LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/1 ts. 22-23
  • Bethele—Motse wa Molemo le Bosula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bethele—Motse wa Molemo le Bosula
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bethele e Nna Lefelo la Botlhanogi
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Anaanela “Ntlo ya Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/1 ts. 22-23

Bethele—Motse wa Molemo le Bosula

METSE mengwe e itsiwe kana e tumile ka dilo tse di diragalang mo go yone. Le fa go ntse jalo, Bethele e farologane ka gonne yone e ne ya itsege ka molemo le ka bosula. Tlhogo ya lotso e bong Jakobe o ne a naya motse oo leina la Bethele, ke gore “Ntlo ya Modimo.” Mme dingwaga di le sekete morago ga moo, moporofeti Hosea o ne a raya motse oo a re ke “Ntlo ya Khutsafalo.” Go tlile jang gore motse ono o nne bosula o ne o ntse o le molemo? Mme re ka ithuta eng go tswa mo hisitoring ya one?

Go amanngwa ga Bethele le batho ba Modimo go ne ga simologa ka 1943 B.C.E. fa Aborahame a ne a sa ntse a tshela. Ka nako eo, motse oo o ne o itsiwe e le Luse, e leng leina la one la ntlha la Sekanana. O ne o le mo lefelong le le dithota le le dikilometara di ka nna 17 kwa bokone jwa Jerusalema. Akanya o bona Aborahame le setlogolo sa gagwe Lote ba lebile kwa tlase kwa dipoeng tse di nonneng tsa Mokgatsha o o kwa tlase wa Joredane, ba eme mo karolong e e kwa godimo ya dithaba tse di gaufi le Bethele. Ka botlhale, Aborahame o lemotsha Lote bothata jo ba tlileng go nna le jone ka mafelo a go fudisa matsomane a bone a magolo ka go re: “Ke a go rapela, a go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le ba gago, gonne re bana ba monna a le mongwe fela. A lefatshe lotlhe ga le fa pele ga gago? Ke a go rapela, o kgaogane le nna. E tlaa re fa o ya ka fa letsogong la molema, nna ke ye ka fa go le legolo; gongwe fa o ya ka fa letsogong le legolo, nna ke ye ka fa go la molema.”—Genesise 13:3-11.

Aborahame ga a ka a gagamalela gore ke ene a nang le tshwanelo ya go tlhopha pele. Go na le moo, o ne a letla lekawana leno go tlhopha karolo e e nonneng. Re ka etsa boikutlo jono jo bo molemo jwa ga Aborahame. Re ka kokobetsa dikgotlhang ka go tsaya kgato ya go bua re ritibetse maikutlo e bile re se bogagapa.—Baroma 12:18.

Dingwaga moragonyana fa setlogolwana sa ga Aborahame e bong Jakobe a ne a tlhomile mogope kwa Luse, o ne a lora toro e e sa tlwaelegang. O ne a bona “sepalamo fa fatshe, setlhoa sa sone se fitlha kwa legodimong; mme bonang; ga bo go tlhatloga go bo go fologa baengele ba Modimo ka sone. Mme bonang, Jehofa a bo a eme fa godimo ga sone.” (Genesise 28:11-19; bapisa Johane 1:51.) Toro eno e ne e bolela sengwe se se botlhokwa. Baengele ba Jakobe a ba boneng ba ne ba tla mo thusa go diragatsa tsholofetso e Modimo a e mo solofeditseng malebang le losika lwa gagwe. Go nna ga ga Jehofa mo maemong a a goletsegileng a le kwa godimo ga sepalamo go ne go bontsha gore o ne a tla kaela baengele mo tirong eno.

Go tlhomamisediwa jalo gore o tla engwa nokeng ke Modimo go ne ga tlhotlheletsa Jakobe thata. Fa a thanya mo torong eno, o ne a bitsa lefelo leo a re ke Bethele, mo go rayang “Ntlo ya Modimo,” a bo a ikanela Jehofa a re: “Mo go tsotlhe tse o tlaa di nnayang, ruri ke tlaa go naya sa bosome.”a (Genesise 28:20-22) Ka go lemoga gore sengwe le sengwe se a neng a na le sone se ne se tswa kwa Modimong, o ne a tlhotlheletsega gore le ene a ntshe sengwe ka bopelotshweu e le sesupo sa go leboga.

Bakeresete le bone gompieno ba thusiwa ke baengele. (Pesalema 91:11; Bahebera 1:14) Le bone ba ka supa gore ba anaanela masego otlhe a bone ka go “huma dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.”—2 Bakorintha 9:11, 12.

Moragonyana, ditlogolwana tsa ga Jakobe di ne tsa nna setšhaba. Moeteledipele wa bone Joshua o ne a fenya kgosi ya moheitane ya kwa Bethele pelenyana fela ga gore ba fenye Kanana. (Jošua 12:16) Ka nako ya Baatlhodi, moperofeti wa mosadi e bong Debora o ne a nna gaufi le Bethele mme o ne a anela batho lefoko la ga Jehofa. Samuele le ene o ne a aga a etela Bethele fa a ne a le moatlhodi wa setšhaba sa Iseraele.—Baatlhodi 4:4, 5; 1 Samuele 7:15, 16.

Bethele e Nna Lefelo la Botlhanogi

Mme le fa go ntse jalo, go amanngwa ga Bethele le kobamelo e e itshekileng go ne ga khutla morago ga go kgaoganngwa ga Bogosi ka 997 B.C.E. Kgosi Jeroboame o ne a tlhoma Bethele go nna lefelo la kobamelo ya namane, namane e go neng go twe e emela Jehofa. (1 Dikgosi 12:25-29) Ke ka lebaka leo fa Hosea a ne a perofesa ka go senngwa ga Bethele a neng a re ke “Bethafene,” ke gore “Ntlo ya Khutsafalo.”—Hosea 10:5, 8.

Le fa gone Bethele e ne ya nna lefelo la khutsafalo ya semoya, dilo tse di diragetseng mo go yone di ne tsa tswelela go ruta batho dithuto tsa botlhokwa. (Baroma 15:4) Nngwe ya dithuto tseno ke e e mabapi le moporofeti mongwe yo o sa bolelwang ka leina yo o neng a romelwa kwa Bethele a tswa kwa Juda gore a bolelele pele go senngwa ga dialetare tsa yone le baperesiti ba yone. Jehofa gape o ne a mmolelela gore a boele kwa Juda—dikilometara di le mmalwa fela ntlheng ya borwa—a sa je le fa e le go nwa teng. Moporofeti yono o ne a bolelela Jeroboame kgosi ya Iseraele boporofeti jono ka bopelokgale, a hutsa aletara ya Bethele. Mme jaanong o ne a se ka a ikobela Modimo ka go ja kwa ntlong ya moporofeti mongwe yo o tsofetseng kwa Bethele. Ka ntlha yang? Moperofeti yono yo o tsofetseng o ne a bua maaka a re moengele wa ga Jehofa o ne a mo laetse gore a laletse moporofetikaene go nna moeng wa gagwe. Go tlhoka kutlo ga moporofeti wa kwa Juda go ne ga dira gore a swe pele ga nako.—1 Dikgosi 13:1-25.

Fa modumedikarona a re akantsha go dira sengwe se se belaetsang, re tshwanetse go itshwara jang? Gakologelwa gore le e leng kgakololo e e neelwang ka maikaelelo a a molemo e ka nna kotsi fa e le phoso. (Bapisa Mathaio 16:21-23.) Ka go batla kaelo mo go Jehofa ka thapelo le ka go ithuta Lefoko la gagwe, re tla tila diphoso tse di masisi tsa moporofeti yono yo o sa bolelwang ka leina.—Diane 19:21; 1 Johane 4:1.

Dingwaga di ka nna 150 moragonyana, moporofeti Amose le ene o ne a tsaya loeto go ya kwa bokone a ya go porofeta ka se se neng se tla diragalela Bethele. Amose o ne a kgala bareetsi ba gagwe ba ba bosula ka bopelokgale, go akaretsa le moporofeti Amasia, yo ka boikgogomoso a neng a bolelela Amose gore a ‘tsamaye a tshabele kwa lefatsheng la Juta.’ Mme le fa go ntse jalo, Amose o ne a bolelela Amasia ka bopelokgale masetlapelo a a neng a tla wela bantlo ya moperesiti yono. (Amose 5:4-6; 7:10-17) Sekao sa gagwe se re gakolola gore Jehofa a ka dira gore badiredi ba gagwe ba ba boikokobetso ba nne pelokgale.—1 Bakorintha 1:26, 27.

Kgabagare Kgosi Josia wa Juda yo o ikanyegang, o ne a diga ‘sebeso se se mo Bethele, a fisa felo fa go tlotlometseng, a go thuga, ga nna leupa fela, a ba a fisa Modimako.’ (2 Dikgosi 23:15, 16) Bagolwane gompieno ba ka latela sekao sa gagwe se se molemo ka go latela ka tlhoafalo ditaelo tsa Modimo le ka go etelela pele mo go bolokeng phuthego e le phepa.

Ditiragalo tseno tsa hisitori ya kwa Bethele, di supa sentle matswela a go nna tshiamo le go nna bosula, a go utlwa Jehofa le go se mo utlwe. Dingwaga pelenyana ga moo, Moshe o ne a beela setšhaba sa Iseraele tlhopho eno: “Ke beile fa pele ga gago gompieno botshelo le molemo, le loso le bosula.” (Duteronome 30:15, 16) Go tlhatlhanya ka hisitori ya Bethele go tla re thusa go ikamanya le “Ntlo ya Modimo,” lefelo la kobamelo ya boammaaruri, e seng “Ntlo ya Khutsafalo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka bobedi Jakobe le Aborahame, ba ne ba ntsha sa bosome ka go ithaopa.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Matlotla a Bethele, koo Jeroboame a neng a tlhoma lefelo la kobamelo ya namane gone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela