LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/1 ts. 8
  • Boammaaruri jwa Bibela Bo Kopanya Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri jwa Bibela Bo Kopanya Lelapa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Go Nonotshiwa ke Morongwa wa Modimo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • A Ruri Modimo o Amega ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/1 ts. 8

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Boammaaruri jwa Bibela Bo Kopanya Lelapa

GOMPIENO, mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, kutlwano ya lelapa e batlile e nna selo sa maloba. Lefa go ntse jalo, Bibela e tlhalosa sephiri sa go nna le kutlwano ya lelapa. Akanyetsa mafoko ano a ga Jesu: “Moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, a ba a a diha, o tla chwantshiwa le monna eo o botlhale, eo o agileñ ntlo ea gagwe mo lehikeñ.” (Mathaio 7:24) Diketekete tsa malapa a Basupi ba ga Jehofa a ile a nna le kutlwano ka go dirisa mafoko ano le go dirisa Bibela jaaka motheo wa go aga lelapa le le kitlaneng. Ba bangwe le bone ba ka nna le kutlwano e e tshwanang, jaaka maitemogelo a a fa tlase a bontsha.

Fa Daniel a ntse a dira mo bosoleng kwa Fora, moruti wa sesole o ne a akantsha Daniel gore a reke Bibela, o ne a dira jalo, mme a simolola go e bala ka metlha. Kgabagare, o ne a fudusediwa kwa Tahiti. Dingwe tsa ditsala tsa ga Daniel e ne e le Ba-Adventist mme ba bangwe e le Ba-Mormon. Gantsi motlotlo wa bone o ne o nna ka bodumedi. Ka letsatsi lengwe sajene yo mogolo o ne a itsise Daniel mosadi wa gagwe, yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhola motshegare otlhe a ntse a arabela dipotso tse dintsi tsa ga Daniel mme a mo golaganya le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya gone mo Tahiti. Ka bonakonyana fela o ne a simolola go nna le thuto ya ka metlha ya Bibela.

Batsadi ba ga Daniel kwa gae kwa Fora e ne e le Bakatoliki ba ba tlhoafetseng. Rraagwe e ne e le mogakolodi wa sekolo mme a ruta thuto ya bodumedi kwa sekolong sa Katoliki. E re ka a ne a batla go abalana matlotlo a semoya ao a neng a a ithuta le batsadi ba gagwe, Daniel o ne a nna a ntse a tsenya dintlha dingwe tsa Bibela fa a kwalela batsadi ba gagwe.

Kwa tshimologong mmaagwe Daniel o ne a itumetse mme a gakgamadiwa thata ke go fitlhela leina la Jehofa mo go lengwe la makwalo a ga morwawe. Morago ga malatsinyana, o ne a utlwa thulaganyo nngwe ya radio e e neng e tlhalosa gore Basupi ke “lekoko le le kotsi.” O ne a kwalela Daniel mme a mo kopa gore a kgaole dikamano tsotlhe tsa gagwe le Basupi ba ga Jehofa ka bofefo. Lefa go ntse jalo, Daniel o ne a tsweledisa thuto ya gagwe ya Bibela mme ka bonakonyana fela a dira dithulaganyo tsa go tlogela bosole mme a boele kwa Fora.

Fa a setse a le kwa gae, Daniel o ne a dirisa maitseboa mangwe le mangwe—ka nako nngwe go fitlhela bosigogare—a ntse a buisana le mmaagwe kaga Bibela. Labofelo o ne a dumalana go ya le Daniel kwa Holong ya Bogosi. Fa a sena go nna gone kwa pokanong lekgetlo la ntlha fela, o ne a kgatlhega thata mo a ileng a simolola go nna le thuto ya ka metlha ya Bibela. O ne a tswelela pele ka bonako mme go ise go ye kae o ne a kolobediwa.

Rraagwe Daniel e ne e le monna yo o pelotelele mme a tlhagafaletse tiro ya gagwe ya ka metlha le ditiro tse dingwe tsa bodumedi. Lefa go ntse jalo, mo lobakeng longwe o ne a isa mosadi wa gagwe le Daniel kwa kopanong ya kgaolo. E ne e le ka July 14, mme o ne a akantse go lebelela mogwanto wa Letsatsi la Bastille mo motseng. Fa a ntse a o emetse o ne a swetsa ka gore a lebe mo teng ga holo ya kopano, a batla go bona fela. O ne a kgatlhiwa thata ke go bona batho ba ga Jehofa ba ntse ka thulaganyo le kagiso, mme fa a ntse a tsamayatsamaya le mafapha a a farologaneng a kopano, mongwe le mongwe o ne a nnela go mmitsa “mokaulengwe.” O ne a lebala gotlhe ka mogwanto wa Letsatsi la Bastille mme a nna go fitlhela kopano e fela. O ne a kopa gore a rutwe Bibela mme a tswelela go ithuta boammaaruri ka bonako. Lefa go ntse jalo, fa a ntse a tswelela go ithuta, o ne a simolola go tshwenyega thata ka ga tiro ya gagwe, mme fa a ne a na le dingwaga di le 58, o ne a tlogela tiro ya gagwe. Jaanong ka boraro jwa bone mo lelapeng ba ineetse ebile ba kolobeditswe mme ba direla Jehofa mmogo ka kutlwano.

Lelapa la gabo Daniel le ne la kopanngwa ke boammaaruri jwa Bibela. Le malapa a mangwe a ka kopana ka mo go tshwanang fa ba ithuta le go dirisa boammaaruri jwa Bibela ka peloyotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela