LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/15 ts. 10-15
  • Lo Nne Lo Agelelane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Nne Lo Agelelane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tila go Bua Puo E E Bodisang
  • Dira Gore O Agelele Ba Bangwe
  • Agelela Ba Bangwe ka Tsela ya Bomodimo
  • Bagolwane Ba Ba Agelelang
  • Go Tshela ka Molao wa ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bua se se “Molemo go Aga” ba Bangwe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Apara le go Ikgabisa ga Gago—A Modimo o Amega ka Gone?
    Tsogang!—1998
  • A Tsela e o Aparang ka Yone e Galaletsa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/15 ts. 10-15

Lo Nne Lo Agelelane

“A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla.”—BAEFESIA 4:29.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa sentle fela gore puo e a gakgamatsa? (b) Re tlhagisiwa jang ka tsela e e tshwanetseng mabapi le kafa re ka dirisang loleme ka teng?

“PUO ke tlhale e e gakgamatsang thata e e bofaganyang ditsala, malapa, le merafe . . . Tlhaloganyo ya motho le go dira ka kutlwano ga ditlhopha tsa mesifa ya [loleme], di dira gore re kgone go ntsha medumo e e tlhotlheletsang lorato, lefufa, tlotlo—eleruri e e ka tsosang maikutlo ape fela a a ka supiwang ke motho.”—Hearing, Taste and Smell.

2 Loleme lwa rona ga se karolwana fela e e metsang kana e e latswang; ke sengwe se re kgonang ka sone go bolelela ba bangwe se re se akanyang le kafa re ikutlwang ka teng. “Loleme le lōna ke tokololō e pōtlana,” Jakobe o ne a kwala jalo. “Re baka Morèna le Rara ka lōna, re be re hutse ka lōna batho, ba ba bopilweñ mo chwanoñ ea Modimo.” (Yakobe 3:5, 9) Ee, re ka dirisa maleme a rona ka ditsela tse di siameng, jaaka fa re baka Jehofa. Mme lefa go ntse jalo gonne re sa itekanela, re ka nna ra dirisa loleme lwa rona motlhofo fela go bua dilo tse di utlwisang botlhoko kana tse di phoso. Jakobe o ne a kwala jaana: “Ba ga echo, dilō tse ga dia chwanèla go nna yalo.”—Yakobe 3:10.

3. Ke dikarolo dife tse pedi tsa puo tse re tshwanetseng go di ela tlhoko?

3 Le mororo go sena motho ope yo a ka kgonang go laola loleme lwa gagwe ka botlalo, eleruri re tshwanetse go leka thata go tokafatsa seno. Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla kaha go tlhōkahalañ ka gōna, gore e tlè e neè ba ba utlwañ letshegō.” (Baefesia 4:29) Tlhokomela gore kgothatso eno e na le dikarolo tse pedi: seo re tshwanetseng go leka thata go se tila le seo re tshwanetseng go leka go se dira. A re sekasekeng dikarolo tseno ka bobedi.

Go Tila go Bua Puo E E Bodisang

4, 5. (a) Bakeresete ba lwa ntwa efe mabapi le puo e e leswe? (b) Ke setshwantsho sefe se se ka tshwanelang polelwana e e reng “puō epè e e bodisañ”?

4 Baefesia 4:29 e re kgothatsa jaana: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona.” Seo se ka nna sa se ka sa nna motlhofo. Lebaka le lengwe ke gore puo e e leswe e tletsetletse mo lefatsheng le le re dikologileng. Basha ba bantsi ba Bakeresete ba utlwa matlhapa letsatsi le letsatsi, ka go bo bao ba tsenang sekolo nabo ba ka tswa ba akanya gore e kgona go otlelela se ba se buang kana e dira gore ba lebege ekete ba nonofile. Re ka nna ra se ka ra kgona go tila gotlhelele gore re se ka ra utlwa mafoko a a leswe, mme lefa go ntse jalo re ka kgona ebile re tshwanetse go dira maiteko a a akanyeditsweng sentle a gore re se ka ra a bua le rona. Ga a a tshwanela go nna mo ditlhaloganyong tsa rona kana a tswa ka melomo ya rona.

5 Lefoko la Segerika le e leng modi wa mafoko a Paulo a tlhagisang ka one fano le amana le tlhapi e e senyegileng kana leungo le le bodileng. Leka go bopa setshwantsho sa seno mo mogopolong: O bona monna mongwe a fela pelo a bo a galefa thata. Kgabagare o itshupa gore o galefile, o bo o bona tlhapi e e bodileng e tswa mo molomong wa gagwe. Morago o bo o bona maungo a a bodileng a a nkgang a tswa le one, a gasa batho botlhe ba ba leng fa gaufi. Ke mang? Abo go le maswe jang ne fa e le gore e ne e le mongwe wa rona! Ee, setshwantsho se se ntseng jalo se ka tshwanela fa re ‘letla puo e e bodisang e tswa mo melomong ya rona.’

6. Baefesia 4:29 e ka dirisiwa jang mabapi le puo e e tshwayatshwayang diphoso le e e sa siamang?

6 Re ka dirisa Baefesia 4:29 gape ka go tila go tlhola re tshwayatshwaya ba bangwe diphoso. Ga go kake ga ganelwa gore rotlhe re na le tsela e re akanyang ka yone kana tsela e re ratang go dirwa dilo ka yone, fa go tla mo dilong tse re sa di rateng kana tse re sa di amogeleng, mme a ga go ise go diragale gore o kopane le motho yo go lebegang a akgela ka tsela e e sa siamang (kana a buabua thata) ka mongwe le mongwe, lefelo lengwe le lengwe, kana selo sengwe le sengwe fela se go buiwang ka sone? (Bapisa Baroma 12:9; Bahebera 1:9.) Puo ya gagwe e senya batho maina, e tshwenya thata mo maikutlong, kana e utlwisa botlhoko thata. (Pesalema 10:7; 64:2-4; Diane 16:27; Yakobe 4:11, 12) A ka nna a se ka a lemoga kafa a tshwanang ka gone le batho ba ba tshwayatshwayang diphoso ba Malaki a neng a ba tlhalosa. (Malaki 3:13-15) Abo a ne a tla gakgamala thata jang ne fa motho mongwe yo o emeng foo a ne a ka mmolelela gore go ne go tswa tlhapi e e bodileng kana maungo a a bodileng mo molomong wa gagwe!

7. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itlhatlhoba ka tsela efe?

7 Le mororo go le motlhofo go lemoga fa motho mongwe a tlhola a buile dilo tse di sa siamang kana a tshwayatshwaya diphoso, ipotse jaana, ‘A le nna ke rata go dira jalo? A ruriruri ke ntse jalo?’ E ne e tla nna selo se se botlhale gore nako le nako re tlhatlhobe gore mafoko a rona a kaya eng tota. A ga a siama, kana ke a a tshwayatshwayang diphoso thata? A re tshwana le bagomotsi ba bararo ba ga Jobe ba ba neng ba sena boammaaruri? (Yobe 2:11; 13:4, 5; 16:2; 19:2) Ke ka ntlha yang fa re sa batle sengwe se se siameng mme ra bua ka sone? Fa puisano nngwe e sekametse thata mo go tshwayeng diphoso ke eng fa re sa e fetole mme re bue fela ka dikgang tse di agelelang?

8. Malaki 3:16 e re ruta eng kaga puo, mme re ka bontsha jang gore re dirisa thuto eo?

8 Malaki o ne a bolela selo seno se se farologaneng: “Ba ba boihañ ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.” (Malaki 3:16) A o lemoga kgato e Modimo o neng wa e tsaya fa go ne go buiwa puo e e agelelang? Puisano e e ntseng jalo go lebega e tla ama bao e leng ditsala bao jang? Re ka kgona go ithuta sengwe ka namana ka seo re se buang letsatsi le letsatsi. Abo re solegelwa molemo jang ne mmogo le ba bangwe fa puisano ya rona ka metlha e itshupa fa e le ‘tshupelo e e bakang Modimo.’—Bahebera 13:15.

Dira Gore O Agelele Ba Bangwe

9. Ke ka ntlha yang fa dipokano tsa Bokeresete e le dipaka tse di molemo thata tsa go agelela ba bangwe?

9 Dipokano tsa phuthego ke dipaka tse di siameng thata tsa go bua ‘puo e e molemo go agelela kafa go tlhokegang ka teng, gore e tle e nee ba ba e utlwang lesego.’ (Baefesia 4:29) Re ka dira seo fa re neela puo e e bolelang kaga tshedimosetso nngwe ya Bibela, fa re na le seabe mo pontshong nngwe, kana fa re akgela mo dikarolong tsa dipotso le dikarabo. Ka gone re tla bo re supa gore Diane 20:15 e boammaaruri fa e re: “Dipounama tsa kicō ke lencwana ye le tlhōkègañ.” Mme ke mang yo o itseng gore re ama kana re agelela dipelo tse kae?

10. Fa re sena go nna re akanya ka gore ke bomang bao re neng re tlhola re buisana le bone, re ka nna ra tshwanela go dira phetogo efe? (2 Bakorintha 6:12, 13)

10 Nako ya pele ga dipokano le ya morago ga tsone e siametse go agelela ba bangwe ka puisano e e tla kgothatsang ba ba e utlwang. Go tla nna motlhofo go dirisa dipaka tseno go buiwa ka dilo tse di itumedisang le balosika le ditsala di le mmalwa tsa rona tse re ikutlwang re phuthologile fa re na le tsone. (Yohane 13:23; 19:26) Lefa go ntse jalo, go dumalana le Baefesia 4:29, ke ka ntlha yang fa o sa senke ba o ka buang le bone? (Bapisa Luke 14:12-14.) Fa e le kaga batho ba re sa ba itseng, ba ba godileng, kana ba basha, re ka nna ra iketleetsa pele ga nako gore re tla bua sengwe se se fetang se se tlwaelegileng fela kana se se fetang go ba raya fela re re dumela, mme re tla nna fa fatshe le ba basha gore re kgone go ipaya mo boemong jo bo lekanang le jwa bone. Go ba kgatlhegela ka mmatota le go bua puo e e agelelang ka dipaka tseno go tla dira ba bangwe gore ba kgone le eleng go bua mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 122:1.

11. (a) Ke mokgwa ofe o ba le bantsi ba nang nao kaga manno? (b) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba fetola foo ba nnang teng ba dira jalo ka maikaelelo?

11 Sengwe gape se se ka re thusang go buisana le ba bangwe ka tsela e e agang ke ka go fetola lefelo le re nnang mo go lone kwa dipokanong. Mmè yo o nang le ngwana yo monnye a ka nna a tlhoka go nna gaufi le ntlwana, kana mongwe yo o lwalang a ka nna a tlhoka go nna mo setulong se se kwa thoko, mme go tweng ka bangwe ba rona? Ke go tlwaela ga rona fela go ka dirang gore re nne re boele kwa setulong kana mo lefelong lengwe; nonyane le yone e boela kwa sentlhageng sa yone fela go ya ka tlwaelo. (Isaia 1:3; Mathaio 8:20) Lefa go ntse jalo, fa re bua fela re tlhamalala, ke ka ntlha yang fa re sa fetofetole fa re nnang teng—re ye kafa mojeng, kafa molemeng, gaufi le kwa pele, jalo le jalo—ka go dira jalo re tlwaelana botoka le batho ba ba farologaneng? Le mororo go sena molao ope o o reng re dire seno, bagolwane le bangwe ba ba godileng bao ba fetofetolang koo ba nnang teng ba fitlhela go le motlhofo go abela ba bantsi sengwe se se itumedisang go na le gore ba dire jalo fela mo ditsaleng tsa bone di sekae tseo ba atamalaneng natso.

Agelela Ba Bangwe ka Tsela ya Bomodimo

12. Ke mokgwa ofe o o sa eletsegeng o o ileng wa bonala mo hisitoring yotlhe?

12 Keletso ya Mokeresete ya go batla go agelela ba bangwe e tshwanetse ya mo tlhotlheletsa gore a etse Modimo mo kgannyeng eno go na le gore a latele selo se batho ba ratang thata go se dira sa go tlhoma melao e mentsintsi.a Batho ba ba sa itekanelang ga ba bolo go rata go busa bao ba nnang nabo, mme ebile go na le batlhanka bangwe ba Modimo bao ba ileng ba wela mo tlwaelong eno. (Genesise 3:16; Moreri 8:9) Baeteledipele ba Bajuda ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba ‘tle ba bofe merwalo e e bokete mme bone ba sa e tshikhinye le ka monwana fela.’ (Mathaio 23:4) Ba ne ba fetola dilo tse di sa reng sepe tse di neng di dirwa gale le gale ba di dira dingwao tse di tshwanetseng go obamelwa. Ereka ba ne ba tlhokometse thata melao ya batho, ba ne ba tlodisa matlho dilo tse Modimo o neng o bolela gore di botlhokwa thata. Ba ne ba sa agelele ope ka go dira melao e mentsi eo e e seng ya Dikwalo; tsela ya bone e ne e se ya Modimo.—Mathaio 23:23, 24; Mareko 7:1-13.

13. Ke ka ntlha yang fa go sa tshwanela go tlhomela Bakeresete ba bangwe melao?

13 Bakeresete ba batla go kgomarela melao ya Modimo fela thata. Lefa go ntse jalo, le eleng le rona re ka nna ra sekamela mo go tlhomeng ditaolo tse dintsi tse di bokete. Ka ntlha yang? Selo se se botlhokwa ke gore, batho ga ba rate kana ga ba itumelele dilo tse di tshwanang, ka jalo bangwe ba ka rata seo ba bangwe ba sa se rateng ebile ba batla gore se tlosiwe. Bakeresete le bone ba a farologana mabapi le tsela e ba gatelang pele ka yone fa ba gola semoyeng. Mme lefa go ntse jalo a go tlhoma ditaolo tse dintsi ke tsela ya bomodimo ya go thusa mongwe gore a gatele pele gore a gole? (Bafilipi 3:15; 1 Timotheo 1:19; Bahebera 5:14) Le eleng lefa motho totatota a setse tsela e e lebegang e feteletse kana e le kotsi morago, a go mmeela molao o o mo thibelang ke tsela e e molemo thata ya go rarabolola seo? Tsela e Modimo o dirang ka yone ke ya gore ba ba tshwanelegang sentle e nne bone ba lekang go busetsa motho yo o dirang phoso yono mo tseleng ka go bua le ene ka bonolo.—Bagalatia 6:1.

14. Boikaelelo jwa melao e Modimo o neng o e neile Baiseraele e ne e le bofe?

14 Ke boammaaruri gore, fa Modimo o ne o ntse o dirisa Baiseraele jaaka batho ba gagwe o ne a ba tlhomela melao e le makgolokgolo e e amang kobamelo ya bone ya kwa tempeleng, ditlhabelo, le eleng ya go itshola ba le phepa le go thibela malwetsi. Seno se ne se tshwanela morafe oo o o kgethegileng, ebile mengwe ya melao e ne e kaya sengwe se se botlhokwa sa boperofeti ebile e thusa go kaela Bajuda kwa go Mesia. Paulo o ne a kwala jaana: “Molaō e ne e nntse e le mogōga banyana mo go rona, go re gōgèla kwa go Keresete, gore re siamisiwè ka tumèlō. Me yanoñ ka tumèlō e tsile, ga re tlhole re le mo go mogōga banyana.” (Bagalatia 3:19, 23-25) Fa Molao o sena go senngwa mo koteng ya pogisetso, Modimo ga o a ka wa naya Bakeresete lenaane le leleele la ditaolo tse di amang dikarolo tse dintsi tsa botshelo, jaaka ekete eo e ne e le tsela ya go ba tshola ba agegile mo tumelong.

15. Modimo o neile baobamedi ba Bakeresete kaelo efe?

15 Ke boammaaruri gore re na melao. Modimo o re laela gore re tile go obamela medimo ya disetwa, kgokafalo le boaka, le go se dirise madi sentle. O bua a tlhamaletse fela a thibela polao, go bua maaka, tirisabadimo, le maleo a mangwe a mantsi a a farologaneng. (Ditihō 15:28, 29; 1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolō 21:8) Mme o re gakolola ka tsela e e phepafetseng mo dilong tse dintsi mo Lefokong la gagwe. Lefa go ntse jalo, re lebeletswe gore re ithute melaometheo ya Bibela re bo re e dirise ka selekanyo se segolo thata go feta Baiseraele. Bagolwane ba ka agelela ba bangwe ka go ba thusa go bona melaometheo eno le go e akanyetsa thata eseng fela go senka melao le go e tlhoma.

Bagolwane Ba Ba Agelelang

16, 17. Ke sekao sefe se se molemo se baaposetoloi ba ileng ba se tlhoma mabapi le go tlhomela baobamedi ba bangwe melao?

16 Paulo o ne a kwala jaana: “Me hèla, kwa re setseñ re hitlhile gōna, a re kè re nneñ re sepelè kaha sekaoñ seuō hèla.” (Bafilipi 3:16) Go dumalana le kgopolo eo ya bomodimo, moaposetoloi o ne a dirisana le ba bangwe ka tsela e e neng e agelela. Ka sekai, go ne ga tsoga kgang ya gore a nama e e ka tswang e ne e tswa kwa tempeleng ya medimo ya disetwa e ka jewa. A mogolwane yoo gongwe ka boikaelelo jwa gore go nne go dirwe dilo ka tsela e e tshwanang kana go nne motlhofo, o ne a tlhomela batho botlhe ba ba neng ba le mo phuthegong eo ya ntlha molao mongwe? Nnyaa. O ne a dumela gore go se nne le kitso ka go tshwana le go farologana ga batho ka tsela e ba gatelang pele go fitlha mo bogoding ka yone go ne go ka dira gore Bakeresete bao ba tlhophe dilo tse di sa tshwaneng. Fa e le ene, o ne a ititeile sehuba gore o tlile go tlhoma sekao se se molemo.—Baroma 14:1-4; 1 Bakorintha 8:4-13.

17 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di supa gore baaposetoloi ba ne ba gakolola ka tsela e e thusang tota mo dikgannyeng tsa batho ka namana, jaaka go apara le go ikgabisa, mme lefa go ntse jalo ba ne ba sa tlhome melao e e akaretsang maemo otlhe. Seno gompieno ke sekao se se molemo thata mo balebeding ba Bakeresete, bao ba amegileng thata ka go batla go agelela letsomane. Ebile tota go atolosa tsela eo Modimo o neng o e latela fa o ne o dirisana le Baiseraele ba bogologolo.

18. Ke melao efe ya go apara e Jehofa a neng a e naya Baiseraele?

18 Modimo ga o a ka wa naya Baiseraele melao e e amang sengwe le sengwe kaga kapari. Go bonala gore banna le basadi ba ne ba apara diaparo tse di tshwanang tsa kafa ntle, le mororo tsa mosadi tsone di ka tswa di ne di kgabisiwa kana di na le mebala e mentsi. Banna le basadi ba ne ba apara sa·dhinʹ, kana seaparo sa kafa teng. (Baatlhodi 14:12; Diane 31:24; Isaia 3:23) Modimo o ne a tlhoma melao efe mabapi le diaparo? Banna lefa e le bone basadi ba ne ba sa tshwanela go apara diaparo tse di lejwang e le tsa motho wa bong bo sele, tse ka phepafalo boikaelelo jwa go di apara e ne e le go dira bosodoma. (Duteronome 22:5) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go itshupa gore ba farologane le merafe e e neng e ba dikologile ka go dira makantsa mo mosegong wa diaparo tsa bone ba bo ba tsenya mogala o o botala jwa legodimo fa godimo ga makantsa, gongwe ba bo ba tsenya le dikolanyana mo dintlheng tsa dikobo tsa bone. (Dipalō 15:38-41) Tota seno ke yone kaelo fela e Molao o neng o e tlhomile kaga mekgwa ya go apara.

19, 20. (a) Ke kaelo efe eo Bibela e e nayang Bakeresete kaga go apara le go ikgabisa? (b) Bagolwane ba tshwanetse ba nna le pono efe kaga go tlhoma melao e e amang tebego ya motho ya kafa ntle?

19 Le mororo Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao, a re na le melao e mengwe ya go apara kana ya go ikgabisa e e akaretsang sengwe le sengwe e e tlhomilweng mo Bibeleng? Ga go a nna jalo tota. Modimo o ne wa re naya melaometheo e e siameng e re ka e dirisang. Paulo o ne a kwala jaana: “Le gōna hèla yalo, gore basadi ba ikgabisè ka diaparō tse di señ maphatsiphatsi, ba le bori le tekanō; ba se ka ba ikgabisa ka go iphōra moriri loètse, kgotsa ka gouda, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparō tse di tlhwatlhwa kgolo.” (1 Timotheo 2:9) Petere o ne a kgothaletsa gore go na le gore basadi ba Bakeresete ba tlhokomele thata diaparo tsa kafa ntle, ba tshwanetse go tlhokomela thata “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō.” (1 Petere 3:3, 4) Lebaka la go bo kgakololo e e ntseng jalo e ile ya kwalwa le akantsha gore Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ka tswa ba ne ba tlhoka gore ba nne bori le gore ba se ka ba fetelela ka tsela e ba neng ba apara le go ikgabisa ka yone. Lefa go ntse jalo, go na le gore ba batle—kana ba thibele—mekgwa mengwe e e rileng, baaposetoloi ba ne ba ba naya kgakololo e e agelelang.

20 Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ebile ka kakaretso fela ba tlotliwa ka ntlha ya go lebega ga bone ba le bori. Lefa go ntse jalo, mekgwa ya go apara e ka farologana go ya ka dinaga le eleng mo lefelong le le lengwe kana mo phuthegong e le nngwe. Legale, mogolwane yo o ikutlwang ka tsela nngwe e e nonofileng kana yo o ratang kapari nngwe e e rileng kana go ikgabisa ka tsela nngwe a ka nna a itirela tshwetso le lelapa la gagwe. Mme fa e le kaga letsomane, o tshwanetse go nna a gakologetswe ntlha eno ya ga Paulo: “Me e be e se, go re, re na le borèna mo tumeloñ ea lona, me re bakokotletsi ba boitumèlō yoa lona: gonne lo eme ka tumèlō.” (2 Bakorintha 1:24) Ee, bagolwane ba agelela tumelo ya ba bangwe ka go itshwara gore ba se ka ba tlhomela phuthego melao.

21. Bagolwane ba ka thusa motho yo o fetelelang mo kaparing jang ka go mo agelela?

21 Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ka dinako tse dingwe motho mongwe yo mosha kana yo o bokoa semoyeng a ka nna a apara kana a itshasa ditlolo kana a rwala dibenyane ka tsela e e sa siamang kana e e seng botlhale. Go tweng ka seo? Gape, Bagalatia 6:1 e thusa bagolwane ba Bakeresete bao ka tlhoafalo ba batlang go thusa yono. Pele mogolwane a dira tshwetso ya go gakolola mongwe, a ka dirisa botlhale a ya kwa mogolwaneng yo mongwe, segolo thata a se ka a ya kwa mogolwaneng yo a itseng gore o rata dilo tse le ene a di ratang kana ba akanya ka go tshwana. Fa go na le batho ba le bantsi mo phuthegong bao ba aparang kana ba ikgabisa ka tsela nngwe ya selefatshe, setlhopha sa bagolwane se ka nna sa tlotla ka gore se ka thusa jang ka tsela e e molemo go gaisa, jaaka fa se ka dirisa karolo nngwe ya dipokano go ba agelela ka bopelonomi kana ka go ba thusa ka bongwe. (Diane 24:6; 27:17) Mokgele wa bone ke go ba kgothaletsa gore ba lebe dilo jaaka 2 Bakorintha 6:3 e bolela jaana: “Re sa kgopise mo go sepè, gore tihèlō ea rona e tle e se ke ea beèwa molato.”

22. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa tshwanela gore go nne le mathata fa batho ba farologana go le gonnye fela kafa ba lebang dilo ka teng? (b) Paulo o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo?

22 Bagolwane ba Bakeresete ‘ba ba disang letsomane la Modimo le le mo go bone’ ba batla go dira jaaka Petere a boletse, ke gore, ba se ka ba ‘rena mo go bao e leng ba Modimo.’ (1 Petere 5:2, 3, NW) Fa ba ntse ba dira tiro eno ya bone e e lorato, go ka nna ga tsoga dipotso mo dikgannyeng tse mo go tsone motho a ratang se yo mongwe a sa se rateng. Gongwe go tlwaelegile mo lefelong leo gore motho a eme ka dinao fa a bala dirapa mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Dithulaganyo tsa ditlhopha tsa tshimo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di amang bodihedi di ka nna tsa dirwa ka mokgwa o o tlwaetsweng mo lefelong leo. Lefa go ntse jalo a go ne go ka tsosa tlhakatlhakano e e tla utlwisang ba bangwe botlhoko fa mongwe a ne a dira ka tsela e e farologaneng go le gonnye fela? Balebedi ba ba lorato ba eletsa gore “dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō,” polelwana e e neng ya bolelwa ke Paulo fa a ne a bua ka dineo tsa go dira dikgakgamatso. Mme lefa go ntse jalo ditemana tse di bapileng le tseno di bontsha gore Paulo o ne a bolela thata kaga go ‘agelela phuthego.’ (1 Bakorintha 14:12, 40) Ga a ka a itshupa a rata thata go tlhoma melao e mentsi e e sa feleng, jaaka ekete se a neng a se batla thata e ne e le gore dilo di dirwe gotlhe fela ka go tshwana kana ka matsetseleko. O ne a kwala jaana: ‘Morena o re neetse [thata] ya go le agelela eseng go le rutlolola.’—2 Bakorintha 10:8.

23. Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka etsang sekao sa ga Paulo sa go agelela ba bangwe ka tsone?

23 Ga go na pelaelo gore Paulo o ne a agelela ba bangwe ka go bua dilo tse di siameng le tse di kgothatsang. Go na le gore a tsalane fela le ditsala di sekae, o ne a dira maiteko a magolo go etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi, ba ba nonofileng semoyeng mmogo le bao ba neng ba tlhoka thata gore ba agelelwe. Mme o ne a gatelela thata lorato—go na le go tlhoma melao—ka go bo “loratō loa agèlèla.”—1 Bakorintha 8:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo lelapeng go ka nna ga tlhokega ditaolo tse di farologaneng go ya ka gore maemo a ntse jang. Bibela e letla batsadi go direla bana ba bone ba bannye ditshwetso.—Ekesodo 20:12; Diane 6:20; Baefesia 6:1-3.

Dintlha tsa Poeletso

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go fetoga fa e le gore re rata go bua puo e e sa siamang kana e e tshwayatshwayang diphoso?

◻ Ke eng se re ka se dirang gore re nne ba ba agelelang ka tsela e kgolwane mo phuthegong?

◻ Modimo o tlhomile sekao sefe kaga go tlhoma melao e mentsi?

◻ Ke eng se se tla thusang bagolwane go tila go tlhomela letsomane melao e mentsi e e leng ya bone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela