LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/15 ts. 22-25
  • Rahabe—O Ne A Bolelwa Gore O Siame ka Ditiro tsa Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rahabe—O Ne A Bolelwa Gore O Siame ka Ditiro tsa Tumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baiseraele ba mo Tseleng!
  • Rahabe O Tlhopha Letlhakore Le A Tla Emang le Lone
  • Dithako Di A Wa!
  • Go Sekaseka Dinonofo tsa ga Rahabe
  • Tuelo ya ga Rahabe
  • O ne “A Bolelwa a Siame ka Ditiro”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Rahabe O ne A Reetsa Dikgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Rahabe O ne A Dumela mo go Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • O ne A Tlhopha go Ema mo Letlhakoreng la ga Jehofa
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/15 ts. 22-25

Rahabe—O Ne A Bolelwa Gore O Siame ka Ditiro tsa Tumelo

AKANYA fela! Modimo o bolela gore seaka sengwe ke motho yo o siameng. “Ga go ka ke ga nna jalo!” bontsi bo ne bo ka rialo. Mme gone, seo ke se se neng sa direga ka Rahabe, seaka sa kwa Jeriko, motsemogolo wa bogologolo wa Kanana.

Jakobe, mongwe wa bakwadi ba Bibela o kwala jaana: “Loa bōna ha motho a siamisiwa ka ditihō, e señ ka tumèlō e le eosi. Go nntse hèla yalo le èna Rahabe oa seaka, a ga a siamisiwa ka ditihō, ka a chola baroñwa, me a ba ñwègisa ka tsela e sele? Gonne yaka mmele ha o sena mōea o shule, go nntse hèla yalo, tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:24-26) Ke eng fa go ne ga bolelwa gore Rahabe o siame? Ke eng se a neng a se dira gore a nne mo boemong jo bo ntseng jalo jwa go ratiwa ke Modimo?

Baiseraele ba mo Tseleng!

A re boeleng kwa ngwageng wa 1473 B.C.E. Akanya fela gore go ne go ntse jang. Jeriko e sireleditswe ka lorako lo lo nonofileng tota. Ntlo ya ga Rahabe wa seaka e kwa godimo ga dithako tsa motsemogolo ono. Fa a le kwa godimo jaana, a ka nna a leba kwa ntlheng e e kafa botlhaba a bona metsi a a penologang a noka ya Joredane. (Yoshue 3:15) Mo lobopong lwa yone lo lo kafa botlhaba, a ka nna a bona bothibelelo jwa Baiseraele, joo bo nang le masole a ntwa a a fetang 600 000. Ba bokgakala jwa dikilometara di le mmalwa fela go tloga foo!

Rahabe o ne a setse a utlwetse gore Baiseraele ba lwa jang. O ne a utlwile gape kafa Jehofa a neng a supa maatla a gagwe ka teng, segolobogolo fa a ne a bulela Baiseraele tsela ya go falola kwa Lewatleng le Lehibidu. Eleruri he, metsi a a neng a tletse a penologa a Joredane a ne a se kitla a ba thibela ka gope. Eno ke nako e e kotsi tota! Rahabe o ne a tlile go dira jang?

Rahabe O Tlhopha Letlhakore Le A Tla Emang le Lone

Ka bonako fela, Rahabe o gorogelwa ke baeng ba a sa ba lebelelang—ditlhodi tse di tswang kwa bothibelelong jwa Baiseraele. Ba batla fa ba ka latsang tlhogo teng, mme o ba amogela mo ntlong ya gagwe. Mme kgosi ya Jeriko e a utlwela gore ba teng. E ntsha bangwe ba badiredi ba yone ba bagolo ba mapodisi gore ba ye go ba tshwara.—Yoshue 2:1, 2.

Rahabe o ne a setse a eme mo letlhakoreng la ga Jehofa Modimo fa badiredi bano ba goroga. Badiredi bano ba kgosi ba ne ba mmolelela jaana ba gatelela: “Ntsha banna ba ba tsileñ kwa go wèna.” Rahabe o ne a fitlhile ditlhodi tsele mo teng ga matlhaka a a neng a a beile kwa godimo ga ntlo ya gagwe gore a ome. O bolela jaana: “E, banna bauō ba ne ba tlile mo go nna, me ga kea ka ka itse kwa ba cwañ gōna: Me ga dihala ea re e ka ne e le ka lobaka loa ha go cwalwa kgōrō, go le lehihi, banna bauō ba cwèla kwa ntlè: me kwa banna ba ba ileñ gōna ga ke itse: ba kōnateleleñ ka bonakō; gonne lo tla ba chwara.” (Yoshue 2:3-5) Banna ba kgosi ba ne ba dira seo mme ba se ka ba atlega.

Rahabe o ne a fapositse baba bao. O tsaya dikgato tse dingwe gape ka bonako go dira ditiro tse di supang gore o dumela mo go Jehofa. O ya kwa godimo ga ntlo mme o bolelela ditlhodi tseo a re: “Kea itse ha Yehofa a lo neile lehatshe.” Rahabe o a dumela gore baagi botlhe ba naga eo ba a ba boifa gonne ba utlwile kafa Modimo o “kgadisitseñ metse a Lewatlè ye le Hibidu” ka teng fa pele ga Baiseraele dingwaga tse 40 tse di fetileng. Gape batho ba itse gore Baiseraele ba ne ba bolaya dikgosi tse pedi tsa Baamora. Rahabe o bolela jaana: “E rile hèla re go utlwa, dipelo tsa rona tsa nyerèga, me ga se ka ga sala go le mōea opè mo mothuñ opè, ka ntlha ea lona, gonne Yehofa Modimo oa lona ke èna Modimo kwa legodimoñ kwa godimo, le mo lehatshiñ ha tlhatse.”—Yoshue 2:8-11.

Rahabe o kopa jaana: “A lo ko lo inkanèlè ka Yehofa, go re, ka ke lo dihetse ka pelonomi, le lona lo tla dihèla ba ntlo ea ga rrè ka bopelonomi, le go re, lo tla nnaea seshupō sa mmanete: Le go re, lo tla tshedisa rrè, le mmè, le bana ba ga rrè, ba basimane le ba basetsana, le dilō cotlhe tse ba nañ nacō.”—Yoshue 2:12, 13.

Banna bano ba a dumela ba bo ba bolelela Rahabe se a tshwanetseng go se dira. O tshwanetse go kgwagetsa mogala o o bohibidu jo bo letlhololo o a neng a o dirisitse go folosetsa ditlhodi tseno fa fatshe ka kwantle ga dithako tsa Jeriko. O tshwanetse go phuthela lelapa la gaabo mo ntlong ya gagwe, koo ba tshwanetseng go nna teng gore ba tle ba sireletsege. Fa ditlhodi tseno di tsamaya, Rahabe o di naya kgakololo e e thusang thata mabapi le kafa naga eo e ntseng ka teng le kafa ba ka tilang batho ba ba batlang go ba tshwara ka teng. Ditlhodi di dira fela jalo. Fa a sena go lepeletsa mogala wa bohibidu jo bo letlhololo le go phutha balelapa la gaabo, Rahabe o leta go bona gore go tla direga eng.—Yoshue 2:14-24.

Rahabe o dirile eng? Ebu, o supile gore o dumela mo go Jehofa, Modimo Mothatayotlhe! O tla tshela ka melao ya gagwe. Ee, o tla bolelwa gore o tshiamo go ya ka ditiro tsa gagwe tse a di dirang ka tumelo.

Dithako Di A Wa!

Go feta dibeke di le mmalwa. Banna ba Baiseraele ba masole ba dikaganyetsa Jeriko—ba na le baperisiti—bangwe ba tshotse dinaka tsa diphelehu mme ba bangwe ba tshotse letlole le le boitshepo la kgolagano. Jaanong ba na le malatsi a le marataro ba ntse ba dira seno gangwe ka letsatsi. Lefa go ntse jalo, ba setse ba dikologile garataro mo letsatsing leno la bosupa. Ke bao ba dikologa gape!

Fa ba sena go fetsa go dikologa lekgetlo la bosupa, go utlwala fela modumo wa dinaka. Baiseraele jaanong ba goela kwa godimo thata. Ka yone nako eo, Jehofa o dira gore dithako tse di sireleditseng Jeriko di wele fa fatshe ka modumo o mogolo thata. Go sala fela karolo e e tshegeditseng ntlo ya ga Rahabe. Motsemogolo oo o senngwa otlhe le baagi ba one ba swa botlhe. Seaka se se ikwatlhaileng se bolokiwa le balelapa la sone ka go bo se supile ka ditiro gore se na le tumelo, mme se simolola go nna le batho ba ga Jehofa.—Yoshue 6:1-25.

Go Sekaseka Dinonofo tsa ga Rahabe

Rahabe e ne e se mosadi wa setshwakga yo a batlang go direlwa ka go bo kwa godimo ga ntlo ya gagwe go ne go pegilwe matlhaka a leloba gore a tle a omisiwe ke letsatsi. Maodi a matlhaka ano a ne a tlile go dirisiwa go dira letsela. Go ne go na le ditlhale tse di bohibidu jo bo letlhololo mo ntlong ya ga Rahabe. (Yoshue 2:6, 18) Ka jalo a ka tswa a ne a dira matsela gongwe e bile a itse go a dira mebala. Ee, Rahabe e ne e le mosadi wa senatla. Mo godimo ga moo, o ile a ithuta go boifa Jehofa ka go mo tlotla.—Bapisa Diane 31:13, 19, 21, 22, 30.

Go tweng ka ditiro tse dingwe tse Rahabe a neng a di dira? E ne e se motlhokomedi fela wa ntlo ya baeng. Nnyaa, Dikwalo di mo tlhalosa ka mafoko a Sehebera le a Segerika a a kayang seaka. Ka sekai, lefoko la Sehebera eleng zoh·nahʹ gantsi le kaya tlhakanelodikobo e e leswe. Ebu, boaka mo Bakananeng e ne e se kgwebo e e lejwang ka leitlho le le maswe.

Go bonala gore Jehofa o na le boutlwelobotlhoko jo bogolo thata ka go bo a ne a dirisa seaka. Tebego ya kafa ntle e ka re tsietsa, mme Modimo o “leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ka gone, Jehofa Modimo o kgona go itshwarela diaka tse di nang le dipelo tse di siameng tseo di ikwatlhaelang boaka jwa tsone. (Bapisa Mathaio 21:23, 31, 32.) Rahabe o ne a tlogela go dira boleo mme a tshela ka tsela e e siameng e e itumedisang Modimo.

Ditlhodi tseo tsa Baiseraele di ne di ikobela Molao wa Modimo, ka jalo di ne di sa robala kwa ntlong ya ga Rahabe ka boikaelelo jwa go dira boitsholo jo bo sa siamang. Lebaka la bone e ka tswa e ne e le gore di ne di ka se ka tsa belaelwa thata fa di le kwa ntlong ya seaka. Di ne di tla kgona go falola bonolo fela ka ntlha ya lefelo le ntlo ya gagwe e neng e le fa go lone mo dithakong tsa motse. Go lebega Jehofa a ne a ba kaela gore ba ye kwa moleofing yoo pelo ya gagwe e neng e kgatlhilwe ke dipego tsa ditiro tse Modimo a neng a di direla Baiseraele mo a neng a ikwatlhaile a fetotse ditsela tsa gagwe. Polelo ya Modimo ya gore Baiseraele ba bolaye Bakanana ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di sa siamang, le go bo a ile a segofatsa Rahabe le go ba thusa go gapa Jeriko, e supa sentle fela gore ditlhodi tseo ga di a ka tsa dira boitsholo jo bo sa siamang.—Lefitiko 18:24-30.

Go tweng ka mafoko a Rahabe a neng a a bua a a neng a timetsa ba ba neng ba batla ditlhodi? Modimo o ne o se kgatlhanong le seo. (Bapisa Baroma 14:4.) O ne a ipaya mo kotsing gore a sireletse batlhanka ba gagwe, a supa tota gore o na le tumelo. Lefa gone maaka a a senyang ba bangwe a le phoso mo matlhong a ga Jehofa, motho ga a patelesege go senola tshedimosetso e e boammaaruri mo bathong ba ba sa tshwanelang. Jesu Keresete le ene ga a ka a bua ka botlalo kana a araba ka botlalo mo mabakeng a a neng a ka dira gore a itlhagisetse kotsi e e sa mo lebaganang. (Mathaio 7:6; 15:1-6; 21:23-27; Yohane 7:3-10) Jalo he, go phepafetse sentle gore tsela e Rahabe a neng a dira ka yone ka go faposa badiredi bao ba baba e tshwanetse go lejwa go ya ka tlhaloso eno.

Tuelo ya ga Rahabe

Rahabe o ne a duelwa jang ka ntlha ya go bo a ne a supa tumelo? Eleruri Jehofa o ne a mo segofatsa ka go mmoloka ka nako ya fa Jeriko e ne e senngwa. Moragonyana, o ne a nyalwa ke Salemone (Saleme), morwa Nashone, kgosana ya kwa gare ga naga ya lotso lwa Juda. Salemone le Rahabe e ne e le bangwe ba losika lo Kgosi Dafide wa Iseraele a neng a tsholwa mo go lone gonne e ne e le batsadi ba ga Boase yo a neng a rata Modimo. (1 Ditihalō 2:3-15; Ruthe 4:20-22) Se se botlhokwa le go feta ke gore Rahabe, yo e neng e kile ya bo e le seaka ke mongwe wa basadi ba banè ba e leng bone fela ba Mathaio a neng a ba umaka ka maina fa a ne a kwala losika lo Jesu Keresete a tshotsweng mo go lone. (Mathaio 1:5, 6) A bo seo e ne e le go segofadiwa ke Jehofa jang ne!

Le mororo e ne e se Moiseraele e bile e kile ya bo e le seaka, Rahabe ke sekao se se tlhomologileng thata sa mosadi yo a neng a supa ka ditiro tsa gagwe gore o dumela mo go Jehofa ka botlalo. (Bahebera 11:30, 31) Fela jaaka batho ba bangwe, bao le bone ba neng ba tlogela boaka, o tlile go newa tuelo e nngwe gape—go tsosiwa mo baswing a tla go tshela mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43) Rahabe o ne a amogelwa ke Rraarona yo o lorato le yo o itshwarelang wa selegodimo ka ntlha ya tumelo ya gagwe e a neng a e supa ka ditiro. (Pesalema 130:3, 4) Mme eleruri sekao sa gagwe se se molemo se kgothatsa botlhe ba ba ratang tshiamo gore ba lebe kwa go Jehofa Modimo gore a ba neye botshelo jo bo sa khutleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Rahabe o ne a bolelwa gore o siame gonne ditiro tsa gagwe di ne di supa gore o ne a na le tumelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Baithutamarope ba ribolotse masalela a Jeriko wa bogologolo, mmogo le karolwana e nnye ya dithako tsa pele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela