Lelapa la Bokeresete Le Baya Dilo tsa Semoya kwa Pele
“Nnañ maikutlō mañwe hèla lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana yaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobeco.”—1 PETERE 3:8.
1. Ke eng se rotlhe re ka kgonang go se itlhophela, mme se re se tlhophang se ka ama isagwe ya rona jang?
ABO temana e e fa godimo e dira sentle jang ne mo thulaganyong ya motho ya bogologolo go di gaisa tsotlhe—lelapa! Mme abo go le botlhokwa jang gore batsadi ba etelele pele mo dintlheng tseno! Gantsi dinonofo tsa bone tse di siameng le tse di sa siamang di tla bonala mo baneng. Lefa go ntse jalo, mongwe le mongwe yo o leng karolo ya lelapa o santse a ka itlhophela. Jaaka Bakeresete, re ka tlhopha go nna batho ba semoya kana ba senama. Re ka tlhopha go itumedisa Modimo kana go se mo itumedise. Se re se tlhophang se ka nna sa felela ka masego, botshelo jo bo sa khutleng le kagiso—kana phutso, loso lwa bosakhutleng.—Genesise 4:1, 2; Baroma 8:5-8; Bagalatia 5:19-23.
2. (a) Petere o ne a bontsha jang gore o amega ka lelapa? (b) Bomoya ke eng? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
2 Mafoko a moaposetoloi a a mo go 1 Petere kgaolo 3, temana 8, a tla morago fela ga kgakololo e e molemo e a neng a e neetse basadi ba ba nyetsweng le banna ba ba nyetseng. Petere ruri o ne a kgatlhegela go bona malapa a Bokeresete a tswelela sentle. O ne a itse gore go nna le bomoya jo bo nonofileng ke yone tsela ya go nna le lelapa le le utlwanang, le le ratanang. Ka jalo, mo go temana 7 o ne a raya gore fa kgakololo e a neng a e neela banna ba ba nyetseng e ne e tlhokomologiwa, go ne go ka felela ka gore go nne le sekgoreletsi sa semoya fa gare ga monna yo o nyetseng le Jehofa.a Dithapelo tsa monna yo o nyetseng di ne di ka kgoreletsega fa a ne a ka tlhokomologa dilo tse di tlhokwang ke mosadi wa gagwe kana a mo utlwisa botlhoko ka go sa nne pelontle.
Keresete—Sekao Se Se Molemo sa Bomoya
3. Paulo o ne a gatelela jang sekao sa ga Keresete mo banneng ba ba nyetseng?
3 Bomoya jwa lelapa bo ikaegile ka sekao se se molemo. Fa monna yo o nyetseng e le Mokeresete yo o itshwarang jaaka Mokeresete, o tlhoma sekao mo go bontsheng dinonofo tsa semoya. Fa monna e le yo o sa dumeleng, gantsi mmabana o leka go sikara boikarabelo joo. Lefa boemo e ka tswa e le bofe, Jesu Keresete ke sekao se se tshwanetseng tota go ka latelwa. Boitshwaro jwa gagwe, mafoko a gagwe, le tsela e a neng a akanya ka yone di ne di agelela e bile di lapolosa ka dinako tsotlhe. Kgapetsakgapetsa, moaposetoloi Paulo o bontsha mmadi sekao sa ga Keresete sa lorato. Ka sekai, o bolela jaana: “Monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi. Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, mme a intshetsa eōna.”—Baefesia 5:23, 25, 29; Mathaio 11:28-30; Bakolosa 3:19.
4. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe sa bomoya?
4 Jesu e ne e le sekao se se tlhomologileng sa bomoya le botlhogo di bontshiwa ka lorato, bopelontle, le bopelotlhomogi. O ne a intsha setlhabelo, a sa iitumedise mo go feteletseng. O ne a galaletsa Rraagwe ka dinako tsotlhe a bile a tlotla botlhogo jwa gagwe. O ne a sala Rraagwe morago, mo a neng a ka re: “Ga ke na go diha sepè ke le nosi: ke atlhola yaka ke utlwa: me katlholō ea me e siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” “[Ga ke] dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.”—Yohane 5:30; 8:28; 1 Bakorintha 11:3.
5. Jesu o ne a tlhomela banna ba ba nyetseng sekao sefe ka go tlamela balatedi ba gagwe?
5 Seno se raya eng mo banneng ba ba nyetseng? Se raya gore mo dilong tsotlhe ba tshwanetse ba latela sekao sa ga Keresete, yo o neng a ineela kafa tlase ga ga Rraagwe ka dinako tsotlhe. Ka sekai, fela jaaka Jehofa a ne a fa ditshedi tsa mefuta yotlhe mo lefatsheng dijo, Jesu le ene o ne a fa balatedi ba gagwe dijo. Ga a ka a tlhokomologa dilo tse di botlhokwa tse di neng di ka ba thusa mo nameng. Dikgakgamatso tse a neng a di dira tsa go jesa banna ba le 5 000 le ba bangwe ba le 4 000 di supa gore o ne a amega e bile a sikara boikarabelo. (Mareko 6:35-44; 8:1-9) Gompieno le gone, ditlhogo tse di nang le boikarabelo tsa malapa di fitlhelela dilo tsa senama tse di tlhokwang ke ba malapa a tsone. Mme lefa go ntse jalo a boikarabelo jwa bone bo akaretsa seo fela?—1 Timotheo 5:8.
6. (a) Ke dilo dife tsa botlhokwa tse di tlhokwang ke lelapa tse le tshwanetseng la di fiwa? (b) Banna ba ba nyetseng le borrabana ba ka bontsha jang gore ba a tlhaloganya?
6 Jaaka Jesu a ne a bontsha, malapa gape a tlhoka dilo tse dingwe tse di botlhokwa go di gaisa tsotlhe. Ba na le dilo tse ba di tlhokang semoyeng le maikutlong. (Duteronome 8:3; Mathaio 4:4) Re dirisana le batho ba bangwe, mo lelapeng mmogo le mo phuthegong. Re tlhoka kaelo e e molemo gore e re rotloetse go nna ba ba agelelang. Banna ba ba nyetseng le borrabana ba na le seabe se segolo se ba tshwanetseng go se dira mo ntlheng eno—bogolo segolo fa e le bagolwane kana batlhanka ba bodihedi. Batsadi ba ba senang balekane le bone ba tlhoka dinonofo tse di ntseng jalo fa ba thusa bana ba bone. Batsadi ba tshwanetse ba tlhaloganya e seng fela se se buiwang ke ba lelapa mme gape le se ba sa se bueng. Seo se tlhoka temogo, nako, le bopelotelele. Leo ke lebaka lengwe le ka lone Petere a neng a ka bolela gore banna ba tshwanetse gore ba akanyetse le gone ba nne le basadi ba bone kafa kitsong.—1 Timotheo 3:4, 5, 12; 1 Petere 3:7.
Dikotsi tse O Tshwanetseng go Di Tila
7, 8. (a) Lelapa le tlhoka eng gore le se ka la thubega semoyeng? (b) Ke eng gape se se tlhokegang kwantle ga go simolola tsela ya Bokeresete sentle? (Mathaio 24:13)
7 Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go ela tlhoko bomoya jwa lelapa? Go tshwantsha seno, re ka nna ra botsa jaana, Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore mokgweetsi wa sekepe a sekaseke dimmapa tsa gagwe ka kelotlhoko fa a tsamaisa sekepe mo metsing a a kotsi a a nang le mafelo a a seng boteng? Ka August 1992 sekepe se se tsayang batho go ba bontsha naga sa Queen Elizabeth 2 (QE2) se ne sa tsamaisiwa mo lefelong lengwe le le kotsi le le nang le ditotoma tse di fitlhegileng tsa mmu le matlapa koo go tweng gantsi bakgweetsi ba dikepe ba dira diphoso teng. Monni mongwe wa koo o ne a akgela jaana: “Lefelo leo le ne la baka gore bakgweetsi ba le bantsi ba dikepe ba latlhegelwe ke tiro.” QE2 e ne ya thula totoma ya mmu kafa tlase ga metsi. Phoso eo e ne ya baka ditshenyegelo di le dintsi tota. Bongwe borarong jwa mmele wa sekepe bo ne bo senyegile, mme se ne sa tshwanelwa ke go nna dibekebeke se sa dirisiwe gore se baakanngwe.
8 Fela jalo, fa “mokgweetsi” wa lelapa a sa tlhatlhobe ka kelotlhoko mmapa o o mo kaelang, o eleng Lefoko la Modimo, lelapa la gagwe le ka koafala semoyeng motlhofo fela. Mo mogolwaneng kana mo motlhankeng wa bodihedi, go ka nna ga felela ka gore a tseelwe ditshiamelo mo phuthegong gongwe bangwe mo lelapeng ba koafale ka mo go masisi. Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a ela tlhoko gore a se ka a iphitlhela a setse a le kwa ga mothakga ka dilo tsa semoya, a ikaegile fela ka mekgwa ya pele ya go ithuta le tlhagafalo ya gone. Mo tseleng ya rona ya Bokeresete ga go a lekana fela gore re bo re simolotse sentle; mosepele o tshwanetse wa wediwa ka katlego.—1 Bakorintha 9:24-27; 1 Timotheo 1:19.
9. (a) Thuto ya motho ka namana e botlhokwa go le kana kang? (b) Re ka ipotsa dipotso dife tse di maleba?
9 E le gore re tle re tile metsi a a seng boteng a semoya, matlapa, le ditotoma tsa mmu, re tlhoka go nna re tsentse mogopolo otlhe mo “dimmapeng” tsa rona ka go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha. Re ka se ke re ikaege ka thuto ya motheo e e re tsentseng mo boammaaruring fela. Gore re nonofe semoyeng re tlhoka thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta le go ya tirelong ka tsela e e lekalekaneng. Ka sekai, fa re ntse re le mo Thutong ya Tora ya Tebelo ya tokololo yone e re e tshwereng eno, re ka ipotsa jaana, ‘A nna, kana rona jaaka lelapa, tota re ithutile setlhogo seno, ra bala ditemana le go tlhatlhanya ka tsela eo di dirang ka yone? A kana re thaletse dikarabo fela? Kana, a gongwe le go bala setlhogo seno ga re a se bala pele re tla pokanong eno?’ Go araba dipotso tseno ka boikanyegi go ka nna ga dira gore re akanye sentle ga ba ga re tsenya keletso ya gore re batle go tokafatsa—fa e le gore seo se a tlhokega.—Bahebera 5:12-14.
10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ikeleka?
10 Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ikeleka jalo? Ka gonne re tshela mo lefatsheng le le laolwang ke moya wa ga Satane, lefatshe le le dirisang ditsela tse dintsi tse di fitlhegileng go leka go fedisa tumelo ya rona mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Ke lefatshe le le batlang go dira gore re nne re tshwaregile thata mo eleng gore ga re nne le nako ya go fitlhelela dilo tse re di tlhokang semoyeng. Ka jalo re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A lelapa la me le nonofile semoyeng? A nna jaaka motsadi ke nonofile jaaka fa ke tshwanetse? A jaaka lelapa re tlhagolela maatla ao a semoya a a laolang mogopolo a a re thusang gore re dire ditshwetso tse di theilweng mo tshiamong le mo boikanyeging?’—Baefesia 4:23, 24.
11. Ke ka ntlha yang fa dipokano tsa Bokeresete di na le mosola semoyeng? Neela sekai.
11 Pokano nngwe le nngwe e re yang kwa go yone e tshwanetse ya nonotsha bomoya jwa rona. Diura tseo tse di tlhwatlhwakgolo tse re di nnang kwa Holong ya Bogosi kana kwa Thutong ya Buka ya Phuthego di re thusa gore re lapologelwe morago ga go kgaratlha diura tse ditelele mo lefatsheng le le seng botsalano la ga Satane. Ka sekai, abo go ile ga lapolosa jang ne go ithuta buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela! Go ile ga re thusa go tlhaloganya Jesu botoka, mmogo le botshelo jwa gagwe, le bodihedi jwa gagwe. Re ile ra bala ka kelotlhoko dikwalo tse di umakilweng, ra dira patlisiso motho ka namana, mme ka jalo ra ithuta mo gontsi go tswa mo sekaong se Jesu a se tlhomileng.—Bahebera 12:1-3; 1 Petere 2:21.
12. Bodihedi jwa tshimo bo leka bomoya jwa rona jang?
12 Teko e e molemo ya bomoya jwa rona ke bodihedi jwa Bokeresete. Gore re tle re itshoke fa re neela bosupi jwa ka tlwaelo le jo e seng jwa ka tlwaelo, koo gantsi re kopanang le batho ba ba sa kgatlhegeng kana ba ba ganetsang, re tlhoka go tlhotlhelediwa ke se se tshwanetseng, eleng go rata Modimo le go rata moagisani. Gone ke boammaaruri, ga go na ope yo o ratang go ganediwa, mme seo se ka diragala mo bodiheding jwa rona jwa tshimo. Mme lefa go ntse jalo re tshwanetse go gakologelwa gore ga go ganwe rona ka namana, mme go ganwa mafoko a a molemo. Jesu o ne a re: “Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ. . . . Me dilō cotlhe tse, ba tla di lo dihèla ka ntlha ea leina ya me, ka go bo ba sa itse eo o nthomileñ.”—Yohane 15:18-21.
Ditiro Di Bua Go Feta Mafoko
13. Motho a le mongwe fela a ka senya bomoya jwa lelapa jang?
13 Go direga eng mo lelapeng fa botlhe kwa ntle ga a le mongwe fela ba rata bothakga le botswerere mo ntlong? Ka letsatsi le pula e nang, botlhe kwantle ga yo o lebalang yono ba ela tlhoko gore ba se ka ba tla ka dithetse mo ntlong. Motlhala wa maoto a a dithetse gongwe le gongwe o supa bosutlha jwa yo mongwe yoo, mme seo se bakela ba bangwe tiro e ntsi. Go ntse fela jalo le ka bomoya. Motho a le mongwe fela mo lelapeng yo o pelotshetlha kana yo o tlhokomologang dilo a ka senya leina la lelapa. Botlhe mo lelapeng, e seng batsadi fela, ba tshwanetse ba leka go bontsha mogopolo wa ga Keresete. Abo go lapolosa jang ne fa botlhe ba dira mmogo ba lebeletse botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng! Lelapa leo le tla sekamela mo dilong tsa semoya (e seng mo go iponeng le le tshiamo). Ga se gantsi go bonala mekgwa e e bontshang go sa tlhokomele bomoya mo lelapeng le le ntseng jalo.—Moreri 7:16; 1 Petere 4:1, 2.
14. Satane o re beela dithaelo dife ka dilo tse di bonalang?
14 Rotlhe re na le dilo tsa botlhokwa tse re di tlhokang tse re tshwanetseng go di bona e le gore re tswelele pele re tshela letsatsi le letsatsi. (Mathaio 6:11, 30-32) Mme lefa go ntse jalo gantsi dilo tse re di tlhokang di fekeediwa ke dilo tse re di batlang. Ka sekai, tsamaiso ya ga Satane e re neela mefuta yotlhe ya didirisiwa. Fa re batla gore ka dinako tsotlhe re nne le sengwe le sengwe se se mo fesheneng, ga re kitla re kgotsofala le ka motlha, ka gonne sone selo sa bosheng go ise go ye kae se tswa mo fesheneng, mme go tsene selo sa mofuta o mosha. Bagwebi ba ile ba simolola modikologo o o sekeng o ema le ka motlha. O re tlhotlheletsa gore re nne re ntse re batla madi a a oketsegileng nako le nako gore re tle re bone dilo tse re sa kgaotseng go batla go nna natso. Seno se ka gogela mo “dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ,” kana “dikeletso tsa boeleele le tse di kotsi.” Se ka felela ka go nna le botshelo jo bo sa iketlang le nako e e ntseng e fokotsega thata ya go dira dilo tsa semoya.—1 Timotheo 6:9, 10; The Jerusalem Bible.
15. Sekao sa tlhogo ya lelapa se botlhokwa go le kana kang?
15 Fano le gone, sekao se se tlhongwang ke tlhogo ya lelapa la Bokeresete ke sa botlhokwa thata. Go leba ga gagwe maikarabelo a e seng a semoya le a e leng a semoya ka tsela e e lekalekaneng go tshwanetse ga tlhotlheletsa ba bangwe ba ba mo lelapeng. Eleruri go ne go ka gobatsa tota fa rrabana a ne a ka neela kgakololo e e molemolemo ka molomo mme go tswa foo a bo a palelwa ke go tshela tumelanong le mafoko a gagwe. Go ise go ye kae bana ba kgona go bona gore o na le mokgwa wa go bolelela motho gore a dire se se siameng mme ene a sa se dire. Ka tsela e e tshwanang, mogolwane kana motlhanka wa bodihedi yo o kgothatsang ba bangwe mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo mme ene a sa atise go kopanela le lelapa la gagwe mo tirong eo go ise go ye kae o simolola go belaetsa, mo lelapeng mmogo le mo phuthegong.—1 Bakorintha 15:58; bapisa Mathaio 23:3.
16. Re ka ipotsa dipotso dife?
16 Ka jalo, re ka tlhatlhoba matshelo a rona ka tsela e e ka re solegelang molemo. A re tshwaregile ka go batla go atlega mo dilong tse e seng tsa semoya mme re sa gatele pele semoyeng? A re tlhatloga maemo mo lefatsheng mme re ya kwa tlase mo phuthegong? Gakologelwa kgakololo ya ga Paulo: “Go boikañō polèlō ea go re, Ha motho a senka boèmō yoa mookami oa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.” (1 Timotheo 3:1) Go ikutlwa re na le boikarabelo mo phuthegong go kaya mo gontsi ka bomoya jwa rona go na le go tlhatlosiwa maemo kwa tirong. Go tshwanetse ga nna le tekatekano ka kelotlhoko gore re se ka ra letla bathapi ba rona go re laola jaaka e kete re ineetse mo go bone mme e seng mo go Jehofa.—Mathaio 6:24.
Puisano E E Nang le Mosola E Rotloetsa Bomoya
17. Ke eng se se thusang gore go tlhagolelwe lorato lwa mmatota mo lelapeng?
17 Magae a le dimilione gompieno tota a fetogile mafelo a go latsa tlhogo fela. Jang? Ba lelapa ba tla gae fela go tla go robala le go ja, go tswa foo ba bo ba tswa gape ka bofefo. Ke ka sewelo fela ba ka nnang mmogo mo tafoleng go ipelela dijo mmogo. Ga ba ikutlwe ba momagane jaaka lelapa. Seno se felela ka eng? Ga go na puisano, ga go tshwarwe motlotlo fela o o bonalang. Mme seo se ka felela ka go sa kgatlhegele ba bangwe, gongwe go sa amege tota go tswa pelong ka bone. Fa re ratana, re ipha nako ya go tlotla le go reetsa. Re a kgothatsa, e bile re a thusa. Karolo eno ya bomoya e akaretsa puisano e e bonalang fa gare ga batho ba ba nyalaneng le fa gare ga batsadi le bana.b Go tlhoka nako le botlhale fa re ntse re tlotla gore re tle re bolelelane dilo tse re di itumeletseng, dilo tse di re diragaletseng, le mathata a rona.—1 Bakorintha 13:4-8; Yakobe 1:19.
18. (a) Ke eng se gantsi se kgoreletsang puisano thata? (b) Dikamano tse di mosola di theiwa mo godimo ga eng?
18 Go buisana sentle go tlhoka nako le boiteko. Go tlhoka gore lo beele nako kwa thoko ya go buisana le go reetsana. Sengwe sa dikgoreletsi tse dikgolo go di gaisa tsotlhe mo go seno ke sejanako seno se se tseelwang kwa godimo mo magaeng a le mantsi—thelebishene. Seno se tlisa kgwetlho—a thelebishene e a go laola, kana wena o a e laola? Go laola thelebishene go tlhoka go iketleetsa ka go ititaya sehuba tota—go akaretsa go kgona go e tima. Mme lefa go ntse jalo go dira jalo go tla re bulela sebaka sa gore re reetsane jaaka batho ba ba mo lelapeng le le lengwe le jaaka batho le bokgaitsadiabone ba semoya. Gore re nne le dikamano tse di mosola go tlhoka gore re buisane sentle, re tlhaloganyane, re itse dilo tse re di tlhokang le tse re di itumelelang, re bolelelane kafa re anaanelang ka gone dilo tsotlhe tsa bopelontle tse ba re di diretseng. Ka mafoko a mangwe, fa re tlotla mmogo ka tlhoafalo se se a bo se bontsha gore ga re tseye ba bangwe motlhofo.—Diane 31:28, 29.
19, 20. Fa e le gore re amega ka botlhe ba ba mo lelapeng, re tla dira eng?
19 Ka jalo, fa e le gore mongwe le mongwe wa rona o amega ka yo mongwe mo lelapeng—mme seo se akaretsa le ba bangwe ba lelapa ba ba sa dumelang—re tla bo re dira mo gontsi go aga bomoya jwa rona le go bo tshegetsa. Mo lelapeng, re tla bo re latela kgakololo ya ga Petere e e reng: “Sa bohèlō, nnañ maikutlō mañwe hèla lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana yaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso: Lo sa lehetse boshula ka boshula, leha e le kgōbō ka kgōbō: me bogolo, e nnè ka go segōhatsa: gonne lo biledicwe gōna mouō, gore lo ruè tshegōhaco boshwa.”—1 Petere 3:8, 9.
20 Re ka segofadiwa ke Jehofa gone jaanong fa re leka go tshegetsa bomoya jwa rona, mme seno se ka re thusa gore re rue masego a gagwe mo isagweng fa re amogela mpho ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Go na le dilo tse dingwe tse re ka di dirang jaaka lelapa gore re thusane semoyeng. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa melemo ya go dira dilo mmogo jaaka lelapa.—Luke 23:43; Tshenolō 21:1-4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bomoya bo tlhalosiwa e le “go amega ka dilo tsa botlhokwa tsa bodumedi kana go di rata: nonofo kana boemo jwa go nna wa semoya.” Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Motho wa semoya o farologana le motho wa senama, wa sephologolo.—1 Bakorintha 2:13-16; Bagalatia 5:16, 25; Yakobe 3:14, 15; Yude 19.
b Go bona dikakantsho tse di oketsegileng kaga puisano ya mo lelapeng, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1991, ditsebe 20-2.
A O A Gakologelwa?
◻ Bomoya ke eng?
◻ Tlhogo ya lelapa e ka etsa sekao sa ga Keresete jang?
◻ Re ka tila jang dilo tse di tshosetsang bomoya jwa rona?
◻ Ke eng se se ka senyang bomoya jwa lelapa?
◻ Ke ka ntlha yang fa puisano e e nang le mosola e le botlhokwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Go nna gone kwa Thutong ya Buka ya Phuthego go nonotsha lelapa semoyeng