LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/1 ts. 23-28
  • Go Ineela ga Rona Go Go Lekanyeditsweng mo Babusing Ba Bagolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ineela ga Rona Go Go Lekanyeditsweng mo Babusing Ba Bagolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Gonne Lekgethō Loa Tlo Lo Lo Ntshe ka Ntlha ya Gōna Mouō”
  • “Naeañ Botlhe Chwanèlō ea Bōnè”
  • “Poihō” le “Tlotlō”
  • Boikobo jo bo Lekanyeditsweng
  • “Utlwa Modimo Bogolo go Batho”
  • “Boikokobeco le Poihō”
  • Tsela E Mokeresete A Lebang Taolo ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A o Tshwanetse go Duela Lekgetho?
    Tsogang!—2003
  • Makgetho—A o Tshwanetse go a Duela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tsela Eo Mokeresete A Lebang Babusi ba Bagolo Ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/1 ts. 23-28

Go Ineela ga Rona Go Go Lekanyeditsweng mo Babusing Ba Bagolo

“Ke gōna lo nañ le go ineèla, e señ ka ntlha ea bogale bo le yosi, me e le ka ntlha ea segakolodi le shōna.”—BAROMA 13:5.

1. Babusi ba bagolo ba Nazi ba ne ba direla Basupi ba ga Jehofa eng se se bokete, mme a seno e ne le ka ntlha ya go “diha se se boshula”?

FRANZ REITER, le Ba-Austria bangwe ba babotlana ba le batlhano ba ne ba kgaolwa ditlhogo ka motšhini ka January 7, 1940. E ne e le Bibelforscher, Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba swa ka gonne digakolodi tsa bone di ne di sa ba letle go tsaya ditlhabano go lwela Puso ya ga Hitler. Reiter ke mongwe wa diketekete tsa Basupi ba ba neng ba swela tumelo ya bone mo ntweng ya bobedi ya lefatshe. Ba bangwe ba bantsi ba ne ba nna dingwaga tse dintsi mo dikampeng tsa pogisetso. A botlhe bano ba ne ba bogiswa ka “chaka” ya babusi ba bagolo ba Nazi ka gonne ba ne ba “diha se se boshula”? (Baroma 13:4) Gotlhelele nnyaa! Mafoko a Paulo a neng a a bua morago ga foo a bontsha gore Bakeresete bano ba ne ba obamela molao wa Modimo o o mo go Baroma kgaolo 13, le eleng lefa ba ne ba bogisiwa ke dipuso tseno.

2. Ba tlhotlhelediwa ke eng go ineela mo babusing ba bagolo?

2 Moaposetoloi o kwala jaana mo go Baroma 13:5: “Ke gōna lo nañ le go ineèla, e señ ka ntlha ea bogale bo le yosi, me e le ka ntlha ea segakolodi le shōna.” Pelenyana ga foo, Paulo o ne a re babusi ba tshwanetse go ikobelwa ka gonne ba tshotse “chaka.” Lefa go le jalo, jaanong o naya lebaka le le nonofileng le go feta: segakolodi. Re leka go direla Modimo ka “segakolodi se se itshekileñ.” (2 Timotheo 1:3) Bibela e re bolelela gore re ikobele babusi ba bagolo, mme re a ba ikobela gonne re batla go dira se se siameng mo matlhong a Modimo. (Bahebera 5:14) Eleruri, digakolodi tsa rona tse di rutilweng ka Bibela di re tlhotlheletsa go ikobela babusi le eleng lefa go sena motho ope yo o tlhokometseng gore a re dira jalo.—Bapisa Moreri 10:20.

“Gonne Lekgethō Loa Tlo Lo Lo Ntshe ka Ntlha ya Gōna Mouō”

3, 4. Basupi ba ga Jehofa ba itsege jaaka batho ba ba ntseng jang, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go duela makgetho?

3 Go ne ga nna le dikhuduego ka ntlha ya go duelwa ga makgetho kwa Nigeria mo dingwageng tse di fetileng. Batho ba le mmalwa ba ne ba swa, mme babusi ba ne ba bitsa masole. Masole a ne a tsena kwa Holong ya Bogosi dipokano di tsene mme ba batla go itse gore go ne go kokoanetswe eng. Fa ba fitlhela gore e ne e le pokano ya go ithuta Bibela ya Basupi ba ga Jehofa, molaodi yo a neng a le foo o ne a bolelela masole gore a tswe koo, a re: “Basupi ba ga Jehofa ga se batho bao ba tsosang dikhuduego ka lekgetho.”

4 Basupi bao ba kwa Nigeria ba ne ba itsege gore ba tshela tumalanong le mafoko ano a ga Paulo: “Gonne le lekgetho loa tlo lo le ntshe ka ntlha ea gōna mouō; gonne ke badihedi ba tihèlō ea Modimo, ba ba nntseñ ba emetse shōna selō se.” (Baroma 13:6) Jesu o ne a bua ka go duela lekgetho fa a ne a ntsha taolo e e reng, ‘Ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare.’ (Mathaio 22:21) Babusi ba selefatshe ba dira ditsela, ba dira gore go nne le mapodisi a a sireletsang, dilaeborari, ditsamaiso tsa dipalangwa, dikolo, ditirelo tsa poso, mmogo le dilo tse dingwe tse dintsi. Gantsi re dirisa dilo tseno. Re tshwanetse go di duelela ka go duela lekgetho.

“Naeañ Botlhe Chwanèlō ea Bōnè”

5. Polelwana e e reng “naeañ botlhe chwanèlō ea bōnè” e kaya eng?

5 Paulo o tswelela jaana: “Naeañ botlhe chwanèlō ea bōnè: lekgèthō le nèwè ba ba chwanetseñ lekgèthō; le sehuba ba ba chwanetseñ sehuba; le poihō ba ba chwanetseñ go boihwa; le tlotlō ba ba chwanetseñ go tlotlwa.” (Baroma 13:7) Lefoko “botlhe” le akaretsa mmusi mongwe le mongwe wa selefatshe yo e leng motlhanka wa Modimo yo direlang botlhe. Ga go ope yo o tlogelwang. Le eleng lefa re le kafa tlase ga tsamaiso ya bopolotiki e re sa e rateng ka namana, re duela makgetho. Fa e le gore koo re nnang gone ditumelo ga di duedisiwe makgetho, diphuthego di ka dirisa seno go bona molemo. Mme jaaka baagi ba bangwe, Bakeresete ba ka dirisa dilo tseo di tlhomilweng mo molaong go fokotsa makgetho a ba a duelang. Mme ga go na Mokeresete ope yo o tshwanetseng go tila go duela lekgetho.—Bapisa Mathaio 5:41; 17:24-27.

6, 7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go duela makgetho le eleng lefa madi ao a dirisediwa go duelela sengwe seo re sa dumalaneng le sone kana le eleng lefa babusi ba re bogisa?

6 Lefa go le jalo, ka gongwe lekgetho le lebega le le lentsi thata. Kana go tweng fa karolo nngwe ya madi a lekgetho e dirisediwa go duelela sengwe seo re sa dumalaneng le sone, jaaka go ntsha dimpa mahala, dibanka tsa madi a batho, kana dithulaganyo tseo di thulanang le dikgopolo tsa rona tsa boitlhaodi? Re santse re duela makgetho a rona. Babusi ke bone ba ba nang le boikarabelo jwa kafa ba dirisang madi a lekgetho ka gone. Ga re a laelwa gore re atlhole babusi. Modimo ke “moatlhodi oa lehatshe,” mme o tla sekisa dipuso ka nako e e leng ya gagwe kafa di ileng tsa dirisa taolo ya tsone ka gone. (Pesalema 94:2; Yeremia 25:31) Re tla nna re duela makgetho a rona fa seo se ise se diragale.

7 Go tweng fa babusi ba re bogisa? Re santse re tshwanetse go duela makgetho ka ntlha ya tsonetsone ditirelo tseo ba re di direlang. Examiner ya San Francisco e ne ya bolela jaana malebana le Basupi bao ba bogisiwang kwa nageng nngwe ya Afrika: “O ka nna wa ba tsaya jaaka baagi ba ba tlhomang sekao. Ba duela makgetho ka tlhagafalo, ba tlhokomela ba ba lwalang, ba lwantsha go sa itseng go bala.” Ee, Basupi bao ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba duela makgetho a bone.

“Poihō” le “Tlotlō”

8. “Poihō” e re tshwanetseng go e bontsha babusi ke eng?

8 “Poihō” e go buiwang ka yone mo go Baroma 13:7 ga se poifo ya bogatlapa mme, go na le moo, ke tlotlo e e newang babusi ba lefatshe, eleng go boifa go roba melao ya bone. Ba tlotliwa jalo ka ntlha ya maemo a bone, mme ka metlha ga se ka ntlha ya motho yo a leng mo maemong ao. Bibela, fa e bua ka tsela ya seperofeti ka mmusi wa Moroma Tiberius, e mmitsa “motho eo o nyatsègañ.” (Daniele 11:21) Mme e ne e le mmusi mme ka tsela eo Mokeresete o ne a tshwanetse go mmoifa le go mo tlotla.

9. Re tlotla babusi ba batho ka ditsela dife tse dingwe gape?

9 Mabapi le tlotlo, re latela taolo ya ga Jesu ya gore re se bitse ope ka maina ao ba ka a rewang ka ntlha ya maemo a bone a bodumedi. (Mathaio 23:8-10) Mme fa go tla mo babusing ba selefatshe, re itumelela go ba bitsa ka leina lepe fela leo ba tlhokang go tlotliwa ka lone. Paulo o ne a dirisa lereo “Motlotlegi” fa a ne a bua le babusi ba Roma. (Ditihō 26:25) Daniele o ne a bitsa Nebukadenesare “Morèna oa me.” (Daniele 4:19) Gompieno, Bakeresete ba ka nna ba dirisa dipolelwana tse di jaaka “Morena” kana “Motlotlegi.” Ba ka nna ba ema ka dinao fa moatlhodi a tsena mo kgotlatshekelo kana ba ikoba fa pele ga mmusi fa e le gore seo ke ngwao.

Boikobo jo bo Lekanyeditsweng

10. Jesu o ne a bontsha jang gore dilo tseo babusi ba ka di batlang mo Mokereseteng di lekanyeditswe?

10 Ereka Basupi ba ga Jehofa ba ikobela puso ya motho, ke ka ntlha yang fa Franz Reiter le ba bangwe ba bantsi ba ne ba boga jalo? Ke ka ntlha ya gore boikobo jwa rona bo lekanyeditswe ebile ga se ka metlha babusi ba lemogang gore go ya ka Bibela seo ba ka se batlang se lekanyeditswe. Fa mmusi a batla sengwe seo se sa dumalaneng le segakolodi se se rutilweng sa Mokeresete, o tlola melelwane e a e beetsweng ke Modimo. Jesu o ne a supa seno fa a ne a re: “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetsè Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Fa Kaesare a batla dilo tseo e leng tsa Modimo, re tshwanetse go lemoga gore Modimo o tla pele.

11. Ke molaomotheo ofe o o bontshang gore ntlha ya gore dilo tseo babusi ba batho ba ka di batlang mo go rona di lekanyeditswe, e a amogelwa?

11 A boemo jono ke jwa go menola puso kana jwa go sa ikanyegeng? Gotlhelele nnyaa. Ebile tota, ke tswelediso ya molaomotheo oo merafe e mentsi e e tlhabologileng e o lemogang. Mo lekgolong la bo 15 la dingwaga, Peter von Hagenbach o ne a sekisediwa go busa karolo nngwe ya Yuropa ka bosetlhogo. Boiphemelo jwa gagwe jwa gore o ne a latela ditaolo tsa morena wa gagwe, Duke wa Burgundy bo ne jwa ganwa. Go tloga ka nako eo, batho ba le bantsi ba ile ba nna ba dira seipato sa gore motho fa a dira sengwe se se makgapha ga a kake a sekisiwa fa a ne a se dira a latela ditaolo tsa mmusi yo mogolo—segolo thata seo se ile sa dirwa ke dinokwane tsa ntwa tsa Nazi fa pele ga Kgotlatshekelo ya Meraferafe kwa Nuremberg. Seipato seo se ile sa nna sa ganwa. Kgotlatshekelo eo ya Meraferafe e ile ya atlhola jaana: “Batho ka bobone ba na le ditiro tsa bomoraferafe tseo di leng kwa godimo ga maikarabelo a semorafe a go ikobela puso ya naga ya gagwe.”

12. Ke dikai dife tse dingwe tsa Dikwalo tsa batlhanka ba Modimo bao ba neng ba gana go dira dilo tse babusi ba neng ba di batla mo go bone mme di sa tshwanela?

12 Batlhanka ba Modimo ga ba bolo go nna ba lemoga gore ba tshwanetse go ikobela babusi ba bagolo ka selekanyo. Mo e ka nnang ka nako ya fa Moshe a ne a tsholwa kwa Egepeto, Faro o ne a laola basadi ba babedi ba Bahebera ba babelegisi go bolaya masea a basimanyana a Bahebera. Lefa go ntse jalo, basadi bao ba babelegisi ba ne ba se ka ba bolaya masea ao. A ba ne ba le phoso go sa ikobele Faro? Nnyaa, ba ne ba dira go ya ka digakolodi tsa bone, mme Modimo o ne wa ba segofatsa ka ntlha ya seo. (Ekesodo 1:15-20) Fa Baiseraele ba ne ba le ba kwa botshwarong kwa Babelona, Nebukadenesare o ne a laela gore balaodi ba gagwe, go akaretsa le ba Bahebera, Shaderake, Meshake, le Abedenego, ba obamele setshwantsho seo a neng a se tlhomile kwa dipoeng tsa Dura. Bahebera ba bararo bao ba ne ba gana. A ba ne ba le phoso? Nnyaa, gonne fa ba ne ba latela taolo ya kgosi ba ne ba tla bo ba tlola molao wa Modimo.—Ekesodo 20:4, 5; Daniele 3:1-18.

“Utlwa Modimo Bogolo go Batho”

13. Bakeresete ba pele ba ne ba tlhoma sekao sefe mo kgannyeng ya go ikobela babusi ba batho ka selekanyo?

13 Ka mo go tshwanang, Petere le Johane ba ne ba araba babusi ba Bajuda jaana fa ba ne ba ba laela gore ba emise go rera: “E re ha go siame mo matlhoñ a Modimo go reetsa lona bogolo go Modimo, a go atlholè lona.” (Ditihō 4:19; 5:29) Ga ba a ka ba kgona go didimala. Makasine wa The Christian Century o re tlhokomedisa kafa Bakeresete ba ntlha ba neng ba dira tumalanong le digakolodi tsa bone ka gone fa e bua jaana: “Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba sa tsene mo bosoleng. Roland Bainton o akgela ka gore ‘go tloga kwa bokhutlong jwa lobaka lwa Tesetamente e Ntšha go fitlha mo dingwageng tse di lesome tsa A.D. 170-180 ga go na bosupi bope fela jwa gore Bakeresete ba ne ba le mo bosoleng’ (Christian Attitudes Toward War and Peace [Abingdon, 1960], dits. 67-8). . . . Swift o bolela gore Justin Martyr ‘o tsaya gore fa e se mokgwa ke molao gore Bakeresete ba se tsenelele mo dintweng.’”

14, 15. Melaometheo e mengwe ya Bibela e e neng e laola Bakeresete ba pele gore ba ikobele babusi ba batho ka selekanyo ke efe?

14 Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba pele ba ne ba sa nne masole? Kwantle ga pelaelo mongwe le mongwe wa bone o ne a ithuta Lefoko la Modimo le melao ya gagwe ka kelotlhoko, a bo a dira tshwetso ya gagwe ka namana a ikaegile ka segakolodi sa gagwe se se rutilweng ka Bibela. Ba ne ba nna ba itlhaotse, ‘e se ba lefatshe,’ mme boitlhaodi jwa bone bo ne bo ba thibela go tsaya letlhakore lepe mo dintweng tsa lefatshe leno. (Yohane 17:16; 18:36) Mo godimo ga moo, e ne e le ba Modimo. (2 Timotheo 2:19) Fa ba ne ba ka swela Puso ya Naga, seo se ne se tla bo se raya gore ba neile Kaesare seo e leng sa Modimo. Mo godimo ga moo, e ne e le karolo ya bokaulengwe jwa meraferafe jo bo bofagantsweng ke lorato. (Yohane 13:34, 35; Bakolose 3:14; 1 Petere 4:8; 5:9) Digakolodi tsa bone di ne di ka se ka tsa ba letla go tsaya ditlhabano tseo ba neng ba ka nna ba bolaya Mokeresete ka bone ka tsone.

15 Mo godimo ga seno, Bakeresete ba ne ba ka se ka ba dira ditiro dingwe tse di tlwaelegileng tsa bodumedi, jaaka go obamela mmusimogolo. Ke gone ka moo, ba neng ba lejwa jaaka “batho ba ba farologaneng le ba ba kotsi, mme baagi ba bangwe botlhe ba ne ba sa wele dibete ka bone.” (Still the Bible Speaks, e e kwadilweng ke W. A. Smart) Lemororo Paulo a ne a kwalela Bakeresete gore ba tshwanetse go ‘boifa yo o tshwanetseng go boifiwa,’ ga ba a ka ba lebala go boifa, kana go tlotla Jehofa ka mo go golwane. (Baroma 13:7; Pesalema 86:11) Jesu ka boene o ne a re: “Lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea: me bogolo lo boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.”—Mathaio 10:28.

16. (a) Bakeresete ba tshwanela go lekanya sentle ka kelotlhoko go ikobela ga bone babusi ba bagolo mo dikarolong dife? (b) Lebokose le le mo tsebeng ya 27 le supa eng?

16 Jaaka Bakeresete, re lebane le dikgwetlho tse di tshwanang gompieno. Ga re kake ra nna le seabe mo mofuteng ope fela wa kobamelo wa segompieno ya medimo ya disetwa—e ka tswa e le go obamela setshwantsho se se tlhomilweng kana kemedi nngwe fela kana go lebelela go bona poloko ka motho mongwe kana ka mokgatlho mongwe. (1 Bakorintha 10:14; 1 Yohane 5:21) Mme jaaka Bakeresete ba pele, ga re kake ra latlha boitlhaodi jwa rona.—Bapisa 2 Bakorintha 10:4.

“Boikokobeco le Poihō”

17. Petere o ne a naya bao ba neng ba bogisiwa ka ntlha ya segakolodi kgakololo efe?

17 Moaposetoloi Petere o ne a kwala kaga go laolwa ga rona ke segakolodi mme a re: “Ha e ka re ka ntlha ea go gopola Modimo, motho a ichōkèla mahutsana, a utlwa botlhoko a sena molato.” (1 Petere 2:19) Ee, Modimo o a itumela fa Mokeresete a ema a nonofile le fa a bogisiwa, mme molemo o mongwe gape ke gore tumelo ya Mokeresete yoo e a nonotshiwa le go tokafadiwa. (Yakobe 1:2-4; 1 Petere 1:6, 7; 5:8-10) Petere le ene o ne a kwala jaana: “Me e tla re ha lo ka boga botlhoko ka ntlha ea tshiamō, lo bo lo le segō: me lo se ka lwa boiha poichō ea bōnè, le gōna lo se ka loa huduèga; Me lo itshepisè Keresete mo dipeduñ tsa lona e le èna Morèna; lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona, gore, e cwa kae? leha go nntse yalo e nnè ka boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:14, 15) A kgakololo e e molemo ruri!

18, 19. Go nna le tlotlo e e boteng mmogo le maikutlo a a lekalekaneng go ka thusa jang fa babusi ba re thibela gore re se ka ra obamela ka kgololesego?

18 Fa Bakeresete ba bogisiwa ka ntlha ya fa puso e sa tlhaloganye boemo jwa bone sentle, kana e le ka gonne baeteledipele ba Labodumedi ba ile ba senya Basupi ba ga Jehofa leina kwa pusong, go bolelela puso mabaka go ka nna ga dira gore ba se ka ba gatelelwa thata. Mokeresete ga a lwe ntwa ya diatla kgatlhanong le babogisi ka gonne a le boikokobetso ebile a na le tlotlo e e boteng. Lefa go ntse jalo, o dirisa mokgwa ope fela wa molao o o leng gone go femela tumelo ya gagwe. Morago o tlogela kgang eo mo diatleng tsa ga Jehofa.—Bafilipi 1:7, NW; Bakolosa 4:5, 6.

19 Tlotlo e e boteng gape e dira gore Mokeresete a ikobele babusi kafa a ka kgonang ka gone mme a sa dire kgatlhanong le segakolodi sa gagwe. Ka sekai, fa dipokano tsa phuthego di thibelwa, Bakeresete ba tla batla tsela nngwe e e ka se kang ya dira gore ba lemogiwe ya go tswelela ba ja mo tafoleng ya ga Jehofa. Molaodi yo Mogolo go gaisa, Jehofa Modimo, o re bolelela jaana ka Paulo: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe.” (Bahebera 10:24, 25) Mme dipokano tse di ntseng jalo di ka tshwarwa ka botlhale. Le eleng lefa go nna le ba sekae fela, re ka tlhomamisega gore Modimo o segofatsa dithulaganyo tse di ntseng jalo.—Bapisa Mathaio 18:20.

20. Fa Bakeresete ba thibetswe gore ba se ka ba rera mafoko a a molemo phatlalatsa, ba ka dirisana jang le boemo joo?

20 Ka mo go tshwanang, babusi ba bangwe ba ile ba thibela gore go se ka ga rerwa mafoko a a molemo phatlalatsa. Bakeresete ba ba leng kafa tlase ga bone ba gokologelwa gore Molaodi yo Mogolo go gaisa o ne a bua jaana ka Jesu: “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mareko 13:10) Ka gone, ba obamela Molaodi yo Mogolo go gaisa go sa kgathalesege gore ba ka diragalelwa ke eng. Kwa go neng go kgonega gone baaposetoloi ba ne ba rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, mme go na le ditsela tse dingwe gape tsa go fitlhelela batho jaaka bosupi jo e seng jwa tlwaelo. (Yohane 4:7-15; Ditihō 5:42; 20:20) Gantsi babusi ga ba ke ba kgoreletsa tiro ya go rera fa go dirisiwa Bibela fela—seo se otlelelang botlhokwa jwa gore Basupi botlhe ba tlhoka go rutiwa sentle gore ba kgone go fetolana ka Dikwalo. (Bapisa Ditihō 17:2, 17.) Gantsi Bakeresete ba ka bona tsela ya go obamela Jehofa ba sa galefise babusi ba bagolo ka go nna pelokgale mme ba supa tlotlo.—Tito 3:1, 2.

21. Fa Kaesare a sa emise pogiso ya gagwe, Bakeresete ba tshwanetse go dira eng?

21 Lefa go le jalo, ka dinako dingwe babusi ba tswelela fela ba ntse ba bogisa Bakeresete. Fa go le jalo, re ka tswelela fela re ntse re dira molemo ka segakolodi se se phepa. Franz Reiter yo mmotlana o ne a tshwanetse go tlhopha: go latola tumelo ya gagwe kana go swa. Ereka a ne a ka se ka a tlogela go obamela Modimo, o ne a tswelela pele fela ka bopelokgale go isa losong. Mo bosigong jwa pele a bolawa, Franz o ne a kwalela mmaagwe jaana: “Ke tlile go bolawa ka moso mo mosong. Ke na le nonofo e e tswang mo Modimong, fela jaaka go ne go tlhola go ntse ka metlha ka Bakeresete ba boammaaruri ba bogologolo . . . Fa o ka nna o nonofile go fitlha kwa losong, re tla kopana gape ka tsogo ya baswi.”

22. Re na le tsholofelo efe, mme re tshwanetse go nna re tswelela jang jaanong?

22 Letsatsi lengwe batho botlhe ba tla bo ba le kafa tlase ga molao o le mongwe fela wa ga Jehofa Modimo. Go fitlha seo se diragala, re tshwanetse go dira tumalanong le thulaganyo ya Modimo ka segakolodi se se molemo mme re ineele mo babusing ba bagolo ka selekanyo, re ntse re obamela Morena le Molaodi wa rona Jehofa, mo dilong tsotlhe.—Bafilipi 4:5-7.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke lebaka lefe le le re tlhotlheletsang go ikobela babusi?

◻ Ke ka ntlha yang fa re sa etsaetsege go duela makgetho a a batliwang ke Kaesare?

◻ Ke mofuta ofe wa tlotlo eo re tshwanetseng go e neela babusi?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ikobela ga rona Kaesare go lekanyeditswe?

◻ Fa re bogisiwa ka gonne Kaesare a batla dilo tse e leng tsa Modimo, re tshwanetse go dira eng?

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Tlotlo, eseng kobamelo

Moso mongwe kwa tlelaseng, Terra, ebong Mosupi mongwe yo mmotlana wa ga Jehofa kwa Canada, o ne a bona morutabana wa gagwe a tswa le moithuti mongwe mo tlelaseng ka lobakanyana. Go ise go e kae morago ga foo, morutabana o ne a sebela Terra a mo kopa gore a tsamaye le ene go ya kwa ofising ya mogokgo.

Fa ba goroga koo, Terra o ne a bona folaga ya Canada e beilwe mo tafoleng ya mogokgo. Morutabana o ne a raya Terra a re a kgwele folaga eo mathe! O ne a bolela gore ereka Terra a ne a sa opele pina ya bosetšhaba kana gone go dumedisa folaga, o ne a sena lebaka lepe la go se dire jalo. Terra o ne a gana, a tlhalosa gore lemororo Basupi ba ga Jehofa ba sa obamele folaga, ba a e tlotla.

Fa ba boela kwa tlelaseng, morutabana o ne a bolela gore o fetsa go dira teko nngwe. O ne a tsere baithuti ba le babedi ka bongwe ka bongwe a ba isitse kwa ofising ya mogokgo a bo a ba bolelela gore ba kgwele folaga mathe. Wa ntlha o ne a tlhola a nna le seabe mo ditirong tsa boratanaga, mme o ne a kgwela folaga mathe fa a laelwa go dira jalo. Go farologana le seo, Terra o ne a sa opele pina ya bosetšhaba kana gone go dumedisa folaga; lefa go ntse jalo, o ne a gana go tlontlolola folaga ka tsela eno. Morutabana o ne a bontsha gore Terra ke ene yo a neng a bontsha tlotlo e e tshwanetseng.—1990 Yearbook of Jehovah’s Witnesses.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

French Embassy Press & Information Division

USSR Mission to the UN

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela