Go Fela ga Kilo mo Lefatsheng Lotlhe
DINGWAGA di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng, setlhopha sengwe se se tseelwang kwa tlase se ne se ilwa tota. Tertullian o tlhalosa kafa Bakeresete ba bogologolo ba neng ba lejwa ka gone ke bontsi jwa Baroma: “Fa magodimo a sa tlise pula, fa go na le thoromo ya lefatshe, fa go na le leuba kana leroborobo, gone fela foo go tla bo go goiwa go twe, ‘A Bakeresete ba isiwe kwa ditaung!’”
Lefa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ilwa, ba ne ba gana thaelo ya gore ba ipusolosetse fa ba siamololelwa. Jesu Keresete o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe e e itsegeng ya mo Thabeng: “Lo utlwile fa go tulwe: ‘Rata wa gaeno, mme o ile mmaba wa gago.’ Mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang.”—Mathaio 5:43, 44.
Ngwao ya Bajuta ke yone e ne e ruta gore ‘go ila mmaba’ e ne e le go dira selo se se siameng. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse go rata mmaba wa rona, e seng tsala ya rona fela. Go dira jalo go bokete mme ga se gore go ka se ka ga kgonega. Go rata mmaba ga go kaye go rata mekgwa ya gagwe yotlhe kana ditiro tsa gagwe. Lefoko la Segerika le le fitlhelwang mo pegong ya ga Mathaio le tswa mo go a·gaʹpe, le le tlhalosang lorato lo lo dirang go dumalana le melaometheo. Motho yo o bontshang a·gaʹpe, lorato lwa melaometheo, o direla molemo le ene mmaba yo o mo ilang e bile a mo tshwara setlhogo. Ka ntlha yang? Ka gonne ke yone tsela ya go etsa Keresete, e bile ke yone tsela ya go fenya kilo. Mokanoki mongwe wa Segerika o ne a akgela jaana: “[A·gaʹpe] e dira gore re kgone go fenya mekgwa ya rona ya tlholego ya go nna bogale le go tenega.” A mme seno se tla dira mo lefatsheng la gompieno le le tletseng kilo?
Gone ke boammaaruri, ga se botlhe ba ba ipitsang Bakeresete ba ba ititeileng sehuba gore ba tla latela sekao sa ga Keresete. Bosetlhogo jo bo dirilweng kwa Rwanda bosheng jaana bo dirilwe ke ditlhopha tsa merafe tse maloko a tsone a le mantsi a ipolelang gore ke Bakeresete. Pilar Díez Espelosín, moitlami mongwe wa Roma Katoliki yo o berekileng ka dingwaga di le 20 kwa Rwanda, o ne a bolela ka tiragalo nngwe e e nang le bokao jo bogolo. Monna mongwe o ne a atamela kereke ya gagwe a tshotse tšhaka e go neng go bonala sentle gore o ne a ntse a e dirisa. Moitlami yono o ne a mmotsa a re: “Tota o dira eng o tsamaya mo o bolaya batho? A ga o akanye ka Keresete?” Monna yono o ne a bolela gore o akanya ka ene mme a tsena mo kerekeng, a khubama, a ba a bua thapelo ya Rosari ka tlhogo ka tlhagafalo. Mme fa a fetsa o ne a tswa gape a ya go tswelela pele a bolaya. “Seo se bontsha gore ga re rute efangele sentle,” moitlami yono o ne a rialo. Lefa go ntse jalo, go palelwa jalo ga go reye gore molaetsa wa ga Jesu o a tlhaela. Tota kilo e ka fenngwa ke batho ba ba tshelang ka tsela ya Bokeresete jwa boammaaruri.
Go Fenya Kilo mo Kampeng ya Pogisetso
Max Liebster ke Mojuta tota yo o falotseng Polao ya Kgailo. Le mororo sefane sa gagwe se kaya “moratwa,” o idilwe ka selekanyo se segolo tota. O tlhalosa gore o ne a ithuta eng kwa Jeremane wa Bo-Nazi ka ga lorato le kilo.
“Ke goletse gaufi le Mannheim, kwa Jeremane, ka dingwaga tsa bo1930. Hitler o ne a bolela gore Bajuta botlhe e ne e le batho ba ba ipatlelang khumo fela mme ba dirisa batho ba Jeremane gore ba e bone. Mme boammaaruri ke gore ntate e ne e le motho fela yo o dirang ditlhako. Lefa go ntse jalo, ka go tlhotlhelediwa ke tshedimosetso e e senyang ya Bo-Nazi, baagisani ba ne ba simolola go re tlhanogela. Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, mongwe mo motseng o ne a ntladika ka madi a kolobe mo phatleng. Tlhapatso eno e e masisi e ne e le maoko fela a dilo tse di neng di santse di tla diragala. Ka 1939, Ba-Gestapo ba ne ba ntshwara mme ba gapa dilwana tsa me tsotlhe.
“Go tloga ka January 1940 go fitlha ka May 1945, ke ne ka sotlega mo dikampeng tsa pogisetso di le tlhano tse di farologaneng: Sachsenhausen, Neuengamme, Auschwitz, Buna, le Buchenwald. Ntate, yo le ene a neng a rometswe kwa Sachsenhausen, o ne a swa ka nako ya mariga a a maswe a 1940. Ke ne ka tshola setopo sa gagwe nna ka namana ka se isa kwa ditopo di fisediwang teng, mme ka fitlhela mokoa wa ditopo tse di neng di emetse go fisiwa koo. Maloko a lelapa la gaetsho a a swetseng kwa dikampeng a robedi fa a kopana otlhe.
“Mo magolegweng, bo-kapos ke bone ba neng ba ilwa thata go feta batlhokomedi ba SS. Bo-kapos e ne e le magolegwa a a neng a dirisana le Ba-SS ka jalo a direlwa melemo mengwe. Ba ne ba tlhomiwa gore ba tlhokomele go abiwa ga dijo, gape e ne e le bone ba kgwathisang magolegwa a mangwe. Go le gantsi ba ne ba sa dire ka tekatekano e bile ba dira ka fa bone ba batlang ka teng. Ke tshwanetse ka bo ke ne ke na le mabaka a mantsi thata a gore ke ile Ba-SS mmogo le bo-kapos, mme ka nako ya fa ke ne ke ntse ke le mo kgolegelong, ke ne ka ithuta gore lorato lo maatla go feta kilo.
“Nonofo ya bagolegwa ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa e ne ya mpontsha tota gore tumelo ya bone e ne e theilwe mo Dikwalong—mme le nna ke ne ka nna Mosupi. Ernst Wauer, Mosupi yo ke kopaneng le ene kwa kampeng ya pogisetso ya Neuengamme, o ne a nkgothaletsa gore ke leke go nna le boikutlo jwa ga Keresete. Baebele e bolela gore ‘e rile a kgojwa, a se ka a kgoba. E rile a boga botlhoko, a se ka a bopa, mme a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo.’ (1 Petere 2:23) Ke ne ka leka go dira fela jalo, ke tlogela pusoloso mo diatleng tsa Modimo, yo e leng Moatlhodi wa botlhe.
“Dingwaga tse ke di ntseng kwa dikampeng di ne tsa nthuta gore gantsi batho ba dira dilo tse di bosula ka ntlha ya go tlhoka kitso. Le bone batlhokomedi ba SS ba ne ba se bosula botlhe—mongwe wa bone o ile a boloka botshelo jwa me. Ke kile ka tlhaselwa ke bolwetsi jwa letshololo mo go masisi ka ba ka nna bokoa thata go ka itsamaisa go tswa kwa ke berekang teng go ya kwa kampeng. Ke ka bo ke ile ka romelwa kwa diphaposing tse batho ba hupediwang ka gase kwa go tsone kwa Auschwitz moso o o latelang, mme motlhokomedi mongwe wa SS, yo o neng a tswa kwa karolong e le nna ke neng ke tswa kwa go yone ya Jeremane, o ne a nnamola. O ne a mpatlela tiro mo borekisetsong jwa Ba-SS, koo ke neng ka kgona go ikhutsa go fitlha ke fola. Letsatsi lengwe o ne a mpolelela jaana: ‘Max, ke ikutlwa e kete ke mo tereneng e e tsamayang ka lobelo lo logolo e bile e sa laolege. Fa nka photsha mo go yone, ke tla ruthagana ke swe. Fa nka nna mo go yone, ke tla swela mo go yone fa e thula!’
“Batho bano ba ne ba tlhoka go ratiwa fela jaaka nna. E bile tota, lorato le bopelotlhomogi, mmogo le go ikanya Modimo ga me, ke tsone di nthusitseng gore ke kgone go itshokela maemo a a bosula a koo le go tshosediwa letsatsi le letsatsi gore ke tla bolawa. Nka se ka ka re ke falotse fela kwantle ga lebadi, mme gone ke amegile go sekae fela mo maikutlong.”
Tsela e Max a santseng a le lorato le pelontle ka yone dingwaga di le 50 moragonyana e bontsha sentle gore mafoko a gagwe a boammaaruri. Kgang ya ga Max ga se yone fela ya mofuta oo. O ne a na le lebaka le le utlwalang la gore a fenye kilo—o ne a batla go etsa Keresete. Ba bangwe ba ba neng ba kaela matshelo a bone ka Dikwalo ba ile ba itshwara ka tsela e e tshwanang. Simone, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa Fora, o tlhalosa kafa a ileng a ithuta ka gone gore tota lorato lo lo senang bopelotshetlha lo kaya eng.
“Mmè, e bong Emma, yo o nnileng Mosupi nako e khutshwane fela pele ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, o ne a nthuta gore gantsi batho ba dira dilo tse di bosula ka ntlha ya go tlhoka kitso. O ne a tlhalosa gore fa le rona re ba ila, ga re Bakeresete ba boammaaruri, ka gonne Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse ra rata baba ba rona le go rapelela ba ba re bogisang.—Mathaio 5:44.
“Ke gakologelwa seemo se se bokete thata se se neng sa leka tumelo eno. Ka nako ya fa Ba-Nazi ba ne ba gapile Fora, Mmè o ne a tshedisiwa bokete ke moagisani mongwe mo kagong e re neng re nna mo go yone. Moagisani yono o ne a begela Ma-Gestapo kaga Mmè, mme seo sa felela ka gore mmè a nne dingwaga di le pedi mo dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane, koo a neng a batla a swa. Morago ga ntwa, mapodise a Fora a ne a batla gore Mmè a saene pampiri e e neng e tla latofatsa mosadi yono gore o dirisana le Bajeremane. Lefa go ntse jalo, mmè o ne a gana, a bolela gore ‘Modimo ke Moatlhodi le Moduedi wa molemo le bosula.’ Dingwaga di sekae moragonyana, ene moagisani yono o ne a lwala a tshwarwa ke kankere e e bolayang. Go na le gore mmè a itumelele mathata a a tlhagetseng moagisani, o ne a senya diura di le dintsi a leka go dira gore mosadi yono a itumele kafa go ka kgonegang ka gone mo dikgweding tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe. Ga nkitla ke lebala kafa lorato lo neng lwa fenya kilo ka teng mo kgannyeng eno.”
Dikai tse pedi tseno di re bontsha kafa lorato lwa melaometheo lo leng maatla ka teng le fa go na le tshiamololo. Lefa go ntse jalo, Baebele ka boyone e bolela gore go na le “motlha wa go rata, le motlha wa go ila.” (Moreri 3:1, 8) Seo se ka direga jang?
Motlha wa go Ila
Modimo ga o kgale kilo yotlhe. Baebele e bolela jaana kaga Jesu Keresete: “O ratile tshiamo mme wa ila boikepo.” (Bahebere 1:9) Lefa go ntse jalo, go na le pharologanyo fa gare ga go ila phoso le go ila motho yo o dirang phoso eo.
Jesu o ne a tlhoma sekao malebana le kafa lorato le kilo di tshwanetseng tsa lekalekanngwa ka gone. O ne a ila boitimokanyi, mme o ne a leka go thusa baitimokanyi gore ba fetole tsela ya bone ya go akanya. (Mathaio 23:27, 28; Luke 7:36-50) O ne a kgala thubakanyo, mme lefa go ntse jalo o ne a rapelela batho ba ba neng ba mmolaya. (Mathaio 26:52; Luke 23:34) Le gone le mororo lefatshe le ne le mo ila kwantle ga lebaka, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore lefatshe lotlhe le bone botshelo. (Johane 6:33, 51; 15:18, 25) O ne a re tlogelela sekao se se molemolemo sa lorato lo lo yang ka melaometheo le kilo ya bomodimo.
Tshiamololo e ka re gakatsa e le kafa tshwanelong fela jaaka e ne ya gakatsa Jesu. (Luke 19:45, 46) Lefa go ntse jalo, Bakeresete ga ba na thata ya gore ba ka ipusolosetsa ka bobone. “Se dueleng bosula jwa ga ope ka bosula,” Paulo o ne a gakolola jalo Bakeresete ba kwa Roma. “Lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona. Baratwa, se ipusolosetseng . . . Lo se ka lwa fenngwa ke bosula, mme fenyang bosula ka molemo.” (Baroma 12:17-21) Lorato lo a fenya fa rona ka namana re gana go nna ka kilo kana go ipusolosetsa phoso nngwe.
Lefatshe le le Senang Kilo
Gore kilo e fele mo lefatsheng lotlhe, maikutlo a a nweleletseng a batho ba le dimilionemilione a tshwanetse go fetoga. Seno se ka fitlhelelwa jang? Porofesa Ervin Staub o akantsha jaana: “Re tlontlolola batho ba re ba utlwisang botlhoko mme re tlotlomatsa ba re ba thusang. Fa re ntse re tlotla batho ba re ba thusang go feta pele e bile re bona kgotsofalo e e bakwang ke go thusa, re simolola go ipona re le batho ba ba amegang thata e bile ba le thuso. Mongwe wa mekgele ya rona e tshwanetse ya nna go bopa ditšhaba tse mo go tsone bontsi jo bo ka kgonegang jwa batho bo nnang le seabe mo go direleng ba bangwe dilo.”—The Roots of Evil.
Ka mafoko a mangwe, gore kilo e fele go batla gore go bopiwe setšhaba se mo go sone batho ba ithutang go bontsha lorato ka go thusana, setšhaba se mo go sone batho ba lebalang gotlhelele ka kilo e e bakwang ke letlhoo, bosetšhaba, bosetso, le bomorafe. A se teng setšhaba se se ntseng jalo? Akanya ka boitemogelo jwa monna yo o neng a ilwa ka namana kwa China ka nako ya Phetogo e Kgolo ya Setso.
“Fa Phetogo e Kgolo ya Setso e ne e simologa, re ne ra rutiwa gore go ne go sena sebaka sa go ineela mo ‘kgaratlhong ya go fedisa ditlhopha tsa bahumi le bahumanegi.’ Go ilana go ne go atile. Ke ne ka nna leloko la Ma-Red Guard mme ka simolola go batla gongwe le gongwe ke batla ‘baba ba ntwa ya go fedisa ditlhopha’—tota le mo malokong a lelapa la gaetsho. Lefa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome fela ka nako eo, ke ne ka nna le seabe mo go phuruputsheng matlo, re batla bosupi jwa gore ‘batho ba ganetsa diphetogo.’ Gape ke ne ka tshwara phuthego e e neng e kgala ‘motho yo o sa batleng diphetogo.’ Gone ke boammaaruri, ditatofatso tseno ka dinako tse dingwe di ne di dirwa ka ntlha ya letlhoo fela la motho ka namana e seng ka mabaka a bopolotiki.
“Ke ne ka bona batho ba le bantsi—bana le bagolo, banna le basadi—ba kgwathisiwa ka tsela e e neng e ntse e nna setlhogo le go feta fa nako e ntse e ya. Mongwe wa barutabana ba me—monna yo o siameng—o ne a gwantisiwa mo mebileng jaaka e kete ke senokwane. Dikgwedi di le pedi moragonyana morutabana yo mongwe yo o neng a tlotliwa thata mo sekolong sa rona o ne a fitlhelwa a sule mo Nokeng ya Suzhou, mme morutabana yo o neng a nthuta Seesemane o ne a patelediwa gore a ikaletse. Ke ne ke gamaregile e bile ke jele kgakge. Batho ba e ne e le batho ba ba pelonomi. Go ne go le phoso go ba tshwara jaana! Ka jalo ke ne ka ikgaoganya gotlhelele le Ma-Red Guard.
“Ga ke dumele gore motlha ono wa kilano o o neng wa anama mo China ka lobakanyana ke one fela wa mofuta ono. Mo lekgolong leno la dingwaga go nnile le dikilano tse dintsi tota. Lefa go ntse jalo, ke dumela gore lorato lo ka fenya kilo. Ke sengwe se ke se iponetseng ka matlho. Fa ke ne ke simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka kgatlhiwa ke lorato lwa mmatota lo ba neng ba lo bontsha batho ba mebala e e farologaneng le ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng. Ke lebile pele kwa nakong e, fela jaaka Baebele e solofetsa, batho botlhe ba tla bong ba ithutile go ratana.”
Ee, mokgatlho wa ditšhabatšhaba wa Basupi ba ga Jehofa, ba e leng batho ba ditšhabatšhaba, ba supa tota gore kilo e ka fedisiwa. Go sa kgathalesege gore ba goletse kae, Basupi ba leka thata go fedisa letlhoo ba le emisetsa ka go tlotlana gape ba leka go fedisa mekgwa epe e e saletseng ya bomorafe, go tlhaolana ka mmala, kana bosetšhaba. Sengwe se se bakang gore ba atlege jaana ke gonne ba ititeile sehuba gore ba etse Jesu Keresete ka go bontsha lorato lo lo kaelwang ke melaometheo. Lebaka le lengwe ke gore ba solofela mo Bogosing jwa Modimo gore bo fedise tshiamololo epe e ba ka tswang ba e direlwa.
Bogosi jwa Modimo ke tharabololo ya makgaolakgang ya gore go fitlhelelwe lefatshe le go senang kilo mo go lone, lefatshe le go tla bong go sena le fa e le bosula jo bo ka ilwang. Puso eno ya selegodimo, e mo Baebeleng e bidiwang “magodimo a maša,” e tla tlhomamisa gore lefatshe le sala le sena tshiamololo. E tla busa “lefatshe le leša,” kana mokgatlho o mosha wa batho ba ba tla bong ba rutilwe go ratana. (2 Petere 3:13; Isaia 54:13) Thuto eno e setse e ntse e tswelela pele, fela jaaka maitemogelo a ga Max, Simone, le ba bangwe ba bantsi a bontsha. Ke maoko a thulaganyo ya lefatshe lotlhe e mo go yone go tla fedisiwang kilo le dilo tse di bakang kilo.
Jehofa o dirisa moperofeti wa gagwe Isaia go tlhalosa diphelelo tsa yone: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Modimo ka boene o tla bo a khutlisitse kilo. Eleruri e tla bo e le nako ya lorato.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ba-Nazi ba ne ba tshwaya nomore ya kgolegelo mo letsogong la ga Max Liebster la molema
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go ise go ye kae kilo e tla bo e sa tlhole e le teng