Tsaya Baperofeti ba Modimo Jaaka Sekao
“Ba ga echo, lo ipeèlè sekaō sa boichōkō le bopelotelele ka baperofeti ba ba kileñ ba bua mo ineñ ya Morèna.”—JAKOBE 5:10.
1. Ke eng se se thusang batlhanka ba ga Jehofa gore ba ipele lefa ba bogisiwa?
BATLHANKA ba ga Jehofa ba a ipela go sa kgathalesege matshwenyego a a tletseng lefatshe ka bophara mo metlheng eno ya bofelo. Ba a ipela ka gonne ba a itse gore ba itumedisa Modimo. Gape Basupi ba ga Jehofa ba itshokela pogiso le go ganediwa mo bodiheding jwa bone jwa phatlalatsa ka gonne ba itse gore ba boga ka go bo ba dira se se siameng. Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lo segō mogañ batho ba lo kgōbañ, ba lo bogisa, ba lo pateletsa boshula boñwe le boñwe, ka ntlha ea me. Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ: gonne ba bogisitse hèla yalo baperofeti ba ba neñ ba le pele ga lona.” (Mathaio 5:10-12) Eleruri, nako le nako fa batlhanka ba Modimo ba lekwa ka ntlha ya tumelo ya bone, ba tsaya seo e le se se ipedisang.—Yakobe 1:2, 3.
2. Go ya ka Yakobe 5:10, ke eng se se ka re thusang gore re nne pelotelele?
2 Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Ba ga echo, lo ipeèlè sekaō sa boichōkō le bopelotelele ka baperofeti ba ba kileñ ba bua mo ineñ ya Morèna.” (Jakobe 5:10) W. F. Arndt le F. W. Gingrich ba tlhalosa lefoko la Segerika le fano le ranotsweng “sekaō” (hy·poʹdeig·ma) jaaka “sekai, seshupo, sekao, ka tsela e e siameng jaaka sengwe se se tlhotlheletsang kana se se tshwanetseng go tlhotlheletsa motho gore a se etse.” Jaaka go bontshitswe mo go Yohane 13:15, “seno ga se sekai fela. Ke sekai sa mmatota se se kgethegileng.” (Theological Dictionary of the New Testament) Ka jalo he, batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ka tsaya baperofeti ba gagwe ba ba ikanyegang jaaka sekao mo ntlheng ya go ‘nna boitshoko’ le ‘go nna pelotelele.’ Ke eng gape se re ka se lemogang fa re ithuta ka matshelo a bone? Mme seno se ka re thusa jang mo tirong ya rona ya go rera?
Ba Ne Ba Boga Thata
3, 4. Moperofeti Amose o ne a itshwara jang fa a ne a ganediwa ke Amasia?
3 Gantsi baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba boga thata kana ba tshwarwa makgwakgwa. Ka sekai, mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E., moperesiti yo o neng a obamela namane e bong Amasia o ne a ganetsa moperofeti Amose mo go botlhoko. Amasia o ne a bolela maaka fa a re Amose o ne a epela Jeroboame II lemena ka go perofesa gore kgosi e ne e tla swa ka tšhaka le gore Baiseraele ba ne ba tla isiwa botshwarwa. Amasia o ne a bolelela Amose jaana ka tshotlo: “Wèna mmoni, tsamaea, u tshabèlè kwa lehatshiñ ya Yuda, me u yè diyō gōna, u perofesè gōna: me u se ka ua tlhōla u perofesa kwa Bethe-ela: gonne ke helō ga boitshèpō ga kgosi, e bile ke ntlo ea segosi.” Amose o ne a se ka a kgobiwa marapo ke go tlhaselwa jalo ka mafoko, mme o ne a araba jaana: “Ke ne ke se moperofeti oa sepè, le gōna ke ne ke se ñwana oa moperofeti; me ke ne ke le modisa hèla, le mmakanyi oa ditlhare tsa masekamore: me Yehofa a ntlosa mo go saleñ lecomane moragō, me Yehofa a nthaea, a re, Ea, u perofesetsè batho ba me ba Iseraela.”—Amose 7:10-15.
4 Moya wa ga Jehofa o ne wa neela Amose thata ya go perofesa ka bopelokgale. A o ko o akanye gore Amasia o ne a ikutlwa jang fa Amose a ne a bolela jaana: “Utlwa lehoko ya ga Yehofa: Ua re, ke se ka ka perofesetsa ka nyatsa ntlo ea ga Iseraela, le gōna ke se ka ka lotlèga lehoko ka nyatsa ba ntlo ea ga Isake: ke gōna Yehofa o bua yana: a re, Mosadi oa gago o tla nna seaka mo motsiñ, le bomorwao le bomorwadio ba tla wa ka chaka, le lehatshe ya gago le tla kgaogañwa ka mogala; me wèna ka wesi u tla shwèla mo lehatshiñ leñwe ye le itshekologileñ, me rure Iseraela o tla ntshiwa mo lehatshiñ ya gagwè a isiwa bochwaroñ.” Boperofeti joo bo ne jwa diragadiwa. (Amose 7:16, 17) A bo Amasia wa motenegi a tshwanetse a bo a ne a tshogile jang ne!
5. Boemo jwa batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno bo tshwana jang le jwa ga moperofeti Amose?
5 Seno se tshwana le boemo jo batho ba ga Jehofa ba leng mo go jone gompieno. Re boga tota ka gonne re bolela melaetsa ya Modimo, mme batho ba le bantsi ba bua ka tiro ya rona ya go rera ba e sotla. Ke boammaaruri gore sekolo sengwe sa boruti ga se sone se re laelang gore re rere. Go na le moo, moya o o boitshepo wa ga Jehofa ke one o re tlhotlheletsang gore re bolele mafoko a a molemo a Bogosi. Ga re fetole lefa e le go fokotsa molaetsa wa Modimo. Mo boemong jwa seo, fela jaaka Amose, re o bolela ka boikanyegi go sa kgathalesege gore ba ba o utlwang ba o tsaya jang.—2 Bakorintha 2:15-17.
Ba Ne Ba Le Pelotelele
6, 7. (a) Ke eng se se neng se tlhomologile ka go perofesa ga ga Isaia? (b) Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba itshwara jang jaaka Isaia?
6 Baperofeti ba Modimo ba ne ba le pelotelele. Ka sekai, bopelotelele bo ne jwa bontshiwa ke Isaia, yo o neng a direla jaaka moperofeti wa ga Jehofa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. Modimo o ne wa mmolelela jaana: “Ea u reè chaba e, u re, Go utlwa loa utlwa, me lo bo lo sa tlhaloganye; go bōna loa bōna, me lo bo lo sa lemoge. Nontsha pelo ea batho ba, u bo u ketehatsè ditsèbè tsa bōnè, u budulatsè le matlhō a bōnè; gore e se re kgotsa ba bōna ka matlhō a bōnè, le go utlwa ka ditsèbè tsa bōnè, le go tlhaloganya ka pelo tsa bōnè, me ba boea, me ba hodisiwa.” (Isaia 6:9, 10) Eleruri batho ba ne ba itshwara ka tsela eo. A mme seno se ne sa dira gore Isaia a tlogele? Nnyaa. Go na le moo, o ne a bolela melaetsa ya tlhagiso ya ga Jehofa ka bopelotelele le ka botlhaga. Tsela e mafoko a Modimo a Sehebera a bopilweng ka teng a a sa tswang go nopolwa a tshegetsa kgopolo ya gore moperofeti “o tswelela pele nako e telele” a ntse a bolela, mo batho ba neng ba mo utlwa ‘gangwe le gape.’—Gesenius’ Hebrew Grammar.
7 Gompieno batho ba le bantsi fa ba utlwa mafoko a a molemo ba itshwara fela jaaka batho ba ba neng ba utlwa mafoko a ga Jehofa a a neng a bolelwa ke Isaia. Lefa go ntse jalo, fela jaaka moperofeti yoo yo o ikanyegang re boeletsa molaetsa wa Bogosi ‘gangwe le gape.’ Re dira jalo re ititeile sehuba ka botlhaga le ka bopelotelele ka gonne seno ke thato ya ga Jehofa.
“Ba Diha Hèla Yalo”
8, 9. Moperofeti wa ga Jehofa e bong Moshe ke sekao se se molemo ka ditsela dife?
8 Moperofeti Moshe o ne a tlhoma sekao sa bopelotelele le sa go nna kutlo. O ne a itshenkela go ema le Baiseraele ba e neng e le makgoba, mme o ile a leta ka bopelotelele gore ba gololwe. Go tswa foo o ne a nna kwa Midiana ka lobaka lwa dingwaga di le 40 go fitlha Modimo o mo dirisa gore a etelele pele batho ba Iseraele go tswa mo bokgobeng. Fa Moshe le morwarraagwe Arone ba ne ba le fa pele ga mmusi wa Egepeto, ba ne ba bolela le go dira ka tsela ya go bontsha kutlo mo go se Modimo o ba laetseng sone. E bile tota, ba ne ba “diha hèla yalo.”—Ekesodo 7:1-6; Bahebera 11:24-29.
9 Moshe o ne a itshokela dingwaga tse 40 tsa go tshela bokete ga Baiseraele mo nageng ka bopelotelele. Gape o ne a latela kaelo ya bomodimo ka tsela e e bontshang kutlo fa go ne go agiwa motlaagana wa Iseraele le go dirwa ga dilo tse dingwe tse di neng di dirisiwa mo kobamelong ya ga Jehofa. Moperofeti yono o ne a latela thata ditaelo tsa Modimo mo e bileng re bala jaana: “Moshe a diha yalo: yaka cotlhe tse Yehofa o di mo laoletseñ, a diha yalo hèla.” (Ekesodo 40:16) Fa re dira bodihedi jwa rona le phuthego ya ga Jehofa, a re gakologelweng tsela e Moshe a neng a le kutlo ka yone re bo re dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng re ‘utlwe ba ba re laolang.’—Bahebera 13:17.
Ba Ne Ba Na Le Boikutlo Jo Bo Siameng
10, 11. (a) Ke eng se se supang gore moperofeti Hosea o ne a leba dilo ka tsela e e siameng? (b) Re ka bontsha jang boikutlo jo bo siameng fa re buisana le batho mo ditshimong tsa rona?
10 Baperofeti ba ne ba tlhoka gore ba nne le boikutlo jo bo siameng fa ba ntse ba bolela melaetsa ya katlholo mmogo le boperofeti jo bo neng bo supa gore Modimo o amegile ka lorato ka batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba phatlaletse kwa Iseraele. Seno se ne se le boammaaruri ka Hosea, yo o neng a na le dingwaga tse di fetang 59 a ntse a le moperofeti. O ne a tswelela a bolela melaetsa ya ga Jehofa ka tsela e e siameng mme o ne a konela buka ya gagwe ya boperofeti ka mafoko ano: “Eo o botlhale ke mañ, me o tla tlhaloganya dilō tse? le eo o bonokopela, me o tla di itse? gonne ditsela tsa ga Yehofa di siame, me ba ba tshiamō ba tla sepela mo go cōna; me batlhodi bōne, ba tla wa mo go cōna.” (Hosea 14:9) Fa Jehofa a santse a re letlelela go neela bosupi, a re nneng le boikutlo jo bo siameng le go tswelela pele re batla ba ba tla amogelang bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang ka botlhale.
11 Gore re ‘senke batho ba ba tshwanetseng,’ re tlhoka go itshoka le go leba dilo ka tsela e e siameng. (Mathaio 10:11) Ka sekai, fa e le gore re ile ra latlha dilotlele tsa rona, re ka nna ra ikgata metlhala re bo re ya go batla mo mafelong a a farologaneng a re neng re le mo go one. Re ka nna ra di bona fela fa re se na go dira seno kgapetsakgapetsa. Ka mo go tshwanang a re itshokeleng go batla batho ba sekadinku. A bo go ipedisa jang fa ba amogela mafoko a a molemo mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa! A bo re itumela jang ne fa Modimo o segofatsa tiro ya rona kwa dinageng tse pele dithibelo di neng di kgoreletsa bodihedi jwa rona jwa phatlalatsa gone!—Bagalatia 6:10.
Ba A Re Kgothatsa
12. Ke boperofeti bofe jwa ga Joele jo bo diragadiwang mo lekgolong la bo20 la dingwaga, mme jang?
12 Mafoko a baperofeti ba ga Jehofa a ka re kgothatsa tota mo bodiheding jwa rona. Ka sekai, a o ko o akanye ka boperofeti jwa ga Joele. Bo tshotse melaetsa ya katlholo e e neng e ya kwa Baiseraeleng ba batenegi le ba bangwe mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E. Lefa go ntse jalo, Joele le ene o ne a tlhotlhelediwa go perofesa jaana: “Go tla dihala . . . , go re, ke tla thèla mōea oa me mo bathuñ botlhe; me bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tla perofesa, banna bagolo ba lona ba tla lōra ditōrō, makau a lona a tla bōna dipōnatshègèlō. Le mo batlhankeñ le mo malateñ ke tla thèla mōea oa me mo metlheñ euō.” (Yoele 2:28, 29) Seno se ne sa diragalela balatedi ba ga Jesu go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele. Mme a bo boperofeti jono re bo bona bo diragadiwa ka tsela e kgolo jang ne mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga! Gompieno re na le dimilionemilione tsa batho ba ba ‘perofesang,’ kana ba ba bolelang molaetsa wa ga Jehofa—mo go bone go na le ba ba fetang 600 000 ba ba leng mo tirelong ya bobulatsela jwa ka metlha.
13, 14. Ke eng se se ka thusang Bakeresete ba basha gore ba ipelele bodihedi jwa tshimo?
13 Baboledi ba le bantsi ba Bogosi ke basha. Ga go motlhofo ka metlha gore ba buisane le batho ba ba godileng ka Bibela. Ka dinako tse dingwe batlhanka ba basha ba ga Jehofa ba bolelelwa jaana: ‘Lo itshenyetsa nako lo ntse lo rera,’ mme ‘lo tshwanetse lwa bo lo dira sengwe se sele.’ Basupi ba basha ba ga Jehofa ba ka nna ba fetola ka botlhale gore ba maswabi go bo motho yoo a ikutlwa ka tsela eo. Mmoledi mongwe yo mosha wa mafoko a a molemo o fitlhela gore go a mo thusa go oketsa jaana: “Tota ke ikutlwa ke solegelwa molemo fa ke buisana le batho ba ba godileng jaaka wena, mme ke a go itumelela.” Ke boammaaruri gore go rera mafoko a a molemo tota ga se go itshenyetsa nako. Matshelo a batho a mo kotsing. Modimo o ne wa oketsa ka go bolela jaana o dirisa Joele: “Go tla dihala, go re, leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa.”—Yoele 2:32.
14 Bana ba ba tsamayang le batsadi ba bone mo tirong ya go rera ka Bogosi ba itumelela thuso e e tswang mo batsading fa ba ipeela mekgele ya bone ka namana. Basha ba ba ntseng jalo ba tswelela pele kgato ka kgato ba simolola ka go bala temana go ya go fitlha gore ba tlhalose tsholofelo ya bone e e theilweng mo Bibeleng le go tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang dibuka tse di tshwanelang. Fa baboledi bano ba basha ba Bogosi ba ntse ba bona botswelelopele jwa bone e bile Jehofa a ba segofatsa, ba ipelela thata go rera mafoko a a molemo.—Pesalema 110:3; 148:12, 13.
Go Nna Tlhaga Le go Nna Le Boikutlo jwa go Leta
15. Sekao sa ga Esekiele se ka re thusa jang go tsosolosa gape botlhaga jwa rona mo tirong ya go rera ka Bogosi?
15 Gape baperofeti ba Modimo e ne e le dikao mo go bontsheng botlhaga mmogo le boikutlo jwa go leta—e leng mekgwa e re e tlhokang mo bodiheding jwa rona gompieno. Fa re ne re ithuta boammaaruri la ntlha mo Lefokong la Modimo, go bonala re ne re tlhotlhelediwa ke botlhaga jo bo neng jwa re dira gore re bue ka bopelokgale. Mme go ka tswa go fetile dingwaga di le dintsi fa e sa le ka nako eo, mme re ka tswa re ile ra boeletsa tshimo e re neelang bosupi mo go yone gantsintsi fela. Jaanong e ka tswa e le batho ba sekaenyana fela ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi. A seno se ile sa koafatsa botlhaga jwa rona? Fa go le jalo, a o ko o akanye moperofeti Esekiele, yo leina la gagwe le rayang “Modimo O A Nonotsha.” Lefa gone Esekiele a ne a rerela batho ba ba dipelodikgwareletseng kwa Iseraeleng wa bogologolo, Modimo o ne a mo nonotsha mme a dira gore phatla ya gagwe e nne thata go gaisa lentswetshipi ka tsela ya tshwantshetso. Ka gone, Esekiele o ne a kgona go dira bodihedi jwa gagwe ka dingwagangwaga go sa kgathalesege gore a batho ba a reetsa kana nnyaa. Sekao sa gagwe se bontsha gore re ka dira se se tshwanang, mme go ka re thusa gore re tsosolose gape botlhaga jwa rona mo tirong ya go rera.—Esekiele 3:8, 9; 2 Timotheo 4:5.
16. Ke boikutlo bofe jwa ga Mika jo re tshwanetseng ra bo tlhagolela?
16 Mongwe yo o neng a tlhomologile ka bopelotelele jwa gagwe e ne e le Mika, yo o neng a perofesa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. O ne a kwala jaana: “Kaga me, ke tla leba kwa go Yehofa; ke tla lebèlèla Modimo oa polokō ea me: Modimo oa me o tla nkutlwa.” (Mika 7:7) Mika o ne a na le tsholofelo e e neng e itsetsepetse thata ka tumelo ya gagwe e e nonofileng. Fela jaaka moperofeti Isaia, Mika o ne a itse gore se Jehofa a ikaeletseng go se dira eleruri O ne a tla se dira. Le rona re itse seno. (Isaia 55:11) Ka gone a re tlhagoleleng boikutlo jwa go leta malebana le go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo. Mme a re rereng mafoko a a molemo ka botlhaga, tota le e leng mo dikarolong tse mo go tsone batho ba sa bontsheng gore ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi.—Tito 2:14; Yakobe 5:7-10.
Go Nna Pelotelele Gompieno
17, 18. Ke dikao dife tsa bogologolo le tsa segompieno tse di ka re thusang gore re nne pelotelele?
17 Baperofeti bangwe ba ga Jehofa ba ne ba itshoka ka bopelotelele mo dikabelong tsa bone ka dingwagangwaga mme lefa go ntse jalo ba ne ba se ka ba bona boperofeti jwa bone bo diragadiwa. Lefa go ntse jalo, go bo ba ne ba itshoka ka bopelotelele, lefa gantsi ba ne ba tshwarwa makgwakgwa, go re thusa go lemoga gore le rona re ka kgona go diragatsa bodihedi jwa rona. Gape re ka solegelwa molemo ke sekao sa batlodiwa ba ba ikanyegang ba mo masimologong a masome a dingwaga a mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Le mororo ditsholofelo tsa bone tsa go ya legodimong di ne tsa se ka tsa diragadiwa ka bonako jaaka ba ne ba lebeletse, ba ne ba se ka ba letlelela gore go kgobega marapo ka ntlha ya se se neng se lebega se diega go koafatsa botlhaga jwa bone jwa go dira thato ya Modimo e a ba e senoletseng.
18 Go fetile dingwaga di le dintsi, bontsi jwa Bakeresete bano ba ntse ba anamisa lokwalopaka lwa Tora ya Tebelo le mopati wa lone e leng Tsogang! ka metlha (lo pele lo neng lo bidiwa The Golden Age mme moragonyana ga foo lwa bidiwa Consolation). Ba ne ba neela batho makwalopaka ano a a botlhokwa ka botlhaga mo mebileng le mo magaeng a bone, ka se gompieno re reng ke ditselana tsa dimakasine. Kgaitsadi mongwe yo o neng a fetsa tiro ya gagwe ya selefatshe o ne a tlhoafalelwa ka bonako ke bafeti ba tsela ba ba neng ba tlwaetse go mmona a neela bosupi mo mmileng. A bo a ne a neela bosupi jang ne ka dingwaga di le dintsi tsa tirelo ya gagwe e e ikanyegang, jaaka go bontshitswe ka dikakgelo tse di bontshang kanaanelo tsa bao ba ileng ba bona bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa! Jaaka mmoledi wa Bogosi, a o tsamaisetsa batho ba o kopanang le bone mo bodiheding jwa gago Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha?
19. Ke kgothatso efe e Bahebera 6:10-12 e re neelang yone?
19 A o ko o akanye gape ka bopelotelele le tirelo e e ikanyegang ya bakaulengwe ba ba direlang jaaka maloko a Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa bone jaanong ba na le dingwaga di le masomearobongwe kana di le lekgolo ba ntse ba tshela, mme ba santse e le baboledi ba Bogosi ba ba tlhokomelang ditiro tse ba di abetsweng ka botlhaga. (Bahebera 13:7) Mme re ka reng ka batho ba bangwe ba ba godileng ba ba nang le tsholofelo ya go ya legodimong tota le e leng bangwe ba “dinku di sele” ba ba setseng ba atamela dingwaga tsa botsofe? (Yohane 10:16) Ba ka tlhomamisega gore Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya bone le lorato lo ba lo bontshang leina la gagwe. E kete Basupi ba ga Jehofa ba ba godileng mmogo le badumedikabone ba basha ba ka gatela pele ba dira mo ba ka go kgonang, ba ntse ba bontsha tumelo le bopelotelele mo tirelong ya Modimo. (Bahebera 6:10-12) He, go sa kgathalesege gore ba tla tsosiwa jaaka baperofeti ba bogologolo, kana ba tla falola “sepitla se segolo” se se tlang, ba tla roba tuelo e kgolo ya go tshelela ruri.—Mathaio 24:21.
20. (a) Ke eng se o ileng wa se ithuta go tswa mo ‘sekaong’ sa baperofeti? (b) Go nna pelotelele jaaka baperofeti go ka re thusa jang?
20 A bo baperofeti ba Modimo ba re tlogeletse sekao se se molemo jang ne! E re ka ba ne ba itshokela go bogisiwa, ba nna pelotelele, le go bontsha dinonofo tse dingwe tsa bomodimo, ba ne ba neelwa tshiamelo ya go bolela ka leina la ga Jehofa. Jaaka Basupi ba gagwe ba motlha wa segompieno, a re direng jaaka bone mme re nne pelokgale jaaka moperofeti Habakuke yo o neng a bolela jaana: “Ke tla èma mo tebeloñ ea me, ke ipaea mo kagoñ e e godileñ, me ke tla lebèla koñ ntlè, gore ke bōnè se [Modimo] o tla se buañ le nna.” (Habakuke 2:1) A re ititeyeng sehuba ka tsela e e tshwanang fa re ntse re tswelela pele ka bopelotelele le ka boipelo go bolela phatlalatsa leina le le galalelang la Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa!—Nehemia 8:10; Baroma 10:10.
A O Ne Wa Tshwara Dintlha Tseno?
◻ Moperofeti Amose o re beetse sekao sefe sa bopelokgale?
◻ Moperofeti Moshe e ne e le sekao ka ditsela dife?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ka tshwana jang le Amose le Isaia?
◻ Ke eng se badihedi ba Bakeresete ba ka se ithutang go tswa mo tseleng e Hosea le Joele ba neng ba itshwara ka yone?
◻ Re ka solegelwa molemo jang ke dikao tsa ga Esekiele le Mika?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Moya wa ga Jehofa o ne wa neela Amose thata ya go perofesa ka bopelokgale go sa kgathalesege kganetso e e bogale ya ga Amasia
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Batlodiwa ba ba ikanyegang ba ile ba re beela sekao ka go nna pelotelele mo tirelong ya ga Jehofa