LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/1 ts. 16-22
  • Lo Nne Pelotlhomogi le Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Nne Pelotlhomogi le Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiro E E Sa Lekaneng le Epe ya Bopelotlhomogi
  • Ke Karolo ya Botho jo Bosha
  • Lefufa—Sekgoreletsi mo go Supeng Bopelotlhomogi
  • Dilo Tse Dingwe Tse Di Kgoreletsang Bopelotlhomogi
  • Go Tlhomogela Balwetsi Pelo
  • Go Tlhomogela Ba Ba Bokoa Pelo
  • Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • ‘Modimo wa Rona o Pelotlhomogi Thata’
    Atamalana le Jehofa
  • Etsa Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Jehofa o Busa ka Boutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/1 ts. 16-22

Lo Nne Pelotlhomogi le Lorato

“Lo apare pelotlhomogi le pelonomi.”—BAKOLOSA 3:12.

1. Ke eng fa go tlhokega bopelotlhomogi jo bogolo jaana gompieno?

BATHO ga ba ise ba ko ba tlhoke go thusiwa ka bopelotlhomogi jaana mo hisitoring yotlhe. Dimilione tsa batho di tlhoka go thusiwa gonne di lebane le malwetsi, tlala, go tlhoka ditiro, bokebekwa, dintwa, tlhakatlhakano le masetlapelo a tlholego. Lefa go ntse jalo, go na le bothata jo bongwe jo bo masisi le go feta, boemo jwa motho jwa semoya bo maswe thata. Satane, yo o itseng gore nako ya gagwe e khutshwane, ‘o tsietsa lefatshe lotlhe.’ (Tshenolo 12:9, 12) Ka gone, ba ba seng mo phuthegong ya boammaaruri ya Bokeresete ke bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing ya go latlhegelwa ke matshelo, e bile Baebele e supa ka phepafalo gore ga go na tsholofelo epe ya gore ba ba tla bolawang ke Modimo mo letsatsing la gagwe le le tlang la katlholo ba tla tsoga mo baswing.—Mathaio 25:31-33, 41, 46; 2 Bathesalonika 1:6-9.

2. Ke eng fa Jehofa a ile a ithiba mo go nyeletseng baikepi?

2 Lefa go ntse jalo, lefa nako e setse e tsamaile jaana, Jehofa Modimo o tswelela a le pelotelele le lorato mo bathong ba ba senang tebogo le ba ba boikepo. (Mathaio 5:45; Luke 6:35, 36) O ile a dira seno ka lebaka le le tshwanang le le a neng a diega go otlhaya morafe o o sa ikanyegeng wa Iseraele ka lone. “Jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo, ga ke na kgatlhego epe mo losong la moikepi; fa e se gore moikepi a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele. Sokologang, sokologang mo ditseleng tsa lona tse di bosula; gonne lo ratelang go swa, lona ba ntlo ya Iseraele?”—Esekiele 33:11.

3. Ke sekai sefe se re nang le sone se mo go sone Jehofa a neng a bontsha batho ba e seng ba gagwe bopelotlhomogi, mme seno se re ruta eng?

3 Jehofa o ne a supetsa le Baninife ba ba bosula bopelotlhomogi. Jehofa o ne a romela Jona, moperofeti wa gagwe, go ba tlhagisa gore ba tlile go nyelediwa. Ba ne ba reetsa fa Jona a rera mme ba ikwatlhaya. Seno se ne sa tlhotlheletsa Jehofa, Modimo o o pelotlhomogi gore a ithibe gore a se ka a nyeletsa motse oo ka nako eo. (Jona 3:10; 4:11) Fa e le gore Modimo o ne wa utlwela botlhoko Baninife ba ba neng ba ka nna ba tsosiwa mo baswing, a bo a tshwanetse go bo a tlhomogela pelo jang ne batho ba gompieno ba ba tlileng go swela ruri!—Luke 11:32.

Tiro E E Sa Lekaneng le Epe ya Bopelotlhomogi

4. Jehofa o supetsa batho ba gagwe bopelotlhomogi jang gompieno?

4 Go dumelana le botho jwa gagwe jwa go rata go supa bopelotlhomogi, Jehofa o romile Basupi ba gagwe gore ba nne ba etele baagisani ba bone ka ‘mafoko a a molemo a bogosi.’ (Mathaio 24:14) Mme fa batho ba tsaya kgato ka go anaanela tiro eno e e bolokang matshelo, Jehofa o bula dipelo tsa bone gore ba tlhaloganye molaetsa wa Bogosi. (Mathaio 11:25; Ditiro 16:14) Bakeresete ba boammaaruri ba etsa Modimo wa bone ka go supa bopelotlhomogi le lorato tota ka go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, ba ba thusa, koo go kgonegang teng, ka go ithuta le bone Baebele. Ke gone ka moo, ka 1993, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le nne le sephatlo, mo dinageng tse 231, ba neng ba senya diura di feta dimilione di le sekete ba tsamaya ka ntlo le ntlo e bile ba ithuta le baagisani ba bone Baebele. Batho bano ba ba sa tswang go kgatlhega bosha, le bone, ba nna le tshono ya go neela Jehofa matshelo a bone le go nna bangwe ba Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng. Ka jalo, le bone ba rwala boikarabelo jwa go dira tiro eno e e sa lekaneng le epe ya bopelotlhomogi go thusa ba ba santseng ba ka nna barutwa mme ba santse ba tshwerwe ke lefatshe le le swang leno la ga Satane.—Mathaio 28:19, 20; Johane 14:12.

5. Fa bopelotlhomogi jwa Modimo bo sena go fitlha fa bo emang teng, go tlile go diragala eng ka ditumelo tse di senyang Modimo leina?

5 Jehofa o tla tloga a tsaya kgato jaaka “monna wa ntwa.” (Ekesodo 15:3) O tla tlosa boikepo mme a tlhome lefatshe le lesha le le nang le tshiamo, gonne a tlhomogela leina la gagwe le batho ba gagwe pelo. (2 Petere 3:13) Dikereke tsa Labokeresete e tla nna tsone tsa ntlha go utlwa botlhoko jwa letsatsi la Modimo la kgalefo. Fela jaaka Modimo o ile wa se ka wa sireletsa tempele ya Jerusalema gore e se ka ya senngwa ke kgosi ya Babilone, fela jalo ga a kitla a sireletsa mekgatlho ya bodumedi e e mo senyang leina. Modimo o tla tlhotlheletsa dipelo tsa maloko a Lekgotla la Ditšhaba Tse Di Kopaneng go nyeletsa Labokeresete le mefuta yotlhe ya ditumelo tsa maaka. (Tshenolo 17:16, 17) Jehofa o bolela jaana: “Ka ga me le gone leitlho la me ga le ketla le rekegela, le gone ga nketla ke tlhomoga pelo. Ke tlaa lere mokgwa wa bone mo tlhogong ya bone.”—Esekiele 9:5, 10.

6. Basupi ba ga Jehofa ba tlhotlheletsega ka ditsela dife go supa bopelotlhomogi?

6 Basupi ba ga Jehofa ba tswelela ba supetsa baagisani ba bone bopelotlhomogi fa nako e santse e le teng ka go rera molaetsa wa Modimo wa poloko ka botlhaga. Gape, koo go kgonegang teng, ba thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama. Lefa go ntse jalo, mo ntlheng eno, boikarabelo jwa bone jo bogolo ke go thusa maloko a a gaufi thata a lelapa mmogo le ba ba leng mo tumelong le bone. (Bagalatia 6:10; 1 Timotheo 5:4, 8) Ditiro tse dintsi tsa namolo tse Basupi ba ga Jehofa ba di direlang badumedikabone ba ba wetsweng ke dikotsi tse di farologaneng tsa masetlapelo ke dikai tse di tlhomologileng thata tsa bopelotlhomogi. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ga ba a tshwanela go leta gore go nne le mathata pele ba ka supa bopelotlhomogi jo bo lorato. Ba supa nonofo eno ka bonako fa ba ntse ba mekamekana le botshelo jwa letsatsi le letsatsi.

Ke Karolo ya Botho jo Bosha

7. (a) Bopelotlhomogi bo amanngwa jang le botho jo bosha mo go Bakolosa 3:8-13? (b) Ke eng seo lorato lo lo neneketsang lo tlhofofaletsang Bakeresete go se dira?

7 Ke boammaaruri gore go rata ga rona go dira boleo le tlhotlheletso e e maswe ya lefatshe la ga Satane di re thibela gore re se ka ra supa bopelotlhomogi jo bo lorato. Ke gone ka moo Baebele e re kgothaletsang gore re tlogele “bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa matlhabisa ditlhong.” Go na le moo, re gakololwa gore re “apare motho yo moša”—botho jo bo dumalanang le setshwano sa Modimo. Sa ntlha, re laelwa gore re apare “pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele.” Morago ga foo Baebele e re bontsha tsela e re ka supang dinonofo tseno ka ditiro ka yone. “Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo.” Go motlhofo thata go itshwarela bakaulengwe ba rona fa re ile ra ithuta go ‘ba tlhomogela pelo.’—Bakolosa 3:8-13.

8. Ke eng fa go le botlhokwa go nna le mowa wa go itshwarela?

8 Kafa letlhakoreng le lengwe, go palelwa ke go itshwarela ba bangwe ka bopelotlhomogi go baya kamano ya rona le Jehofa mo kotsing. Jesu o ne a supa seno a nonofile mo setshwantshong sa gagwe sa motlhanka yo o sa itshwareleng, yo mong wa gagwe a neng a mo tsenya mo kgolegelong “a tla a tsamaye a lefe molato otlhe fela.” Motlhanka yono o ne a tshwanetse go tshwarwa ka tsela eno gonne o ne a paletswe go nna pelotlhomogi mo motlhankeng yo mongwe yo a neng a mo kopa gore a mo utlwele botlhoko. Jesu o ne a konela setshwantsho seno ka go bolela jaana: “Fela jalo, Rre wa legodimo o tlaa direla lona, fa lo sa itshwarelane, mongwe le mongwe wa ga gabo ka dipelo tsa lona.”—Mathaio 18:34, 35.

9. Bopelotlhomogi bo amana jang le karolo ya botlhokwa go gaisa ya botho jo bosha?

9 Go nna pelotlhomogi ke karolo ya botlhokwa ya go supa lorato. E bile lorato ke lone lo lo tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Ke gone ka moo Baebele e konelang jaana fa e tlhalosa botho jo bosha: “Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo.”—Bakolosa 3:14.

Lefufa—Sekgoreletsi mo go Supeng Bopelotlhomogi

10. (a) Ke eng se se ka dirang gore lefufa le mele medi mo dipelong tsa rona? (b) Lefufa le ka felela ka eng se se maswe?

10 Lefufa le ka mela mo dipelong tsa rona ka gonne jaaka batho re rata go dira boleo. Mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe a ka tswa a segofaditswe ka kgono nngwe ka tlholego kana a na le dithoto tse re se nang tsone. Kana gongwe mongwe o bona masego a semoya le ditshiamelo tse di kgethegileng. Fa re ba tswela pelo, a re tla kgona go ba tlhomogela pelo le go ba utlwela botlhoko? Nnyaa ruri. Go na le moo, kgabagare maikutlo a lefufa a ka nna a itshupa ka go ba tshwaya diphoso kana ka ditiro tse di sa supeng bopelonomi, ka go bo Jesu o ne a bolela jaana ka batho: “Motho . . . o ntsha . . . se se mo lohumong lwa pelo ya gagwe.” (Luke 6:45) Bangwe ba ka nna ba go tlatsa fa o tshwaya diphoso jalo. Kagiso ya lelapa kana ya phuthego ya batho ba Modimo e ka senyega ka tsela eo.

11. Bomorwarraagwe Josefe ba ba lesome ba ne ba se ka ba supa bopelotlhomogi jang go tswa mo dipelong tsa bone, mme seo se ne sa felela ka eng?

11 Akanyetsa se se neng sa diragala mo lelapeng lengwe le legolo. Barwa ba bagolo ba ga Jakobe ba le lesome ba ne ba fufegela Josefe, morwarraabone yo mmotlana gonne rraabone a ne a mo rata thata. Go ne ga felela ka gore ‘ba se ka ba bua le ene sentle.’ Moragonyana, Josefe o ne a segofadiwa ka go lora ditoro tsa bomodimo, se se neng se supa gore Jehofa o a mo rata. Seno se ne sa dira gore bomorwarraagwe ‘ba mo ile segolo bogolo.’ Ba ne ba palelwa ke go supa bopelotlhomogi mme seo sa dira gore ba dire boleo jo bo masisi gonne ba ne ba se ka ba ntsha lefufa mo dipelong tsa bone.—Genesise 37:4, 5, 11.

12, 13. Re tshwanetse ra dira eng fa lefufa le tsena mo dipelong tsa rona?

12 Ba ne ba dira bosetlhogo jwa go rekisa Josefe jaaka lekgoba. Ba ne ba leka go bipa phoso ya bone ka go tsietsa rraabo gore a akanye gore Josefe o ne a bolailwe ke sebatana. Boleo jwa bone bo ne jwa itshupa dingwaga moragonyana ka nako ya fa leuba le dira gore ba ye go reka dijo kwa Egepeto. Molaodi wa dijo, yo ba neng ba sa lemoge gore e ne e le Josefe, o ne a ba pega molato wa gore ke ditlhodi mme a ba bolelela gore ba se ka ba tlhola ba tla go kopa thuso gape mo go ene fa ba sa tle le Benjamine, morwarraabone yo mmotlana. Benjamine o ne a setse a ratwa ke rraagwe thata mme ba ne ba itse gore Jakobe ga a kitla a dumela a tsamaya.

13 Ka jalo, fa ba santse ba eme jalo fa pele ga Josefe, digakolodi tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa go dumela jaana: “Rure re molato ka ga monnaa rona [Josefe], jaaka e rile re bona tlalelo ya mowa wa gagwe jale, ka a re rapela, ra gana go utlwa; ke gone ka fa tlalelo e tsileng mo go rona ka gone.” (Genesise 42:21) Josefe o ne a thusa bomorwarraagwe gore ba itshupe tota gore ba ikwatlhaile ka go dirisana le bone ka bopelotlhomogi mme fela a nonofile. Morago o ne a ba itshupetsa gore ke mang mme a ba itshwarela ka pelo yotlhe. Ba ne ba utlwana gape jaaka lelapa. (Genesise 45:4-8) Jaaka Bakeresete, re tshwanetse go ithuta sengwe mo thutong eno. E reka re itse botlhoko jo lefufa le felelang ka jone, re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re thuse gore re beye ‘bopelotlhomogi jwa lorato lo lo neneketsang’ mo boemong jwa lefufa.

Dilo Tse Dingwe Tse Di Kgoreletsang Bopelotlhomogi

14. Ke eng fa re tshwanetse go tila go leba thubakanyo go sa tlhokege?

14 Selo se sengwe se se ka re kgoreletsang go nna pelotlhomogi ke fa re ipaya mo kotsing ya go tlhotlhelediwa ke thubakanyo go sa tlhokege. Metshameko le boitlosobodutu jo bo supang thubakanyo di dira gore motho a eletse tshololo ya madi. Mo metlheng ya Baebele, gantsi baheitane ba ne ba leba dikgaisano tsa go tsholola madi le mefuta e mengwe ya metshameko ya go itaya batho botlhoko mo mmeleng kwa mafelong a metshameko a Mmusomogolo wa Roma. Go ya ka raditiragalo mongwe, boitlosobodutu jo bo ntseng jalo “bo ne bo bolaya maikutlo a go utlwela motho yo o bogang botlhoko a e leng one a farologanyang motho le diphologolo tse di bolayang.” Bontsi jwa boitlosobodutu jwa lefatshe leno la segompieno bo ntse fela jalo. Bakeresete ba ba lekang go nna pelotlhomogi le lorato, ba tshwanetse go tlhopha se ba se balang, dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishene ka kelotlhoko. Ba nna ba gakologetswe mafoko ano a Pesalema 11:5 ka botlhale: “Moikepi yo o ratang go thubaka, mowa wa gagwe [Jehofa] wa mo ila.”

15. (a) Motho a ka bonala jang gore o tlhoka bopelotlhomogi thata? (b) Bakeresete ba boammaaruri ba dira eng fa badumedikabone le baagisani ba tlhoka?

15 Motho yo o ikakanyetsang a le nosi le ene a ka nna a se ka a nna pelotlhomogi. Seno se masisi tota, jaaka moaposetoloi Johane a tlhalosa jaana: “Le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?” (1 Johane 3:17) Moperesiti le Molefi ba ba neng ba ipona ba siame ba setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamaria yo o molemo ba ne ba tlhoka bopelotlhomogi ka tsela e e tshwanang. Fa ba sena go bona bothata jwa morwarraabone yo o neng a setse a tla swa wa Mojuta, ba ne ba fetela fela kwa letlhakoreng le le ka kwa la tsela mme ba tsamaya. (Luke 10:31, 32) Go farologana le seo, Bakeresete ba ba pelotlhomogi ba tsaya kgato ka bonako fa bakaulengwe ba bone ba tlhoka dilo tsa senama le tsa semoya. Mme fela jaaka Mosamaria wa setshwantsho sa ga Jesu, le bone ba tshwenyegile thata ka dilo tse di tlhokwang ke batho ba ba sa ba itseng. Ka jalo ba itumelela go dirisa nako, maatla le dithoto tsa bone mo tirong ya go dira barutwa. Ka tsela eno ba kgona go thusa dimilione gore di falole.—1 Timotheo 4:16.

Go Tlhomogela Balwetsi Pelo

16. Re iphitlhela re tlhaela ka tsela efe fa re dirisana le balwetsi?

16 Bolwetsi ke selo se se tlhaselang batho ba ba sa itekanelang, ba ba swang. Bakeresete le bone ba diragalelwa ke seo, e bile bontsi jwa bone ga ba dire mo lephateng la kalafi, gape ga ba kgone go dira dikgakgamatso jaaka Bakeresete ba pele ba ba neng ba newa maatla a a ntseng jalo ke Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Fa baaposetoloi ba ga Keresete le ba ba neng ba tsalana le bone ba sena go swa, maatla ao a go dira dikgakgamatso a ne a fela. Ka jalo, ga re kgone go thusa batho ba ba lwalang nameng, go akaretsa le ba ditlhaloganyo tsa bone di sa direng sentle le ba ba bonang dipono, ka botlalo.—Ditiro 8:13, 18; 1 Bakorintha 13:8.

17. Re ithuta eng go tswa mo tseleng e Jobe, monna yo o neng a lwala e bile a swetswe a neng a tshwarwa ka yone?

17 Gantsi molwetsi o tshwenyega thata mo maikutlong. Ka sekai, Jobe yo o boifang Modimo o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong gonne a ne a lwala thata le ka ntlha ya masetlapelo a Satane a neng a a mo diretse. (Jobe 1:18, 19; 2:7; 3:3, 11-13) O ne a tlhoka ditsala tse di neng di ka mo tlhomogela pelo le go mo utlwela botlhoko le tse di neng di ka ‘mo pepetletsa.’ (1 Bathesalonika 5:14) Mo boemong jwa seo, o ne a etelwa ke bagomotsi bangwe ba e seng bone ba ba neng ba nna bonako go dira ditshwetso tse di phoso. Ba ne ba oketsa tsela e Jobe a neng a tshwenyegile thata ka yone mo maikutlong ka go bolela gore o tlhagetswe ke masetlapelo ka ntlha ya phoso e a e dirileng. Bakeresete ba tla tila go wela mo seraing se se ntseng jalo ka go nna pelotlhomogi le lorato fa badumedikabone ba lwala kana ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe, selo se segolo se ba ba ntseng jalo ba se tlhokang ke go etelwa ka makgetlo a le mmalwa ke bagolwane kana Bakeresete bangwe ba ba godileng ba ba tla ba reetsang ka bopelotlhomogi, mme ba tlhaloganya, le go ba gakolola ka lorato ba dirisa Dikwalo.—Baroma 12:15; Jakobe 1:19.

Go Tlhomogela Ba Ba Bokoa Pelo

18, 19. (a) Bagolwane ba tshwanetse go dirisana jang le ba ba bokoa kana ba ba dirang diphoso? (b) Le eleng lefa go tlhokega gore go bidiwe komiti ya katlholelo, ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba bontshe batho ba ba dirileng diphoso bopelotlhomogi le lorato?

18 Bagolwane ke bone bao segolobogolo ba tshwanetseng go nna pelotlhomogi le kutlwelobotlhoko. (Ditiro 20:29, 35) Baebele e laela jaana: “Rona . . . re tshwanetse go pepetletsa dithetelelo tsa ba ba bokoa.” (Baroma 15:1) Rotlhe re dira diphoso gonne re sa itekanela. (Jakobe 3:2) Re tshwanetse go pepetletsa ba ba ‘tsayang kgato e e phoso pele ba ipona.’ (Bagalatia 6:1, NW) Bagolwane ga ba eletse le eseng go tshwana le Bafarisai ba ba neng ba ipona ba siame ba ba neng ba gatelela batho fa ba dirisa Molao wa Modimo.

19 Go farologana le seo, bagolwane ba latela sekao sa go supa bopelotlhomogi le lorato sa ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Tiro ya bone e kgolo ke go fepa, go kgothatsa le go lapolosa dinku tsa Modimo. (Isaia 32:1, 2) Go na le gore ba leke go laola maemo ka go tlhoma melao e mentsintsi, ba tshegetsa se ba se buang ka melaometheo e e mo Lefokong la Modimo. Ka gone, tiro ya bagolwane e tshwanetse ya nna go agelela ba bangwe, go dira gore bakaulengwe ba itumele le go lebogela bomolemo jwa ga Jehofa mo dipelong tsa bone. Fa modumedikabone a dira phoso e nnye, mogolwane gantsi o tla tila go mo gakolola fa pele ga ba bangwe. Fa go tlhokega gore a bue, maikutlo a bopelotlhomogi le lorato a tla tlhotlheletsa mogolwane gore a mo tseele kwa thoko mme a bue ka bothata joo ba bangwe ba sa utlwe. (Bapisa Mathaio 18:15.) Lefa go ka tswa go le bokete jang go dirisana le motho yoo, mogolwane o tla nna pelotelele, a leka go mo thusa. E bile ga a kitla a senka seipato sa go koba motho yo o ntseng jalo mo phuthegong. Lefa go tlhokega gore ba bitse komiti ya katlholelo, bagolwane ba tla supa bopelotlhomogi le lorato fa ba gakolola motho yo o dirileng phoso e e masisi. Bonolo jwa bone bo ka dira gore motho yoo a ikwatlhae.—2 Timotheo 2:24-26.

20. Ke leng motho a sa tshwanelang go supa bopelotlhomogi, mme ka ntlha yang?

20 Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe motlhanka wa ga Jehofa ga a ke a supa bopelotlhomogi. (Bapisa Duteronome 13:6-9.) Go ‘se tlwaelane’ le tsala e e gaufi kana wa losika yo o kgaotsweng ke teko e kgolo tota mo Mokereseteng. Mo kgannyeng e e ntseng jalo, go botlhokwa gore motho a se ka a fekeediwa ke go mo tlhomogela pelo. (1 Bakorintha 5:11-13) Go gagamatsa jalo go ka nna ga tlhotlheletsa motho yo o dirileng phoso yono gore a ikwatlhae. Mo godimo ga moo, fa Bakeresete ba dirisana le batho ba bong bo sele, ba tshwanetse go tila go supa bopelotlhomogi ka ditsela tse di sa tshwanelang tse di ka isang kwa boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.

21. Re tshwanetse go supa bopelotlhomogi le lorato mo mabakeng afe a mangwe gape, mme seno se ka felela ka melemo efe?

21 Tota ga re na sebaka se se lekaneng sa go tlhalosa mabaka a mantsi a bopelotlhomogi le lorato di tshwanetseng go supiwa mo go one—fa go dirisanwa le batsofe, batho ba ba swetsweng, ba ba bogisiwang ke balekane ba ba sa dumeleng. Bagolwane ba ba dirang ka natla le bone ba tshwanetse go supediwa bopelotlhomogi le lorato. (1 Timotheo 5:17) Ba tlotle mme o ba tshegetse. (Bahebera 13:7, 17) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: ‘Nnang . . . pelotlhomogi, lo ratane.’ (1 Petere 3:8) Fa re ka dira ka tsela eno mo maemong otlhe a seno se tlhokegang mo go one, seno se tla dira gore phuthego e utlwane e bo e itumele e bile go tla gogela ba ba kwa ntle mo boammaaruring. Mo godimo ga moo, re tla bo re tlotla Jehofa, Rraarona yo o pelotlhomogi le lorato.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Jehofa o tlhomogela batho ba ba ratang go dira boleo pelo jang?

◻ Ke eng fa go le botlhokwa go nna pelotlhomogi le lorato?

◻ Ke dilo dife tse di ka re kgoreletsang gore re se ka ra nna pelotlhomogi le lorato?

◻ Re tshwanetse go tshwara balwetsi le ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong jang?

◻ Ke bomang ba tota ba tlhokang go nna pelotlhomogi le lorato, mme ka ntlha yang?

[Lebokoso mo go tsebe 19]

BAFARISAI BA BA SENANG BOPELOTLHOMOGI

LETSATSI la boikhutso la Sabata e ne e le le batho ba Modimo ba neng ba tshwanetse go lapologa semoyeng le mo mmeleng mo go lone. Lefa go ntse jalo, baeteledipele ba Bajuta ba bodumedi ba ne ba tlhomile melao e mentsi e e neng e tlontlolola molao wa Modimo wa Sabata e bile e o dira gore o imele batho. Ka sekai, fa motho a ne a ka tlhagelwa ke kotsi kana a lwala, o ne a ka se ka a thusiwa ka Sabata fa botshelo jwa gagwe bo ne bo se mo kotsing.

Sekolo sengwe sa Bafarisai se ne se gagametse tota fa se tlhalosa molao wa Sabata mo se neng se bolela jaana: “Motho ga a tshwanela go gomotsa ba ba lelang kana go etela batho ba ba lwalang ka Sabata.” Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne ba letla gore batho ba ba ntseng jalo ba ka etelwa ka Sabata mme ba ne ba laola jaana: “Dikeledi ga di a letlelelwa.”

Ka jalo, Jesu o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta sentle fa a ne a re ba tlhokomologa dilo tse di tlhokwang ke Molao, jaaka tshiamiso, lorato le kutlwelobotlhoko. Ga go gakgamatse go bo a ne a raya Bafarisai a re: “Lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona”!—Mareko 7:8, 13; Mathaio 23:23; Luke 11:42.

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro e e ka se kang ya lekanngwa le epe ya go supetsa batho bopelotlhomogi le lorato mo magaeng a bone, mo mebileng, le kwa dikgolegelong tota, mo dinageng tse 231

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go leba thubakanyo, jaaka e e tlhagelelang mo thelebisheneng, go nyeletsa bopelotlhomogi le lorato

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela