LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 3/15 ts. 8-13
  • Kara ya Selegodimo ya ga Jehofa e Gatela Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kara ya Selegodimo ya ga Jehofa e Gatela Pele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshedi Tse Nne
  • Maotwana Ao A Leng mo Teng ga Maotwana a Mangwe
  • Mopalami Yo O Galalelang wa Kara
  • Seo Kara Eno E Neng E Se Tshwantshetsa
  • O Tlhophilwe Gore E Nne Molebedi
  • Go Gatela Pele le Kara Eno ya Selegodimo
  • “Ka Simolola go Bona Diponatshegelo Tsa Modimo”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Tsamaela Gongwe le Kara ya ga Jehofa ya Selegodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 3/15 ts. 8-13

Kara ya Selegodimo ya ga Jehofa e Gatela Pele

“Kaga maoto a a dikologañ, a na a bidiwa mo kutloñ ea me, go twe, Maoto a a hèrèlèlañ.”—ESEKIELE 10:13.

1. Ke sepalangwa sa mofuta ofe seo Jehofa a nang le sone?

MO METLHENG eno ya difofane tsa dijete tsa maratwa go lejwa, baeteledipele ba lefatshe ba ka nna ba tswa ba akanya gore ba ipelela mesepele e e nang le kgono ya maemo a a kwa godimo. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di le 2 600 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a senola gore o na le mofuta wa sepalangwa sa maemo a a kwa godimodimo go gaisa tsotlhe, seo go senang sepe se se tshwanang le sone seo ope wa badiri ba difofane a kileng a se bona. Ke kara e kgolo, e e boitshegang! A go lebega e le selo se se gakgamatsang go bo Mmopi wa lobopo a palama koloi e e tshwanang le kara? Nnyaa, ka gonne kara eno ya selegodimo ya ga Jehofa e farologana thata le epe eo batho ba ka akanyang ka yone.

2. Esekiele kgaolo 1 e tlhalosa jang kara ya selegodimo ya ga Jehofa, mme ke bomang bao moperofeti a lebisang tlhokomelo go bone pele?

2 Mo go kgaolo 1 ya boperofeti jwa ga Esekiele, Jehofa o bontshiwa a palame kara nngwe e e boitshegang ya selegodimo. Kara eno e e gakgamatsang e e nang le maotwana a le mane e a ikgweetsa ka boyone mme e kgona go dira dilo tse di gakgamatsang. Esekiele o ne a bona kara eno ya selegodimo mo ponatshegelong ka 613 B.C.E., fa a ne a le kwa go nngwe ya dinoka tsa Babelona wa bogologolo. Moperofeti yo santlha o gogela tlhokomelo ya rona go bao ba dirang mo kareng eno ya selegodimo ya ga Jehofa. Fa re ntse re bala, a re lekeng go bona ka leitlho la mogopolo seo Esekiele a ileng a se bona.

Ditshedi Tse Nne

3. Ke eng seo difatlhego tse nnè tsa mongwe le mongwe wa botšheruba ba banè di se emelang?

3 Esekiele o bega jaana: “Me ka leba, me bōnañ, sehehō sa cwa ntlheñ ea botsheka, leru ye legolo, le molelō o o imenaganyañ, le na le phatsimō tikologoñ ea yeōna, . . . Me mo gare ga yeōna ga cwa sechwanō sa ditshedi di le nnè.” (Esekiele 1:4, 5) Sengwe le sengwe sa ditshedi tse nne tseno, kana ditšheruba, se ne se na le diphuka di le nne mmogo le difatlhego di le nne. Di ne di na le sefatlhego sa tau, seo se emelang tshiamo ya ga Jehofa; sefatlhego sa poo, seo se emelang maatla a Modimo; mmogo le sefatlhego sa ntsu, seo se emelang botlhale jwa Gagwe. Gape di ne di na le sefatlhego sa motho, seo se emelang lorato lwa ga Jehofa.—Duteronome 32:4; Yobe 12:13; Isaia 40:26; Esekiele 1:10; 1 Yohane 4:8.

4. Ke ka ntlha yang fa botšheruba ba na le difatlhego di le nnè, mme botšheruba ba ne ba na le lebelo le le kana kang?

4 Tšheruba nngwe le nngwe e ne e na le sefatlhego se se lebileng kwa go nngwe ya dintlha tse nne. Ka gone, ditšheruba di ne di kgona go ka fetola tsela eo di e tsereng di e fetola ka ponyo ya leitlho mme tsa ya kwa sefatlhego se lebileng teng eleng kwa ntlheng eo se tshwanetseng go ya kwa go yone. Mme lefa go ntse jalo ditšheruba tseo di ne di ntse jang ka lebelo? Aitsane, di ne di kgona go taboga ka lebelo le le lekanang le la legadima! (Esekiele 1:14) Nnyaa ga go na koloi epe e e itiretsweng ke motho eo e kileng ya tsamaya ka lebelo leo le ka motlha ope.

5. Esekiele o ne a tlhalosa jang maotwana a kara mmogo le digogoropo tsa one?

5 Ka bonako fela, maotwana a kara eno a a tlhaga. Abo e le a a sa tlwaelegang jang ne! Ditemana 16 le 18 di bolela jaana: “Me pōnalō ea aōna le tihō ea aōna go no go nntse yaka ekete ke lekoto ye le dikologañ mo teñ ga lekoto ye leñwe. Kaga digogoropō tsa maoto di ne di godile di bile di boitshèga; me digogoropō tsa aōna ao manè di ne di tletse matlhō mo tikologoñ.” Leotwana leo le bapileng le tšheruba nngwe le nngwe le ne le felela le na le maotwana a le manè a le mo dikarolong di le nnè tseo le amanang natso. Maotwana ano a ne a phatsima jaaka lentswe la berula, eleng leje la sekagalase kana le le galalelang le le serolwana kana le le botala jwa bojang. Seno se sedifatsa ponatshegelo eno e e galalelang mmogo le go e dira ntle. Ereka digogoropo tsa maotwana ano di ne di “tletse matlhō mo tikologoñ” ya tsone, a ne a sa ye ntlheng nngwe le nngwe a tsamaela mo bofofung fela. Mme maotwana ano a ne a le magolo ka tsela e e boitshegang, ka gone a kgona go ka tsamaya sekgala se seleele thata fa a sena go dikologa gangwe fela mo aseng ya one. One, fela jaaka ditšheruba tse nne, a ne a kgona go ka tsamaya ka lebelo le le lekanang le la legadima.

Maotwana Ao A Leng mo Teng ga Maotwana a Mangwe

6. (a) Go ne go tla jang gore kara eno e bo e na le maotwana mo teng ga maotwana a mangwe? (b) Maotwana ano a ne a dira gore kwa a yang teng go tsamaisane le eng?

6 Go na le sengwe gape seo se gakgamatsang. Leotwana lengwe le lengwe le ne le na le leotwana le lengwe mo teng ga lone—leo le lekanang le lone ka bogolo mme le le mo teng go le kgabaganya. Ke ka tsela eno fela go neng go ka bolelwa gore maotwana ano a ne a “tsamaea ka dintlha tsa [ona] coo nnè.” (Temana 17) Maotwana ano a ne a ka kgona go retologela ntlheng e nngwe ka ponyo ya leitlho ka gonne go ne go na le karolo ya leotwana eo e neng e lebile kwa ntlheng nngwe le nngwe. Maotwana ano a ne a ya ntlha e le nngwe le ditšheruba tse nne. Mo godimo ga maotwana a manè ano, bopalamo jwa kara ya Modimo bo ne bo ka kgona go kokobala mo godimo bo tshegeditswe ke sengwe se se sa bonaleng se se tshwanang le sekepe se se maatla seo se tshegeditsweng kwa godimo ke moya fa se ntse se lelesela mo metsing.

7. Maotwana ano a ne a bona kae maatla?

7 Maotwana ano a ne a bona kae maatla ano a go ya ntlha e le nngwe le ditšheruba tse nnè tseno gongwe le gongwe koo di yang gone? Go tswa mo moyeng o o boitshepo wa Modimo Mothatayotlhe. Temana ya bo 20 e bolela jaana: “Kwa mōea o no o na le go ea gōna, tsa ea gōna; . . . mōea oa setshedi o no o le mo maotuñ a a dikologañ.” One maatla a a dirang a Modimo ao a neng a le mo ditšherubeng a ne a le mo maotwaneng ao.

8. Ke leina lefe leo maotwana ano a neng a bidiwa ka lone, mme ka ntlha yang?

8 Maotwana ano go buiwa ka one go twe “maoto a a hèrèlèlañ.” (Esekiele 10:13) Go bonala seno se ne se bakiwa ke tiro eo e dirwang ke leotwana lengwe le lengwe. Le a dikologa. Go tlhalosa karolo eno ya kara ya selegodimo ka tsela eno go lebisa tlhokomelo go lebelo leo kara eno ya selegodimo e tsamayang ka lone. Lemororo maotwana a yone a ne a kolokotega ka bonako jalo, a ne a santse a kgona go bona koo a yang teng ka ntlha ya gore a ne a tletse matlho.

9. Esekiele o ne a tlhalosa jang seo se neng se le fa godimo ga maotwana a manè a a tsamayang ka lebelo le legolo a kara?

9 Mme jaanong a re lebeng mme re boneng gore ke eng seo se leng mo godimo ga maotwana ao a magolo ka tsela e e boifisang, ebile a tsamaya ka lebelo le le boitshegang. Temana ya bo 22 ya Esekiele kgaolo 1 e bolela jaana: “Me godimo ga tlhōgō ea setshedi go no go okame sechwanō sa phuthologō ea loapi, se chwana yaka mmala oa legakwa ye le boitshègañ, se tsharologetse tlhōgō tsa cōna ha godimo.” Phuthologo ya loapi, lemororo e kwenne, e ne e galalela, e “chwana yaka mmala oa legakwa ye le boitshègañ.” E ne e benya jaaka diketekete tsa diteemane fa letsatsi le di gasa ka marang a lone. Selo se se jesang kgakge eleruri!

Mopalami Yo O Galalelang wa Kara

10. (a) Go tlhalosiwa jang setulo sa bogosi mmogo le Yoo a leng mo godimo ga setulo sa bogosi? (b) Ke eng seo se emelwang ke lebaka la go bo Mopalami wa kara a apesitswe ke kgalalelo?

10 Kafa go bonalang ka gone, kara eno e a ema gore Mopalami wa yone a ke a kgone go bua le Esekiele. Kwa godimo ga phuthologo ya loapi, go na le sengwe se se tshwanang le setulo sa bogosi, se tshwana le lentswe la safira, kana se bobududu jo bo mokgona. Mo godimo ga setulo seno sa bogosi, go na le Mongwe yoo o tshwanang le morwa motho. Ponalo e e tshwanang le ya motho e ne e tla thusa Esekiele botoka gore a anaanele tsela eo Modimo o itshenolang ka yone. Mme lefa go ntse jalo sebopego seno sa motho se apesitswe ka kgalalelo, moo eleng gore se galalela jaaka motsodutsokwane, motswako o o phatsimang wa selefera le gauta. Abo e le ntle ka tsela e e gapang pelo jang ne! Go tswa mo lethekeng la setshwantsho seno se se tshwanang le motho, kgalalelo eno e anama go ela kwa godimo le kwa tlase. Ka gone setshwantsho seno sotlhe se apesitswe ke kgalalelo. Seno se bontsha gore Jehofa o galalela ka tsela eo e ka se kang ya kgonwa go tlhalosiwa. Mo godimo ga moo, Mopalami wa kara eno o patilwe ke mola wa godimo o montle tota. Abo mola ono wa godimo o dira gore go rene tidimalo le kagiso e kgolo jang ne morago ga fa go sena go nna le kgwanyape! Ereka Jehofa a na le boikutlo jo bo ritibetseng go le kalo, o boloka dinonofo tsa gagwe tsa botlhale, tshiamo, maatla le lorato di lekalekana ka tsela e e molemo go gaisa.

11. Esekiele o ne a angwa jang ke ponatshegelo ya kara ya ga Jehofa mmogo le setulo sa gagwe sa bogosi?

11 Kara ya ga Jehofa mmogo le setulo sa gagwe sa bogosi di apesitswe ke lesedi mmogo le mebala e mentle. Abo seno se farologane jang ne le Satane, yoo e leng kgosana ya lefifi le ya masaitsiweng! Mme Esekiele o ne a angwa jang ke seno sotlhe? “Me ea re ke e bōna,” o bolela jalo, “ka wèla ka sehatlhōgō ha hatshe, me ka utlwa lencwe ya moñwe eo o buañ.”—Esekiele 1:28.

Seo Kara Eno E Neng E Se Tshwantshetsa

12. Ke eng seo kara ya ga Jehofa ya selegodimo e se tshwantshetsang?

12 Ke eng seo se tshwantshediwang ke kara eno e e kgatlhisang thata? Phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa Modimo. E bopilwe ka dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tsa moya tse di boitshepo tse di kwa lefelong le le sa bonaleng—eleng boserafa, ditšheruba, le baengele. Ereka Jehofa e le Modimo Mogodimodimo, dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tsa moya di kafa tlase ga gagwe, mme o ba palama ka mogopolo wa gore o ba laola ka tsela e e ba tswelang molemo le go ba dirisa go ya ka boikaelelo jwa gagwe.—Pesalema 103:20.

13. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Jehofa o palame phuthego ya gagwe? (b) Ponatshegelo ya kara ya ga Jehofa e e maotomanè eo e gatelang pele e go ama jang?

13 Ee, Jehofa o kgweetsa phuthego ya gagwe jaaka ekete o mo godimo ga kara, a dira gore e tsamaele gongwe le gongwe koo moya o e tlhotlheletsang gore e ye gone. Ga e itsamaele fela jaaka selo se se senang tlhogo, go sena se se e laolang kana se se e tsamaisang ka botlhale. Modimo ga o letle phuthego eno gore e ye ntlheng epe fela eo e ka tswang e rata go ya kwa go yone. Go na le moo, e latela dikaelo tsa gagwe. Botlhe ba gatela pele mmogo ba le seoposengwe go diragatsa maikaelelo a Modimo ka botlalo. Abo ponatshegelo eno ya kara ya selegodimo ya ga Jehofa e e nang le maotwana a le manè e e gatelang pele e senola kafa phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa e e kgatlhisang thata e ntseng ka gone jang ne! Tumalanong le seno, phuthego ya ga Jehofa e bontshiwa e le khutlonnè, e lekalekana ka tsela e e molemo go gaisa.

O Tlhophilwe Gore E Nne Molebedi

14. Ke mang yoo a tshwantshediwang ke moperofeti Esekiele?

14 Mme lefa go ntse jalo ke mang yo o tshwantshediwang ke moperofeti Esekiele? Go ya ka dintlha tsa hisitori, go mo pepeneneng gore setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa bao ba tloditsweng ka moya se ntse se na le kamano le kara eno ya selegodimo. Ka gone, Esekiele o tshwantshetsa sentle masalela a a tloditsweng a Basupi ba ga Jehofa fa esale go tloga ka 1919. Go ya ka tsela ya semoya, phuthego ya selegodimo ya Modimo e ne ya nna le kamano le masalela a a tloditsweng ka one ngwaga oo, go ba tsosolosa jaaka Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. (Bapisa Tshenolō 11:1-12.) Phuthego eo e e tshwanang le kara e ne e gatela pele ka nako eo, fela jaaka e ntse e gatela pele le gompieno. Tota ebile, maotwana a yone a gatela pele a dikologa ka bonako go feta lefa e le leng pele. Jehofa o tsamaya ka lebelo go ya kwa pele a e palame!

15. Lentswe la Mopalami wa kara ya selegodimo le a reng, mme ke thomo efe eo Esekiele a e amogelang?

15 Esekiele o ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa kara eno ya selegodimo e ne ya tla fa pele ga gagwe e bo e ema. O ne a lemoga seo fa lentswe leo le neng le tswa kwa go Yoo o dutseng mo godimo ga kara eno le ne le tla kwa go ene. Ereka a ne a kgatlhilwe thata ke ponatshegelo eno e e jesang kgakge, Esekiele o ne a wela fa fatshe ka sefatlhego. Reetsa jaaka fa lentswe la Mopalami wa kara eno ya selegodimo le bolela jaana: “Morwa motho, èma ka dinaō, me ke tla bua nau.” (Esekiele 2:1) Morago ga moo Jehofa o roma Esekiele gore e nne molebedi le gore a tlhagise ntlo e e tletseng botsuolodi ya Iseraele. O rongwa gape le gore a bue ka leina la Modimo. Leina la ga Esekiele le kaya “Modimo O A Nonotsha.” Ke gone ka moo Modimo o ileng wa nonotsha ba setlhopha sa ga Esekiele le go ba roma, a ba tlhopha gore e nne molebedi mo go Labodumedi.

16, 17. (a) Ponatshegelo ya kara ya selegodimo e ne ya solegela Esekiele molemo ka tsela efe? (b) Mo motlheng wa rona, go tlhaloganya ponatshegelo ya kara eno ya selegodimo go ile ga ama setlhopha sa ga Esekiele mmogo le boidiidi jo bogolo jang?

16 Ponatshegelo eno ya kara ya selegodimo e ne e le masisi ebile e jesa kgakge mo go Esekiele, mme lefa go ntse jalo e ne gape ya mo siamisetsa thomo ya gagwe ya go nna molebedi gore a utlwatse tlhagiso ya tshenyego eo e neng e atamela ya Jerusalema. Go ile ga nna jalo le ka setlhopha sa molebedi sa gompieno. Tsela eo se tlhaloganyang ka yone ponatshegelo ya kara ya ga Jehofa ya selegodimo eo e gatelang pele e ile ya tlhotlheletsa masalela a a tloditsweng fela thata. Ka 1931 ba ne ba ithuta mo go oketsegileng ka ponatshegelo eno ya ga Esekiele, jaaka fa seno se bontshiwa go Vindication, Book One. Ba ne ba tlala ka kanaanelo e kgolo mo eleng gore go tloga ka tokololo ya October 15, 1931, go ya go ya August 1, 1950, tsebe e e kafa ntle ya The Watchtower e ne e na le setshwantsho sa kafa motaki a neng a tlhaloganya ka gone ponatshegelo ya ga Esekiele ya kara ya selegodimo se le mo sekhutlong se se kwa godimo kafa mojeng. Ka gone, setlhopha sa Esekiele se ile sa dira go ya kafa thomong eo se e neilweng, mme se ntse se direla jaaka molebedi, se utlwatsa tlhagiso ya Modimo. Go senngwa ka molelo ga Labodumedi a senngwa ke Jehofa yoo a leng mo setulong sa bogosi mo kareng ya gagwe ya selegodimo ga go na nako epe eo go kileng ga nna gaufi jaana ka yone!

17 Gompieno, “boidiidi yo bogolo” jwa batho ba sekadinku bo kopanela le masalela a a tloditsweng. (Tshenolō 7:9) Ba utlwatsa tlhagiso ya tshenyego eo e tlileng go wela Labodumedi le tsamaiso eno yotlhe ya dilo ya bodiabolo ba le mmogo. Tiro eo ya go tlhagisa e tswela pele ka lebelo, mme jaaka fa go bontshiwa mo go Tshenolō 14:6, 7, baengele ba e ema nokeng.

Go Gatela Pele le Kara Eno ya Selegodimo

18. Ke eng seo re tshwanetseng ra se dira go dira gore baengele ba tswelelepele ba re ema nokeng, mme ke eng seo re tshwanetseng ra amega ka sone?

18 Baengele bao ba ba boikobo ba tsamaya mmogo jaaka karolo ya phuthego ya selegodimo ya Modimo mme ba ntse ba thusa batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng mo go diragatseng thomo ya bone ya go bolela ditlhagiso tsa katlholo tsa Modimo. Fa re eletsa gore batlhanka bano ba ba maatla ba Modimo ba baengele ba tswelelepele ba re sireleditse mmogo le go re kaela, le rona re tshwanetse ra tsamaya mmogo le tiro eno ya tshwantshetso ya maotwana mmogo le go tsamaya ka lebelo leo e tsamayang ka lone. Mo godimo ga moo, jaaka bontlhanngwe jwa phuthego e e bonalang ya ga Jehofa eo e tsamayang mmogo le kara ya gagwe ya selegodimo, re tshwanetse ra amega ka koo moya wa Modimo o e kaelang gore e ye gone. (Bapisa Bafilipi 2:13.) Fa e le gore re Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse ra tsamaya go leba ntlheng e le nngwe eo kara eno ya selegodimo e yang kwa go yone. Kwantle ga pelaelo ga re a tshwanela go dira nayo maikaelelo a rona a sa tshwane le a yone. Fa re kaelwa tsela eo re tshwanetseng ra e tsaya, re tshwanetse ra latela tsela eo. Ka gone, phuthego e nna e sa kgaogana.—1 Bakorintha 1:10.

19. (a) Fela jaaka fa maotwana a kara ya selegodimo a na le matlho gotlhe go a dikologa, ke eng seo batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng ba nna ba le podimatseba ka sone? (b) Ke tsela efe eo re tshwanetseng ra itshwara ka yone mo metlheng eno ya dipharagobe?

19 Matlho ao a leng teng gotlhe go dikologa maotwana a koloi ya Modimo a bontsha go nna podi matseba. Fela jaaka fa phuthego eno ya selegodimo e nna e le podi matseba, re tshwanetse ra nna podi matseba gore re tshegetse phuthego ya mo lefatsheng ya ga Jehofa. Mo phuthegong, re ka bontsha tshegetso e e ntseng jalo ka go dirisana mmogo le bagolwane ba mo lefelong la rona. (Bahebera 13:17) Mme mo metlheng eno ya dipharagobe, Bakeresete ba tshwanetse go ngaparela phuthego ya ga Jehofa thata. Ga re batle go phutholola ditiragalo go ya ka tsela ya rona ka namana, ka gonne ka go dira jalo re tla bo re sa tsamaisane le kara ya ga Jehofa ya selegodimo. A ka metlha re ipotseng jaana, ‘Kara ya selegodimo e lebile ntlheng efe?’ Fa re gatela pele le phuthego e e bonalang ya Modimo, re tla bo gape re gatela pele le phuthego e e sa bonaleng.

20. Ke kgakololo efe e e molemo eo moaposetoloi Paulo a e neelang mo go Bafilipi 3:13-16?

20 Malebana le ntlha eno, Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ga echo, ga ke ikaee go re, ke setse ke chwere: me selō señwe ke a se diha, ka re, ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè sa pilecōgodimo ea Modimo mo go Keresete Yesu. Me ke gōna, botlhe ba ba itekanetseñ mo go rona, a re nneñ maikutlō a a nntseñ yalo: me ha lo le maikutlō a sele mo seoñ señwe, le shōna Modimo o tla se lo senolèla: Me hèla, kwa re setseñ re hitlhile gōna, a re kè re nneñ re sepelè kaha [thulaganyong eo] hèla.”—Bafilipi 3:13-16.

21. Ke fa re latela thulaganyo efe go ka kgonegang gore re dire kgatelopele ya semoya le phuthego ya Modimo?

21 Fano lefoko “thulaganyong” ga le kaye go tlhola o boaboela selo se le sengwe fela se se lapisang seo re se kakeng ra ikgolola mo go sone. Batlhanka ba ga Jehofa ba na le thulaganyo e e molemo eo ba dirang kgatelopele ya semoya ka yone. Ke thulaganyo ya go nna le seabe mo go ithuteng Bibela ka namana, go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, go rera mafoko a a molemo a Bogosi ka metlha, le go bontsha dinonofo tse phuthego ya Modimo ya selegodimo e nang le tsone. Thulaganyo e e ntseng jalo e dira gore ba kgone go latela ketelelopele ya phuthego ya sekakara ya ga Jehofa ya selegodimo. Fa re tswelela pele re itshokile ka tsela eno, re tla bona mokgele wa rona, go sa kgathalesege gore a ke mokgele wa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong kana botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.

22. (a) Ke eng seo se tshwanetseng sa dirwa gore masalela a a tloditsweng a ke a tswelelepele a rulagane a le ngatanngwe fela le boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele? (b) Ke eng seo se ka se kang sa feta Jehofa a sa se bone?

22 Jaaka fa Yohane 10:16 e bontsha, “dinku di sele” mmogo le setlhopha sa Esekiele di ne di tla rulaganngwa ka kutlwano. Ka gone, go botlhokwa gore botlhe bao ba leng mo phuthegong ya ga Jehofa ba tlhaloganye ka botlalo seo ponatshegelo e e begilweng mo go Esekiele kgaolo 1 e se kayang mmogo le kafa e leng botlhokwa ka gone e le gore ba ke ba tsamaye mmogo le kara ya Modimo ya selegodimo. Ponatshegelo ya yone e re thusa gore re lemoge gore re tshwanetse ra tsamaya mmogo le phuthego ya Modimo, e e bonalang le e e sa bonaleng. Gakologelwang, gape, gore matlho a ga Jehofa “a sianèla kwa le kwa mo lehatshiñ yeotlhe, go ipōnatsa ha a le thata ntlheñ ea batho ba dipelo tsa bōnè di leñ boitekanèlō mo go èna.” (2 Ditihalō 16:9) Ga go na sepe seo se ka fetang Jehofa a sa se bone, segolo thata sepe fela seo se leng malebana le boikaelelo jwa gagwe jwa gore a itlotlomatse jaaka Molaodi wa Lobopo.

23. Ereka kara ya ga Jehofa ya selegodimo e gatela pele jaana, ke eng seo re tshwanetseng ra se dira?

23 Eleruri kara ya selegodimo ya ga Jehofa e gatela pele gompieno. Mo bogautshwaneng sengwe le sengwe se tla galalediwa tumalanong le Yoo o galalelang yoo o palameng kara eo—boikaelelo jwa seno sotlhe ke gore go tlotlomadiwe ene jaaka Morena Molaodi wa lobopo. Boserafa, ditšheruba, mmogo le baengele ba gagwe ba re ema nokeng mo tirong ya rona e kgolo ya go rera lefatshe ka bophara. Ka gone he, a re gateleng pele le phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo. Mme lefa go ntse jalo re ka lepalepana jang le kara eo ya selegodimo eo e tsamayang ka lebelo?

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke dinonofo dife tseo ditshedi tse nnè tseo di bonweng ke Esekiele di di emelang?

◻ Kara ya ga Jehofa ya selegodimo e tshwantshetsang?

◻ Ke bomang bao ba tshwantshediwang ke moperofeti wa Modimo ebong Esekiele?

◻ Go utlwisisa kara ya selegodimo ya ga Jehofa go ile ga ama jang setlhopha sa Esekiele mmogo le boidiidi jo bogolo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela