LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 12/1 ts. 8
  • “Dira Tiro ya Moefangele”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dira Tiro ya Moefangele”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Dira Tiro ya Moefangele”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Bakeresete Botlhe ba Boammaaruri E Tshwanetse ya Nna Baefangele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ke Bomang Bao ba Leng Baefangele ba Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 12/1 ts. 8

Pego Ya Baboledi Ba Bogosi

“Dira Tiro ya Moefangele”

GO NNA moefangele go raya eng? Lefoko leno ke thanolo ya lefoko la Segerika eu·ag·ge·li·stesʹ, le le amanang thata le lefoko eu·ag·geʹli·on, le le rayang “mafoko a a molemo.” Ka lebaka leo, moefangele ke moreri, kgotsa morongwa, wa mafoko a a molemo.

Bakeresete botlhe ba boammaaruri ke baefangele ka gore ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Moaposetoloi Paulo ka tshwanelo o ne a gakolola Timotheo gore a “dire tiro ya moefangele.” (NW) Timotheo o ne a tshwanetse gore a tseye tiro eno masisi. Paulo o ne a mo kopa gore a “nne tekano mo dilong tsotlhe” le gore a ‘swetse tirelo ya gagwe.’—2 Timotheo 4:5.

E re ka le rona re le baefangele re tsaya bodiredi jwa rona masisi e bile re ‘nna tekano,’ kgotsa re nna tlhaga gore re abalane mafoko a a molemo le ba bangwe ka sebaka sengwe le sengwe se se re bulegelang. Ka jalo batho ba bantsi ba ile ba tla go itse Jehofa le dilo tse a di solofetsang fa ba sena go neelwa bosupi ke Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Seno ke se se diragaletseng Seymore, monna mongwe wa kwa Barbados.

Seymore e ne e le morutabana mo sekolong sa puso. Charles, yo e neng e le morutabana wa nakwana kwa sekolong sone seo, e bile e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, e ne e le moefangele yo o tlhaga. E ne e le modiredi wa nako e e tletseng, kgotsa mmulatsela, mme o ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe se se neng se mmulegela gore a abalane mafoko a a molemo le ba bangwe. Seymore o ne a utlwa molaetsa wa Bogosi la ntlha fa Charles a ne a fa bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.

Ka bonakonyana Seymore le ene o ne a ititeile sehuba go abalana boammaaruri jwa Baebele le batho ba le bantsi ka mo a neng a ka kgona ka teng. Ka jalo o ne a simolola go bua le batho ka tsela e e seng ya ka tlwaelo kwa lefelong le a dirang kwa go lone, segolobogolo barutwana ba gagwe. Lefa gone bodumedi bo sa rutiwe mo dikolong tsa puso mo dinageng tse dingwe, monna yono o ne a abetswe gore a rute mekgwa e mentle ya bodumedi le ya boitsholo. Mme jaanong tsela e Seymore a neng a leba dilo tseno ka yone pele e fetotswe ke kitso ya Baebele e a neng a sa tswa go nna le yone. E ne e re ka nako ya boikhutso, a bo a bua le barutwana ba gagwe ka tsholofetso ya Modimo ya lefatshe je lesha le ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.

Bana ba ne ba arabela ka tsela e e ntseng jang? Ba le bantsi ba ne ba supa gore tota ba kgatlhegela mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa. Fa nako e ntse e ya, Seymore o ne a simolola go tshwara dithuto tsa Baebele le barutwana ba gagwe ba le 13. Ba ne ba kgatlhega thata mo e leng gore ba ne ba rulaganya gore ba ithute Baebele gabedi ka beke. Kwa bofelong, bontsi jwa bone ba ne ba simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la bone. Go tla go fitlha gompieno, ba le robongwe mo go bone ke Basupi ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Seymore ene jaanong o fitlhelela bodiredi jwa gagwe ka go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha le mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Barbados.

Seno ke sekai se le sengwe fela se se supang gore Basupi ba ga Jehofa ba ‘dira tiro ya baefangele’ mo lefatsheng lotlhe ka go nna le seabe mo go neeleng bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Ba latela kgakololo ya Baebele e e fitlhelwang mo go Bakolosa 4:5, 6, e e reng: “Ba ba kwa ntle lo ba tsamaele ka botlhale, lo ntse lo swela lobaka molemo. A puo ya lona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai, gore lo tle lo itse ka fa lo tshwanetseng go fetola mongwe le mongwe ka teng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela