Tlhomamang mo Kgolosesegong E Lo E Filweng Ke Modimo!
“Keresete o re golotse ka kgololō: me ke gōna, tlhōmamañ, me lo se ka loa tlhōla lo ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.”—BAGALATIA 5:1.
1, 2. Kgololesego e Modimo o neng o e abile e ne ya latlhega jang?
BATHO ba ga Jehofa ba gololesegile. Mme ga ba batle go ikgaoganya le Modimo, ka go bo seo se tla raya gore ba tla nna makgoba a ga Satane. Ba tseela kamano ya bone le Jehofa kwa godimo ebile ba itumelela kgololesego eo e e ba nayang.
2 Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba latlhegelwa ke kgololesego e ba e neilweng ke Modimo ka go leofa mme ba ne ba nna makgoba a boleo, loso, le a ga Diabolo. (Genesise 3:1-19; Baroma 5:12) Aitsane, Satane o tsentse lefatshe lotlhe mo tseleng ya go dira boleo e e isang tshenyegong! Mme bao ba emang ba tlhomame mo kgololesegong e ba e filweng ke Modimo ba tsamaya mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:13, 14; 1 Yohane 5:19.
Go Gololesega mo Bokgobeng
3. Ke tsholofetso efe e Modimo o neng wa e dira kwa Edena?
3 Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore batho ba ba tlotlang leina la gagwe ba ne ba tla gololesega mo go Satane, mo boleong, le mo losong. Tsholofetso eo e ne ya dirwa ka nako ya fa Modimo o ne o bolelela noga e e neng e dirisiwa ke Satane kwa Edena jaana: “Ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika lwa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:14, 15) Jesu Keresete, Losika lwa phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo, o ne a longwa serethe fa a ne a swela mo koteng ya pogisetso, mme lefa go ntse jalo ke kafa Modimo o neng wa ntsha setlhabelo sa thekololo ka teng go golola batho ba ba dumelang mo losong le mo boleong. (Mathaio 20:28; Yohane 3:16) Fa nako e ntse e tsamaya, Jesu o tla kgoba tlhogo ya ga Satane, Noga ya bogologolo.—Tshenolō 12:9.
4. Aberahame o ne a itumelela kgololesego efe, mme Jehofa o ne a mo solofetsa eng?
4 Dingwaga di ka nna 2 000 morago ga tsholofetso eo ya kwa Edena, Aberahame “tsala ea Modimo” o ne a utlwa Modimo mme a fuduga mo motseng wa Ure a ya kwa lefelong lengwe. (Yakobe 2:23; Bahebera 11:8) Ka go dira jalo o ne a bona kgololesego e e tswang mo Modimong mme a se ka a tlhola a tshela jaaka lekgoba la lefatshe la ga Satane la bodumedi jwa maaka, dipolotiki tsa lone tse di tletseng boikepo, le kgwebo ya lone e e tletseng bogagapa. Mo godimo ga boperofeti joo jwa kwa Edena, Modimo o ne a oketsa ka ditsholofetso tse dingwe tsa gore malapa otlhe le merafe yotlhe e tla segofala ka Aberahame le Losika lwa gagwe. (Genesise 12:3; 22:17, 18) Aberahame o ne a gololesegile mo go hutsiweng goo gonne a ne a ‘dumela mo go Jehofa, mme a go mmaletse e le tshiamo.’ (Genesise 15:6) Gompieno, go nna le kamano e e atamalaneng thata le Jehofa go dira gore o nne le kgololesego e e tswang mo Modimong e e go gololang mo go hutsiweng le mo go nneng lekgoba la lefatshe leno le le busiwang ke Satane.
Terama ya Tshwantshetso E E Kgatlhang Thata
5. Botsalo jwa ga Isake bo ne bo amana thata le maemo afe?
5 Mosadi wa ga Aberahame wa moopa Sara o ne a mo naya motlhanka wa gagwe wa mosetsana, Hagare, gore a mo tsholele ngwana e le gore a tle a nne le losika. Aberahame o ne a bona Ishemaele ka ene, mme Modimo ga o a ka wa mo tlhopha gore e nne ene Losika lo lo solofeditsweng. Go na le moo, ka nako ya fa Aberahame a ne a na le dingwaga di le 100 mme Sara a ne a na le di le 90, Jehofa o ne a dira gore a kgone go tshola morwa yo a neng a bidiwa Isake. Hagare le morwawe ba ne ba kobiwa ka nako ya fa Ishemaele a ne a sotla Isake, mme a tlogela morwa Aberahame yo o mmoneng le mosadi yo o gololesegileng ebong Sara gore go se nne ope yo o lwelang le ene go nna losika. Jaaka Aberahame, Isake le ene o ne a supa fa a na le tumelo mme o ne a nna le kgololesego e e tswang mo Modimong.—Genesise 16:1-16; 21:1-21; 25:5-11.
6, 7. Baruti ba maaka ba ne ba dirile gore Bakeresete ba Bagalatia ba dumele eng, mme Paulo o ne a tlhalosa kaga eng?
6 Ditiragalo tseno di ne di tshwantshetsa dilo tse di botlhokwa thata mo bathong ba ba ratang kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo. Seno se ne sa umakiwa mo lokwalong lo moaposetoloi Paulo a neng a lo kwalela diphuthego tsa kwa Galatia mo e ka nnang ka 50 go ya go 52 C.E. Ka nako eo, setlhopha se se laolang se ne se setse se sweditse gore Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa. Mme baruti ba maaka ba ne ba pateleditse bangwe ba Bagalatia gore seo e ne e le karolo e e botlhokwa thata ya Bokeresete.
7 Paulo o ne a bolelela Bagalatia jaana: Motho o bolelwa gore o siame fa a dumela mo go Keresete, eseng ka go dira ditiro tsa Molao wa ga Moshe. (1:1–3:14) Molao ga o a ka wa senya tsholofetso e e neng e golagane le kgolagano ya ga Aberahame mme o ne o dira gore maleo a bonale ebile o gogela kwa go Keresete. (3:15-25) Jesu o ne a golola ba ba neng ba le kafa tlase ga Molao, a ba thusa gore e nne barwa ba Modimo ka loso lwa gagwe. Ka gone, go boela mo go tlotleng malatsi, dikgwedi, ditlha, le dingwaga go ne go tla bo go kaya gore ba ne ba boela mo bokgobeng. (4:1-20) Morago ga foo Paulo o ne a kwala jaana:
8, 9. (a) Tlhalosa se Paulo a neng a se bolela mo go Bagalatia 4:21-26 ka bokhutshwane ka mafoko a gago. (b) Mo terameng eno ya tshwantshetso, Aberahame le Sara ba ne ba tshwantshetsa bomang kana eng, mme Losika lo lo solofeditsweng e ne e le mang?
8 “Mpolèlèlañ, lona ba lo eletsañ go nna ha tlhatse ga molaō, a ga lo utlwe molaō? Gonne go kwadilwe, ga twe, Aberahame o na a na le bana ba le babedi ba basimane, moñwe [Ishemaele] e le oa lelata [Hagare], eo moñwe [Isake] e le oa mosadi eo e leñ ñwana oa motse [Sara]. Leha go nntse yalo ñwana oa lelata a bèlègwa kaha nameñ; me ñwana mosadi eo e leñ ñwana oa motse a bèlègwa ka polèlō ea choloheco. Me dilō tse, di na le sechwanchō: gonne basadi ba, ke dikgōlagano di le pedi; e ñwe [kgolagano ya Molao] e cwa thabeñ ea Sinai [koo Modimo o neng wa dira kgolagano gone le Baiseraele], me bana e ba tsalèla kgolegoñ; ke eōna Hagare. [Kgolagano e nngwe e ne ya dirwa le Aberahame mabapi le Losika.] Me yana Hagare eo, ke thaba ea Sinai mo lehatshiñ ya Arabia, me mo chwanoñ ea Yerusalema oa gompiyeno: gonne o mo kgolegoñ le bana ba gagwè [ditlogolwana tsa ga Aberahame, Isake, le Jakobe]. Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.”—Bagalatia 4:21-26.
9 Mo terameng eno ya tshwantshetso, Aberahame o ne a emela Jehofa. “Mosadi eo e leñ ñwana oa motse,” Sara, o ne a emela “mosadi” wa Modimo, kana phuthego ya gagwe e e boitshepo ya lobopo. E ne ya tsala Keresete, Losika lwa mosadi yoo wa tshwantshetso le lwa ga Aberahame yo mogolwane. (Bagalatia 3:16) Jesu o ne a ruta boammaaruri a bo a senola bodumedi jwa maaka gore batho ba bone tsela ya go gololesega mo kobamelong e e makgapha, mo boleong, le mo go Satane, mme Jerusalema le bana ba gagwe ba ne ba sala ba ntse ba le mo bokgobeng jwa bodumedi gonne ba ne ba se ka ba mo amogela. (Mathaio 23:37, 38) Balatedi ba ga Jesu ba Bajuda ba ne ba gololesega mo Molaong, oo o neng o ba supa gore ke makgoba a bosaitekanelang, boleo, le loso. Eleruri batho botlhe ba ba amogelang Jesu jaaka Yoo a tshotsweng ke “mosadi” wa Modimo go tla go nna Kgosi ya Mesia le Mogolodi yo o ‘bolelelang batshwarwa kgololo’ ba gololesegile!—Isaia 61:1, 2; Luke 4:18, 19.
Tila Jokwe ya Botlhanka
10, 11. Keresete o ne a golola balatedi ba gagwe mo jokweng efe ya botlhanka, mme ke dilo dife tse re di bonang tse di tshwanang le tseno gompieno?
10 Paulo o bolela jaana ka bao ba bopang losika lwa ga Aberahame le Keresete ebong Isake yo Mogolwane: “Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla. . . . Me yana ba ga echo, rona re nntse yaka Isake a na a nntse, re bana ba polèlō ea choloheco. Me yaka mo motlheñ ole, eo o na a bonywe kaha nameñ [Ishemaele] a bogisa eo o na a bonywe kaha Moeeñ [Isake], go nntse yalo le gompiyeno. . . . Ga re bana ba lelata, me re ba mosadi eo e leñ ñwana oa motse. Keresete o re golotse [mo Molaong] ka kgololō: me ke gōna, tlhōmamañ, me lo se ka loa tlhōla lo ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.”—Bagalatia 4:26–5:1.
11 Balatedi bape fela ba ga Jesu ba ka bo ba ile ba itsenya mo jokweng ya botlhanka fa ba ka bo ba ne ba ile ba ikobela Molao. Gompieno bodumedi jwa maaka ke jone jokwe ya botlhanka, ebile Labokeresete e emela Jerusalema wa bogologolo le bana ba gagwe. Mme batlodiwa ke bana ba Jerusalema yo o kwa godimo, phuthego ya Modimo e e gololesegileng ya legodimo. Bone mmogo le balatedi ba bangwe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ga se karolo ya lefatshe leno ebile ga se makgoba a ga Satane. (Yohane 14:30; 15:19; 17:14, 16) Ereka re golotswe ke boammaaruri le ke setlhabelo sa ga Jesu, a re tlhomameng mo kgololesegong eno ya rona e re e filweng ke Modimo.
Go Emela Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo
12. Badumedi ba latela tsela efe, mme go tlile go tlotliwa ka eng jaanong?
12 Go na le dimilione tse jaanong di itumelelang kgololesego eo jaaka Basupi ba ga Jehofa. Go na le dithuto tsa Bibela tse di tshwarwang le ba bangwe ba ba dimilione, bao bontsi jwa bone bo “laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ.” Fa ba sena go dumela, ba tla emela kgololesego e ba e neilweng ke Modimo ka go kolobediwa. (Ditihō 13:48; 18:8) Mme ke dikgato dife tse di tshwanetseng go tsewa pele motho a kolobediwa jaaka Mokeresete?
13. Kitso e amana jang le kolobetso?
13 Motho o tshwanetse go bona kitso e e tlhomameng ya Dikwalo a bo a dire tumalanong le yone pele a ka kolobediwa. (Baefesia 4:13) Ka gone, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”—Mathaio 28:19, 20.
14. Go kolobediwa mo leineng la Rara, le Morwa, le moya o o boitshepo go batla gore motho a bo a itse eng?
14 Go kolobediwa mo leineng la Rara go raya gore motho o amogela maemo a ga Jehofa le thata e a nang nayo jaaka Modimo, Mmopi, le Molaodi wa Lobopo. (Genesise 17:1; 2 Dikgosi 19:15; Tshenolō 4:11) Go kolobediwa mo leineng la Morwa go batla gore o itse tiro ya ga Keresete le thata e a nang nayo jaaka sebopiwa se se nang le maemo a a kwa godimo sa moya, Kgosi ya Mesia, le yoo Modimo o ileng wa ntsha “thèkololō ea botlhe” ka ene. (1 Timotheo 2:5, 6; Daniele 7:13, 14; Bafilipi 2:9-11) Motho yo o kolobediwang mo leineng la moya o o boitshepo o lemoga gore one ke maatla a a dirang a Modimo a Jehofa a neng a a dirisa fa a ne a bopa le fa a ne a tlhotlheletsa bakwadi ba Bibela, mmogo le ka ditsela tse dingwe gape. (Genesise 1:2; 2 Petere 1:21) Gone mme, go na le dilo tse dintsi tse di ka ithutiwang kaga Modimo, Keresete, le moya o o boitshepo.
15. Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go supa fa a na le tumelo pele a kolobediwa?
15 Motho o tshwanetse go supa fa a na le tumelo e e thailweng mo kitsong e e tlhomameng pele a kolobediwa. “Kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go . . . kgatlha [Jehofa].” (Bahebera 11:6) Motho yo o dumelang mo Modimong, mo go Keresete, le mo boikaelelong jwa Modimo o tla batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a tshele tumalanong le Lefoko la Modimo le go nna le seabe ka tsela e e bonalang mo go rereng mafoko a a molemo. O tla bua kafa Jehofa a galalelang ka teng jaaka kgosi.—Pesalema 145:10-13; Mathaio 24:14.
16. Boikwatlhao ke eng, mme bo amana jang le kolobetso ya Bokeresete?
16 Motho o tshwanetse a bo a setse a ikwatlhaile pele a kolobediwa. Go ikwatlhaya go kaya go “fetola mogopolo ka ditiro, kana ka boitsholo, jwa nako e e fetileng (kana jo o neng o ikaeletse go bo dira), gonne motho a hutsafala ka ntlha ya bone kana bo sa mo kgotsofatse,” kana “go ikutlwa o hutsafala, o swaba, kana o tshwenyega ka seo o se dirileng kana se o paletsweng ke go se dira.” Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoka go ikwatlhaela maleo a bone a ba neng ba a diretse Jesu Keresete. (Ditihō 3:11-26) Badumedi bangwe kwa Korintha ba ne ba ikwatlhaela kgokafalo, kobamelo ya medimo ya disetwa, boaka, bosodoma, go utswa, bogagapa, botagwa, go kgala, le boikgagapeledi. Seo se ne sa felela ka gore ba ‘tlhapisiwe’ mo mading a ga Jesu, ba ‘itshepisiwe’ jaaka bao ba tlhaoletsweng go direla Jehofa, mme ba ‘siamisiwe’ mo leineng la ga Jesu Keresete le ka moya wa Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka jalo go ikwatlhaya ke kgato e e tsewang gore motho a nne le segakolodi se se molemo le go bona kgololesego e e newang ke Modimo e e gololang mo go ikutlweng o le molato ka ntlha ya boleo.—1 Petere 3:21.
17. Go fetoga go kaya eng, mme go batla motho yo o rulaganyetsang go kolobediwa a dira eng?
17 Motho o tshwanetse go fetoga pele a ka kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Motho yo o ikwatlhaileng o fetoga fela fa a sena go tlogela tsela ya gagwe e e phoso mme a ititaya sehuba gore o tla dira se se siameng. Lediri la Sehebera le la Segerika le le amanang le go fetoga le kaya “go boela kwa morago, go retologa, kana go boa.” Fa le dirisiwa ka tlhaloganyo e e molemo ya semoya, le kaya go boela mo Modimong o tlogela tsela e e phoso. (1 Dikgosi 8:33, 34) Go fetoga go batla gore o dire “ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhaō,” re dire se Modimo a se re laelang, re tlogele bodumedi jwa maaka, mme re tlhome pelo ya rona ka tlhomamo mo go Jehofa gore re direle ene fela. (Ditihō 26:20; Duteronome 30:2, 8, 10; 1 Samuele 7:3) Seno se batla gore motho a nne le “pelo e ncha le mōea o mosha,” a fetole tsela e a akanyang ka yone, e a itsholang ka yone, boikaelelo jwa gagwe mo botshelong. (Esekiele 18:31) Botho jo bosha jo a tla nnang najo bo tla emisetsa dinonofo tse eseng tsa bomodimo ka tse e leng tsa bomodimo. (Bakolosa 3:5-14) Ee, go ikwatlhaya ka boammaaruri eleruri go dira gore motho a “shokologè.”—Ditihō 3:19.
18. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ineela mo Modimong ka thapelo, mme kgato eno e botlhokwa ka tsela efe?
18 Motho o tshwanetse go ineela mo Modimong ka thapelo pele a kolobediwa. (Bapisa Luke 3:21, 22.) Go ineela go kaya go tlhaolela sengwe tirelo e e boitshepo. Kgato eno e botlhokwa tota mo e leng gore re tshwanetse go bolelela Modimo ka thapelo ka tshwetso ya rona ya go batla go ineela mo go ene fela le go mo direla ka bosakhutleng. (Duteronome 5:8, 9; 1 Ditihalō 29:10-13) Gone mme, ga re ineele mo tirong mme mo Modimong ka boone. Ntlha eo e ne ya bolelwa ka phepafalo kwa phitlhong ya poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, Charles Taze Russell. Mo tiragalong eo ka 1916, mokwaledi le motshwaramatlotlo wa Mokgatlho, W. E. Van Amburgh, o ne a bolela jaana: “Tiro eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ga se tiro ya motho a le mongwe. E kgolo fela thata go ka nna jalo. Ke tiro ya Modimo mme ga e ke e fetoga. Modimo o ile a dirisa batlhanka ba gagwe ba bantsi mo nakong e e fetileng mme ebile kwantle ga pelaelo O santse a tla dirisa ba bantsi mo isagweng. Ga re a ineela mo mothong ope, kana mo tirong ya motho ope, mme re ineetse go dira thato ya Modimo, go ya kafa a tla re senolelang ka gone ka Lefoko la Gagwe le ka go re goga ka tsela ya bomodimo. Modimo e santse e le molaodi wa rona.” Mme ke eng se sengwe gape se se tshwanetseng go dirwa kaga go ineela mo Modimong?
19. (a) Batho ba naya bosupi jwa phatlalatsa jwa gore ba ineetse mo go Jehofa jang? (b) Go kolobediwa ka metsi go tshwantshetsa eng?
19 Motho o supa phatlalatsa fa a kolobediwa gore o ineetse mo go Jehofa. Go kolobediwa ke lotshwao lo lo supang gore motho yo o tsenngwang mo metsing o ineetse mo go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete a sa itshiele sepe. (Bapisa Mathaio 16:24.) Fa motho yo o kolobediwang a fitlhwa kafa tlase ga metsi mme a bo a inolwa mo go one, o swa ka tsela ya tshwantshetso mo tseleng ya gagwe ya pele ya botshelo a bo a tsosediwa mo tseleng e ntšha ya botshelo, jaanong a tlile go dira go rata ga Modimo a sa sadise sepe kwa morago. (Bapisa Baroma 6:4-6.) Ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a ineela mo go Rraagwe wa selegodimo a sa itshiele sepe. (Mathaio 3:13-17) Ebile Dikwalo di bontsha kgapetsakgapetsa gore badumedi ba ba tshwanelegang ba tshwanetse go kolobediwa. (Ditihō 8:13; 16:27-34; 18:8) Ka gone, gore motho a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gompieno o tshwanetse go fetoga modumedi yo o dumelang ka boammaaruri a bo a kolobediwa.—Bapisa Ditihō 8:26-39.
Tlhomama!
20. Ke dikao dife tse dingwe tsa Bibela tse di supang gore re tla segofala fa re tlhomama mo kgololesegong e re e filweng ke Modimo jaaka Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa?
20 Fa e le gore o tsere kgato ka tlhomamo mo kgololesegong e e newang ke Modimo ka go nna Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, o tla go segofatsa fela jaaka a ne a segofatsa batlhanka ba gagwe mo nakong e e fetileng. Ka sekai, Jehofa o ne a segofatsa Aberahame le Sara ba ba tsofetseng ka morwa yo o boifang Modimo ebong Isake. Ka tumelo, moperofeti Moshe o ne a itlhophela go bogisiwa le batho ba Modimo “bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka; A kaea ha go kgōbèlwa [go nna wa mofuta wa bogologolo wa ga] Keresete [kana motlodiwa wa Modimo] e le khumō e e molemō go gaisa mahumō a Egepeto.” (Bahebera 11:24-26) Moshe o ne a bona tshiamelo ya go dirisiwa ke Jehofa go etelela Baiseraele pele a ba ntsha mo botshwarong kwa Egepeto. Mo godimo ga moo, o tla tsosiwa mo baswing mme o tla nna mongwe wa “dikgōsana mo lehatshiñ” kafa tlase ga Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete, gonne o ne a direla Modimo ka boikanyegi.—Pesalema 45:16; Duterenome 18:17-19.
21. Ke dikao dife tse di kgothatsang tse re di newang tsa basadi ba bomodimo ba metlha ya bogologolo?
21 Bakeresete ba ba ineetseng gompieno le bone ba ka kgothala ka go ela tlhoko basadi ba ba neng ba bona kgololesego ya boammaaruri le boitumelo. Mo go bone go ne go na le Ruthe wa Momoaba, yoo a neng a ikutlwela kutlobotlhoko ya go nna motlholagadi le boitumelo jwa go bona kgololesego e e tswang mo Modimong ya go gololesega mo bodumeding jwa maaka. O ne a tlogela batho ba gaabo le medimo ya gagwe, mme a kgomarela matsalaagwe wa motlholagadi, Naomi. Ruthe o ne a re, “kwa u eañ gōna, ke tla ea gōna; kwa u lalañ gōna, ke tla lala gōna; batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me.” (Ruthe 1:16) Jaaka mosadi wa ga Boase, Ruthe e ne ya nna mmaagwe rremogoloagwe Dafide ebong Obede. (Ruthe 4:13-17) Ka ntlha ya moo, Jehofa o ne a naya mosadi yono yo e neng e se Moiseraele “tuèlō e e tletseñ” ka go mo letla gore e nne mmaagwemogologolwane wa ga Jesu ebong Mesia! (Ruthe 2:12) Abo Ruthe a tlile go itumela jang ne fa a tsosiwa mo baswing mme a lemoga gore o ne a bona tshiamelo e kgolo! Pelo ya yo e kileng ya bo e ne e le seaka pele ebong Rahabe yo a neng a gololwa mo boitsholong jo bo maswe le mo bodumeding jwa maaka, le yone e tla tlala boitumelo ka tsela e e tshwanang, mmogo le Bathesheba yo a neng a dira bosula mme a ne a ikwatlhaya, ka go bo le bone ba tla lemoga gore Jehofa o ne a ba letla gore e nne bommaagwemogologolwane ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:1-6, 16.
22. Go tlile go sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?
22 Kgang ya go sekaseka batho ba ba neng ba bona kgololesego e Modimo o e nayang e ka tswelela fela e sa fele. Ka sekai, palo ya bone e akaretsa banna le basadi ba tumelo ba ba umakilweng mo go Bahebera kgaolo 11. Ba ne ba pitlaganngwa ba bo ba tshwarwa makgwakgwa, ‘lefatshe le ne le sa tshwanelwa ke bone.’ Mo palong eo ya bone tsenya le balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le ba bangwe ba ba neng ba ikanyega go tloga ka nako eo, go akaretsa le dimilione tse jaanong di direlang Jehofa jaaka Basupi ba gagwe. Jaaka re tla bona, fa e le gore o tlhomame mo kgololesegong e e newang ke Modimo, o na le mabaka a mantsi a go itumela.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke tsholofetso efe e Modimo o neng wa e dira ka nako ya fa kgololesego e Modimo o e nayang e ne e latlhega?
◻ Keresete o ne a golola balatedi ba gagwe mo ‘jokweng’ efe ‘ya botlhanka’?
◻ Ke dikgato dife tse motho a tshwanetseng go di tsaya pele a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?
◻ Ke dikao dife tsa Dikwalo tse di supang tota gore re tlile go segofala fa re tlhomama mo kgololesegong e Modimo o e nayang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
A o itse gore ke dikgato dife tse di tshwanetseng go tsewa pele motho a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?