LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/15 ts. 24-25
  • Keletso ya Pelo ya Gagwe E Ne ya Diragadiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keletso ya Pelo ya Gagwe E Ne ya Diragadiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boperofeti Jo Bo Bolelang Kaga Mesia Bo Naya Tsholofelo
  • Mesia Ga A Ise A Tle!
  • Monna Yo O Ratang Kobamelo
  • Mafoko a ga Simeone a Boperofeti
  • Mafoko A Simeone A Neng A A Bua le Maria
  • Simeone O Dirisa Boperofeti Jo Bo Kaga Mesia
  • Ngwana Yo O Solofeditsweng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ngwana yo o Neng a Solofeditswe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ngwana Yo O Solofeditsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Bagodi, lo Botlhokwa Thata mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/15 ts. 24-25

Keletso ya Pelo ya Gagwe E Ne ya Diragadiwa

AO ELETSA go bona Bogosi jwa ga Mesia bo busa ka botlalo mo lefatsheng? Fa e le gore go ntse jalo, o a eletsa e bile o rapelela gore masego a a solofeditsweng a a tla nnang teng mo Bogosing jwa legodimo a diragadiwe. Ka gone he, nna pelotelele, ka gonne “motlhañ seelecō se tlañ, e be e le setlhare sa botshelō.”—Diane 13:12; Yakobe 5:7, 8.

Mo e ka nnang dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng go ne go na le monna mongwe yo o ‘siameng e le morapedi wa Modimo’ yo o neng a bidiwa Simeone kwa Jerusalema. O ne a dumela boperofeti jo bo kaga Mesia mme “a lebeletse kgomocō ea Iseraela” ka bopelotelele.—Luke 2:25.

Boperofeti Jo Bo Bolelang Kaga Mesia Bo Naya Tsholofelo

Jehofa ke ene a neng a bolela boperofeti jwa ntlha kaga Mesia—jo bo neng jwa dira gore batho ba ba leofileng ba ba swang ba nne le tsholofelo. Modimo o ne wa bolelela pele kaga go tla ga Losika lwa “mosadi” wa gagwe kana phuthego ya gagwe ya lobopo lotlhe.—Genesise 3:15.

Ene yoo o ne a bolelwa gore e tla nna wa losika lwa ga Aberahame, mme Jakobe o ne a bolelela pele kaga go tla ga gagwe. (Genesise 22:17, 18; 49:10) Kgalalelo ya Bogosi jwa ga Mesia e ne ya bakiwa mo dipesalemeng. (Pesalema 72:1-20) Isaia o ne a bolelela pele gore Losika lono lo ne lo tla tsholwa ke lekgarebane, mme Mika o ne a perofeta gore o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema. (Isaia 7:14; Mika 5:2) Jono ke bongwe jwa boperofeti jo bontsi kaga Mesia.

Mesia Ga A Ise A Tle!

A o ko o akanye ka se se diragetseng mo nakong e e fetileng, mme o akanye ka nako ya fa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. le atamela. Boperofeti jwa Modimo jwa ntlha kaga Mesia bo setse bo na le dingwaga di le 4 000 jaanong. Bajuda ba ne ba bona tempele ya ga Jehofa e senngwa, ba bona nagagae ya bone e swafadiwa, ba ya botshwarwa ka dingwaga tse 70 kwa Babelona, mme ba ne ba gatelelwa ke babusi ba Baditšhaba ka dingwaga tse 500 mo godimo ga moo. Mme Mesia ga a ise a tle!

A bo Bajuda ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba eletsa jang ne gore Mesia a tle! Bone mmogo le merafe e mengwe yotlhe ba ne ba tla bona masego ka ene.

Monna Yo O Ratang Kobamelo

Simeone yo e neng e le motlhanka yo o ikanyegang yo a tsofetseng wa ga Jehofa yo o neng a nna kwa moshateng wa Judea e ne e le mongwe wa Bajuda ba ba neng ba rata kobamelo ba ba neng ba eletsa e bile ba rapela gore Mesia a tle. Go na le sengwe se se kgethegileng se se ileng sa diragalela Simeone.

Modimo o ne wa tshololela Simeone moya wa gagwe o o boitshepo mme o ne wa mo duela ka go mo senolela. Simeone o ne a se kitla a swa go fitlha a bona Ene yo o tla nnang Mesia. Mme lefa go ntse jalo, go feta malatsi le dikgwedi. Simeone o a tsofala e bile ga a solofele gore o tla tshela nako e telele. A se Modimo o se mo solofeditseng se tla diragadiwa?

Ka letsatsi lengwe (ka 2 B.C.E.), banyalani bangwe ba ba nang le losea ba tla kwa tempeleng kwa Bethelehema. Moya o o boitshepo o senolela Simeone gore leno ke lone letsatsi le a sa bolong go le lebelela. O ya kwa tempeleng kwa a tla bonang Ene yo baperofeti ba kwadileng kaga gagwe. O itlhaganela thata ka moo mmele wa gagwe o o tsofetseng o ka kgonang ka teng, mme o bona Josefa, Maria le ngwana.

A bo Simeone a ne a itumela jang ne go tshwara ngwana Jesu mo matsogong a gagwe! Ke Ene yo e tla nnang Mesia yo o solofeditsweng—“Keresete oa Morèna.” E re ka Simeone a setse a tsofetse thata jaana, ga a kake a solofela go bona Jesu a wetsa thomo ya Gagwe mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, go a itumedisa go mmona e le losea. Boperofeti jo bo buang kaga Mesia bo simolola go diragadiwa. A bo Simeone a itumetse jang ne! O tla itumelela go ikhutsa mo losong go fitlha ka tsogo ya baswi.—Luke 2:25-28.

Mafoko a ga Simeone a Boperofeti

Re utlwa Simeone a bua ka lentswe le legolo a baka Jehofa jaana: “Morèna, yana u ka mma motlhanka oa gago a tsamaea ka kagishō yaka lehoko ya gago: gonne matlhō a me a bonye poloka ea gago, e u e baakantseñ ha pele ga sehatlhōgō sa dichaba cotlhe; lesedi ye le bonesañ Badichaba, le kgalalèlō ea Iseraela batho ba gago.” Josefa rraagwe Jesu yo o mo godisitseng, le mmaagwe Maria, ba ne ba gakgamalela mafoko ano.—Luke 2:29-33.

Simeone o segofatsa Josefa le Maria ka boitumelo, go bonala a ba eleletsa masego a ga Jehofa gore ba dire maikarabelo a bone a go godisa ngwana. Morago ga foo sefatlhego sa monnamogolo se a hutsafala. Fa a bua le Maria fela, o oketsa jaana: “Bōna, ñwana eo, o beecwe go wa le go coga gapè ga batho ba le bantsi mo go Iseraela; le gore a nnè seshupō se se tla ganediwañ: E, le chaka e tla phololèla le ōna mōea oa gago; gore megopolō ea dipelo di le dintsi e senolwè.”—Luke 2:34, 35.

Mafoko A Simeone A Neng A A Bua le Maria

Akanya fela gore Maria o ne a ikutlwa jang. Simeone o ne a raya jang? Bangwe ba ne ba tla amogela Keresete mme ba ntshiwa mo boemong jwa bone jwa go wa. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba tla mo gana, ba kgopisega, ba bo ba wa. Jaaka go ne go boleletswe pele, Jesu o ne a nna lentswe le le kgopang mo Bajudeng ba le bantsi. (Isaia 8:14; 28:16) Mafoko a ga Simeone a ne a sa bolele gore Baiseraele bangwe ba ne ba tla wa mo tumelong mme morago ga moo ba boele gape mo tumelong ba bo ba amogela Jesu. Go na le moo, o ne a bolela gore mongwe le mongwe o ne a tla mo tshwara ka tsela e e farologaneng, mme seo se ne se tla senola megopolo ya dipelo tsa ba bantsi mme Modimo o ne o tla ba atlhola ka tsela e e molemo kana e e bosula. Mo bathong ba ba sa dumeleng, o ne a tla nna sesupo kana ba ne ba tla mo ila. Ka go dumela mo go ene, ba bangwe ba ne ba tla kgona go ntshiwa mo seemong sa go swa ka ntlha ya ditlolo le boleo jwa bone mme ba ne ba tla nna batho ba ba siameng mo matlhong a Modimo. Tsela e batho ba neng ba tla tshwara Mesia ka yone e ne e tla supa se se leng mo dipelong tsa bone.

Go tweng ka mafoko ano a ga Simeone a a reng: “Chaka e tla phololèla le ōna mōea oa gago”? Ga go na bosupi bope jwa Dikwalo jo bo bontshang gore tota Maria o ne a tlhabiwa ka tšhaka. Lefa go ntse jalo, o ne a tla utlwa botlhoko thata fa batho ba bantsi ba gana Jesu. Mme a bo Maria a tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko jang ne fa Jesu a ne a kokotelwa mo koteng! Go ne go tshwana fela le gore o tlhabilwe ka tšhaka.

Simeone O Dirisa Boperofeti Jo Bo Kaga Mesia

Moya wa Modimo o ne wa tlhotlheletsa Simeone go dirisa boperofeti jo bo bolelang kaga Bomesia mo go Jesu. Simeone o ne a tla swa ka kagiso kana a ritibetse, ‘ka go bo matlho a gagwe a ne a bone poloka ya Modimo e A e baakantseng fa pele ga sefatlhego sa ditšhaba tsotlhe, lesedi le le bonesang baditšhaba le kgalalelo ya Iseraele batho ba Gagwe.’ (Luke 2:30-32) A bo seno se ne se tshwanela mafoko a boperofeti jwa ga Isaia sentle jang ne!

Moperofeti yoo o ne a bolelela pele jaana: “Kgalalelo ea ga Yehofa e tla senolwa, nama eotlhe e tla e bōna mmōgo.” “Ke [Jehofa] tla gu ntsha, gore [Mesia] u nnè lesedi ya merahe, gore u tlo u nnè poloka ea me kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Isaia 40:5; 42:6; 49:6; 52:10) Fa e sale ka nako eo Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le mabaka di supa gore Mesia e bong Jesu Keresete, ke ene lesedi la ditšhaba, Ene yo o tla nnang lesedi mo lefifing la semoya mme o tla leretse batho poloko.

Ga go na sepe se se oketsegileng se Lefoko la Modimo le se buang ka Simeone yo o tsofetseng. Go bonala a ne a swa pele Keresete a bula tsela ya botshelo jwa kwa legodimong. Ka jalo, Simeone o tla tloga a tsosediwa go tshela mo lefatsheng. A bo ene—mmogo le wena—lo ka kgona go itumela jang ne mo lefatsheng le lesha mo Bogosing jwa Modimo jwa ga Mesia!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela