Ke Mang yo o Tla Falolang “Letsatsi la ga Jehofa”?
“Ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo bolokile gaufi mo mogopolong go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!”—2 PETERE 3:11, 12.
1. Ke bomang ba ba neng ba dira ka moya le ka maatla a ga Elija?
JEHOFA MODIMO o tlhophile mo bathong bao ba tla nnang baruaboswa mmogo le Morwawe, Jesu Keresete, mo Bogosing jwa legodimo. (Baroma 8:16, 17) Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sa ntse ba le mo lefatsheng, ba ne ba dira ka moya le ka maatla a ga Elija. (Luke 1:17) Mo setlhogong se se fetileng, re lemogile dilo dingwe tse di tshwanang mo ditirong tsa bone le tsa ga moporofeti Elija. Mme go tweng ka tiro ya motlhatlhami wa ga Elija, moporofeti Elisha?—1 Dikgosi 19:15, 16.
2. (a) Kgakgamatso ya bofelo ya ga Elija ke efe, mme e le ya ga Elisha ya ntlha? (b) Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Elija ga a ka a ya kwa legodimong?
2 Kgakgamatso ya bofelo e e neng ya dirwa ke Elija e ne e le ya go kgaoganya metsi a Noka ya Joredane ka go a itaya ka seaparo sa gagwe sa bodiredi. Seno se ne sa thusa Elija le Elisha gore ba tshele mo mmung o o omileng. Fa ba ntse ba tsamaya kafa ntlheng ya botlhabatsatsi jwa noka eno, sefefo se ne sa tsaya Elija sa mo isa kwa lefelong le lengwe la lefatshe. (Bona lebokose le le mo tsebeng ya 15 le le reng “Elija O ne A Tlhatlogela Kwa Magodimong Afe?”) Go ne ga sala seaparo sa ga Elija sa bodiredi. Fa Elisha a se dirisa go itaya Joredane, metsi a yone a ne a kgaogana gape, a dira gore a kgone go boa a tsamaya mo mmung o o omileng. Kgakgamatso eno e ne e bontsha sentle gore Elisha o ne a setse a le motlhatlhami wa ga Elija gore a tsweledise kobamelo ya boammaaruri mo Iseraele.—2 Dikgosi 2:6-15.
Dinonofo Tsa Bomodimo di a Tlhokega
3. Ke eng se Paulo le Petere ba neng ba se bua ka go nna gone ga ga Jesu le ka “letsatsi la ga Jehofa”?
3 Makgolokgolo a dingwaga morago ga metlha ya ga Elija le Elisha, moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere ba ne ba amanya “letsatsi la ga Jehofa” le le tlang le go nna gone ga ga Jesu Keresete le “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di neng di sa ntse di tla tla. (2 Bathesalonika 2:1, 2; 2 Petere 3:10-13) Gore re falole letsatsi le legolo la ga Jehofa—fa Modimo a senya baba ba gagwe a bo a boloka batho ba gagwe—re tshwanetse go batla Jehofa re bo re bontshe bopelonomi le tshiamo. (Sefania 2:1-3) Mme dinonofo tse dingwe tse di oketsegileng di a bonala fa re ntse re sekaseka ditiragalo tse di amanang le moporofeti Elisha.
4. Ke eng se tlhoafalo e se fitlhelelang mo tirelong ya ga Jehofa?
4 Go tlhoafala mo tirelong ya Modimo go botlhokwa fa re batla go falola “letsatsi la ga Jehofa.” Elija le Elisha ba ne ba tlhoafetse mo tirelong ya ga Jehofa. Ka tlhoafalo e e tshwanang, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno ba direla Jehofa tirelo e e boitshepo e bile ba eteletse pele mo go rereng dikgang tse di molemo.a Fa e sa le mo bogareng jwa bo1930, ba ntse ba kgothatsa botlhe ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi e bile ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng gore ba ineele mo go Jehofa mme ba kolobediwe. (Mareko 8:34; 1 Petere 3:21) Dimilionemilione tsa batho di ile tsa arabela sentle fa di kgothadiwa jalo. Ba kile ba bo ba le mo lefifing la semoya e bile ba swetse mo boleong, mme jaanong ba ithutile boammaaruri jwa Modimo, ba amogetse tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, mme ba tlhoafetse mo tirelong ya ga Jehofa. (Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3-5) Ka tlhoafalo ya bone, tirisanommogo ya bone, go amogela baeng ga bone le ka ditiro tse dingwe tse di molemo, ba lapolosa thata bomorwarraagwe Keresete ba semoya ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng.—Mathaio 25:31-46.
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata go direla ‘bomorwarraagwe’ Jesu dilo tse di molemo, mme re na le sekao sefe sa motlha wa ga Elisha?
5 Batho ba ba direlang ‘bomorwarraagwe’ Jesu dilo tse di molemo ka gonne batlodiwa bano e le balatedi ba gagwe, ba na le tsholofelo ya go falola “letsatsi la ga Jehofa.” Banyalani bangwe kwa motsaneng wa Shuneme ba ne ba segofalediwa bopelonomi jwa bone le go amogela Elisha le motlhanka wa gagwe sentle. Banyalani bano ba ne ba sena morwa, e bile monna o ne a tsofetse. Mme Elisha o ne a solofetsa mosadi wa Moshuneme gore o tla tshola morwa, mme seno se ne sa diragala. Fa morwa yono yo o esi a ne a tlhokafala dingwaga moragonyana, Elisha o ne a ya kwa Shuneme mme a mo tsosa mo losong. (2 Dikgosi 4:8-17, 32-37) A bo e le dituelo tse di molemo jang ne tsa go amogela Elisha sentle!
6, 7. Naamane o ne a tlhoma sekao sefe, mme seno se ama jang go falola “letsatsi la ga Jehofa”?
6 Go tlhokega boikokobetso gore re amogele kaelo e e theilweng mo Baebeleng e e tswang mo go ‘bomorwarraagwe’ Keresete gore re nne le tsholofelo ya go falola letsatsi la ga Jehofa. Naamane, molepero wa molaodi wa ntwa wa Siria o ne a tshwanela gore a bontshe boikokobetso ka go latela kakantsho ya mosetsanyana wa Moiseraele yo o neng a le kwa botshwarong mme a bone kalafi ka go ya kwa Iseraele gore a bone Elisha. Mo boemong jwa gore Elisha a tswe mo ntlong ya gagwe a kopane le Naamane, o ne a mo romelela molaetsa ono: “O tlhape gasupa mo Joretane, mme nama ya gago e tlaa ba e boela mo go wena, o tlaa ntlafala.” (2 Dikgosi 5:10) Boikgodiso jwa ga Naamane bo ne jwa gakala, mme o ne a galefa, mme morago ga gore a tsamaye ka boikokobetso a ya go ikina mo nokeng ya Joredane ga supa, “nama ya gagwe ya bowa, ya tshwana le nama ya ngwanyana fela, a ntlafetse.” (2 Dikgosi 5:14) Pele a boela kwa gae, Naamane o ne a tsaya loeto go boela gape kwa Samaria go ya go leboga moporofeti wa ga Jehofa. E re ka Elisha a ne a ikemiseditse gore a ka se dire dipoelo tsa dilo tse di bonalang ka maatla a a tswang kwa Modimong, o ne a tswa a kopana le Naamane mme a se ka a amogela dimpho dipe. Naamane o ne a bolelela Elisha jaana ka boikokobetso: “Motlhanka wa gago ga a ketla a tlhola a isetsa medimo epe e sele tshupelo e e fisiwang le fa e le tlhabelo, fa e se Jehofa fela.”—2 Dikgosi 5:17.
7 Ka go latela kgakololo ya Dikwalo ya batlodiwa, dimilione tsa batho di segofadiwa thata gompieno. Mo godimo ga moo, ka go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu, batho bano ba ba dipelo di ikanyegang ba phepafaditswe mo semoyeng. Jaanong ba itumelela tshiamelo ya go nna ditsala tsa ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Pesalema 15:1, 2; Luke 16:9) Mme go ineela ga bone mo Modimong le mo tirelong ya gagwe go tla duelwa ka gore ba bolokwe ka nako ya tshenyego e e sa khutleng e e tla tlogang e wela baleofi ba ba ikgogomosang, ba ba sa ikotlhayeng mo ‘letsatsing la ga Jehofa’ le le tlang ka bonako.—Luke 13:24; 1 Johane 1:7.
“Mang yo o Ntlheng ya Me? E Mang?”
8. (a) Batho ba ba tla falolang “letsatsi la ga Jehofa” ba ikutlwa jang malebana le go dira thato ya Modimo? (b) Jehu o ne a neelwa thomo efe? (c) Ke eng se se neng se tla diragalela Jesebele?
8 Batho ba ba solofetseng go falola “letsatsi la ga Jehofa” gape ba tshwanetse ba ikemisetsa go dira thato ya Modimo. Elija o ne a boleletse pele ka bopelokgale ka go senngwa ga lelapa la ga Kgosi Ahabe la babolai, le le obamelang Baale. (1 Dikgosi 21:17-26) Le fa go ntse jalo, pele ba ka bolawa, motlhatlhami wa ga Elija e bong Elisha o ne a tshwanetse go wetsa tiro nngwe e e neng e sa fela. (1 Dikgosi 19:15-17) Fa nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng e fitlha, Elisha o ne a laela motlhanka gore a ye go tlotsa moeteledipele wa masole Jehu gore e nne kgosi e ntšha ya Iseraele. Fa morongwa a sena go tshela lookwane mo tlhogong ya ga Jehu, o ne a mmolelela jaana: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke go tloditse, gore o nne kgosi ya batho ba ga Jehofa, e bong ya Baiseraele. O kgemethe ba ntlo ya ga Ahabe mong wa gago, gore ke tle ke lefetse madi a baperofeti batlhanka ba me, le madi a batlhanka botlhe ba ga Jehofa, a a tsholotsweng ke Jesebele. Gonne ba ntlo ya ga Ahabe ba tlaa nyelela botlhe fela.’” Mohumagadi yo o boikepo Jesebele o ne a tla latlhelelwa dintša mme a bo a sa fitlhwe ka tsela e e tlotlegang.—2 Dikgosi 9:1-10.
9, 10. Lefoko la ga Elija le ne la diragadiwa jang mo kgannyeng ya ga Jesebele?
9 Banna ba ga Jehu ba ne ba lemoga go tlodiwa ga gagwe mme ba mmolela e le kgosi e ntšha ya Iseraele. Ka gore Jehu a ikemisetse, o ne a sianela kwa Jesereele gore a simolole tiro ya gagwe ya go bolaya baeteledipele ba setlhopha sa batenegi sa kobamelo ya ga Baale. Motho wa ntlha go utlwa lerumo la ga Jehu e ne e le morwa Ahabe, e bong Kgosi Jorame. O ne a tswa mo motseng go ya go botsa gore a Jehu o mo tirong nngwe ya go dira kagiso. Jehu o ne a araba jaana: “Kagiso yang, ka maakafalo a ga mmaago Jesebele a sa ntse a le kanakana, le maloi a gagwe?” Fa a rialo lerumo la ga Jehu le ne la tlhaba pelo ya ga Jorame.—2 Dikgosi 9:22-24.
10 Basadi ba ba ratang Modimo ba tila go nna jaaka Jesebele kana go nna le mokgwa mongwe wa gagwe. (Tshenolo 2:18-23) Ka nako ya fa Jehu a goroga kwa Jesereele, o ne a lekile go itira montle. Fa a leba ka fensetere, o ne a mo dumedisa ka tsela ya go mo tshosetsa. O ne a botsa batlhanka ba gagwe jaana: “Mang yo o ntlheng ya me? E mang?” Ka bonako, baopafadiwa ba le babedi kana ba le bararo ba ne ba mo okomela. A ba ne ba le mo letlhakoreng la ga Jehu? O ne a rotloetsa jaana: “Mo latlheleng fa fatshe.” Fa a rialo, ba ne ba ikemiseditse, ba latlhela Jesebele yo o bosula kwa ntle ka fensetere. O ne a gatakwa, go bonala a ne a gatakwa ke ditlhako tsa dipitse. Fa batho ba re ba tla go mo fitlha, “ba se ka ba fitlhela sepe fa e se logata fela, le dinao, le diatla tsa gagwe.” A bo e ne e le go diragadiwa ga lefoko leno la ga Elija ka tsela e e tshwanetseng jang ne: “Dintša di tlaa [ja] nama ya ga Jesebele”!—2 Dikgosi 9:30-37.
Go Tshegetsa Kobamelo ya Boammaaruri go Tswa mo Pelong
11. Jehonadabe e ne e le mang, mme o ne a bontsha jang gore o tshegetsa kobamelo ya boammaaruri?
11 Batho ba ba solofetseng go falola “letsatsi la ga Jehofa” le go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng ba tshwanetse go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri ka pelo yotlhe. Ba tshwanetse go tshwana le Jehonadabe, kana Jonadabe, moobamedi wa ga Jehofa yo o neng e se Moiseraele. Fa Jehu a ntse a diragatsa thomo ya gagwe ka tlhoafalo, Jehonadabe o ne a batla go bontsha gore o dumalana le seo le go se tshegetsa. Ka jalo o ne a ya go kopana le kgosi e ntšha ya Iseraele, e e neng e ya kwa Samaria go ya go bolaya ba ba neng ba setse mo lelapeng la ga Ahabe. Fa Jehu a bona Jehonadabe, o ne a botsa jaana: “A pelo ya gago e siame jaaka pelo ya me e ntse le pelo ya gago?” Karabo e e dumalanang ya ga Jehonadabe e ne ya tlhotlheletsa Jehu gore a otlolole letsogo la gagwe mme a laletse Jehonadabe gore a tsene mo kareng ya gagwe ya ntwa, a re: “Ya le nna o bone tlhoafalo ya me ka ga Jehofa.” Kwantle ga tiego, Jehonadabe o ne a amogela tshiamelo ya go bontsha gore o tshegetsa modiragatsakatlholo yo o tloditsweng wa ga Jehofa.—2 Dikgosi 10:15-17.
12. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Jehofa a batle boineelo jo bo feletseng?
12 Go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri go tswa pelong eleruri go a tshwanela, ka gonne Jehofa ke Mmopi le Molaodi wa Lobopo, yo o batlang ka tshwanelo gore re ineele mo go ene ka mo go feletseng e bile a tshwanelwa ke boineelo joo. O ne a laela Baiseraele jaana: “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa.” (Ekesodo 20:4, 5) Batho ba ba solofetseng go falola “letsatsi la ga Jehofa” ba tshwanetse go obamela ene fela, ba dira jalo ka “moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:23, 24) Ba tshwanetse go nitama mo kobamelong ya boammaaruri, jaaka Elija, Elisha le Jehonadabe.
13. Fela jaaka fa pelo ya ga Jehonadabe e ne e na le Jesu, ke bomang ba ba lemogang Kgosi ya Bomesia, mme ba bontsha seo jang?
13 Morago ga go bolawa ga ba lelapa la ga Ahabe, Kgosi Jehu o ne a tsaya dikgato tse dingwe tsa go senola baobamedi ba ga Baale le go nyeletsa bodumedi jono jwa maaka kwa Iseraele. (2 Dikgosi 10:18-28) Gompieno, Kgosi ya legodimo Jesu Keresete o tlhomilwe gore a atlhole baba ba ga Jehofa le go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe. Jaaka pelo ya ga Jehonadabe e ne e ntse ka Jehu, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” jwa ga Jesu gompieno bo lemoga ka pelo yotlhe gore Keresete ke Kgosi ya Bomesia mme bo dirisana mmogo le bomorwarraagwe ba semoya ba ba mo lefatsheng. (Tshenolo 7:9, 10; Johane 10:16) Bo supela seno ka go dirisa bodumedi jwa boammaaruri le go nna le seabe ka tlhoafalo mo bodireding jwa Bokeresete, bo tlhagisa baba ba Modimo ka “letsatsi la ga Jehofa” le le ntseng le atamela ka bonako.—Mathaio 10:32, 33; Baroma 10:9, 10.
Ditiragalo Tse di Gakgamatsang Di sa Ntse di Tla!
14. Bodumedi jwa maaka bo emetswe ke eng kwa pele?
14 Jehu o ne a tsaya kgato gore a fedise kobamelo ya ga Baale kwa Iseraele. Mo motlheng wa rona, ka Jehu yo Mogolwane, Jesu Keresete, Modimo o tla senya Babelona yo Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Go ise go ye kae re tla bona go diragadiwa mafoko a moengele a neng a a bolelela moaposetoloi Johane jaana: “Dinaka tse di lesome tse o di boneng, le phologolo ya naga, tseno di tla tlhoa seaka [Babelona yo Mogolo] mme di tla se senyetsa ruri di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo mo go feletseng. Gonne Modimo o tsentse go diragatsa kakanyo ya one mo dipelong tsa tsone, le eleng go diragatsa kakanyo ya tsone e le nngwe ka go naya phologolo ya naga bogosi jwa tsone, go fitlha mafoko a Modimo a tla bo a diragaditswe.” (Tshenolo 17:16, 17; 18:2-5) “Dinaka tse di lesome” di tshwantshetsa mebuso ya bopolotiki ya sesole e e busang mo lefatsheng. Le mororo jaanong ba na le botsalano jwa semoya jwa boaka le Babelona yo Mogolo, nako ya gagwe e khutshwane. Bopolotiki jwa lefatshe leno bo tla senya bodumedi jwa maaka, mme “phologolo ya naga”—lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—e tla nna le seabe se segolo e na le “dinaka tse di lesome” fa di mo senya gotlhelele.b A bo e tla nna sebaka sa go galaletsa Jehofa jang ne!—Tshenolo 19:1-6.
15. Ke eng se se tla diragalang fa go lekwa go senngwa phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng?
15 Fa Kgosi Jehu a sena go tlhasela kobamelo ya ga Baale, ba ntlo ya gagwe ya segosi ba ne ba tlhasela baba ba Iseraele ba bopolotiki. Kgosi Jesu Keresete o tla tsaya kgato e e tshwanang. Mebuso ya bopolotiki e tla sala morago ga go senngwa ga bodumedi jwa maaka jo bo tshwanang le jwa ga Baale. Ka tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo, batho bano ba ba sa rateng bolaodi jwa ga Jehofa ba tla leka thata go tlhasela phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng gore ba e senye. (Esekiele 38:14-16) Mme Jehofa o tla dira gore Kgosi Jesu Keresete e ba tlhasele ka go ba senya kwa Haramagedona, “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe,” fa a wetsa go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa.—Tshenolo 16:14, 16; 19:11-21; Esekiele 38:18-23.
Go Direla ka Tlhoafalo e e Tshwanang Le ya Ga Elisha
16, 17. (a) Re itse jang gore Elisha o ne a tlhoafetse go ya bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se dira ka metswi ya boammaaruri?
16 Go fitlhela “letsatsi la ga Jehofa” le fedisa tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo ya ga Satane, batlhanka ba Modimo ba tla bo ba le pelokgale e bile ba tlhoafetse jaaka Elisha. Kwantle ga tiro ya gagwe e le motlhanka wa ga Elija, Elisha o ne a direla a le nosi jaaka moporofeti wa ga Jehofa ka dingwaga tse di fetang 50! Mme Elisha o ne a tlhoafetse go ya bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jo botelele. Pelenyana fela ga loso lwa gagwe, o ne a etelwa ke setlogolwana sa ga Jehu, Kgosi Joashe. Elisha o ne a mmolelela gore a hule motswi ka fensetere. Motswi o ne wa wela mo lefelong la one ka lobelo lo logolo, mme Elisha a bolela jaana: “Motswi wa ga Jehofa wa phenyo, e bong motswi o o fenyang Basiria; gonne o tlaa kgemetha Basiria mo Afeke, go tsamaya o ba nyeletsa.” Elisha gape o kopa Joashe gore a tlhabe lefatshe ka metswi ya gagwe mme a dira jalo. Mme o ne a dira seno a sa tlhoafala, mme a itaya ka makgetlho a le mararo fela. Morago ga moo Elisha o ne a bolela gore, ka ntlha ya seo, Joashe o ne a tla newa go fenya Siria gararo fela, mme seo ke sone se se neng sa diragala. (2 Dikgosi 13:14-19, 25) Kgosi Joashe o ne a se ka a tlhasela Basiria ka botlalo, “go tsamaya o ba nyeletsa.”
17 Le fa go le jalo, ka tlhoafalo e e tshwanang le ya ga Elisha, masalela a batlodiwa a tswelela pele go lwantsha kobamelo ya maaka. Ditsala tsa bone tse di solofetseng go tshela mo lefatsheng di dira se se tshwanang. Mo godimo ga moo, botlhe ba ba solofetseng go falola “letsatsi la ga Jehofa” ba dira sentle go gakologelwa mafoko a ga Elisha a a tlhoafetseng a go itaya lefatshe. A re tseyeng metswi ya boammaaruri mme re tlhasele ka yone ka tlhoafalo—gangwe le gape—ee, go fitlhela Jehofa a re tiro ya rona ka metswi eno e setse e weditswe.
18. Re tshwanetse go arabela jang mo mafokong a 2 Petere 3:11, 12?
18 “Letsatsi la ga Jehofa” le tla tloga le fedisa tsamaiso ya dilo e e boikepo ya gompieno. Ka gone e kete re ka tlhotlhelediwa ke mafoko a ga moaposetoloi Petere a a kgothatsang. Petere o ne a bolela jaana: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo bolokile gaufi mo mogopolong go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!” (2 Petere 3:11, 12) Fa karolo nngwe le nngwe ya tsamaiso eno e nyerologa ka molelo wa bogale jwa Modimo ka Jesu Keresete, ke fela bao ba nang le pego ya boitshwaro jo bo thokgameng le ba ba nang le boineelo jwa bomodimo ba tla falolang. Go tlhokega bophepa mo boitsholong le mo semoyeng. Mme gape go tlhokega gore re rate bathokarona, mo go bontshiwang ka go arabela mo dilong tse ba di tlhokang, segolobogolo ka tsela ya semoya ka bodiredi jwa rona jwa Bokeresete.
19. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re falole “letsatsi la ga Jehofa”?
19 A mafoko le ditiro tsa gago di go tlhaola o le motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang le yo o tlhoafetseng? Fa go le jalo, o ka nna le tsholofelo ya go falola “letsatsi la ga Jehofa” gore o tsene mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng ke Modimo. Ee, o ka falola fa o direla bomorwarraagwe Keresete ba semoya se se molemo ka gonne e le balatedi ba gagwe, jaaka banyalani ba Bashuneme ba ne ba amogela Elisha sentle. Gape gore o falole o tshwanetse go nna jaaka Naamane, yo o neng a amogela taelo ya bomodimo ka boikokobetso mme a nna moobamedi wa ga Jehofa. Fa e le gore o eletsa go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, o tshwanetse go bontsha gore o tshegetsa kobamelo ya boammaaruri go tswa mo pelong, jaaka Jehonadabe a ne a dira. Ka go dira jalo o tla nna mongwe wa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ba ba tla tlogang ba bona tiragatso ya mafoko ano a ga Jesu: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga kwa go thaiweng ga lefatshe.”—Mathaio 25:34.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona dikgaolo 18 le 19 tsa buka ya “Let Your Name Be Sanctified,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona ditsebe 254-6 tsa Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke dinonofo dingwe dife tse di tlhokegang gore re falole “letsatsi la ga Jehofa”?
◻ Ke sekao sefe se se neng sa tlhomiwa ke banyalani bangwe ba Bashuneme mo motlheng wa ga Elisha?
◻ Ke thuto efe e re ka e ithutang mo go Naamane?
◻ Re ka latela sekao sa ga Jehonadabe jang?
◻ Lokwalo lwa 2 Petere 3:11, 12 lo tshwanetse go re ama jang?