Go Amogela Lefatshe Le Lesha la Modimo la Kgololesego
“[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè, me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.”—TSHENOLŌ 21:4.
1, 2. Ke mang fela yo o ka lereng kgololesego ya boammaaruri, mme ke eng seo re ka se ithutang ka Ene go tswa mo Bibeleng?
HISITORI e ile ya supa kafa seo moperofeti Jeremia a neng a se bua se leng boammaaruri ka teng fa a ne a re: “Tsela ea motho [ga e] mo go èna ka esi; ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Ke mang fela yo o ka kaelang dikgato tsa motho sentle? Jeremia o ne a tswelela pele ka go re: “Yehofa, a u ko u nkoatlhaeè.” (Yeremia 10:23, 24) Ee, Jehofa ke ene fela a ka tlisang kgololesego ya boammaaruri go tswa mo mathateng ao a wetseng losika lwa motho.
2 Bibela e na le dikai di le dintsi tsa kafa Jehofa a kgonang ka teng go tlisetsa bao ba mo direlang kgololesego. “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le kobamelo ya maaka le tsone di ne tsa kwalwa, mme di dira jaaka “tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.”—1 Bakorintha 10:11.
O Golola Batho ba Gagwe
3. Jehofa o ne a bontsha jang kwa Egepeto gore o kgona go golola batho ba gagwe?
3 Sekai sa kafa Modimo o kgonang ka teng go diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo baobameding ba maaka le go golola bao ba dirang thato ya gagwe se ne sa direga fa batho ba gagwe ba bogologolo ba ne ba ntshitswe makgoba kwa Egepeto. Ekesodo 2:23-25 ya re: “Go goa ga bōnè ga tlhatlogèla kwa Modimoñ ka ntlha ea kgolègō. Me Modimo oa utlwa go duma ga bōnè.” Modimo Mothatayotlhe o ne a lere dipetso tse some mo morafeng oo go supa ka tsela e e gakgamatsang kafa a leng mogolo ka gone mo medimong ya Egepeto ya maaka. Petso nngwe le nngwe e ne e diretswe go nyenyefatsa modimo mongwe wa Egepeto, go bontsha gore e ne e le medimo ya maaka le gore e ne e ka se ke e kgone go thusa Baegepeto bao ba neng ba e obamela. Ka jalo Modimo o ne wa golola batho ba one wa bo wa senya Faro le masole a gagwe mo Lewatleng Le Lehibidu.—Ekesodo, kgaolo 7 go ya go kgaolo 14.
4. Ke ka ntlha yang fa e ne e se go tlhoka tshiamo fa Modimo o ne o diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo Bakananeng?
4 Fa Modimo o ne o tlisa Baiseraele mo Kanana, baagi ba yone ba ba obamelang badimona ba ne ba senngwa mme naga e ne ya neelwa batho ba Modimo. Jaaka Molaodi wa Lobopo, Jehofa o na le tshwanelo ya go diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo mefuteng e e maswe ya bodumedi. (Genesise 15:16) Mme buka ya ga Halley ya Bible Handbook e bolela jaana malebana le bodumedi jwa Bakanana: “Kobamelo ya . . . medimo ya Bakanana e ne e na le ditlwaelo tse di maswe mo go feteletseng; ditempele tsa yone e ne e le mafelo a go direlwang bosula mo go one. . . .Kobamelo ya Bakanana e ne e akaretsa go dira boitsholo jo bo maswe mo go feteletseng, fa pele ga medimo ya bone, mme seno e ne e le karolo ya bodumedi jwa bone; mme go tswa foo ba ne ba bolaya bana ba bone ba maitibolo e le setlhabelo se se direlwang medimo eo. Go bonala gore morafe otlhe wa naga ya Kanana o ne ka tsela nngwe o fetogile Sodoma le Gomora ka selekanyo se segolo.” O oketsa jaana: “A mokgwa wa botshelo o o nang le makgapha le bosetlhogo jo bo ntseng jalo o ne o na le tshwanelo ya gore o tswelele pele o ntse o le gone? . . . Baithutamarope bao ba epang marope a metse ya Kanana ba gakgamadiwa ke go bo Modimo o ne wa se ka wa ba senya pele ga nako eo a neng a ba senya ka yone.”
5. Fa Modimo o ne o golola batho ba gagwe ba bogologolo seno e ne e le sekao sa motlha wa rona jang?
5 Pego eno ya fa Modimo o ne o tseela kobamelo ya maaka kgato, o golola batho bao o neng o dirile kgolagano le bone, o bo o ba neela lefatshe le le solofeditsweng ke sekao sa dilo tse di santseng di tla tla. E bontsha seo se tla diragalang mo isagweng e e fa gaufi thata fa Modimo o tla bo o thubaganya bodumedi jwa lefatshe leno jwa maaka le bao ba bo tshegetsang o bo o tsenya badiredi ba one ba motlha wa gompieno mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—Tshenolō 7:9, 10, 13, 14; 2 Petere 3:10-13.
Kgololesego ya Boammaaruri mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo
6. Dingwe tsa ditsela tsa go gololesega tse di itumedisang tse Modimo o tla di neelang mo lefatsheng le lesha ke dife?
6 Mo lefatsheng le lesha, Modimo o tla segofatsa batho ba one ka dikarolo tsotlhe tse di molemolemo tsa kgololesego eo a ikaeletseng gore losika lwa motho lo nne le yone. Batho ba tla gololesega mo go gatelelweng ke megopolo ya bopolotiki, ya ikonomi, le ya bodumedi jwa maaka. Batho ba tla gololesega mo boleong le mo losong, ba bo ba nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29; Mathaio 5:5.
7, 8. Go tla itemogelwa eng fa go simolowa go itekanelwa sentle gape mo mmeleng mo lefatsheng le lesha?
7 Fela fa lefatshe le lesha leo le sena go tlisiwa, baagi ba lone ba tla busediwa ka kgakgamatso gore ba itekanele sentle gape mo mmeleng. Yobe 33:25 ya re: “Nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana, o tla boèla mo malatsiñ a bokau yoa gagwè.” Isaia 35:5, 6 e solofetsa jaana: “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”
8 Lona ba lo nang le makoa a mmele ka ntlha ya botsofe kana ka ntlha ya go sa tsoge sentle, a lo ko lo akanye ka nako ya fa lo tla bo lo le mo lefatsheng le lesha lo tsoga moso mongwe le mongwe lo tsogile sentle ebile lo le matlhagatlhaga. Matsutsuba a lona a nyeletse mme go setse letlalo le le borethe, le le itekanetseng sentle—ga lo tlhole lo tlhoka ditlolo. Matlho a lona a a letobo kana a a foufetseng jaanong a kgona go bona sentle—ga lo tlhole lo tlhoka digalase. Jaanong lo kgona go utlwa sentle gape—latlhang dilo tse di lo thusang go utlwa tseo. Maoto le mabogo a a golafetseng jaanong a nonofile ebile a feletse—latlhang matlhaka ao, dithobane tseo, le ditulo tseo tse lo tsamayang ka tsone. Ga go tlhole go na le bolwetsi—latlhang melemo eo yotlhe. Ke gone ka moo, Isaia 33:24 e bolelelang pele jaana: “Me monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” O bolela gape a re: “Ba tla bōna boipelō le boitumèlō: me bohutsana bo tla hohèla koo, le diphègèlō.”—Isaia 35:10.
9. Ntwa e tla fedisiwa jang ka bosakhutleng?
9 Ga go ketla go nna le ope yo o tla bolawang mo ntweng. “[Modimo] o khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.” (Pesalema 46:9) Dibetsa tsa ntwa ga di ketla di tlhola di letliwa ke Mmusi wa Bogosi jwa Modimo, Keresete Jesu, yo Isaia 9:6 e mmitsang “Kgōsana ea Kagishō.” Temana 7 e oketsa ka go re: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”
10, 11. Kagiso e e feletseng e tla ama lefatshe jang?
10 Abo e tla bo e le sengwe se se itumedisang jang ne mo bathong, le mo lefatsheng leno, fa le tla bo le sena dibetsa tsa ntwa! Aitsane, gone jaanong jaana, dibetsa tseo di neng di dirisiwa mo dintweng tsa nako e e fetileng di santse di ganyaola batho. Kwa nageng nngwe eleng kwa Fora, fa e sale ka 1945 baitseanape ba ba senyang dibomo ba feta 600 ba ile ba bolawa ba santse ba re ba senya dithunyi tse di setseng mo dintweng tsa nako e e fetileng. Moeteledipele wa koo wa lephata le le senyang dibomo o ne a re: “Re santse re fitlhela dikgolokwe tse di santseng di ka thunya tsa dikanono tse di setseng mo Ntweng eo e neng e lowa fa gare ga Fora le Prussia ka 1870. Go na le makadiba a a tletseng ka di-grenade tse di kotsi tseo di neng di dirisiwa ka Ntwa ya Lefatshe I. Go direga kgapetsakgapetsa gore molemi yo o tsamayang ka terekere a gate dithunyi tse di neng di thaiseditswe ditanka tsa ntwa ka Ntwa ya Lefatshe II, e bo e le fa a sule. Dilo tse di direga gongwe le gongwe.” Dingwaga tse pedi tse di fetileng The New York Times e ne ya akgela jaana: “Mo dingwageng tse 45 tsa fa e sale Ntwa ya Lefatshe II e fela, [maphatana a a senyang dibomo] a a dirang mo nageng [ya Fora] a sentse dithunyi di le dimilione di le 16 tse di thuntshiwang go tswa kgakala, dibomo di le 490 000 le dithunyi tse di fitlhilweng kafa tlase ga metsi di le 600 000. . . . Go santse go na le mafelo a [diheketara] di le dimilionemilione ao a ageletsweng ka terata, a tletse ka dibetsa boteng jo bo fitlhang mo mangoleng ebile go beilwe dipolakate go a dikologa tseo di tlhagisang jaana: ‘O Se Ka Wa Tshwara. Go A Bolaya!’”
11 Abo lefatshe le lesha le tla bo le farologane jang ne! Mongwe le mongwe o tla bo a na le bonno jo bo siameng, dijo tse di lekaneng, le tiro e e duelang, e e dirwang ka kagiso ya go fetola lefatshe lotlhe go nna paradaise. (Pesalema 72:16; Isaia 25:6; 65:17-25) Le ka motlha batho mmogo le lefatshe ga ba ne ba thuntshiwa ka dimilione tsa dithunyi gape. Jesu o ne a akantse ka lefatshe le lesha le le ntseng jalo fa a ne a raya mongwe yo a neng a dumela mo go ene a re: “U tla nna le nna kwa Paradaisa.”—Luke 23:43.
Thuto ya Lefatshe Lotlhe Eo E Isang Botshelong
12, 13. Jesu le Isaia ba ne ba bolelela pele kaga tiro efe ya go ruta mo lefatsheng lotlhe mo motlheng wa rona?
12 Fa motho a ithuta kaga lefatshe la Modimo le lesha, gape o ithuta gore mo motlheng ono wa rona, Jehofa o dirile phuthego ya lefatshe lotlhe eo e rulaganyeditsweng kobamelo ya boammaaruri. E tla bo e le yone motheo wa lefatshe le lesha, mme gone jaanong Modimo o e dirisetsa go ruta batho ba bangwe kaga maikaelelo a gagwe. Phuthego eno ya Bokeresete e dira tiro ya go ruta mo lefatsheng lotlhe ka mokgwa o o iseng o ko o bonwe ebile e le ka selekanyo se segolo ka tsela e e iseng e ko e bonwe pele. Jesu o ne a bolelela pele gore seno se ne se tla dirwa. O ne a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
13 Isaia le ene o ne a bua kaga tiro eno ya go ruta mo lefatsheng lotlhe: “Go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele [mo motlheng wa rona], go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri e e tlotlometseng] e tla tlhōñwa, . . . me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.”—Isaia 2:2, 3.
14. Batho ba Modimo ba ka bonwa jang gompieno?
14 Ka jalo, tiro ya lefatshe lotlhe ya go supa kaga Bogosi jwa Modimo ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore re gaufi le bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le gore kgololesego ya boammaaruri e gaufi. Bao ba etelang batho ba tshotse molaetsa o o nang le tsholofetso ya lefatshe le lesha la Modimo ba tlhalosiwa mo go Ditihō 15:14 e le ‘batho ba leina la Modimo.’ Ke bomang bao ba sikereng leina la ga Jehofa ebile ba neela bosupi mo lefatsheng lotlhe kaga Jehofa le Bogosi jwa gagwe? Rekoto ya hisitori mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga e neela karabo eno: ke Basupi ba ga Jehofa fela. Gompieno palo ya bone e feta dimilione di le nne mme ba mo diphuthegong di feta 66 000 mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 43:10-12; Ditihō 2:21.
15. Re ka kgona go tlhaola batlhanka ba Modimo ba boammaaruri jang fa go tla mo dikgannyeng tsa bopolotiki?
15 Bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa boperofeti jo bo malebana le tiro ya go rera ka Bogosi bo kwadilwe mo go Isaia 2:4: “[Ditšhaba] di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè; morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” Ka jalo bao ba dirang tiro ya go rera kaga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe ba tshwanetse gore ba se ka ‘ba tlhola ba ithuta tlhabano gape.’ Jesu o rile ba tshwanetse gore ‘ba se ka ba nna ba lefatshe.’ (Yohane 17:16) Seno se raya gore ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dikgannyeng tsa dipolotiki, ba se ka ba tsaya letlhakore fa go na le dikgotlhang le dintwa mo merafeng. Ke bomang bao e seng karolo ya lefatshe ebile ba sa tlhole ba ithuta tlhabano? Le fano gape, rekoto ya hisitori ya lekgolo leno la bo 20 la dingwaga e neela bosupi: ke Basupi ba ga Jehofa fela.
16. Tiro ya Modimo ya go ruta mo lefatsheng lotlhe e tla dirwa ka botlalo go le kana kang?
16 Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta mo lefatsheng lotlhe e tla tswelela pele le eleng fa Modimo o sena go fedisa lefatshe leno le le boikepo. Isaia 54:13 e bolela jaana: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa.” Thuto eno e tla dirwa ka botlalo mo eleng gore Isaia 11:9 e bolelela pele jaana: “Lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” Bao ba tla tlhokang gore ba tswelele pele ba rutiwa e tla bo e se bao ba falolang bokhutlo jwa lefatshe leno le legologolo fela mmogo le bana bao ba ka nnang ba tsholwa mo lefatsheng le lesha, mme gape le dibilione tsa bao ba tsosediwang mo botshelong. Kgabagare, motho mongwe le mongwe yo o tshelang mo lefatsheng o tla rutiwa go dirisa kgololesego ya gagwe ya go tlhopha se a se batlang sentle a sa tlole melelwane ya melao ya Modimo. Go tla felela ka eng? “Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.
Go Gololesega ka Selekanyo Se Segolo le Eleng Gone Jaanong
17. Moshe o ne a bolelela batho ba Modimo ba bogologolo gore ba dire eng?
17 Fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba le gaufi le go tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, Moshe o ne a bua le bone a re: “Bōnañ, ke lo neile ditaeō le dikatlholō, hèla yaka Yehofa Modimo oa me a ntaotsè, gore lo dihè yalo mo gare ga lehatshe ye lo tsènañ mo go yeōna lo ea go le rua. Me ke gōna, lo di tshegetseñ lo di dihè, gonne mo ke botlhale yoa lona, le tlhaloganyō ea lona mo ponoñ ea dichaba, tse di tla utlwañ ditaeō tse, me di re, Rure morahe o mogolo o, ea bo e le chaba e e tlhalehileñ, e e tlhaloganyañ. Gonne go na le morahe o mogolo ohe o o nañ le modimo moñwe o o gauhi naō, yaka Yehofa Modimo oa rona o nntse goñwe le goñwe, mogañ re o bitsañ gōna?”—Duteronome 4:5-7.
18. Bao ba direlang Modimo ba gololesegile ka ditsela dife tse dikgolo le eleng gone jaanong?
18 Gompieno dimilione tsa batho ba ba obamelang Jehofa le bone ba gaufi le go tsena mo lefatsheng le le solofeditsweng—lefatshe le lesha. Ba gaufi le ene ebile ba farologane le batho ba bangwe botlhe ka gonne ba utlwa melao ya Modimo. Modimo o setse o ba golotse mo megopolong ya bodumedi jwa maaka, go tlhaola batho ka lotso, go dirisa diokobatsi mo go sa dumelelwang, bomorafe, ntwa, le leroborobo la malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo. Mo godimo ga moo, o ba kopantse jaaka bakaulengwe ba merafe yotlhe ba ba kitlantsweng ke lorato. (Yohane 13:35) Ga ba tshwenyege ka isagwe mme ba “ōpèla ka go thama ga pelo.” (Isaia 65:14) Abo ba gololesega jang ne ka tsela e kgolwane le eleng gone jaanong ka go direla Modimo jaaka Molaodi wa bone!—Ditihō 5:29, 32; 2 Bakorintha 4:7; 1 Yohane 5:3.
Go Golola Ba Bangwe mo Ditumelong tsa Maaka
19, 20. Batho ba gololwa jang ke thuto e e mo Bibeleng kaga boemo jwa baswi?
19 Batho ba le bantsi bao ba rerelwang ke Basupi ba ga Jehofa le bone ba simolola go gololesega ka ditsela tseno. Ka sekai, mo dinageng tseo mo go tsone go obamelwang bagologolwane, Basupi ba ga Jehofa ba itsise ba bangwe gore baswi ga ba tshele gope fela ebile ba ka se ke ba gobatse batho ba ba tshelang. Basupi ba umaka Moreri 9:5, eo e bolelang gore “batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.” Gape Basupi ba bua ka Pesalema 146:4, eo e bolelang gore fa motho a swa “[o boela] mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” Ka jalo Bibela e bontsha gore ga go na sepoko sepe kana moya ope o o sa sweng o o ka fodisang kana wa tsenya batho ba ba tshelang letshogo. Ka jalo, ga go tlhokege go senya madi a a bonweng ka thata jalo go duela tiro ya dingaka tsa bola le baperesite.
20 Kitso e e ntseng jalo e e tlhomameng ya Bibela e golola batho mo dithutong tsa maaka kaga dihele le pakatori. Fa batho ba ithuta boammaaruri jo bo tswang mo Bibeleng jwa gore baswi ga ba ikutlwe, jaaka ekete ba mo borokong jo bo kwa teng, ga ba tlhole ba tshwenyega kaga seo se diragaletseng baratiwa ba bone ba ba suleng. Go na le moo, ba nna ba lebeletse nako e e kgatlhang eo moaposetoloi Paulo a neng a bua ka yone fa a ne a re: “Go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditihō 24:15.
21. Ke bomang bao kwantle ga pelaelo ba tla akarediwang mo go bao ba tla tsosiwang, mme ba ka nna ba itshwara jang?
21 Ka tsogo baswi ba tla boa ba tshela gape mo lefatsheng leo le tla bong le gololetswe ruri mo losong leo le ruilweng mo go Adame. Kwantle ga pelaelo batho ba ba tsosiwang ba tla akaretsa bana ba ba iseditsweng medimo ya Bakanana ditlhabelo, e e tshwanang le Moleke, makawana a a iseditsweng medimo ya Ba-Aztec ditlhabelo, le batho ba bangwe ba le dimilionemilione bao ba iseditsweng modimo wa ntwa setlhabelo. Abo batho bao pele ba neng ba dumela ditumelo tsa maaka ba tla gakgamala le go itumela jang ne! Batho ba ba ntseng jalo ba ba tsositsweng e ka nna ya re go tloga foo ba bolela jaana ka boitumelo: “Losho, dipecō tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ea gago e kae?”—Hosea 13:14.
Batla Jehofa
22. Fa e le gore re batla go tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha, re tshwanetse ra nna re gakologetswe eng?
22 A o batla go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo, koo go tla bong go na le kgololesego ya boammaaruri? Fa e le gore go ntse jalo, he dirisa mafoko a a mo go 2 Ditihalō 15:2: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; ha lo mmatla, o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.” Mme o se ka wa lebala gore Modimo ga o ketla o itlhokomolosa maiteko a o a dirang ka bopeloephepa gore o ithute kaga gagwe le gore o mo itumedise. Bahebera 11:6 e bolela gore Modimo ke “moduedi oa ba ba o batlañ [ka tlhoafalo, NW].” Le Baroma 10:11 ya re: “Leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna ga a ketla a tlhabisiwa ditlhoñ.”
23. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go galaletsa lefatshe le lesha la Modimo la kgololesego?
23 Lefatshe le lesha la Modimo la kgololesego ya boammaaruri le fela fa mojako. Mo lefatsheng leo “lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” Mme “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bonè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” (Baroma 8:21; Tshenolō 21:4) Mme batlhanka ba ga Jehofa ba tla tsholetsa ditlhogo tsa bone ba amogela lefatshe la Modimo le lesha la kgololesego ya boammaaruri ka boitumelo ba re, ‘Re a go leboga, Jehofa, go bo kgabagare o re neetse kgololesego ya boammaaruri!’
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Jehofa o ne a bontsha jang gore o kgona go golola batho ba gagwe?
◻ Go tla bo go gololesegilwe ka ditsela dife tse di itumedisang mo lefatsheng le lesha la Modimo?
◻ Jehofa o ruta batho jang gore ba tle ba bone botshelo?
◻ Batho ba Modimo ba gololesegile ka ditsela dife le eleng gone jaanong ka gonne ba direla Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jehofa o ne a golola baobamedi ba gagwe, ka go rialo a bontsha gore o mogolo mo medimong ya Egepeto ya maaka
[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Gompieno, batlhanka ba Modimo ba boammaaruri ba bonwa ka go dira tiro ya gagwe ya go ruta mo lefatsheng lotlhe le ka go sikara leina la gagwe