Go Disa Dinku Tse Di Botlhokwa Thata tsa ga Jehofa ka Lorato
BAGOLWANE ba ne ba reeditse ka kelotlhoko. Ba ne ba tsamaile dikilometara di ka nna 50 go tswa kwa Efeso go ya kwa Mileto go ya go kaelwa ke moaposetoloi Paulo. Jaanong ba ne ba hutsafaditswe ke go utlwa gore ba ne ba mmona la bofelo. Ka jalo ba ne ba itse gore mafoko ano a ba neng ba tshwanetse go a latela a ne a tla nna a a botlhokwa thata: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami [balebedi, NW] ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna.”—Ditihō 20:25, 28, 38.
Mo bagolwaneng bao ba kwa Efeso puo e khutshwane ya ga Paulo ka badisa e ne e le tshedimosetso e kgolo tota. Ba ne ba itse tiro ya go fudisa dinku mo nageng e e mo tikologong. Ba ne ba itse le mafelo a mantsi a go umakiwang badisa mo go one mo Dikwalong tsa Sehebera. Ebile ba ne ba itse gore Jehofa o ne a itshwantsha le Modisa wa batho ba gagwe.—Isaia 40:10, 11.
Paulo o ne a ba bitsa “baokami” ba “lecomane,” gape a ba bitsa “badisa” ba “phuthego.” Ereka lefoko “baokami” le supa gore tiro ya bone ke eng, lefoko “modisa” le tlhalosa kafa ba tshwanetseng go okamela ka teng. Ee, balebedi ba ne ba tshwanetse go tlhokomela leloko lengwe le lengwe la phuthego ka tsela e e tshwanang e e lorato eo modisa a ka tlhokomelang letsomane la gagwe la dinku ka yone.
Gompieno, ke bagolwane ba sekae fela ba ba kileng ba disa dinku tota. Mme Bibela e bua thata ka dinku le badisa, segolobogolo ka tsela ya tshwantshetso, mo e leng gore mafoko a ga Paulo a ntse a le maatla thata le gompieno. Ebile go na le dilo tse dintsi tse di ka ithutiwang ka dipego tse di buang ka badisa ba Modimo o neng o ba rata mo metlheng ya bogologolo. Dikao tsa bone tse di kgatlhang di ka thusa bagolwane ba motlha ono go bona gore ba tlhoka go nna le dinonofo dife gore ba kgone go disa phuthego ya Modimo.
Modisa Yo O Pelokgale Dafide
Fa re akanya ka badisa ba mo metlheng ya Bibela, ruri re tla gakologelwa Dafide, ka go bo o ne a simolola e le modisa wa dinku. Thuto ya ntlha e re e ithutang mo botshelong jwa ga Dafide ke gore go nna modisa ga se tiro ya maemo a a kwa godimo. Ebile, ka nako ya fa moperofeti Samuele a ne a goroga go ya go tlotsa morwa mongwe wa ga Jese go nna kgosi ya mo isagweng kwa Iseraele, Dafide yo mmotlana o ne a lebetswe gotlhelele. Dafide yo a neng a le kwa nageng a “disitse dinku” o ne a umakiwa morago ga fa Jehofa a sena go gana bomorwarraagwe ba bomogolowe ba le supa. (1 Samuele 16:10, 11) Lefa go ntse jalo, dingwaga tse Dafide a di sentseng e le modisa di ne tsa mmaakanyetsa tiro e e gwetlhang ya go disa morafe wa Iseraele. “[Jehofa] a itshenkèla Dafide motlhanka oa gagwè; a mo tsaea a le mo marakaneñ a dinku . . . a tla go otla Yakoba, batho ba gagwè,” go bolela jalo Pesalema 78:70, 71. Go a tshwanela he go bo Dafide a kwadile Pesalema ya bo 23 e e kgatlhang le e itsegeng thata, e e simololang ka mafoko ano: “Yehofa ke modisa oa me.”
Fela jaaka Dafide, bagolwane ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go dira jaaka badisa ba babotlana ba ba boikokobetso mme ba se ka ba batla maemo a a kwa godimo. Go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Timotheo, gore ba ba batlang go dira tiro ya bodisa ba “eletsa tihō e e molemō,” eseng maemo a a kwa godimo.—1 Timotheo 3:1.
Lefa tiro ya ga Dafide ya go disa dinku tsa mmatota e ne e le ya maemo a a kwa tlase, ka dinako tse dingwe e ne e batla bopelokgale. Ka sekai, ka nako nngwe fa nku ya letsomane la ga rraagwe e ne e phamolwa ke tau mme e nngwe e tsewa ke bera, Dafide o ne a nna pelokgale a latela dibatana tseo a bo a di bolaya. (1 Samuele 17:34-36) O ne a supa bopekgale ka tsela e e tlhomologileng thata fa motho a akanya gore tau e kgona go bolaya diphologolo tse di e fetang. Mme bera e tshetlha ya kwa Siria e e neng e nna kwa Palesetina, e e neng e le bokete jwa dikilogerama di le 140 e ne e kgona go bolaya phuduhudu ka go e itaya gangwe fela ka leroo la yone le le maatla.
Go amega ga ga Dafide ka dinku tsa ga rraagwe ka go nna pelokgale ke sekao se se molemo mo badiseng ba phuthego ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa bagolwane ba Baefesia ka “diphiri tse di setlhogo” tse di neng di ‘se kitla di rekegela letsomane.’ (Ditihō 20:29) Le mo metlheng eno ya segompieno, go tla diragala gore bagolwane ba Bakeresete ka dinako dingwe ba supe bopelokgale gore ba kgone go disa semoya sa dinku tsa ga Jehofa.
Lefa dinku di tshwanetse go sirelediwa ka bopelokgale, gape di tshwanetse go nenekediwa ka lorato, go etsa modisa yo o lorato Dafide le Modisa yo o Siameng, Jesu Keresete. (Yohane 10:11) Ereka ba itse gore dinku tseno ke tsa ga Jehofa, bagolwane ga ba a tshwanela go busa dinku ka thata, ‘ka mokgwa wa go rena mo go bao ba ba tshwaetsweng.’—1 Petere 5:2, 3; Mathaio 11:28-30; 20:25-27.
Go Ikarabela
Tlhogo ya lotso ebong Jakobe le ene e ne e le modisa yo o itsegeng. O ne a ikutlwa gore o ikarabela ka nku nngwe le nngwe e a neng a laetswe go e tlhokomela. O ne a disa matsomane a ga ratsalaagwe ebong Labane ka ketlhoko, mo e leng gore Jakobe o ne a ka kgona go bolela jaana morago ga dingwaga tse 20: “Dinku tsa gago tse di namagadi, le dipodi tse di namagadi tsa gago, ga dia holotsa, le diphelehu tsa lecomane ya gago ga kea di ya. Se se gagocweñ ke dibatana ga kea ka ka se isa kwa go wèna, ka se èmisetsa; ua se lōpa mo seatleñ sa me, leha se ucwilwe motshegare, leha e le bosigo.”—Genesise 31:38, 39.
Balebedi ba Bakeresete ba supa fa ba amega thata ka dinku tse Modisa wa meya ya rona, Jehofa Modimo, a ‘di rekileng ka madi a [Morwa] ona.’ (Ditihō 20:28; 1 Petere 2:25; 5:4) Paulo o ne a gatelela gore boikarabelo jono bo botlhokwa fa a ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera gore banna ba ba eteletseng pele mo phuthegong ‘ba disitse meya ya bone, jaaka ba ba tla ikarabelang.’—Bahebera 13:17.
Sekao sa ga Jakobe le sone se supa gore tiro ya modisa ga e a beelwa nako. E dirwa bosigo le motshegare ebile gantsi e batla motho a intsha setlhabelo. O ne a raya Labane a re: “Ka nna hèla yana; e re motshegare ka yewa ke letsatsi, le ke serame bosigo; me borōkō yoa me yoa tshaba matlhō a me.”—Genesise 31:40.
Bagolwane ba Bakeresete ba ba lorato gompieno ba dira fela jaana, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha. Mokaulengwe mongwe o ne a tsenngwa mo go okelwang teng balwetsi ba ba gateletsweng ke ditlhabi fa a ne a tlhakatlhakana morago ga go ariwa tlhagala mo bobokong. Lelapa la gagwe le ne la rulaganya gore le nne gaufi le ene mo kokelong bosigo le motshegare. Go ba ema nokeng le go ba kgothatsa, mongwe wa bagolwane ba mo lefelong leo o ne a fetola thulaganyo ya gagwe e e patisaneng gore a kgone go etela monna yo o lwalang yono le lelapa la gagwe letsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, o ne a sa kgone go mo etela motshegare ka ntlha ya kalafi e e dirwang ka kelotlhoko e kgolo nako le nako. Seno se ne se raya gore gantsi mogolwane yono o ne a tshwanela go ya kwa kokelong go setse go le bosigo thata. Mme o ne a itumelela go ya koo bosigo bongwe le bongwe. “Ke ne ka lemoga gore ke tla tshwanela go eta ka nako e e tshwanelang molwetsi, eseng ka nako e e siametseng nna,” mogolwane o ne a bolela jalo. Ka nako ya fa mokaulengwe yono a ne a fodile ka mo go lekaneng gore a ka fudusediwa kwa karolong e nngwe ya kokelo, mogolwane o ne a tswelela a mo etela letsatsi le letsatsi go mo kgothatsa.
Se Moshe A Neng A Se Ithuta Jaaka Modisa
Bibela e tlhalosa Moshe jaaka yo o “boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) Lefa go ntse jalo, rekoto e bontsha gore go ne go sa nna jalo ka metlha. O ne a bolaya Moegepeto yo a neng a bolaile Moiseraele ka nako ya fa e ne e santse e le lekau. (Ekesodo 2:11, 12) Seo ruri ga se kake sa dirwa ke motho yo o boikokobetso! Lefa go ntse jalo, Modimo o ne o tlile go dirisa Moshe moragonyana go etelela pele morafe o o neng o le dimilione oo mo nageng a o isa kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng. Go phepafetse he gore Moshe o ne a tlhoka go katisiwa.
Lefa Moshe a ne a setse a katisitswe mo dilong tsa selefatshe ka “botlhale yotlhe yoa Baegepeto,” o ne a tlhoka go le gontsi gore a kgone go disa letsomane la ga Jehofa. (Ditihō 7:22) Katiso eno e nngwe e ne e tlile go nna ya mofuta ofe? Modimo o ne wa letla Moshe gore a dire ka dingwaga di le 40 jaaka modisa mo nageng ya Midiana. Fa a ntse a disitse matsomane a ga ratsalaagwe ebong Jetherwe, Moshe o ne a nna le dinonofo tse di molemo jaaka bopelotelele, bonolo, boikobo, boitshoko, bopelonamagadi, le boikgapo. Gape o ne a ithuta go lebelela fela mo go Jehofa. Ee, go disa dinku tsa mmatota go ne ga dira gore Moshe a tshwanele go nna modisa wa morafe wa Iseraele.—Ekesodo 2:15–3:1; Ditihō 7:29, 30.
A tseno ga se tsone dinonofo tse mogolwane a tshwanetseng go nna natso gore a kgone go tlhokomela batho ba Modimo gompieno? Ee, ka go bo Paulo o ne a gakolola Timotheo gore ‘motlhanka oa Morena . . . o tshwanetse go nna bonolo fela mo go botlhe, e le setswerere mo go ruteng, a le boiphapaanyo. A le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang.’—2 Timotheo 2:24, 25.
Ka dinako tse dingwe mogolwane a ka nna a ikutlwa a sa itumela gonne a sa kgone go nna le dinonofo tseno ka botlalo. Lefa go ntse jalo, ga a tshwanela go ineela. Fela jaaka Moshe go ka nna ga mo tsaya lobaka lo loleele go nna le dinonofo tseno ka botlalo gore a kgone go nna modisa yo o molemo. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, maiteko a a ntseng jalo a a dirwang ka tlhoafalo a tla duelwa.—Bapisa 1 Petere 5:10.
Jaaka mogolwane, gongwe ga o dirisiwe ka botlalo jaaka ba bangwe. A e ka tswa e le gore, fela jaaka go ne ga diragala ka Moshe, Jehofa o santse a go letlile gore o nne le dinonofo dingwe tse di botlhokwa ka botlalo? O se ka wa lebala le ka motlha gore Jehofa ‘o a go babalela.’ Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gakologetswe gore re tlhoka go ‘itlama ka boikokobetso, go tla re direlana: gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, me ba ba ikokobetsang o ba naya tshegofatso.’ (1 Petere 5:5-7) Fa o iteka thata mme o amogela katiso e Jehofa a letlang gore o e bone, o ka nna mosola thata mo go ene, fela jaaka fa Moshe a ne a ntse.
Dinku Tsotlhe tsa ga Jehofa Di Botlhokwa
Badisa ba ba lorato ba ba neng ba ikanngwa ba metlha ya Bibela ba ne ba ikutlwa ba ikarabela ka nku nngwe le nngwe. Go tshwanetse ga nna fela jalo le ka badisa ba semoya. Seno se phepafetse sentle mo mafokong ano a ga Paulo: “Lo disè lecomane yeotlhe.” (Ditihō 20:28) “Lecomane yeotlhe” le ne le tlile go akaretsa bomang?
Jesu o ne a naya setshwantsho kaga monna yo a neng a na le dinku di le lekgolo mme a ne a tsamaya ka bonako go ya go batla e le nngwe fela e e neng e timetse gore a e busetse mo letsomaneng. (Mathaio 18:12-14; Luke 15:3-7) Ka tsela e e tshwanang molebedi o tshwanetse go amega ka leloko lengwe le lengwe la phuthego. Go sa nne teng mo bodiheding kana go sa nne teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ga go reye gore nku eo ga e tlhole e le karolo ya letsomane. E sala e ntse e le karolo ya “lecomane yeotlhe” leo bagolwane ba tshwanetseng go ‘ikarabela’ ka lone mo go Jehofa.
Setlhopha sengwe sa bagolwane se ne sa tshwenyega thata gore bangwe ba bao ba neng ba kile ba kopanela le phuthego jaanong ba ne ba tsidifetse. Go ne ga kwalwa lenaane la batho bano, mme go ne ga dirwa maiteko a a kgethegileng gore ba etelwe mme ba thusiwe go boela mo lesakeng la ga Jehofa la dinku. Abo bagolwane bano ba ne ba leboga Modimo jang ne fa mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi ba ne ba kgona go thusa batho ba ba fetang 30 gore ba nne tlhaga gape mo go direleng Jehofa. Mongwe wa ba ba neng ba thusiwa o ne a na le dingwaga di le 17 a ntse a tsidifetse!
Bomasisi jwa boikarabelo jono bo ne jwa gatelelwa gape mo balebeding ke ntlha ya gore dinku ‘di rekilwe ka madi a [Morwa] Modimo.’ (Ditihō 20:28) Ga go na tlhwatlhwa epe e e fetang eno e e neng e ka duelelwa dinku tse di botlhokwa tseno. Akanya gape ka nako le maiteko a a senngwang mo bodiheding go batla le go thusa batho ba sekadinku! A ga go a tshwanela ga dirwa maiteko a a tshwanang go boloka botlhe mo lesakeng la Modimo la dinku? Eleruri, nku nngwe le nngwe e e mo phuthegong e botlhokwa.
Lefa leloko lengwe la letsomane le dira phoso nngwe e e masisi, boikarabelo jwa bagolwane ga bo fetoge. Ba tswelela ba amega jaaka badisa, ba leka kafa ba ka kgonang ka teng go falotsa motho yo o dirileng phoso yono ka lorato le ka bonolo. (Bagalatia 6:1, 2) Se se utlwisang botlhoko ke gore, mo mabakeng a mangwe go bonala sentle gore leloko la phuthego ga le utlwe botlhoko ka tsela ya bomodimo ka maleo a a masisi ao le a dirileng. Ka gone badisa ba ba lorato ba na le boikarabelo jwa Dikwalo jwa go sireletsa letsomane mo tlhotlheletsong e e senyang.—1 Bakorintha 5:3-7, 11-13.
Lefa e le gore go ntse jalo, Jehofa Modimo o tlhoma sekao se se siameng thata sa go utlwela dinku tse di tswang mo letsomaneng botlhoko. Modisa wa rona yo o lorato o bolela jaana ka lorato: “Ke tla batla tse di timetseñ, ke tla ba ka lere tse di lelekilweñ, ke tla hapa tse di robegileñ, ke thatahatsa tse di botlhoko.” (Esekiele 34:15, 16; Yeremia 31:10) Go etsa sekao se se molemolemo seno, go dirilwe thulaganyo e e lorato gore badisa ba semoya ba motlha wa segompieno ba etele batho ba ba kgaotsweng, ba ba ka nnang ba tsaya kgato fa ba thusiwa jaanong. Maiteko ano a go utlwela dinku tse di timetseng botlhoko a ile a ntsha maungo a mantle tota. Kgaitsadi mongwe yo o buseditsweng o ne a bolela jaana: “Go tla ga bagolwane fela, e ne e le yone kgothatso e ke neng ke e tlhoka gore ke boe.”
Ga go na pelaelo gore mafoko a ga Paulo mo bagolwaneng ba Baefeso kwa Mileto a ne a kaya go le gontsi thata—mo go bone le mo balebeding gompieno. Go umaka ga gagwe badisa go ne go ba gakolola dinonofo tse di eletsegang tse balebedi ba tshwanetseng go nna le tsone—dinonofo tse di jaaka boikobo le bopelokgale, jaaka di supilwe ke kgosi ya modisa ebong Dafide; go ikutlwa o ikarabela le go sireletsa, tse di neng di bonala mo tirong e Jakobe a neng a e dira bosigo le motshegare; le go iketleetsa go amogela katiso ka bopelotelele, jaaka Moshe a ne a dira. Eleruri, dikao tseno tsa Bibela di tla thusa bagolwane ba phuthego gore ba nne le dinonofo tse di tlhokegang ba bo ba di supe gore ba “otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a [Morwa] ōna.”