius o ne a ema le baganetsi, e leng selo se se neng sa gakgamatsa balatedi ba ga Calvin. Ka 1593 kgotlhang eo e ne e setse e godile thata jaana mo e leng gore e ne ya kgaoganya Baporotesetanta ba motse ka ditlhopha tse pedi—ba ba neng ba tshegetsa thuto eo le ba ba neng ba e gana, balekanyetsi.

Mo dingwageng di sekae, kgotlhang ya lefelo leno e ne ya kekela ya baka kgaogano mo Baporotesetanteng ba naga eo yotlhe. Kgabagare, ka November 1618 go ne go fitlhile nako ya makgaolakgang. Balatedi ba ga Calvin ba ba neng ba engwe nokeng ke masole le setšhaba ka kakaretso, ba ne ba phuthela majelathoko ano (ba ka nako eo ba neng ba bidiwa Baganetsia) kwa lekgotleng la naga, la Sinoto ya Porotesetanta ya Dordrecht. Fa pokano eo e fela, baruti botlhe ba Baganetsi ba ne ba newa tlhopho eno: Go saena tumalano ya gore ba ka se tlhole ba rera, kana go tswa mo nageng. Bontsi bo ile jwa tlhopha go tswa mo nageng. Balatedi ba ga Calvin ba ba gagametseng ba ne ba tsena mo maemong a boruti a baruti ba Baganetsi ba a tlogetseng. Bo-Calvin bo ile jwa fenya—sinoto e ne e akanya jalo.

Tshimologo le go Gola ga Ba-Collegiant

Jaaka kwa mafelong a mangwe, phuthego ya Baganetsi ya mo motsaneng wa Warmond, gaufi le Leiden, e ne ya latlhegelwa ke moruti wa yone. Le fa go ntse jalo, go farologana le mafelo a mangwe, phuthego eno ga ya ka ya amogela moruti yo mosha yo o neng a tlhomilwe ke sinoto. Mo godimo ga moo, fa moruti mongwe wa Baganetsi a ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go boela kwa Warmond ka 1620 go ya go tlhokomela phuthego, maloko mangwe a phuthego a ne a mo gana le ene. Batho bano ba ne ba simolotse go itshwarela dikokoano tsa bone tsa bodumedi mo sephiring ba sa thusiwe ke moruti ope. Moragonyana dikokoano tseno di ne tsa bidiwa gore ke di-college mme ba ba nnang teng mo go tsone ba ne ba bidiwa Ba-Collegiant.

Le mororo Ba-Collegiant ba ile ba nna gone ka ntlha ya maemo e seng ka ntlha ya thuto nngwe ya motheo, boemo joo bo ne jwa fetoga ka bonako. Leloko lengwe la phuthego e bong Gijsbert van der Kodde o ne a gatelela gore fa setlhopha se kokoana go se na moruti yo o okametseng, se ne se tsamaisana thata le Baebele le tsela e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba dira dilo ka yone go na le kafa dikereke tse dikgolo di neng di dira dilo ka teng. O ne a bolela gore setlhopha sa baruti se ile sa tlhomiwa fa baaposetoloi ba sena go swa go dira gore batho ba ba sa batleng go ithuta mmereko ba nne le ditiro.

Ka 1621, Van der Kodde le maloko a mangwe a a akanyang jaaka ene ba ne ba fudusetsa dikokoano tsa bone kwa motsaneng o o gaufi wa Rijnsburg.b Dingwaga dingwe moragonyana, fa pogiso ya bodumedi e sena go fela mme batho ba tsaana sentle, go tuma ga dikokoano tsa Ba-Collegiant go ile ga anama mo nageng yotlhe mme ga ngoka “batho ba mefuta e e farologaneng” jaaka rahisitori Siegfried Zilverberg a tlhalosa. Go ne go na le Baganetsi, Ba-Menno, Ba-Socinian, tota le baithutabodumedi. Ba bangwe e ne e le balemi. Ba bangwe e ne e le baboki, bagatisi, dingaka le barekisi. Spinoza (Benedictus de Spinoza) yo e neng e le rafilosofi le Johann Amos Comenius (kana, Jan Komenský) yo e neng e le morutabana, mmogo le motaki yo o tumileng e bong Rembrandt van Rijn, ba ne ba inyalanya le mokgatlho ono. Megopolo e e farologaneng e batho bano ba ba ineetseng ba ileng ba tla ka yone e ne ya dira gore dithuto tsa Ba-Collegiant di aname.

Morago ga 1640 setlhopha seno se se nonofileng se ne sa gola ka bonako. Di-college di ne tsa anama ka bonako kwa Rotterdam, Amsterdam, Leeuwarden le metse e mengwe. Porofesa wa hisitori e bong Andrew C. Fix o bolela gore mo magareng a dingwaga tsa 1650 le 1700, “Ba-Collegiant . . . ba ile ba gola go nna sengwe sa ditlhopha tsa bodumedi se segolo go gaisa tsotlhe le se se nang le tlhotlheletso e kgolo mo Holland mo lekgolong la bosomesupa la dingwaga.”

Ditumelo Tsa Ba-Collegiant

E re ka botlhale, go amogelana le kgololesego ya go bua e ne e le dilo tse di tlhaolang mokgatlho wa Ba-Collegiant, Mo-Collegiant mongwe le mongwe o ne a gololesegile go nna le tumelo e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kopanngwa ke ditumelo dingwe tse di tshwanang. Ka sekai, Ba-Collegiant botlhe ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go ithuta Baebele ka namana. Mo-Collegiant mongwe o ne a kwala a bolela gore, leloko lengwe le lengwe le tshwanetse “go itlhotlhomisetsa ka boene mme a se ka a itse Modimo ka motho yo mongwe.” Ba ne ba dira jalo. Go ya ka rahisitori wa kereke wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Jacobus C. van Slee, Ba-Collegiant ba ne ba na le kitso e ntsi ya Baebele go feta ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tsa nako eo. Tota le baganetsi ba ne ba baka Ba-Collegiant ka ntlha ya bokgoni jwa bone jwa go dirisa Baebele ka botswerere.

Le fa go ntse jalo, fa Ba-Collegiant ba ntse ba tswelela ba ithuta Baebele, ba ne ba nna le ditumelo tse dintsi tse di farologanang le tsa dikereke tse dikgolo. Dibuka dingwe tse di kwadilweng go tloga ka lekgolo la bo17 la dingwaga go ya go la bo20 di tlhalosa dingwe tsa ditumelo tsa bone jaana:

Kereke ya Bogologolo. Adam Boreel yo e neng e le Mo-Collegiant e bile e le moithutabodumedi ka 1644 o ne a kwala a bolela gore fa kereke ya bogologolo e ne e nna le seabe mo dipolotiking ka nako ya ga Mmusimogolo Constantine, e ne ya roba kgolagano ya yone le Keresete mme ya latlhegelwa ke go tlhola e tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo. O ne a oketsa ka gore ka ntlha ya seo, dithuto tsa maaka di ile tsa oketsega tsa bo tsa tswelela go fitlha mo motlheng wa gagwe.

Phetogo e Kgolo. Phetogo e kgolo ya lekgolo la bo16 la dingwaga e e neng e eteletswe pele ke Luther, Calvin le ba bangwe ga ya ka ya lere diphetogo tse di kalo mo kerekeng. Go na le moo, go ya ka Mo-Collegiant yo o neng a eteletse pele e bile e le ngaka e bong Galenus Abrahamsz (1622-1706), Phetogo eno e kgolo e ne ya dira gore boemo jwa bodumedi bo nne maswe le go feta ka go dira gore go nne le dikomang le letlhoo. Phetogo ya mmatota e tshwanetse go fetola pelo, e leng selo se Phetogo e kgolo e paletsweng ke go se dira.

Kereke le Baruti. Dikereke tse dikgolo di senyegile, di dira dilo ka tsela ya selefatshe, e bile ga di laolwe ke Modimo. Le fa e le mang yo o tsayang bodumedi masisi o tla bo a dira sentle fa a ka tlogela kereke e a leng mo go yone gore a se ka a kopanela mo boleong jwa yone. Ba-Collegiant ba ne ba re, tiro ya boruti e thulana le Dikwalo e bile “e kotsi mo boitekanelong jwa semoya jwa phuthego ya Bokeresete.”

Bogosi le Paradaise. Mongwe wa ba ba neng ba tlhoma college ya kwa Amsterdam e bong Daniel de Breen (1594-1664), o ne a kwala a bolela gore Bogosi jwa ga Keresete e ne e se bogosi jwa semoya jo bo mo pelong ya motho. Morutisi Jacob Ostens, yo e neng e le Mo-Collegiant kwa Rotterdam o ne a re “ditlhogo tsa lotso di ne di lebeletse pele go bona ditsholofetso tsa mo lefatsheng.” Ba-Collegiant le bone ba ne ba lebeletse nako ya fa lefatshe le tla bo le fetotswe paradaise.

Tharonngwe. Ba-Collegiant bangwe ba ba neng ba eteletse pele, ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke ditumelo tsa Ba-Socinian, ba ne ba gana Tharonngwe.c Ka sekai, Daniel Zwicker (1621-78) o ne a kwala a bolela gore thuto epe fela e e sa utlwaleng, e e jaaka Tharonngwe, “e ka se kgonege e bile ke maaka.” Ka 1694 go ne ga gatisiwa thanolo nngwe ya Baebele e e ranotsweng ke Mo-Collegiant e bong Reijnier Rooleeuw. E ne e ranola karolo ya bofelo ya Johane 1:1 jaana: “Mme lefoko e ne e le modimo” go na le ka tsela e gantsi e ranolwang ka yone e e reng: “Mme lefoko ya bo e le Modimo.”d

Dikokoano Tsa Beke le Beke

Le mororo Ba-Collegiant ba ne ba sa dumalane botlhe mo dilong tse ba di dumelang, di-college tsa bone mo metseng e e farologaneng di ne di tsamaisiwa ka tsela e e tshwanang. Rahisitori Van Slee o bega gore fa mokgatlho wa Ba-Collegiant o simologa, dikokoano di ne di se nke di baakanyediwa go sa le gale. Ba-Collegiant ba ne ba akanya gore go ya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo malebana le botlhokwa jwa go ‘porofeta,’ banna botlhe ba ne ba ka ema college ka lefoko ka kgololesego. (1 Bakorintha 14:1, 3, 26) Ka ntlha ya seo, gantsi dikokoano tseo di ne di nna go fitlha bosigogare mme bangwe ba batho ba ba neng ba nna teng mo go tsone ba ne ba “robala boroko.”

Moragonyana, dikokoano tseo e ne ya nna tse di rulagantsweng sentle. Ba-Collegiant ba ne ba sa kopane gangwe fela ka Sontaga mme gape le maitseboa mo gare ga beke. Go dira gore sebui le phuthego ba kgone go baakanyetsa dikokoano tsotlhe tsa ngwaga oo go sa le gale, go ne ga dirwa thulaganyo ya lenaane la ditemana tsa Baebele tse di tla sekasekiwang le ditlhaka tsa ntlha tsa leina la sebui. Fa kokoano e sena go bulwa ka pina le thapelo, sebui se ne se tlhalosa ditemana tsa Baebele. Fa se feditse, se ne se kopa banna gore ba tlhalose kafa ba ikutlwang ka teng ka kgang e go sa tswang go tlotlwa ka yone. Morago ga foo sebui sa bobedi se ne se bontsha kafa tsone ditemana tseo di ka dirisiwang ka teng. Kokoano e ne e tswalwa ka pina le thapelo.

Ba-Collegiant ba kwa toropong ya Harlingen, mo porofenseng ya Friesland, ba ne ba na le tsela e e kgethegileng e ka yone ba neng ba dira gore dikokoano tsa bone di nne tse go bolokiwang thulaganyo mo go tsone. Sebui se se neng se bua go feta nako e se neng se e abetswe se ne se duedisiwa madinyana a a rileng.

Dikopano Tsa Naga Yotlhe

Gape Ba-Collegiant ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba nne le dikokoano tse dikgolwane. Ka jalo, go simologa ka 1640, Ba-Collegiant go ralala naga yotlhe ba ne ba tsaya loeto gabedi ka ngwaga (ka dikgakologo le ka selemo) go ya kwa Rijnsburg. Rahisitori e bong Fix o kwala a bolela gore dikokoano tseno di ne di dira gore ba kgone go “tlwaelana le megopolo, maikutlo, ditumelo le ditiro tsa bakaulengwe ba bone ba ba tswang mafelong a a kwa kgakala.”

Bangwe ba Ba-Collegiant ba ba neng ba etile ba ne ba hira dikamore mo banning ba motse fa ba bangwe bone ba ne ba nna mo Groote Huis, kana Ntlo e Kgolo, e e neng e na le dikamore di le 30 e e neng e le ya Ba-Collegiant. Dijo tsa batho botlhe tse di apeetsweng batho ba le 60 go ya go 70 di ne di abiwa gone moo. Morago ga dijo tsa motshegare, baeng ba ne ba tsamayatsamaya mo tshimong e kgolo ya ntlo e kgolo ba lebelela ‘ditiro tsa Modimo, ba tlotlela kwa tlase, kana ba tlhatlhanya.’

Le mororo e ne e se Ba-Collegiant botlhe ba ba neng ba akanya gore kolobetso e botlhokwa, ba le bantsi ba ne ba akanya jalo. Ka jalo, kolobetso e ne ya nna karolo ya konokono ya dikokoano tse dikgolo. Rahisitori e bong Van Slee a re tiragalo eno gantsi e ne e nna ka Matlhatso mo mosong. Morago ga pina le thapelo go ne go latela puo e e neng e bua ka botlhokwa jwa go inwa mo metsing. Morago ga foo sebui se ne se laletsa batho botlhe ba ba godileng ba ba batlang go kolobediwa gore ba dire boipolelo jwa tumelo, jo bo jaaka gore, “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo o o tshelang.” Fa puo e sena go konelwa ka thapelo, botlhe ba ba leng teng ba ne ba tsamaela kwa letamong la kolobetso mme ba bo ba lebelela banna le basadi ba khubama mo teng ga letamo, gore metsi a fitlhe mo magetleng a bone. Go tswa foo yo o ba kolobetsang o ne a kgarameletsa tlhogo ya modumedi yo mosha kwa pele a bo a e nwetsa mo metsing. Morago ga tiragalo eno, botlhe ba ne ba boela kwa ditulong tsa bone go reetsa puo e nngwe.

Ka Matlhatso thapama ka 5:00 p.m., go ne go simololwa kokoano e kgolo ka mmalo o mokhutshwane wa Baebele, pina le thapelo. Go tlhomamisa gore ka metlha go na le sebui, di-college tsa kwa Rotterdam, Leiden, Amsterdam le Holland Bokone, di ne di refosana go dira gore go nne le dibui mo kopanong nngwe le nngwe. Moso wa Sontaga o ne o beetswe go keteka Selalelo sa Morena. Morago ga puo, thapelo le pina, banna ba ne ba ja senkgwe le go nwa beine morago ga foo go latele basadi. Go ne ga nna le dipuo tse dintsi tse di neng di neelwa ka Sontaga maitseboa mme ka Mantaga mo mosong, mongwe le mongwe o ne a atamela go reetsa puo e e konelang. Van Slee o bolela gore bontsi jwa dipuo tse di neng di neelwa mo dikopanong tseno tse dikgolo, e ne e le tse di mosola, di gatelela thata go dira se se bolelwang go na le go tlhalosa thata.

Motse wa Rijnsburg o ne o itumelela go tshwarwa ga dikokoano tseno mo go one. Motho mongwe yo o neng a etse dilo tlhoko wa lekgolo la bo18 la dingwaga, o ne a kwala a bolela gore bontsi jwa baeng ba ba neng ba tla mo motseng, ba ba neng ba ja thata, ba ne ba tlisetsa motse madi a mantsi. Mo godimo ga moo, morago ga kopano nngwe le nngwe, Ba-Collegiant ba ne ba ntshetsa bahumanegi ba Rijnsburg moneelo wa madi a a rileng. Ga go na pelaelo gore motse o ne wa ikutlwa o latlhegetswe fa dikokoano tseo di ne di sa tlhole di tshwarwa ka 1787. Morago ga moo, mokgatlho ono wa Ba-Collegiant o ne wa nyelela. Ka ntlha yang?

Lebaka La go Bo ba Ile ba Nyelela

Kwa bofelong jwa lekgolo la bo17 la dingwaga, go ne ga tsoga kganetsano malebana le kgang ya go ntsha mabaka mo bodumeding. Ba-Collegiant bangwe ba ne ba akanya gore go ntsha mabaka ga batho go tshwanetse ga tsewa go le botlhokwa thata go feta tshenolo e e tswang go Modimo, mme ba bangwe bone ba ne ba sa dumalane le seo. Kgabagare, kganetsano eno e ne ya kgaoganya mokgatlho otlhe wa Ba-Collegiant. Ba-Collegiant ba ile ba boa ba nna seoposengwe gape morago ga babueledi ba bagolo ba matlhakore oomabedi ba setse ba tlhokafetse. Le fa go ntse jalo, rahisitori e bong Fix o bolela gore morago ga kgaogano eno mokgatlho ono “ga wa ka wa tlhola o tshwana le pele.”

Go amogelana go go neng ga gola mo dikerekeng tsa Porotesetanta tsa lekgolo la bo18 la dingwaga le gone go ile ga nna le seabe mo go direng gore Ba-Collegiant ba nyelele. Fa tsela ya motheo ya Ba-Collegiant ya go ntsha mabaka le ya go amogela batho ba bangwe e nna e amogelwa ke batho ka kakaretso, “se e kileng ya bo e le lesedinyana le le nosi la Bo-Collegiant se ne sa gola go nna mokgatlho o mosha wa Tshedifalelo.” Kwa bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, bontsi jwa Ba-Collegiant ba ne ba gapilwe ke Ba-Menno le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi.

E re ka Ba-Collegiant ba ne ba sa ikaelela go utlwana ka mogopolo mo mokgatlhong wa bone, go ne ga nna le megopolo e mentsintsi fela jaaka Ba-Collegiant le bone ba ne ba le bantsi. Ba ne ba lemoga seno mme ka jalo ba ne ba sa iphake gore ba “tshwaragane . . . mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya,” jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa Bakeresete gore ba nne jalo. (1 Bakorintha 1:10) Le fa go ntse jalo, Ba-Collegiant ba ne ba lebeletse pele nako e ka yone ditumelo tsa motheo tsa Bokeresete tse di jaaka go utlwana mo mogopolong o le mongwe di tla bong di direga.

Fa re akanya gore ka nako eo kitso ya boammaaruri e ne e ise e aname thata mo metlheng ya Ba-Collegiant, re ka bona gore go na le sekao se ditumelo tse dintsi di ka se elang tlhoko gompieno. (Bapisa Daniele 12:4.) Go gatelela ga bone botlhokwa jwa go ithuta Baebele go ne go dumalana le kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Tlhomamisang dilo tsotlhe.” (1 Bathesalonika 5:21) Go ithuta Baebele ka namana go ile ga ruta Jacobus Arminius le ba bangwe gore dithuto le mekgwa ya bodumedi e e leng kgale e le teng ga ya theiwa mo Baebeleng gotlhelele. Fa ba sena go lemoga seno, ba ne ba nna pelokgale go farologana le madumedi a magolo. A le wena o ka bo o dirile se se tshwanang?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka 1610 majelathoko a ne a romelela babusi ba Ba-Dutch lokwalo lwa kganetsano lwa semolao (lokwalo lo lo tlhalosang mabaka a go bo ba ganetsa). Morago ga kgato eo ba ne ba bidiwa Baganetsi.

b Ka ntlha ya lefelo leno, Ba-Collegiant ba ile ba bidiwa gape go twe ke Ba-Rijnsburg.

c Bona Tsogang!, ya November 22, 1988, tsebe 19, (ka Seesemane) “Ba-Socinian—Ke Eng Fa ba Ne Ba Gana Tharonngwe?”

d Het Nieuwe Testament van onze Heer Jezus Christus, uit het Grieksch vertaald door Reijnier Rooleeuw, M.D. (Tesetamente e Ntšha ya Morena wa Rona Jesu Keresete, e e ranotsweng go tswa mo Segerikeng ke Reijnier Rooleeuw, M.D.)

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Rembrandt van Rijn

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Motse wa Warmond o Ba-Collegiant ba ileng ba simologa kwa go one la ntlha, le Noka ya De Vliet e go neng go kolobediwa mo go yone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

Background: Courtesy of the American Bible Society Library, New York

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela