LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/1 ts. 6
  • Go Tlotla Boitshepo jwa Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlotla Boitshepo jwa Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fedisa Diphapang tsa Dingaka le Balwetsi ba Basupi
    Tsogang!—1990
  • Thuso ya go Boloka Boitshepo Jwa Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A o Ipaakanyeditse go ka Lebana le Boemo Jwa Tsa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Thusana le Basupi ba ga Jehofa go Simolola Karo E E Dirwang Kwantle ga Tshelo ya Madi
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/1 ts. 6

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Tlotla Boitshepo jwa Botshelo

BIBELA e bontsha gore madi ke selo se se tlhwatlhwakgolo thata mo matlhong a Modimo le gore o kgala go dirisiwa ga one ka tsela e e sa tshwanelang. (Lefitiko 17:14; Ditihō 15:19, 20, 28, 29) Ka ntlha ya kaelo eno e e tswang mo Bibeleng, Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele go tshelwa madi.

Go thusa dingaka le badiri ba kwa dikokelong gore ba tlhaloganye boemo jono jwa bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa mo kgannyeng eno le go ba thusa gore ba lemoge gore Basupi ba tla amogela mekgwa e mengwe ya kalafi, Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa rulaganya gore go nne le Dikomiti tsa Dipuisano le Dikokelo (Hospital Liaison Committees [HLC]) mo dinageng tse di farologaneng. Maloko a dikomiti tseno a etela dikokelo a ye go buisana le badiri ba tsa kalafi. Bosheng fela jaana, mo metseng e le 12 ya Poland, go ne ga tshwarwa dikokoano di feta 200, tse mo go tsone go neng go na le dingaka tsa kalafi di feta 500, bontsi jwa bone e le ditlhogo tsa ditliliniki kana tsa diphaposikalafelo tsa dikokelo. Mo go lengwe la maeto ano go ne ga direga se se latelang:

“Kokoano e e neng e tshwaretswe kwa Tliliniking ya Karo ya Pelo kwa Zabrze e ne ya kgona go fitlhelela go go golo thata. Fa e sa le ka 1986 setlhopha sa kalafi sa mo tliliniking eno se ntse se ara bakaulengwe ba rona se sa dirise madi. Go tla go fitlha jaanong, go setse go dirilwe dikaro tseno di le 40. Tliliniki eno e iketleeditse go amogela balwetsi go tswa Poland yotlhe le go tswa kwa dinageng tse dingwe. Morago ga motlotlo o o tshotseng metsotso e le 50, motlatsatlhogo ya phaposikalafelo o ne a itsise maloko a HLC mo setlhopheng sa balwetsi mme a bolela jaana: ‘Batho bano ke Basupi ba ga Jehofa. Ba dirisana sentle thata le tliliniki ya rona, mme ba a re thusa. Ga se badumedi mmogo le bone fela ba ba sologelwang molemo ke thuso ya bone mme gape le balwetsi ba bangwe botlhe. Ka ntlha ya Basupi ba ga Jehofa, re tlhatswegile pelo gore karo e kgolo ya pelo e ka kgona go dirwa go sa dirisiwe madi.

“‘Ka sekai, re ne re ara mmè yo [a supa mongwe wa balwetsi ba gagwe] re sa dirise madi, mme ka Mantaga o tla bo a ya gae. Ke rata go bolela gore ga re tlhole re dirisa madi gantsi thata jaaka pele ka gonne a kotsi. A tsamaisana le HIV, go ruruga ga sebete, e bile motho o fola morago ga lobaka lo loleele thata.

“‘Ke Mokatoliki, mme mo ntlong ya rona re batho ba re amogelang megopolo ya batho ba bangwe. Letsatsi lengwe ke ne ke tsamayatsamaya le banake gaufi le Setediamo sa Slaski. Pele setediamo seno se ne se leseleditswe fela, mme re ne ra lemoga gore jaanong se fetogile mo motho a ka sekang a tlhola a se itse. Ke ne ka botsa mongwe wa badiri gore go tlile jang gore se bo se fetogile thata jaana. O ne a bolela gore batsamaisi ba sone ba ne ba batla ba latlhegetswe ke tsholofelo ya gore a setediamo seno se tla tsamaya se baakanngwa, mme se ne sa hirisediwa Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba se tsosolosa.

“‘Ka jalo batho bano ke batho ba rotlhe re ka kgonang go ithuta go le gontsi go tswa mo go bone. Ke akanya gore mo phaposikalafelong eno rotlhe re tshwanetse ra nna batho ba re amogelang megopolo ya batho ba bangwe.’ A bo a supa Mosupi yo o neng a tshwanetse a arwa mo malatsing a sekae a a latelang, a bo a re: ‘Mmè yo ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o tlile go arwa go sa dirisiwe madi.’”

Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba sa pateletse batho ba bangwe go dumela se ba se dumelang, bone ka bobone ba latela sekao sa baaposetoloi mme ba “utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) Seno se akaretsa le kgang ya go tlotla madi. Ba a itumela fa ba bangwe ba tlotla tumelo ya bone ya bodumedi mo kgannyeng eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela