LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/15 ts. 5-7
  • A Ditshwatsho Di Ka Kgona Go Go Atametsa Gaufi le Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ditshwatsho Di Ka Kgona Go Go Atametsa Gaufi le Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Tlhotlhwakgolo, Di Dirilwe ka Botswerere, mme Lefa go Ntse Jalo Ga Di Thuse Sepe
  • Kafa Bakatoliki ba Lebang Seno ka Teng
  • Go Gogelwa Ke Mmaba
  • Go Atamalana le Modimo
  • Ditshwantsho
    Tsogang!—2014
  • Go Obamelwa ga Ditshwantsho—Ke Kgang E go Ganetsanwang ka Yone Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Modimo o Tshwanetse go Obamelwa ka Ditshwantsho?
    Tsogang!—2008
  • Pono ya Bokeresete ka Ditshwantsho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/15 ts. 5-7

A Ditshwatsho Di Ka Kgona Go Go Atametsa Gaufi le Modimo?

GOMPIENO dimusiamo di tletse ka ditshwantsho tsa Seegepeto, Sebabelona, le tsa Segerika. Ditshwantsho tse di tlhomilweng tse di kileng tsa bo di tlotliwa thata jaanong di eme fela jaaka sesupo sa kafa go neng go takiwa ka teng bogologolo. Batho ba ba neng ba di tlotla ke bone fela ba neng ba akanya gore di na le maatla. Fa kgabagare batho ba ba neng ba di obamela ba swa, maatla a go neng go dumelwa gore ditshwantsho tseno di na le one a ne a nyelela. Go ne ga senolwa gore ditshwantsho tseno di ne di sena maatla ape—tsela eo tota di neng di ntse ka yone—dilo fela tse di sa tsheleng tse di dirilweng ka logong, lentswe, kana tshipi.

Go tweng ka ditshwantsho tse di santseng di tlotliwa le go obamelwa ke batho gompieno? A ditshwantsho tseno di na le maatla mangwe a a fetang a ditshwantsho tsa bogologolo tsa kwa Egepeto, Babelona, le Gerika? A eleruri di ile tsa dira sengwe go thusa batho gore ba atamalane le Modimo?

Fa dikokomana tsa batho di ntse di feta batho go lebega ba ntse ba katogela kgakala le Modimo. Mme ke eng se ditshwantsho tsotlhe tse di mo lefatsheng di ka se dirang ka seno? Fa di lesiwa fela, di tlala lorole mme kgabagare di a onala kana di a senyega. Ga di kgone go itirela sepe, le batho ga di ba direle sepe. Lefa go ntse jalo selo se se botlhokwa thata ke gore Bibela e bolela eng ka kgang eno?

Di Tlhotlhwakgolo, Di Dirilwe ka Botswerere, mme Lefa go Ntse Jalo Ga Di Thuse Sepe

Ga go gakgamatse go bo Bibela e senola gore ditshwantsho ga di thuse sepe le gore ga di thuse batho ba ba ineetseng mo go tsone go atamalana le Modimo. Lemororo gantsi ditshwantsho tsa bodumedi di le tlhotlhwakgolo ebile di dirilwe ka botswerere, Bibela e bontsha boleng jwa tsone tota fa e bolela jaana: “Medimo ea bōnè ea disètwa ke selefera le gouda, ke tihō ea diatla tsa batho hèla. E na le melomo, me ga e bue; e na le matlhō, me ga e bone; E na le ditsèbè, me ga e utlwe; e na le dinkō, me ga e dupe; E na le diatla, me ga e chware; e na le dinaō, me ga e tsamaee; le gōna ga e bue ka memecō ea eōna. Ba ba e dihañ ba tla chwana naeō hèla, E, le moñwe le moñwe eo o ikanyañ mo go eōna.”—Pesalema 115:4-8.

Bibela ga e senole fela gore medimo ya disetwa ga e na mosola ope mme lefa go ntse jalo e kgala ditshwantsho le baobamedi ba tsone jaana: “Di nntse yaka setlhare sa mokolane, e le tsa tihō ea mosètō, me ga di bue: di na le go rwalwa hèla, ka di retelèlwa ke go tsamaea. Lo se ka loa di boiha: gonne ga di na thata ea go diha boshula, me ga goeō mo go cōna go diha molemō. Motho moñwe le moñwe o hetogile sehōlōhōlō, me a sena kicō; mothudi wa gouda moñwe le moñwe o tlhabisiwa ditlhoñ ke sechwanchō sa gagwè se se setilweñ: gonne sechwanchō sa gagwè se se thecweñ ke maaka, go bile go sena mōea mo go cōna. Di boithamakō, ke tihō ea phorō.”—Yeremia 10:5, 14, 15.

Kafa Bakatoliki ba Lebang Seno ka Teng

Ke boammaaruri gore batho ba bantsi bao ba khubamang, ba rapela ebile ba tshuba dikerese le go atla ditshwantsho tsa bodumedi ga ba itebe jaaka baobamedi ba medimo ya disetwa kana baobamedi ba ditshwantsho. Ka sekai, Bakatoliki ba bolela gore ba tlotla ditshwantsho tsa ga Keresete le Maria, eseng ka gore ditshwantsho tseno ka botsone ke tsa bomodimo ka tsela epe, mme ba dira jalo ka ntlha ya batho bao ba emelwang ke ditshwantsho tseno. The World Book Encyclopedia e bolela gore “mo Kerekeng ya Roma Katoliki ditshwantsho di tlotliwa jaaka dilo tse di tshwantshetsang batho ba di ba emelang.” Baruti ba Katoliki ba ile ba ruta gore go siame go tlotla setshwantsho fa fela o se naya tlotlo e nnye e e sa lekaneng le e e tshwanetseng go newa Modimo.

Boammaaruri ke gore ditshwantsho tseno di santse di tlotliwa le jaanong. New Catholic Encyclopedia le yone e dumela gore tlotlo eo “ke tsela nngwe ya go obamela.” Lefa go ntse jalo Jesu Keresete o ne a thibela gore ditshwantsho di se ka tsa dirisiwa jaaka sengwe se se ka thusang motho go atamalana le Modimo fa a ne a bolela jaana: “Ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” (Yohane 14:6) Ga go gakgamatse go bo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bona go sa siama go dirisa ditshwantsho mo kobamelong.

Lefa go ntse jalo, gompieno palo ya ditshwantsho tsa ditumelo tsa Labokeresete e feta ya tse dingwe tsotlhe. Ee, le mororo go na le bosupi jwa hisitori le jwa Dikwalo jo bo senolang kafa go leng boeleele ka teng go tlotla setshwantsho sengwe, batho bangwe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba tswelela go ikobela le go rapela ditshwantsho fa ba ntse ba tlhoafetse ba batla Modimo. Ka ntlha yang?

Go Gogelwa Ke Mmaba

Moperofeti Isaia o ne a bolela gore batho ba ba neng ba obamela ditshwantsho mo motlheng wa gagwe ba ne ba palelwa ke go bona gore ba dira boeleele gonne matlho a bone a ne a ‘buduletse ka jalo ba ka se ka ba bona, le dipelo tsa bone gore ba se ka ba tlhaloganya.’ (Isaia 44:18) Ke mang tota yo a neng a ka kgona go tlhotlheletsa batho ka tsela e e ntseng jalo? Lekgotla le le kgatlhanong le go tlotliwa ga ditshwantsho la 754 C.E. le ne la bolela gore go tlotliwa ga ditshwantsho go ne ga simololwa ke Satane ka boikaelelo jwa gore a gogele motho kgakala le Modimo wa boammaaruri. A tshwetso eno e ne e le boammaaruri?

Ee, ka go bo e dumalana le Bibela e e tlhotlheleditsweng, e e neng ya bolela makgolokgolo a dingwaga pele gore mmaba yo mogolo wa Modimo, Satane Diabolo, ‘o foufaditse megopolo’ ya batho gore boammaaruri ‘bo se ka jwa ba phatsimela.’ (2 Bakorintha 4:4) Ka jalo, fa motho a tlotla setshwantsho sengwe, ga se mo atamalanye le Modimo, totatota motho yoo o a bo a itumedisa badimona.—1 Bakorintha 10:19, 20.

Go Atamalana le Modimo

Ditshwantsho ga di kake tsa re thusa go atamalana le Modimo. Mmopi yo mogolo, Jehofa Modimo, o ila go tlotliwa ga ditshwantsho tota. (Duteronome 7:25) “Jehofa ke Modimo o a batlang go obamelwa a le esi.” (Nahume 1:2, NW) O bolela jaana: “Ke nna Yehofa; ke yeōna leina ya me, me kgalalèlō ea me ga nkitla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.” (Isaia 42:8) Go a tshwanela he go bo Bibela e tlhagisa gore bao ba tlotlang ditshwantsho, “ga ba ketla ba rua Bogosi.”—Bagalatia 5:19-21.

Lefa go ntse jalo, Jehofa gape ke Modimo o o kutlwelobotlhoko le o o itshwarelang. Bibela e bua kaga bao ba neng ba sokologela mo Modimong ba tswa mo medimong ya bone ya disetwa mme ba ne ba bolelwa gore ke basiami fa ba sena go tlogela ditiro tsa bone tsa go obamela medimo ya disetwa. (1 Bakorintha 6:9-11; 1 Bathesalonia 1:9) Ba ne ba reeditse mafoko ano a ga Jesu a a reng: “Modimo ke mōea; me ba ba o obamèlañ ba na le go o obamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:24.

Fa o ithuta Bibela ka tlhoafalo e tla go senolela gore go motlhofo go atamalana le Modimo. (Ditihō 17:26-28) O botsalano, o lorato ebile o kgonwa go atamelwa, mo godimo ga moo o a re laletsa ebile o lebeletse gore re atamalane le ene thata.—Isaia 1:18.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o tseye kgato go ithuta Rara wa rona wa selegodimo gore ke Motho wa mofuta ofe, o ithute kaga leina la gagwe, Jehofa, le ka dinonofo tsa gagwe le kafa a dirisanang ka teng le batho. O tla kgona go tlhaloganya go tswa mo ditsebeng tsa Lefoko la gagwe eleng Bibela gore ke ka ntlha yang fa ruri o sa tlhoke go thusiwa gore o atamele Modimo ke sepe se se bonalang, jaaka ditshwantsho tse di tlhomilweng le tse di takilweng. Ee, “atamelañ Modimoñ, me u tla lo atamèla.”—Yakobe 4:8.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Boraditiragalo ba Akgela Jaana . . .

◻ “Ke lebaka le le itsegeng thata gore Bobuda, jo bo neng jwa tlhongwa ka lekgolo la borataro la dingwaga BCE, bo ne jwa nna le setshwantsho sa ntlha sa mosimolodi wa jone mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga CE.”

“Ngwao ya Sehindu [e ne e sena medimo ya disetwa kana ditshwantsho] ka makgolokgolo a dingwaga.”

“Bohindu le Bobuda bo ne jwa simolola bo sena medimo ya disetwa kana ditshwantsho mme bo ne jwa tsenya ditshwantsho mo kobamelong ya jone ka bonya ka bonya. Bokeresete bo ne jwa dira se se tshwanang.”—The Encyclopedia of Religion, e e kwadilweng ke Mircea Eliade.

◻ “Go tswa mo dipegong tse di farologaneng tsa Bibela go na le bosupi jwa gore go ne go sa dirisiwe ditshwantsho fa go ne go obamelwa Modimo wa boammaaruri. . . . Le yone TN [Tesetamente E Ntšha], e iletsa gore go se ka ga obamelwa medimo ya seeng le medimo ya disetwa.”—New Catholic Encyclopedia.

◻ “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa dirise ditshwantsho mo kobamelong.”—Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, e e kwadilweng ke McClintock le Strong.

◻ “Ga go na gope koo o ka fitlhelang motlhalanyana wa gore go ne go dirisiwa ditshwantsho tse di tlhomilweng kana ditshwantsho mo kobamelong ya Bokeresete, e le mo Tesetamenteng e Ntšha, kana mo mekwalong epe fela e e leng ya boammaaruri ya motlha wa fa Bokeresete bo ne bo simolola, e ka tswa e le tsa sephiri kana tse di neng di balwa ke batho botlhe.”—A Concise Cyclopedia of Religious Knowledge, e e kwadilweng ke Elias Benjamin Sanford.

◻ “Bakeresete ba ntlha ba ka bo ba ne ba tshoga tota fa ba ne ba akantshiwa gore ba beye ditshwantsho fela mo kerekeng, ebile ba ka bo ba ile ba leba go ikoba fa pele ga tsone le go di rapela e le go obamela medimo ya disetwa.”—History of the Christian Church e e kwadilweng ke John Fletcher Hurst.

◻ “Kereke ya ntlha e ne e ganetsa ka metlha go dirwa le go tlotliwa ga ditshwantsho tsa ga Keresete le tsa baitshepi.”—The New Encyclopædia Britannica.

◻ “Le mororo Kereke ya bogologolo e ne e se kgatlhanong le botaki, lefa go ntse jalo e ne e sena ditshwantsho dipe tsa ga Keresete.”—Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a gatelela gore Modimo o batla batho ba ba ‘o obamelang ka moya le ka boammaaruri’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela