LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/1 ts. 24-28
  • “Lecōgō la ga Jehofa” mo Botshelong jwa Me

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lecōgō la ga Jehofa” mo Botshelong jwa Me
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiro ya go Rera kwa Tshimologong
  • Tiro ya Rona E A Thibelwa kwa Canada
  • Dikarolo Tse Dintsi tsa Tirelo ya Nako E E Tletseng
  • Go Godisa Bana Ba Rona kwa Brazil
  • Go Boela kwa Canada
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Dira Ditshwetso Tse di Siameng go Ntliseditse Masego a Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jehofa o Simolotse go Nkatisa Ke sa Le Mosha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • “Melelwane e Ntiteetse mo Maheloñ A Mantlè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/1 ts. 24-28

“Lecōgō la ga Jehofa” mo Botshelong jwa Me

JAAKA GO BOLETSE LAWRENCE THOMPSON

BOSIGO bongwe ka 1946, nna le rre re ne re dutse mo koloing re lebeletse dinaledi tsa bokone di ntse di binabina mo loaping. Re ne ra bua ka bogolo jwa ga Jehofa le tsela eo rona re leng babotlana ka teng. Re ne ra akanya ka dilo tse di diragetseng mo dingwageng tsa fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Canada. Rre o ne a ntemosa ka moo Jehofa a ileng a tshegetsa le go kaela batho ba Gagwe mo dingwageng tseno ka teng.

LE MORORO ke ne ke na le dingwaga tse 13 fela, ke ne ke kgona go tlhaloganya kafa se Rre a neng a se bua se neng se le boammaaruri ka gone. Gape o ne a dira gore ke tlhaloganye gore tiro ya go rera e e santseng e tshwanetse go dirwa e potlakile go le kana kang le gore e kgolo go le kana kang. Rre o ne a nopola Dipalō 11:23 a bo a gatelela gore, totatota, letsogo la ga Jehofa le ka motlha ga le ke le nna lekhutshwane. Ke fela go tlhoka tumelo le go sa mo ikanye ga rona go go tla dirang gore a lekanyetse dilo tse a tla re di direlang. E ne e le motlotlo o o botlhokwa gare ga rre le morwawe, o ke se kitlang ke o lebala le ka motlha.

Go ithuta dikgatiso tsa Watch Tower, le gone go ne ga ntlhotlheletsa thata fa ke sa le mosha, segolobogolo buka ya Salvation, e e gatisitsweng ka 1939. Le ka motlha nka se ka ka lebala setshwantsho sa yone se se kgatlhang se se simololang jaana: “Terena e e nang le lobelo lo logolo, e tletse ka bapalami, e tsamaya ka lobelo lwa dimmaele di le lekgolo [160 km] ka ura. E tshwanetse go kgabaganya noka mo borogong jo bo neng bo tswapela bo bo bo batle bo leba kwa bo tswang teng, mo e leng gore batho ba ba mo letorokong le le kwa bofelong jwa terena ba ne ba kgona go bona enjene . . . Banna bangwe ba babedi ba ba neng ba palame ka kwa morago ga terena . . . ba ne ba bona karolo e e kwa ntlheng ya borogo e sha e bile e wela mo teng ga noka. Ba ne ba lemoga gore ba lebane le kotsi e kgolo. Seno tota e ne e le selo se se tlhokang go tseelwa kgato ka potlako thata. A terena e ne e ka kgona go emisiwa ka nako gore go bolokiwe matshelo a batho ba bantsi ba ba palameng terena?”

Fa e bontsha ka moo setshwantsho seno se dirang ka teng, buka eo e ne ya konela jaana: “Go ntse fela jalo le gompieno, merafe yotlhe le batho ba lefatshe ba lebane le selo se se tlhokang go tseelwa kgato ka potlako tota. Ba tlhagisiwa fela jaaka fa Modimo o laetse gore masetlapelo a Haramagedona a fela fa gaufi. . . . E re ka jaanong ba setse ba tlhagisitswe, mongwe le mongwe yo o tlhagisitsweng jalo o tshwanetse gore jaanong a tlhophe tsela eo a tla e tsayang.”

Terena e e mo lobelong, borogo jo bo shang, le go potlaka ga tiro ya go rera go ne ga gatisediwa mo mogopolong wa me ka tsela e nka se e lebaleng.

Tiro ya go Rera kwa Tshimologong

Ke ne ka simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera ka 1938, fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano. Babulatsela ba babedi (badihedi ba nako e e tletseng) ebong Henry le Alice Tweed, ba ne ba tle ba tsamaye le nna, mme re ne re tle re fetse diura di le 10 go ya go di le 12 ka letsatsi re ntse re bua le batho. Ke ne ke itumelela malatsi a a monate ao mo tirelong ya ga Jehofa fela thata. Ka jalo ke ne ka itumela thata fa mo ngwageng e e latelang Rre le Mmè ba ne ba ntumelela gore ke nne mmoledi ke bo ke bege tiro ya me.

Mo dinakong tseo tsa pele, re ne re nna le seabe mo matsholong a go anamisa molaetsa, re ralala mebila e megolo ya metse re tsentse dipolakate tse di nang le mafoko a a senolang bodumedi jwa maaka le go itsise Bogosi jwa Modimo. Gape re ne re dirisa difonokerafa tse dinnye mme re letsa melaetsa e e thailweng mo Bibeleng gone fela fa kgorong ya beng ba matlo. Re ne re a tle re letse dipuo tsa ga J. F. Rutherford, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, tseo dingwe tsa tsone ke neng ke setse ke di itse ka tlhogo. Ke santse ke gakologelwa sentle fa a ne a bolela jaana: “Gantsi go a tle go twe, Bodumedi ke serai le maano a a boferefere!”

Tiro ya Rona E A Thibelwa kwa Canada

Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Canada, fela jaaka kwa Jeremane ya Banasi le kwa dinageng tse dingwe. Ka jalo re ne ra dirisa Bibela fela mme lefa go ntse jalo ra tswelela pele re ntse re dira tiro e re e filweng ke Modimo re utlwa ditaelo tsa Bibela. (Mathaio 28:19, 20; Ditihō 5:29) Re ne ra ithuta go emelana le go tlhaselwa ke mapodise kwa dipokanong tsa rona le kwa magaeng a rona. Gape re ne ra simolola go nna le bokgoni jwa go ka neela bosupi fa pele ga baatlhodi le go araba dipotso fa re botsolodiwa.

Nna le nkgonne Jim re ne ra nna ditswerere mo go konopeleng dibukana mo mejakong le mo mathuding a matlo fa koloi e ntse e tsamaya. Mo godimo ga moo re ne re tle re nne barongwa, mme ka dinako tse dingwe, re ne re disa batho ba ba neng ba kgabaganya molelwane go ya kwa dikopanong tsa kwa United States.

Ntlo ya rona e ne e le kwa dikarolong tse di kwa thoko tsa Port Arthur (e jaanong e bidiwang Thunder Bay), kwa Ontario, e agilwe mo diheketareng di sekae tse di dikologilweng ke ditlhare le dikhi. Re ne re na le kgomo, namane, dikolobe, le dikoko—tse di neng di thusa thata go fitlha tiro ya rona ya go thusa Bakeresete ka rona ba basha bao ba neng ba tsomiwa gore ba tsenngwe mo kgolegelong ka ntlha ya go rera ka Bogosi jwa Modimo.

Bosigo dikoloi, diteraka, le ditereilara tse di neng di pegile Bakeresete ba basha di ne di tle di tsene le go tswa mo jarateng ya rona e e neng e le kwa thoko. Re ne re tle re fe basha bano boroko, re ba fitlhe, re dire e kete ke batho ba sele, re bile re ba fa dijo mme morago ga moo re bo re ba lesa gore ba tswelele pele le mosepele wa bone. Rre le mmè, mmogo le badiri ba bangwe bao ba nako eo, e ne e le batlhanka ba ba dirang ka moya otlhe ba ba neng ba tlhotlheletsa pelonyana ya me go direla le go rata Jehofa Modimo.

Ka August 1941, ke ne ka neela Jehofa botshelo jwa me mme ka kolobediwa mo lekadibeng le lennye kwa tengteng ga sekgwa. Ba le mmalwa ba rona ba ne ba kokoanetse tiragalo eno bosigogare mo teng ga ntlwana e e tshubilweng ka lebone la mafura. Mapodise a go bonalang a ne a belaela a ne a tsamaya a tlhatlhoba lekadiba ka mabone a a dirisediwang go phuruphutsa, mme ba se ka ba re bona.

Dikarolo Tse Dintsi tsa Tirelo ya Nako E E Tletseng

Ka 1951, ke ne ka aloga kwa sekolong se segolwane mme ka tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 1 600 go ya kwa kabelong ya me ya bobulatsela kwa Cobourg kwa Ontario. Phuthego e ne e le potlana mme ke ne ke sena mopati mo tirong ya bobulatsela. Mme ka gore ke ne ka gakologelwa gore letsogo la ga Jehofa ga le ke le nna lekhutshwane, ke ne ka hira kamore, ka ikapeela, mme ka itumelela go direla Jehofa. Ngwaga e e latelang, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Toronto. Ke ne ka ithuta dilo tse dintsi tse di botlhokwa koo tseo di neng tsa mpaakanyetsa tirelo ya me ya Bogosi ya isagwe.

Morago ga gore ke direle kwa Toronto jaaka mmulatsela sebaka se se fetang sa ngwaga, nna le Lucy Trudeau re ne ra nyalana, mme ka mariga a 1954, re ne ra amogela kabelo ya bobulatsela kwa Levis kwa Quebec. Maemo a bosa e ne e le a a tsididi thata, go tshwenngwa ke digopa le mapodise e ne e le selo se se tshosetsang, mme e ne e le kgwetlho go ithuta Sefora. Mo dilong tseno tsotlhe le ka motlha letsogo la ga Jehofa ga le ise le ko le nne lekhutshwane, ka jalo le mororo go ne go na le dinako tse di thata, gape re ne re na le masego a mantsi.

Ka sekai, re ne ra kopiwa go tlhatlhoba dikepe tse pedi (Arosa Star le Arosa Kulm) tse Mokgatlho o neng o ikaeletse go di dirisetsa go rwala batho ba ba neng ba ya dikopanong tse dikgolo tsa ditšhabatšhaba kwa Yuropa ka 1955. Batsamaisi ba khampani ya dikepe ba ne ba tle ba re amogele sentle ka dinako tse dingwe ka go bo ba ne ba rata go dira kgwebo le Mokgatlho, mme seo se ne se lapolosa ka mo go itumedisang tota go tswa mo bodiheding jo bo tshwenyang mo maikutlong kwa Quebec ka nako eo.

Ka letlhabula la 1955, ke ne ka lalediwa go ya go direla jaaka molebedi yo o etang, mme mo marigeng ao re ne ra etela diphuthego tse di kgakala kwa bokone jwa Ontario kwa go leng tsididi thata. Mo ngwageng e e latelang re ne ra ya Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade kwa United States, mme morago ga moo re ne ra abelwa go direla jaaka barongwa kwa Brazil, kwa Amerika Borwa.

Re ne ra simolola go dira ka tlhagafalo mo kabelong ya rona e ntšha mme go ise go ye kae re ne ra kgona go rera le go ruta ka puo ya Sepotokisi. Mo masimologong a 1957, ke ne ka boa gape ka abelwa go direla jaaka molebedi yo o etang. Mo lekgetlong leno, go na le gore re lebane le serame se se thubang marapo sa Bokone, re ne ra tshwanelwa ke go emelana le mogote o o ntshang noga mo mosimeng. Mo makgetlong a le mantsi re ne ra tshwanelwa ke gore re eme gore re ntshe motlhaba o o fisang mo ditlhakong tsa rona kana re kgetle ntšhwe gore re e tšhotlhe gore re boe re nne le maatla gape. Mme lefa go ntse jalo, go ne go na le masego.

Kwa toropong ya Regente Feijo, ke ne ka bua le mookamedi wa mapodise, mme o ne a laela gore mabenkele otlhe a tswalwe mme a bolelela mongwe le mongwe gore a ye kwa lefelong la borekisetso la toropo. Ke ne ka neela batho botlhe ba toropo eo puo ya Bibela ke le mo moriting wa setlhare se se thunyang sa matlhare a a sephara. Gompieno go na le phuthego ya Basupi koo.

Go Godisa Bana Ba Rona kwa Brazil

Fa Lucy a ne a nna moimana ka 1958, re ne ra ya go nna kwa Juiz de Fora mme ra direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng. Mo dingwageng tse pedi tse di latelang, bomorwadiarona, Susan le Kim ba ne ba tsholwa. Ba ne ba itshupa e le lesego tota mo bodiheding, ba nna kgogedi mo motseng. Fa re ntse re kgorometsa diporema tsa bone mo ditselaneng tse di thetsweng ka majana tsa mebila, batho ba ne ba tswa ba tla go ba bona. E re ka go ne go tlhokega baboledi ba bantsi ba Bogosi kwa Recife, go ya fela kwa borwa jwa ekweita, re ne ra fudugela kwa lefelong leo le le mogote thata.

Ka 1961, ga ke a ka ka thusa fela go rulaganyetsa Basupi mosepele wa go tsamaya ka sefofane go ya kopanong ya kwa São Paulo mme gape nna ka bonna ke ne ka kgona go nna teng kwa kopanong eo e nka se kang ka e lebala. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang metsotso e le 20 re le mo mosepeleng ka sefofane, sefofane se ne sa leba kwa tlase ka tshoganyetso, se ntse se digela bapalami kwa le kwa mo teng ga sone. Sefofane se ne se senyegile mo teng; ditulo di ne di komogile mo di neng di kurufeletswe teng, mme batho ba ba neng ba palame mo go sone ba ne ba kgobogile ba bile ba tswa madi. Ka lesego mokgweetsi wa sefofane o ne a kgona go busa sefofane gore se se ka sa wa, mme se ne sa kgona go kotama ka pabalesego. Go ne go sena bape mo go rona ba ba neng ba utlwile botlhoko thata mo e leng gore re ne re ka palelwa ke go tswelela pele ka loeto lwa go ya kwa São Paulo ka sefofane se sengwe. Re ne ra itumelela kopano e e monate, mme ke ne ka bolela gore nka se tlhole ke tsamaya ka sefofane gape!

Lefa go ntse jalo, fa ke fitlha kwa gae go tswa kwa kopanong, ke ne ka fitlhela kabelo e nngwe e nkemetse. Ke ne ke tshwanetse go ya go thusa kwa kopanong nngwe kwa gare ga sekgwa kwa Teresina, kwa Kgaolong ya Piauí. Ke ne ke tla tshwanela go ya teng ka sefofane. Le mororo ke ne ke boifa thata jalo, ke ne ka amogela kabelo eo, ke ikantse letsogo la ga Jehofa.

Ka 1962 morwaarona Greg, o ne a tsholwa kwa Recife. Le mororo ke ne ke sa tlhole ke kgona go bula tsela ka go bo ke ne ke setse ke na le lelapa, ke ne ka kgona go tlhotlheletsa moya o o tshwanetseng mo phuthegong e potlana eo. Bana ka metlha ba ne ba itumelela go tsamaya le rona mo bodiheding, e re ka re ne re dira gore e nne tiro e e ba itumedisang. Mongwe le mongwe wa bone o ne a kgona go tshwara motlotlo mo matlong go tloga fa a na le dingwaga di le tharo. Re ne ra go dira mokgwa gore le ka motlha re se ka ra palelwa ke go nna gone kwa dipokanong kana go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Lefa mongwe mo lapeng a ne a lwala mme yo mongwe a ne a tla tshwanela gore a sale le ene, ba bangwe botlhe ba ne ba tla ya pokanong kana ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo.

Fa dingwaga di ntse di feta, re ne re tlotla mmogo ka metlha jaaka lelapa ka dithuto tsa bana tsa sekolo le ka mekgele ya bone mo botshelong, re ba baakanyetsa go direla mo phuthegong ya ga Jehofa botshelo jotlhe jwa bone. Re ne re le etse tlhoko gore re se ka ra dira gore ba tlhotlhelediwe ke dilo tse di koafatsang, tse di tshwanang le thelebishene. Re ne ra seka ra nna le thelebishene mo lapeng la rona go fitlhela bana ba nna mo dingwageng tsa bone tsa bolesome. Lefa gone re ne re ka kgona, ga re a ka ra ba senya ka dilo tse di bonalang. Ka sekai, re ne ra reka baesekele e le nngwe fela, eo ba neng ba tshwanetse go e dirisa ka boraro jwa bone.

Re ne re dira dilo mmogo kafa re neng re ka kgona ka teng, re tshameka bolotloa mmogo, re thuma mmogo, le go tsaya maeto mmogo jaaka lelapa. Maeto ano e ne e le fa re ya kwa dikopanong tsa Bokeresete kana re etela magae a Bethele mo dinageng tse di farologaneng. Maeto ano a ne a dira gore re nne le nako ya gore re tlotle re phuthologile gore nna le Lucy re tle re kgone go itse se se leng mo dipelong tsa bana ba rona. Ruri re leboga Jehofa ka ntlha ya dingwaga tse di itumedisang tseo!

Kgabagare, go nna ga rona dingwaga di le lesome mo nageng eo ya Boboatsatsi gaufi le ekweita go ne ga koafatsa botsogo jwa ga Lucy. Ka jalo re ne ra itumelela go fetola kabelo ya rona go ya kwa maemo a bosa a seng tsididi e bile a se mogote thata kwa borwa, kwa Curitiba, kwa Kgaolong ya Paraná.

Go Boela kwa Canada

Ka 1977, morago ga go nna dingwaga di ka nna 20 kwa Brazil, nna le Lucy re ne ra boela kwa Canada le bana ba rona go ya go tlhokomela rre yo o neng a lwala. A bo lelapa la rona le ne la tsena mo setsong se se farologaneng jang ne! Lefa go ntse jalo, go ne go sena pharologano epe semoyeng, ka go bo re ne ra tswelela re dirisa mokgwa wa rona o re o tlwaetseng le bakaulengwe ba rona ba ba lorato ba Bakeresete.

Kwa Canada bodihedi jwa nako e e tletseng e ne ya nna selo se se dirwang ke botlhe mo lelapeng ka gore mongwe le mongwe wa basetsana ba rona o ne a tsenela bodihedi jwa bobulatsela jwa nako e e tletseng. Rotlhe re ne ra nna le seabe mo maitekong a lelapa le neng le a dira. Madi ape fela a a neng a bonwa mo tirong e e seng ya letsatsi lotlhe a ne a tsenngwa mo letloleng la ditshenyegelo gore re tle re a dirisetse go duelela ntlo ya rona le dikoloi tsa rona tse tharo tse re neng re di dirisetsa tshimo ya rona e e katoganeng. Beke nngwe le nngwe morago ga thuto ya Bibela ya lelapa, re ne re buisana ka dithulaganyo tsa lelapa la rona. Dipuisano tseno di ne di thusa mo go tlhalosetseng mongwe le mongwe gore re ne re ya kae le gore re dira eng ka matshelo a rona.

Morwaarona Greg, fela jaaka bokgaitsadie, le ene o ne a dirile bodihedi jwa nako e e tletseng mokgele wa gagwe. Go tloga fela fa a le dingwaga di le tlhano, o ne a bolela gore o eletsa go ya go dira kwa ofising ya lekala la Mokgatlho, e e bidiwang Bethele. Ga a ise a ko a lebale mokgele oo, mme e ne ya re morago ga gore a aloge kwa sekolong se segolwane, o ne a botsa nna le mmaagwe jaana: “A lo akanya gore ke ka dira kopo ya go ya go direla kwa Bethele?”

Le mororo go ne go ama maikutlo a rona go tlogela morwaarona gore a tsamaye, re ile ra araba jaana kwantle ga go okaoka: “Ga go na gope koo o tla utlwang tshegetso ya letsogo la ga Jehofa teng go feta kwa Bethele—leo e leng lefelo la konokono la phuthego ya ga Jehofa.” Mo dikgweding di le pedi o ne a tsamaya a ya kwa Bethele ya kwa Canada. Seo se ne sa diragala ka 1980, mme o santse a direla teng.

Dingwaga tsa bo1980 di ne tsa leretse nna le Lucy dikgwetlho tse disha. Re ne re boetse kwa re simolotseng teng—re le babedi fela. Ka nako eo Susan o ne a nyetswe mme a bula tsela le monna wa gagwe, mme Kim le Greg ba ne ba direla kwa Bethele. Re ne re tla dira eng? Potso eo e ne ya arabiwa ka bonako ka 1981 fa re ne re lalediwa go ya go dira mo potologong ya Sepotokisi, e e neng e aname bophara jwa dikilometara di le 2 000 kwa Canada. Re santse re itumelela tiro ya go eta.

Kim o ne a nyalwa mme a ya Gileade, mme gone jaanong o direla le monna wa gagwe mo tirong ya potologo kwa Brazil. Susan le monna wa gagwe ba santse ba le kwa Canada ba godisa bana ba bone ba babedi, mme monna wa ga Susan o bula tsela. Le mororo lelapa la rona le ile la kgaogana mo dingwageng tsa bosheng ka ntlha ya dikabelo tsa rona tse di farologaneng tsa tirelo ya nako e e tletseng, re santse re atamalane semoyeng le mo maikutlong.

Nna le Lucy re lebeletse pele isagwe e e itumedisang eo mo go yone re tla nnang le lelapa la rona mo lefatsheng le le phepafaditsweng. (2 Petere 3:13) Fela jaaka Moshe wa bogologolo, re iponetse ka matlho karabo e e boammaaruri ya potso e e bodiwang mme e sa tlhoke karabo mo go Dipalō 11:23: “A lecōgō ya ga Yehofa lea bo le khutshahetse? yana u tla bōna boo lehoko ya me le tla gu dihalèla, kgotsa nya.” Eleruri ga go na sepe se se ka kganelang Jehofa go segofaletsa batlhanka ba gagwe tirelo ya bone e ba e dirang ka pelo yotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le mosadi wa me, Lucy

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela