Modimo O Santse O Tlile go Nna Pelotelele Lobaka Lo Loleele Go Le Kana Kang?
DINGWAGA tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng, monna mongwe yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Motho o [na] le thata mo go eo moñwe . . . go ikutlwisa botlhoko.” (Moreri 8:9) Fa e sale ka nako e a neng a lemoga dilo jalo ka yone, maemo a dilo ga a ise a ko a tokafale. Go ralala hisitori yotlhe, batho kana ditlhopha tsa batho ba ntse ba busa, ka go latelana ga bone, ba laola batho ba bangwe kana ba ba gatelela. Jehofa Modimo o ntse o itshoketse selo seno ka bopelotelele.
Jehofa o ntse a le pelotelele fa mebuso e romela batho ba le dimilione gore ba ye go bolawa kwa dintweng mme e letla gore batho ba se ka ba tshwarwa ka tsela e e tshwanetseng mo go tsa ikonomi. Gompieno, o santse a le pelotelele mo bathong ba ba senyang moya o o kwa godimo wa lefatshe mme ba kgotlela loapi le lewatle. Abo go tshwanetse ga bo go mo utlwisa botlhoko jang ne fa a bona kafa lefatshe le le kgonang go ungwa ka tsela e e molemo le senngwang ka gone le kafa go senngwang dikgwa le kafa go bolawang diphologolo tsa kwa nageng ka gone ka tsela e e setlhogo!
Ke Ka Ntlha Yang fa Modimo O Le Pelotelele Jaana?
Setshwantshonyana se se bonolo seno se ka nna sa re thusa gore re arabe potso eno. A o ke o akanye seo se tlileng go diragala ka kgwebo fa mothapiwa a nnela go tla morago ga nako ka metlha. Mong wa kgwebo o tshwanetse a dirang? Tshiamiso e e leng ya mmatota e ka nna ya batla gore a leleke mothapiwa yono ka yone fela nako eo. Mme a ka nna a gakologelwa seane seno sa Bibela: “Èna eo o bonya go galeha o na le tlhaloganyō e kgolo: me eo o mōea o o potlakañ o godisa bosilo.” (Diane 14:29) Go akanyetsa go ka nna ga mo dira gore a lete pele a tsaya kgato. A ka nna a swetsa ka gore a letle pele gore go nne le nako ya gore mothapiwa yo o tla mo emelang a katisiwe pele e le gore kgwebo eno e se ka ya senyegelwa le go feta.
Go amega ka ene le gone go ka nna ga mo dira gore a lete. Go tweng ka go tlhagisa mothapiwa yo o sa ikeleng tlhoko yono gore a bone gore a o tla fetola tsela eo a itshwarang ka yone? Ke ka ntlha yang fa a sa bue le ene mme a bone gore a mokgwa o a nang le one ono wa go a ga a tla morago ga nako o bakwa ke bothata jo bo ka nnang jwa rarabololwa kana ke boikutlo jo bo sa siamang jo bo ka se kang jwa rarabololwa? Lemororo mong wa kgwebo eno a ka nna a swetsa ka gore a nne pelotelele, lefa go ntse jalo bopelotelele jwa gagwe bo ne bo se kitla bo nna lobaka lo loleele go le go kalo. Mothapiwa yono o ne a tla tshwanelwa ke gore a fetoge kana a felele a lelekilwe. Seno se ne se tla bo e le selo se se siameng mo kgwebong ka boyone le mo bathapiweng ba ba latelang melao.
Ka tsela e e tshwanang, Jehofa Modimo o nna pelotelele fa batho ba dira diphoso e le gore a tle a letle nako ya gore go tsewe kgato e e tshwanetseng mo mathateng mangwe. Mo godimo ga moo, bopelotelele jwa gagwe bo neela batho ba ba dirang phoso sebaka sa gore ba fetole ditsela tsa bone mme ba bone melemo e e nnelang ruri. Ka ntlha ya moo, Bibela e re kgothaletsa gore re se ka ra nna ba ba sa itumelang fa Modimo a nna pelotelele. Mo boemong jwa moo, e bolela jaana: “Lo kaeè, go re, bopelotelele yoa Morèna ke poloka.”—2 Petere 3:15.
Sekai sa Bopelotelele jwa Modimo
Jehofa Modimo o ne a le pelotelele pele ga Morwalela o mogolo wa motlha wa ga Noa. Lefatshe la nako eo le ne le tletse ka thubakanyo mme le ne le le boikepo thata. Re bala jaana: “Me Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ . . . Me Yehofa a re, Ke tla senya motho eo ke mo dihileñ ke mo tlosa mo lehatshiñ.” (Genesise 6:5, 7) Ee, Jehofa o ne a akanya ka tharabololo eo a tlileng go rarabolola bothata jono jwa boikepo ka nako eo ka yone: go fedisa batho ba ba boikepo. Mme ga a ka a tsaya kgato ka yone nako eo. Ke ka ntlha yang a se kile a tsaya kgato ka yone nako eo?
Ka gonne ga se mongwe le mongwe yo o neng a le boikepo. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba siame mo matlhong a Modimo. Ka jalo Jehofa o ne a leta ka bopelotelele, ka ntlha ya bone, go letla gore batho bano ba sekae ba ba siameng ba ipaakanyetse go bolokwa. Mo godimo ga moo, go leta jalo lobaka lo loleele go ne ga neela Noa tshono ya gore a nne “moreri wa tshiamo,” a neela batho ba ba boikepo bao tshono ya gore ba fetole ditsela tsa bone. Bibela e bolela jaana: “Bopelotelele yoa Modimo bo ba lebeletse mo metlheñ ea ga Noa, ntlo e e kokobalañ e sa nntse e baakañwa, e bobōtlana, eboñ batho ba ba hèrañ mebedi, ba bolokilweñ mo go eōna ka metse.”—2 Petere 2:5; 1 Petere 3:20.
Lebaka La Go Bo Modimo A Le Pelotelele Jaanong
Gompieno, boemo bo tshwana fela le joo. Gape lefatshe le tletse ka thubakanyo. Fela jaaka fa go ne go ntse mo motlheng wa ga Noa, Modimo o setse a atlhotse lefatshe leno, leo, Bibela e bolelang jaana ka lone, le “letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” (2 Petere 3:7) Fa seno se direga, tikologo eno ga e kitla e tlhola e senngwa, ga go kitla go tlhola go nna le go gatelelwa ga batho ba ba bokoa, kana go dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang ka bogagapa.
Mme he, ke ka ntlha yang fa Modimo o sa fedisa batho ba ba boikepo bogologolo? Ka gonne go nnile le dikgang dingwe tse di tlhokang go rarabololwa le dikgang tse di botlhokwa tse di tlhokang go rulaganngwa. Ee, Jehofa o tloga a rarabololela ruri bothata jo bo bakwang ke boikepo jo bo akaretsang dilo di le dintsi, jo bo akaretsang gore batho ba ba dipelo di siameng ba gololwe mo dikgoleng tsa bolwetsi le loso.
Re akantse ka selo seno se se tlileng go direga, Jehofa o ne a ikaelela gore o tla re neela Mogolodi yo o neng a tla ntsha thekololo ya maleo a rona. Kaga gagwe, Bibela e bolela jaana: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Go tshotse dingwaga di le diketekete gore go baakanngwe tsela ya gore Jesu a tle mme a ntshetse setho botshelo jwa gagwe setlhabelo. Mo dingwageng tseo tsotlhe, Modimo o ne a ntse a le pelotelele ka tsela e e lorato. A mme thulaganyo eo e ne e se e motho o ka e letelang?
Jesu o ne a ntshetsa setho thekololo mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng. Mme jaanong ke ka ntlha yang fa Modimo o santse o le pelotelele jaana? Lebaka le lengwe ke gore, loso lwa ga Jesu lo ne lo bontsha go simologa ga letsholo la thuto. Setho se ne se tshwanetse sa ithuta ka thulaganyo eno e e lorato mme se newe tshono ya gore se e amogele kana se e gane. Gono go ne go tla tsaya nako e telele, mme e ne e tla bo e le nako e e dirisitsweng ka tsela e e tshwanetseng. Bibela e bolela jaana: “Morèna ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.”—2 Petere 3:9.
Kgang E E Leng Malebana le Puso
Kgang e nngwe e e leng botlhokwa le yone e ne e tla tsaya lobaka lo loleele. Go ne go tlhokega gore go rarabololwe bothata jwa puso ya motho. Kwa tshimologong, motho o ne a le kafa tlase ga puso ya Modimo. Mme kwa tshimong ya Edena, batsadi ba rona ba ne ba fularela puso eo. Ba ne ba tlhopha gore ba se ka ba laolwa ke Modimo, ba batla go itaola. (Genesise 3:1-5) Lefa go ntse jalo, tota gone motho o ne a sa bopelwa gore a ipuse. Moperofeti Jeremia o ne a kwala jaana: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23; Diane 20:24.
Lefa go ntse jalo, ereka kgang e e malebana le puso e ne ya tsosiwa, Jehofa o letile nako e telele ka bopelotelele gore e rarabololwe. Ee, o neile motho diketekete tsa dingwaga gore a leke mofuta mongwe le mongwe o a ka o kgonang wa puso. Seno se ne sa felela ka eng? Go a bonala gore ga go na puso epe ya motho eo e ka tlosang kgatelelo, tshiamololo, kana dilo tse dingwe tse di bakang go sa itumele.
Ee, ka ntlha ya hisitori ya motho, a motho ope fela a ka bolela gore Modimo o na le tshiamololo fa a bolela gore o ikaeletse go tlosa dipuso tsotlhe tsa motho mme a di emisetse ka ya gagwe? Eleruri ga go jalo! Eleruri re itumelela go diragadiwa ga boperofeti jono jwa Bibela: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.
Kgosi ya selegodimo ya Bogosi joo ke Jesu yo o tsositsweng. Go mmaakanyetsa boemo joo—le go tlhopha batho bao e tla nnang babusimmogo le ene—go tsere lobaka lo loleele. Ka nako eo yotlhe, Modimo o ne o ntse o le pelotelele.
Solegelwa Molemo Jaanong go Tswa mo Bopeloteleleng jwa Modimo
Gompieno, batho ba le dimilione mo mafatsheng a a leng kwa godimo ga 212 ba solegelwa molemo ke bopelotelele jwa Modimo. Ba nnile seoposengwe mo keletsong ya bone ya go utlwa Modimo le go direla puso ya gagwe ya selegodimo. Fa ba kopana mmogo mo Diholong tsa bone tsa Bogosi, ba ithuta kafa go leng botoka ka gone go dirisa melaometheo ya Bibela mo matshelong a bone. Ga ba nne le seabe mo dipolotiking tse di sa utlwaneng tsa lefatshe leno, lemororo ba ineetse mo dipusong tsa batho fa Modimo o santse o di letlile ka bopelotelele gore di laole.—Mathaio 22:21; Baroma 13:1-5.
Go dirisana mmogo gono mo bathong ba le bantsi jaana go tlotlomatsa Jehofa jaaka Ene yo o ka tlisang kutlwano mo bathong bao ba kgonang go ikakanyetsa se ba se ratang bao ba ithutang go mo rata le bao ba batlang go mo direla. Kwantle ga pelaelo o setse o kile wa kopana le batho bano fa ba ntse ba tsweletse ba dira tiro e e tshwanang le e Jesu ka boene a neng a e simolola, eleng ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a bolelela pele seo se neng se tla diragalela tiro eno fa a ne a bolela jaana: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
Eseng Lobaka Lo Loleele Thata!
Bosupi jo bo bonalang bo bontsha gore dithulaganyo tsa gore puso e e siameng ya Modimo e tseele puso e e busang letsatsi le letsatsi ya lefatshe sebaka bo setse bo felela. Morago ga gore a tlhalose ditlamorago tse di botlhoko tsa go palelwa ga puso ya motho goo re go boneng mo lekgolong leno la dingwaga, Jesu o ne a bolela jaana: “Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Luke 21:10, 11, 31.
Go ise go ye kae, Modimo o tla tlosa batho ba ba bosula mo lefatsheng. Mafoko ano a ga mopesalema a tla diragadiwa fela jaaka fa a ntse: “Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; . . . Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō.” (Pesalema 37:9, 10) A o ka akanya fela kafa go ka nnang ka gone fa lefatshe le sena boikepo? Ka nako eo ke mang yo o tla bong a laola dilo? Bibela e bolela jaana: “Bōnañ, kgosi [ebong Keresete Jesu yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi kwa legodimong] e tla busa ka tshiamō, le dikgōsana [batho ba ba ikanyegang bao a ba tlhophileng mo lefatsheng] di tla laola ka tshiamishō. Me tihō ea tshiamō e tla nna kagishō; le se se tla cwañ mo tshiamoñ e tla nna lodule le boikanyō ka bosakhutleñ. Me batho ba me ba tla nna mo boagoñ yoa thagamō, le mo dikagoñ tse di tlhōmameñ, le mo maheloñ a tapologō le a lodule.”—Isaia 32:1, 17, 18.
Ka gone, puso ya Modimo ya selegodimo e tla fedisa ditlamorago tse di bosula tsa molato o motho o ntseng a o dira le go rulaganya batho ba ba solofelang mo go Ene go ba dira gore e nne mokgatlho o o utlwanang wa batho. Fa e ne e tlhalosa kutlwano eno, Bibela e tlhalosa jaana: “Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. . . . Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:6-9.
Abo lebaka la go bo Modimo o nnile pelotelele le felela ka dilo tse di molemo jang ne! Ka ntlha ya moo, mo boemong jwa gore re ngongorege ka gore Modimo o letile lobaka lo loleele, ke ka ntlha yang fa o sa dirise bopelotelele jwa gagwe ka tsela e e molemo ka go ineela kafa tlase ga Bogosi jwa gagwe? Ithute go tswa mo Bibeleng gore ditekanyetso tsa gagwe ke dife mme o tshele tumalanong le tsone. Ikopanye le ba bangwe bao le bone ba ineetseng kafa tlase ga gagwe ka kutlwano. Mme fa o dira jalo, bopelotelele jwa Modimo bo tla felela ka gore o bone masego a a sa khutleng.