A O Itumelela Thuto ya Gago ka Namana?
MOTLHANKA ope fela wa Modimo yo o peloephepa a ka itumelela go dirisa nako e ntsi a ithuta Bibela ka namana. (Pesalema 1:1, 2) Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go dirisa nako e ntsi le maatla ba ithuta ka namana go ya kafa ba ratang ka teng, e re ka ba na le dilo di le dintsi thata tse di ba tlhokang nako le nonofo.
Lefa go ntse jalo, gore ba tswelele pele e le batlhanka ba Modimo ba ba tlhaga, botlhe ba tlhoka go oketsa boitumelo jwa bone le go ntšhafatsa nonofo ya bone letsatsi le letsatsi ka go batla dikarolo tse disha kana tse di boteng tsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Boammaaruri jwa Bibela jo bo neng jwa go tlhotlheletsa thata mo dingwageng tse di fetileng bo ka nna jwa bo bo sa go tlhotlheletse ka selekanyo se se kalo gone jaanong. Ke gone ka moo go leng molemo, e bile go le botlhokwa, gore re leke ka tlhoafalo le ka metlha go bona kitso e ntšha ya boammaaruri e le gore re nne re tlhotlheletsega semoyeng.
Banna ba tumelo ba bogologolo ba ne ba dira jang gore ba nonofe semoyeng ba dirisa go ithuta Lefoko la Modimo ka namana? Batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba dira jang gore thuto ya bone e nne e e itumedisang le e e nang le matswela? Ba ile ba duelwa jang ka ntlha ya maiteko a bone?
Ba Ne Ba Ntšhafatsa Nonofo ya Bone ka Thuto ya Motho ka Namana
Kgosi Josia wa kwa Juda o ne a simolola letsholo la gagwe kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ka tlhoafalo thata fa a sena go balelwa ‘lone lokwalo loo lwa molao wa ga Jehofa o o beilweng ka Moshe.’ Ga go na pelaelo ya gore e ne e se lekgetlo la ntlha a sekaseka karolo eno ya Lefoko la Modimo; mme lefa go ntse jalo go utlwa molaetsa ono ka tlhamalalo o tswa mo lokwalong lwa ntlhantlha go ne ga mo rotloetsa thata mo ntweng ya go batla kobamelo e e itshekileng.—2 Ditihalō 34:14-19.
Moperofeti Daniele o ne a tlhaloganya ‘palo ya dingwaga ya go diragatsa ditshwafatso tsa Jerusalema’ le kafa palo eo e leng boammaaruri ka gone e seng fela go tswa mo lokwalong lwa ga Jeremia mme gape le go tswa ‘mo dikwalong.’ Tseno di tshwanetse tsa bo di ne di akaretsa dikwalo tse di jaaka Lefitiko (26:34, 35), Isaia (44:26-28), Hosea (14:4-7), le Amose (9:13-15). Se a neng a simolola go tlhomamisa ka sone go tswa mo thutong ya gagwe e e tlhaga ya dibuka tsa Bibela se ne sa dira gore monna yono yo o peloephepa a batle Modimo ka go rapela ka tlhoafalo. Fa a sena go isa mekokotlelo ka tlhoafalo o ne a arabiwa ka go nna a ntse a senolelwa le go tlhomamisediwa dilo tse di malebana le motse wa Jerusalema mmogo le batho ba gagwe.—Daniele, kgaolo 9.
Josia, yo o neng a “diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa,” le Daniele, yo o neng a “ratwa thata” ke Modimo, totatota ba ne ba sa farologane le rona gompieno. (2 Dikgosi 22:2; Daniele 9:23) Maiteko a ba neng ba a dira ka namana gore ba ithute ka tlhagafalo tota Dikwalo tse di neng di le teng ka nako a ne a ba godisa thata semoyeng le go ba thusa go nna le kamano e e gaufi thata le Modimo. Batlhanka ba ga Jehofa ba bangwe ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba dira se se tshwanang, ba ba jaaka Jefetha, mopesalema mongwe wa ntlo ya ga Asafe, Nehemia le Setefane. Go na le bosupi jwa gore botlhe ba ne ba ithuta ka kelotlhoko karolo ya Bibela e e neng e le gone ka nako ya bone, ba dira jalo motho ka namana.—Baatlhodi 11:14-27; Pesalema 79, 80; Nehemia 1:8-10; 8:9-12; 13:29-31; Ditihō 6:15–7:53.
Dira Gore Bodihedi Bo Go Tlhotlheletse
Bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba ba ileng ba mo direla ka dingwaga di le dintsi ba na le thulaganyo ya go ithuta Bibela motho ka namana. Ba ne ba lemoga gore seno se botlhokwa gore ba tle ba tsoge semoyeng le go fitlhelela maikarabelo a bone a Bokeresete ka botlalo. Lefa go le jalo, ba le bantsi ba bone ba dumela gore ga go motlhofo ka metlha go lekalekanya tsela e ba dirisang nako le maatla a bone ka yone mo go ithuteng le eo ba e dirisang mo dilong tse dingwe tse di sa tshwanelang go tlhokomologiwa.
Lefa go ntse jalo, go nna re tsogile semoyeng ka go ithuta ka tlhoafalo ka namana go botlhokwa gore re tle re fitlhelele dilo tse di tlhokegang mo bodiheding jwa Bokeresete mo nakong eno ya bofelo ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Bao ba itumedisiwang ke kitso e ntšha le e boteng ya Lefoko la Modimo ba ka fitlhelela kgwetlho ya go ama dipelo tse di bolailweng ke tlala ya semoya. Seno se boammaaruri go sa kgathalesege motho gore o abetswe koo go tshwarwang ditlhapi tse dintsi tsa semoya gone kana o itshokela ditshimo tse di berekiwang kgapetsakgapetsa koo batho ba bantsi ba senang kgatlhego gone.
Ikotle ka Lefoko la Modimo Ka Metlha
Tsela e ba bangwe ba dirang ka yone e ka nna ya go neela megopolo ya kafa o ka itumelelang thata ka teng thulaganyo ya gago ya go ithuta ka metlha kana kafa wena le ba lelapa la gago lo ka dirisang nako ya thuto ka teng go nna e e nang le matswela thata. Sengwe sa dilo tse motlhanka wa Modimo a sa batleng di mo tlola ke go bala Lefoko la Modimo ka bolone ka metlha. Batho ba le bantsi ba ipeetse mokgele wa go bala bobotlana dikgaolo di le tharo kana di le nne tsa Bibela mo bekeng nngwe le nngwe. A o batla go bala Bibela yotlhe mo ngwageng o le mongwe fela? He o tla itumelela go dirisa nako e e oketsegileng o e bala, gongwe o dirisa halofo ya ura ka letsatsi.
A o badile Bibela yotlhe ka makgetlo a a fetang le le lengwe? Ke ka ntlha yang fa o sa ipeele mokgele o mosha mo nakong e e tlang? Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a bala dibuka tsa Bibela go ya ka go latelana ga nako e di kwadilweng ka yone, e le la ntlha a dira jalo. O ne a lemoga dintlha tse dintsi, tse di malebana le go latelana ga nako, tse a neng a sa di lemoge pele. Mosadi yo mongwe wa Mokeresete o badile Bibela yotlhe ga tlhano mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, nako le nako a e bala ka mogopolo o mosha. Ka lekgetlo la ntlha o ne a e bala yotlhe fela. Fa a e bala la bobedi, o ne a kwala dintlha tsa kgaolo nngwe le nngwe ka bokhutshwane ka seele se le sengwe fela kana di le pedi mo bukeng ya gagwe ya go kwalela dintlha. Go tloga ka ngwaga wa boraro go ya pele, o ne a simolola go dirisa kgatiso e kgolo ya ditshupiso, la ntlha o ne a leba ditshupiso tse dingwe tse di fa thoko mme go tswa foo a bo a ela tlhoko thata dintlhanyana tse di kwa tlase mmogo le tshedimosetso ya mametlelelo. Ka lekgetlo la botlhano, o ne a dirisa mmapa wa Bibela gore a tlhaloganye karolo ya tsa thutalefatshe ka mo go oketsegileng. O bolela jaana: “Ke ne ka simolola go natefelelwa ke go bala Bibela fela jaaka go ja dijo.”
Baithuti bangwe ba Bibela ba ba tlhagafetseng ba ile ba bona go le molemo go nna le kopi nngwe ya Bibela e ba e dirisang fela fa ba dira thuto ya bone ka namana, ba e tla ba ntse ba kwala dikakgelo tse di kgatlhang ka bokhutshwane kwa thoko, ditshwantsho tse di dirang gore motho a akanye thata, kana ditsebe tsa dikgatiso tse dingwe tse ba ka nnang ba ya kwa go tsone moragonyana. Modihedi mongwe wa nako e e tletseng o bona go itumedisa tota gore kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe a kwale dintlha tse disha tse a di ithutileng mo kgweding eo mo koping ya gagwe ya go ithuta. “Go lebelela pele nako eno ya me e e tlhwatlhwakgolo,” o bolela jalo, “go nthusa gore ke fitlhelele mekgele e mengwe ya kgwedi ka bonako.”
Dikgopolo Tse Dingwe Tse Di Supang Maatlametlo
A o ikutlwa gore thulaganyo ya gago e na le dilo tse dintsi thata tse o tshwanetseng wa di dira letsatsi le letsatsi le mo bekeng nngwe le nngwe mo e leng gore o tlhoka dikakantsho tsa kafa o ka dirisang nako ya gago e nnyennyane botoka ka gone? Ebu, tsamaya o tshotse se o ikaelelang go se bala, o bo o dirisa dinako tsa gago tsa boiketlo. Kwa gae kana kwa gantsi o a tleng o balele gone, baakanya dibuka ka mo o ka kgonang ka teng le didirisiwa tse dingwe tsa go ithuta e le gore go nne motlhofo go di tsaya. Dira gore lefelo le o ithutelang mo go lone le nne la boiketlo mme lefa go ntse jalo le se ka la nna manobonobo thata mo o ka nnang wa otsela. A o abetswe puo? Bala kgang eo yotlhe fa nako e santse e le teng, go tswa foo o bo o tlhatlhanya ka yone fa o iketlile kana fa o dira ditiro tse di farologaneng.
Ba bangwe ba ka nna ba dirisana le wena mo kgannyeng ya go dirisa nako sentle gore lotlhe lo solegelwe molemo. Ka sekai, o ka nna wa raya mongwe gore a balele kwa godimo dibuka tse o ka di tlhaloganyang motlhofo fa o ntse o bereka kana fa o ntse o tshelela mmadi wa gago yo o pelonomi tee. Go ka nna jang fa botlhe mo gae ba ka dumela gore go nne le nako ya tidimalo e e leng ya thuto ya motho ka namana? “Ke eng se o itumeletseng go se bala moragonyana jaana?” Ka dinako tse dingwe o ka nna wa kgona go ikamogelela se ditsala tsa gago di ithutileng sone ka go simolola motlotlo ka tsela eno.
A o kgatlhegela go tsenya dikgopolo tse disha mo thulaganyong ya gago ya go ithuta? O ka ipeela mokgele wa nako ya go ithuta ka tsela e e tshwanang le e batho ba le bantsi ba ipeelang mokgele ka yone wa nako ya go bua kaga Bibela le ba bangwe. Mmoledi mongwe wa nako e e tletseng (mmulatsela) o ipeela mokgele wa diura disekaenyana kgwedi le kgwedi tsa go ithuta mme o a itumela fa a bona tšhate ya mokgele wa gagwe e ntse e tlala. Ba bangwe ba fokotsa nako ya go lebelela thelebishene mme ka go dira jalo ba ipolokela nako ya go ithuta. Ba bangwe ba tlhopha setlhogo sengwe se ba ka nnang ba se bala fa nako e ntse e tsamaya, se se jaaka maungo a moya, tshimologo ya dibuka tsa Bibela, kana mokgwa wa go ruta. Ba bangwe ba itumelela go itirela ditšhate tse di bontshang go latelana ga dinako, tse di tshwanang le tse di bontshang kamano fa gare ga dikgosi tsa Baiseraele le baperofetia kana Ditihō tsa Baaposetoloi le dikwalo tsa ga Paulo.
Basha, a lo batla go nna le tumelo e e nonofileng? Ke ka ntlha yang fa o sa tseye kgatiso nngwe e o tla ithutang yone ka mo go boteng mo nakong e e tlang ya fa dikolo di tswetswe? Moithuti mongwe yo o kolobeditsweng wa sekolo se segolwane o ne a tlhopha buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. O ne a kwala dikakgelo tse dikhutshwane tsa se a se ithutileng mo bukeng ya gagwe ya dintlha tsa kgaolo nngwe le nngwe. Go ne go gwetlha e bile go tsaya nako e ntsi go gaisa kafa a neng a gopotse ka gone. Lefa go ntse jalo, fa a sena go fetsa buka yotlhe, o ne a kgatlhiwa thata ke tsela e molaetsa wa Bibela o leng boammaaruri ka teng.
Tlhagafalela go Ithuta go Feta Lefa E Le Leng Pele
Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba motlha wa segompieno ba setse ba “totahetse mo tihoñ ea Morèna.” (1 Bakorintha 15:58) Tota lefa o dirisa thulaganyo e e tokafaditsweng e bile o iteka ka pelo yotlhe, thulaganyo ya ka metlha e o e latelang mo bekeng nngwe le nngwe e ka nna ya se ka ya fetoga thata. Lefa go ntse jalo, o tla atlega fa e le gore wena o tlhagafalela go tlhaloganya boammaaruri thata le gone o nna o butse matlho gore o bone go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa.
Go a kgothatsa go utlwa kafa bao ba ba tokafaditseng mokgwa wa bone wa go ithuta ba neng ba duelwa ka gone. Monna mongwe wa Mokeresete, fa a lemoga gore ga a sa tlhole a na le kgatlhego e ntsi ya go batla go tlhaloganya boammaaruri, o ne a baakanya tsela e a tshelang ka yone gore a tle a kgone go dirisa nako ya gagwe e e oketsegileng e a sa direng sepe mo go yone gore a ithute ka namana. “E nteretse boitumelo jo ke neng ke sena jone pele,” o bolela jalo. “Ke fitlhela gore ke kgona go buisana le ba bangwe ka tumelo ya me ke tlhagafetse tota, e re ka ke na le tumelo e e ntseng e gola ya gore Bibela e kwadilwe ke Modimo. Letsatsi lengwe le lengwe ke ikutlwa ke otlega sentle, ke itekanetse semoyeng, e bile ke kgotsofetse.”
Molebedi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, yo o etelang diphuthego di le dintsi, o ne a tlhalosa melemo e mengwe jaana: “Bao ba tlhagafalelang go ithuta ka namana gantsi ba nna matlhagatlhaga fa ba bua. Ba dirisana botoka le ba bangwe, mme ga ba tshikinngwe motlhofo ke dikakgelo tse di sa ageng tse ba di utlwang mo go ba bangwe. Fa ba le mo bodiheding jwa tshimo, ba fetofetoga le seemo e bile ba butse matlho go bona gore batho ba ba kopanang le bone ba tlhoka dilo dife.”
O oketsa ka ntlha e nngwe e ba bangwe ba ka nnang ba rata go nna ba e gakologetswe fa ba sekaseka mokgwa wa bone wa go ithuta. “Fa go buisanngwa ka Dikwalo kwa dipokanong, batho ba le bantsi ba bala fela dikakgelo tsa bone jaaka di ntse mo bukeng. Ba ne ba ka solegelwa molemo thata fa ba ne ba ka tlhatlhanya kafa kgang eo e amanang ka gone le se ba se ithutileng mo nakong e e fetileng kana kafa e amang matshelo a bone ka gone.” A o akanya gore o ne o ka tokafatsa mo ntlheng eno?
Moperofeti Daniele, morago ga go tshela dingwaga tse di fetang 90, o ne a ntse a bona a sa tlhaloganye ditsela tsa ga Jehofa mo go lekaneng. Mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, o ne a botsa jaana ka kgang nngwe e a neng a sa e tlhaloganye sentle: “Morèna oa me, bohèlèlō yoa dilō tse e tla nna eñ?” (Daniele 12:8) Kwantle ga pelaelo go tlhagafalela ruri go ithuta mo go oketsegileng ka boammaaruri jwa Modimo e ne e le sone selo sa konokono se se dirileng gore a boloke bothokgami go ralala ditiragalo tsa botshelo jwa gagwe.—Daniele 7:8, 16, 19, 20.
Mongwe le mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa o na le boikarabelo jo bo tshwanang jwa go ema a nitame jaaka mongwe wa Basupi ba Gagwe. Tlhagafalela go ithuta go feta lefa e le leng pele gore o nne o nonofile semoyeng. Leka go oketsa karolo e le nngwe e ntšha kana di le pedi mo thulaganyong ya gago ya go ithuta ka namana ya beke le beke, ya kgwedi le kgwedi, kana ya ngwaga le ngwaga. Bona kafa Modimo o tla go segofatsang ka teng ka boiteko bope fela jo bo nnyennyane jo o bo dirang. Ee, itumelele go ithuta Bibela ka namana le diphelelo tsa gone.—Pesalema 107:43.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go go thusa go atolosa thuto ya gago o ka nna wa rata go dirisa tšhate e e fitlhelwang mo bukeng ya “Lokwalo Longwe Le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 294-7.