Se Ditshedi Tse di Nang le “Botlhale Jwa Tlholego” Di ka Se re Rutang
SEFETLHAMOWA, sefokotsabotsididi, go ntsha letswai mo metsing le sedirisiwa sa go batla dilo kafa tlase ga metsi, ke dilo tse di tlhamilweng tse di setseng di itsiwe thata ke batho mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Lefa go ntse jalo, di ne di ntse di dirwa ke diphologolo ka dikete tsa dingwaga pele ga moo. Ee, batho ba solegelwa molemo ka go ithuta ditshedi tse di ntseng jalo tse di nang le “botlhale jwa tlholego.” (Diane 30:24-28, bapisa NW; Jobe 12:7-9.) Go lebega diphologolo dingwe di ne tsa ruta batho dilo dingwe e tswa di sa kgone go bua, mme re ka kgatlhegela thata go ithuta mekgwa ya tsone.
A re ka solegelwa molemo ke go sekaseka mekgwa ya diphologolo dingwe? Ebu, Jesu Keresete o ne a tshwantsha balatedi ba gagwe le dinku, dinoga, maphoi tota le tsie. O ne a akantse ka eng fa a ne a tshwantsha balatedi ba gagwe le ditshedi tseno? A re boneng.
“Dinku Tsa me di Utlwa Lentswe la Me”
Dinku di umakiwa mo Baebeleng ka makgetlho a a fetang 200. Fela jaaka Smith’s Bible Dictionary e tlhalosa, “nku e tshwantshetsa bopelonomi, bopelotelele le boikobo.” Mo go Isaia kgaolo 53, go porofetilwe ka Jesu a tshwantshiwa le nku. A bo go tshwanela jang ne gore a bapise balatedi ba gagwe le phologolo eo! Mme tota Jesu o ne a akantse ka mekgwa efe ya nku?
Jesu o ne a bolela jaana: “Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago.” (Johane 10:27) Ka go dira jalo o ne a tlhomolola gore barutwa ba gagwe ba pelonomi le kafa ba neng ba tlhagafaletse go mo latela ka teng. Dinku tsa mmatota di reetsa modisa wa tsone mme di rata go mo sala morago. Modisa le ene o rata letsomane fela thata.
Letsomane le ka nna la gasama kwa mafulong fa le ntse le fula, mme nku nngwe le nngwe e nna e ntse e ikopanya le letsomane lotlhe. Ka gone, fa diphologolo tseno di ikutlwa di sa babalesega kana di boifa, “di itlhaganelela go kgobokana mmogo,” go bolela jalo buka ya Alles für das Schaf (Sengwe le Sengwe se se Direlwang Dinku). Fa dinku di tshaba kotsi nngwe, di dira jalo e le letsomane, di e tla di ema go tlhatlhoba seemo gape. “Fa di tshaba di e tla di ema, di thusa dikonyana le dinku tse di bokoa gore di se ka tsa salela thata kwa morago. Tota letsomane le di sireletsa ka tsela e e kgethegileng.” Ke eng se re ka se ithutang mo tseleng eno e di itshwarang ka yone?
Bakeresete ba boammaaruri gompieno ga ba a anama le ditumelo le makoko a Labokeresete. Go na le moo, ba kgobokane e le letsomane le le lengwe fela. Mokeresete mongwe le mongwe o ikutlwa a rata letsomane leno la Modimo, mme seno se dira gore go nne le kutlwano mo mokgatlhong wa Basupi ba ga Jehofa. Fa go tsoga mathata mangwe—e ka tswa e le bolwetse jo bo masisi, ntwa, kana kotsi ya masetlapelo a tlholego—moobamedi mongwe le mongwe o ya kae go batla kaelo le tshireletso? Mo mokgatlhong wa ga Jehofa, o o re nayang pabalesego ya semoya.
Kgakololo ya Baebele e neelwa ka tsela efe? Ka dikgatiso tse di jaaka makasine wa Tora ya Tebelo le mopati wa one wa Tsogang! Dimakasine tseno le dipokano tsa Bokeresete e bile di thusa batho ba ba tlhokang go tlhokomelwa thata ka tsela e e kgethegileng, fela jaaka dikonyana le dinku tse di bokoa mo letsomaneng. Ka sekai, go tlhokomelwa thata batsadi ba ba se nang balekane le ba ba tshwenyegang thata mo maikutlong. Ka gone, a bo go tshwanela jang ne gore re bale makasine mongwe le mongwe, re nne gone kwa pokanong nngwe le nngwe ya phuthego le go dirisa se re se ithutang! Ka go dira jalo re bontsha bopelonomi le go rata letsomane la Modimo thata.—1 Petere 5:2.
“Botlhale Jaaka Dinoga, le Bori Jaaka Maphoi”
Smith’s Bible Dictionary e bolela jaana: “Kwa dinageng tsa Botlhaba noga e ne e tshwantshetsa molaomotheo o o bosula, wa moya wa go tlhoka kutlo.” Mo letlhakoreng le lengwe, mafoko a a reng “lephoi la me” e ne e le a go bontsha lorato. (Sefela sa Difela 5:2, NW) Ka gone Jesu o ne a akantse eng fa a ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba nne “botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi”?—Mathaio 10:16.
Jesu o ne a ntsha ditaelo tsa go rera le go ruta. Barutwa ba gagwe ba ne ba ka lebelela maemo otlhe. Batho ba sekae ba ne ba tla kgatlhegela mafoko a a molemo, fa ba bangwe ba ne ba tla gana. Ba bangwe ba ne ba tla bogisa batlhanka bano ba Modimo ba boammaaruri. (Mathaio 10:17-23) Barutwa ba ne ba tshwanetse go itshwara jang fa ba ne ba bogisiwa?
Mo go Das Evangelium des Matthäus (Efangele ya ga Mathaio), Fritz Rienecker o bolela jaana malebana le Mathaio 10:16: “Botlhale . . . bo tshwanetse jwa kopanngwa le bothokgami, bopeloephepa le botlhokamatsoketsane, gore go se ka ga diragala sengwe se se ka dirang gore baba ba nne le mabaka a a utlwalang a go ngongorega. Baemedi ba ga Jesu ba fa gare ga baganetsi ba ba setlhogo, ba ba sa akanyetseng baaposetoloi mme ba ba tlhasela ka tsela e e setlhogo le ka nako nngwe le nngwe. Ka gone, go botlhokwa—fela jaaka noga—gore ba nne ba disitse baganetsi, le go sekaseka seemo ba butse matlho le go nna podimatseba; ba kgona go laola seemo ba sa dirise boferefere kana go tsietsa, ba nna phepa le boammaaruri ka lefoko le ka ditiro mme ka go dira jalo ba itshupa ba tshwana le maphoi.”
Batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba ka ithuta eng mo mafokong a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:16? Gompieno, batho fa ba utlwa mafoko a a molemo ba itshwara fela jaaka ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba dira. Fa Bakeresete ba boammaaruri ba lebane le pogiso, ba tlhoka gore ba kopanye botlhale jwa noga le bophepa jwa lephoi. Bakeresete ga ba ke ba dirisa go tsietsa kana go sa ikanyege mme ga ba a leswefala, ba boammaaruri, e bile ba bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi ka boikanyegi.
Fa re tshwantsha: Badirimmogo kwa tirong, basha kwa sekolong, kana tota le ba lelapa la gaeno ba ka nna ba akgela ka tsela e e utlwisang botlhoko ka dilo tse o di dumelang jaaka Mosupi wa ga Jehofa. Kgato ya ntlha e ka nna go batla go itshwara ka tsela e e tshwanang ka gore le wena o sotle tumelo ya bone. A mme seo ga se na molato? Tota nnyaa. Fa o ka bontsha batho ba ba go tshwayang phoso gore dikakgelo tsa bone ga di ame boitshwaro jwa gago jo bontle ka gope, ba ka nna ba fetola dikakgelo tsa bone. Ka go dira jalo o tla bo o le botlhale e bile o se na molato—‘o le botlhale jaaka noga, e bile o se na molato jaaka lephoi.’
‘Tsie Ya bo E Tshwana le Dipitse Tse di Baakanyeditsweng Ntwa’
Makasine wa GEO o bega gore ka 1784, Afrika Borwa e ne e tlhasetswe ke “lesogodi le legolo [la tsie] go feta le le kileng la begwa mo hisitoring.” Lesogodi leno le ne la apesa karolo ya disekwerekilometara di le 5 200, e leng karolo e e ka lekanang le ya Hong Kong ka makgetlho a le matlhano. Smith’s Bible Dictionary e bolela gore tsie e “senya thata dimela tsa dinaga tse e yang mo go tsone.”
Fa Jesu a ne a dirisa tsela e a e filweng ke Modimo ya go senola dilo tse di neng di tla diragala ka “letsatsi la Morena,” o ne a dirisa ponatshegelo ya lesogodi la tsie. Go ne ga bolelwa jaana ka tsone: “Tsie ya bo e tshwana [le] dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa.” (Tshenolo 1:1, 10; 9:3-7) Setshwantsho seno se ne se bolela eng?
Fa e sale Basupi ba ga Jehofa ba tlhaloganya gore tsie e go bolelwang ka yone mo go Tshenolo kgaolo 9 e tshwantshetsa batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng mo lekgolong leno la dingwaga.a Bakeresete bano ba neetswe tiro nngwe e e rileng—ya go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Seno se tlhoka gore ba fenye dikgoreletsi le go nnela ruri mo tirong ya bone. Ke eng se se neng se ka tshwantshetsa tiro eno fa e se tsie e e sa boifeng sepe?
Lefa gone tsie e feta boleele jwa disentimetara di le tlhano go sekae fela, gantsi e tsamaya dikilometara tse di fa gare ga 100 le 200 ka letsatsi. Tsie e e falalang yone e ka nna ya feta sekgala seno ya tsamaya dikilometara di le 1 000. Makasine wa GEO o tlhalosa gore “diphuka tsa yone di foka ga 18 ka motsotswana o le mongwe fela mme e di fokisa jalo ka diura di ka nna 17 ka letsatsi—e leng selo se tshenekegi epe e sele e ka se kang ya kgona go se dira.” A bo e le tiro e kgolo jang ne e e dirwang ke sebopiwa se sennye jaana!
Basupi ba ga Jehofa jaaka setlhopha, ba tshwere ka thata mo go anamiseng mafoko a a molemo a Bogosi. Gone jaanong ba rera mo dinageng tse di fetang 230. Batlhanka bano ba Modimo ba fenya mathata a le mantsi e le gore ba nne le seabe mo go direng tiro eno. Ba kopana le mathata a mofuta ofe? Go tlhoiwa, go thibelwa kafa molaong, bolwetse, go kgobega marapo le go ganediwa ke ba losika, fa re umaka fela a sekae. Mme ga go na sepe se se kgonneng go emisa kgatelopele ya bone. Ba ngaparetse tiro ya bone e ba e neilweng ke Modimo.
Tswelelang Pele lo Bontsha Dinonofo Tsa Bokeresete
Ee, Jesu o ne a tshwantsha balatedi ba gagwe le dinku, dinoga, maphoi le tsie. Tota seno se a tshwanela mo motlheng wa rona. Ka ntlha yang? Ka gonne bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi, mme mathata a gatelela thata go feta pele.
Fa Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba akantse ka setshwantsho sa ga Jesu, ba ngaparela thata letsomane la Modimo mme ba bo ba amogela kgakololo e e tswang mo mokgatlhong wa ga Jehofa ka bopelonomi. Ba nna ba disitse e bile ba butse matlho go bona maemo a a ka kgoreletsang ditiro tsa bone tsa Bokeresete, fa ba ntse ba itshupa ba se na molato mo dilong tsotlhe. Gape, ba nnela ruri mo go direng thato ya Modimo lefa ba lebane le dikgoreletsi. Mme ba tswelela pele ba ithuta mo ditsheding tseno tse di nang le “botlhale jwa tlholego.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., kgaolo 22.