LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 1/1 ts. 3-4
  • Ke Modimo Ofe O O Tshwanetseng wa Obamelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Modimo Ofe O O Tshwanetseng wa Obamelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simologa ga Medimo ya Maaka
  • Tsheko ya Lobopo Lotlhe E e Go Kopanyeletsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A O Tla Nna Mosupi wa Modimo wa Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A go Na le Modimo yo o Esi Fela wa Boammaaruri?
    Tsogang!—2006
  • O Tshwanetse go Obamela Modimo Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 1/1 ts. 3-4

Ke Modimo Ofe O O Tshwanetseng wa Obamelwa?

GO FAROLOGANA le diphologolo, rona batho re kgona go obamela. Eno ke tsela eo re dirilweng ka yone fa esale re tsholwa. Gape re itse kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng, re na le segakolodi se se re kaelang se se siameng le se se sa siamang. Rotlhe re latela segakolodi seo ka ditsela tse di farologaneng, mme ka go dira jalo, batho ba le bantsi ba retologela kwa modimong mongwe kana kwa medimong mengwe gore e ba kaele.

Mo e ka nnang lekgolo kana makgolo a mabedi a dingwaga a a fetileng, batlhalefi bangwe ba lefatshe ba ile ba ganetsa gore go na le Modimo mothatayotlhe yo ebileng e le Mmopi. Ka 1844, Karl Marx o ne a bolela gore bodumedi ke “selo se se tagang batho.” Moragonyana, Charles Darwin o ne a simolola kgopolo ya thutotlhagelelo. Go tswa foo go ne ga latela go lwela diphetogo tsa bopolotiki go go neng go dirwa ke Bolshevik. Kwa Yuropa Botlhaba thuto ya bolatolamodimo e ile ya tlhongwa ke naga ka molao, mme go ne go na le boiphako jwa gore bodumedi bo ne bo tla nyelela gotlhelele le kokomana ya 1917. Mme lefa go ntse jalo balatolamodimo bao ba ne ba se ka ba fetola tsela eo batho ba dirilweng ka yone. Seno se supiwa ke fa bodumedi bo tsoga gape jaanong kwa Yuropa Botlhaba.

Lefa go ntse jalo, jaaka Bibela e bolela, go na le “e e bidiwañ medimo, kwa legodimōñ le mo lehatshiñ; yaka go na le medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi.” (1 Bakorintha 8:5) Batho ba ile ba obamela medimo e mentsintsi go ralala dingwaga. Go ile ga nna le medimo ya tsalo, ya lorato, ya ntwa, le ya bojalwa jwa mofine le ditlhapelo. Go na le medimo e e ka tshwarang dimilione ka palo mo bodumeding jwa Sehindu fela.

Medimo ya Tharonngwe e ile ya anama kwa Babelona, Asiria, le kwa Egepeto, mmogo le mo dinageng tsa Bobuda. Labokeresete le yone e na le Tharonngwe ya yone “e e boitshepo.” Lemororo Baiselamo ba ganetsa thuto ya Tharonngwe, ga “ba na modimo ope fa e se Allah.” Go feta foo, le eleng le bao ba kgalang kgopolo ya gore go na le Modimo Mothatayotlhe yo o sa bonaleng le bone ba na le medimo ya bone. Ka sekai, mo go Bafilipi 3:19, Bibela e bolela jaana mabapi le batho bao ba tshwaregileng ka go batla dilo tse di bonalang: “Ke ba modimo wa bōnè e leñ mpa hèla.”

Batho ba le bantsi ba obamela modimo mongwe kana medimo mengwe ya naga kana ya batho bao ba neng ba tsholelwa mo go bone. Seno se tsosa dipotso. A mefuta yotlhe ya kobamelo e isa felo go le gongwe—jaaka ditsela tse di yang kwa setlhoeng sa thaba? Kana a ditsela di le dintsi tsa masaitseweng tsa bodumedi di isa tatlhegong—jaaka ditsela tse di kgokologelang mo khuting? A go na le ditsela tse dintsi tse di siameng tsa go obamela kana go na le e le nngwe fela? A go na le medimo e le mentsi e e tshwanelwang ke pako kana go na le Modimo Mothatayotlhe a le mongwe fela yo re tshwanetseng go ineela mo go ene le go mo obamela ka tsela e e feletseng?

Go Simologa ga Medimo ya Maaka

Dipotso tse di fa godimo di tlhoka gore re di sekaseke ka kelotlhoko. Ka ntlha yang? Ka go bo buka e e kwadilweng bogologolo e e kaelang ka bodumedi, Bibela, e tlhalosa tsela eo ka yone modimo wa maaka o o neng o dirisa noga, o neng wa tsietsa borremogologolwane ba rona ba ntlha go ba isa mo tseleng e e neng e tla felela ka matlhotlhapelo. Le gompieno re santse re diragalelwa ke matswela a a utlwisang botlhoko a maano a gagwe. (Genesise 3:1-13, 16-19; Pesalema 51:5) Jesu ebong “Morwa Modimo” o ne a bua ka modimo oo wa motsuolodi a re ke “kgōsana ea lehatshe yeno.” Mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu o ne a mmitsa “modimo oa lehatshe yeno.” (Yohane 1:34; 12:31; 16:11; 2 Bakorintha 4:4) Mo go Tshenolō kgaolo 12 temana 9, o tlhalosiwa jaaka “nōga ea bogologolo . . . , eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” Mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o kafa tlase ga taolo ya ga Satane.

Satane ke motsietsi yo mogolo. (1 Timotheo 2:14) O dirisa keletso e motho a nang le yone ya go obamela go mo kgothaletsa go obamela mefuta e le mentsi ya medimo—meya ya borremogologolwane ba ba suleng, medimo ya disetwa, ditshwantsho, Bomaria. O kgothaletsa le eleng go obamela batho jaaka medimo, e e ntseng jaaka babusi ba ba nonofileng, bajenerale ba masole ba ba fentseng dintwa, le dinaledi tsa dibaesekopo le tsa metshameko. (Ditihō 12:21-23) Re dira sentle gore re nne re itisitse, re ititeile sehuba gore re tla obamela Modimo o e leng one fela wa boammaaruri le go o obamela, yo eleruri ‘a seng kgakala le mongwe le mongwe wa rona.’—Ditihō 17:27.

Modimo o o sa tshwaneng le e mengwe ono o re tshwanetseng go o obamela ke mang? Mopesalema wa Bibela o ne a o tlhalosa dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng jaaka “Mogodimodimo, . . . Mothataeotlhe, . . . Modimo oa me, o ke o ikantseñ,” a bo a o bitsa ka leina la one le le galalelang—“Jehofa.” (Pesalema 91:1, 2) Pele ga foo, Moshe o ne a kile a bolela jaana ka one: “Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (Duteronome 6:4) Moperofeti Isaia le ene o ile a tsopola mafoko a Modimo fa a ne a ipolela jaana: “Ke nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naya o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.”—Isaia 42:8.

Jehofa Modimo o ikaelela go tlosa kgobo yotlhe mo leineng la gagwe eo modimo wa maaka Satane a ileng a le senya ka yone. Ka ngwaga wa 1513 B.C.E. o ne a tshwantsha kafa a neng a tla dira seno ka gone, fa a ne a dirisa moperofeti wa gagwe Moshe go golola batho ba Iseraele mo Baegepetong ba ba neng ba ba gatelela. Mo tiragalong eo, Modimo o ne a nyalanya leina la gagwe le mafoko a a reng: “Ke nntse eo ke nntseñ.” (Ekesodo 3:14, 15) O ne a tla itlotlomatsa mo go Faro wa Egepeto, mme kwa tshimologong fela o ne a bolelela mmusi yoo yo o bosula jaana: “Ke gu emisedise gōna mouō, gore ke gu bontshè nonohō ea me, le gore leina ya me le bolèlwè mo lehatshiñ yeotlhe hèla.”—Ekesodo 9:16.

Go ntse fela jalo le gompieno. Fela jaaka Faro wa bogologolo, modimo wa lefatshe leno ebong Satane o gwetlha Jehofa Modimo mme ka boferefere o tswelela a lwa ntwa ya semoya kgatlhanong le batho bao ba ratang tshiamo le boammaaruri. (Baefesia 6:11, 12, 18) Modimo gape o ile a ikaelela go goletsa leina la gagwe lemororo Satane a ntse a mo ganetsa. Lefa go ntse jalo, Jehofa o romela baobamedi ba gagwe go bolela leina la Gagwe mo lefatsheng lotlhe, pele a ka supa maatla a gagwe ka go nyeletsa Satane le sepe fela se a se dirileng. Go naya bosupi ka leina la gagwe ke karolo e e botlhokwatlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri.

Ka mo go tshwanelang, Modimo ka boene o ne a bolela gore baobamedi bano e ne e tla nna basupi ba gagwe, Basupi ba ga Jehofa, “eboñ batho bao ke ba ipopetseñ, gore ba tlè ba ranolè pakō ea me.” (Isaia 43:10-12, 21) Ba ranola pako ya ga Jehofa jang? Ba a rera ebile ba ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, ba bolela mafoko a a molemo a gore Bogosi jwa ga Jehofa, jo mo go jone go busang ke Morwawe, Jesu Keresete, bo tla lere masego a goyagoile mo lefatsheng leno mo bathong ba ba nang le kutlo. Ka gone, ba obamela Modimo “ba sa kgaotse” fela jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Ditihō 5:42, NW; 20:20, 21) A Modimo o ile wa ba segofatsa ka ntlha ya seno? Re tla bona dikarabo mo ditsebeng tse di latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela