LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/1 ts. 4-5
  • Re Tlhoka Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tlhoka Lefatshe le Lesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Kagiso ya Lefatshe e Atametse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ntwa e Fetogile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ntwa ya Lefatshe I Ie Tshimologo ya Mahutsana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/1 ts. 4-5

Re Tlhoka Lefatshe le Lesha

KATA ka morago mme o lebe maemo a a go dikologileng. A o rata se o se bonang?

Gongwe wena o na le legae le lentle leo le leng mo lefelong le lentle le le tlhokomelwang sentle. O ka tswa o na le tiro e e duelang sentle ebile o e rata. Mo godimo ga moo, wena le batho ba o ba ratang lo ka tswa lo itekanetse sentle mo mmeleng. Fa o akanya ka seno sotlhe, o ka tswa o ikutlwa o bolokesegile ebile o itumetse.

Mme lefa go ntse jalo akanya ka ditikologo tse dingwe, kana dikarolo tse dingwe tsa naga e o nnang mo go yone, le dinaga tse dingwe. Leba lefatshe lotlhe. A le lentle? A ruriruri ke le le kgotsofatsang, le le nang le kagiso, le tswelelopele?

Go ya ka diponelopele dingwe tse di neng tsa dirwa kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, saense jaanong e tshwanetse ya bo e setse e fedisitse malwetsi otlhe a magolo, e dirile gore botlhe ba nne le dijo tse dintsi, e dirile gore tikologo e nne e e tlhomameng mmogo le go e tokafatsa, e lerile motlha wa kagiso. Mme totatota ke eng se se diragetseng?

Motho ga a tlhoke gore a tlhatlhobe ka mo go tseneletseng gore a bone gore ga go na kagiso mo polaneteng eno ya rona. “Batho ga ba bolo go kgothalediwa gore ba thule ditšhaka tsa bone dithipa tse di segang mabele fa esale mo metlheng ya Bibela,” go kwala jalo Michael Renner mo go State of the World 1990. “Kgakololo e e ntseng jalo ga e ise e ko e nne e e tshwanelang thata jaana. Batho ba batlile ba inyeletsa ka ntlha ya go tswelela ba ntse ba nonotsha bosole ba sa kgaotse.”

Go na le dipego tse dintsi tsa dikgogakgogano tsa semorafe le dintwa tse di senyang dinaga tse dintsi go dikologa lefatshe lotlhe. Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso, go ne go santse go lowa dintwa di le 22 ka 1988.a Go ne ga swa ba ba kae mo dintweng tseo? Go fitlha ka ngwaga oo le go akaretsa le one, “palogotlhe ya batho ba ba bolailweng mo dintweng tse di neng di lowa ka 1988 e ne e le 4 645 000. Mo e ka nnang 76 lekgolong ya ba ba bolailweng e ne e le baagi,” go bua jalo St. Louis Post-Dispatch.

A dilo tse di diragalang jaanong mo lefatsheng di supa gore go tla tla lefatshe le le nang le kagiso? “Go utlwala gore Ntwa ya Molomo e a khutla le gore go lekwa go lere kagiso. Mme a o ko o lebe gape,” go bua jalo setlhogo sengwe mo go San Jose Mercury News ya California, U.S.A. “Ga go solofelwe thata gore dintwa tse di tlhagogang mo Mafatsheng a a Humanegileng di ka khutla. Tseno ke dintwa tse lefatshe le sa itseng ka tsone. Dikgogakgogano tseo ke tse dipuso di lwang kgatlhanong le batho ba tsone: dintwa tse di tshololang madi go lwelwa naga, bodumedi, go sa tshwaneng ga ditso le bomorafe, go busa, le eleng diokobatsi. . . . Go tloga mo Lonakeng lwa Afrika go ya kwa Borwabotlhaba jwa Asia, ntwa e ile ya pateletsa dimilione tsa batho gore di sie mo magaeng a tsone. Ga go jalwe, go tlhaselwa ditleliniki tsa boitekanelo, go bolawa diruiwa, batsadi ba bolawa setlhogo bana ba bone ba ntse ba ba lebile, basimane ba dingwaga tse 10 ba dirwa baphepafatsi ba mafelo morago ba dirwa masole, basetsanyana ba a betelelwa. Dintwa tse di leng mo dinageng tseno tse di lebetsweng di tlogetse motlhala wa tshenyo le tlhakatlhakano eo batho ba mafelo ano ba ka se kang ba e baakanya ka gope. . . . Patlisiso e supa gore dingwaga tsa bo 1980 di ile tsa nna le dintwa tse dintsi go gaisa dingwaga dipe tse di lesome mo hisitoring.”

Bontsi jwa bao ba neng ba tshabela kwa dinageng tse di tlhabologileng ba ile ba fitlhela kagiso e ba neng ba e batla e se gone ka ntlha ya go tshosediwa ke thubakanyo e e maswe. “Thubakanyo [kwa United States] e ile ya nna ya tswelela go ralala bo 1980 go sa kgathalesege diponelopele tsa gore e tla fokotsega,” go bega jalo U.S.News & World Report. “Mo ngwageng one oo: Go na le melato e e masisi e le dimilione di le 8,1 e e jaaka ya polao, go tlhaselwa ga matlo le go thujwa ga one. . . . Se se tshwenyang le go feta ke kafa tshololo ya madi e tletsetletseng ka gone le kafa e ka nnang ya diragala nako nngwe le nngwe fela ka gone. Go tlhaselwa go a tswelela. U.S. Bureau of Justice Statistics e ile ya fopholetsa gore 83 lekgolong ya bana bao jaanong ba nang le dingwaga tse 12 ba tla tlhaselwa kana ba leke go tlhaselwa fa thubakanyo e ka tswelela e gola ka selekanyo seo e golang ka sone jaanong. . . . Batho ba ba dirang tshiamololo mo baaging ba tlogelwa fela ba sa otlhaiwe kana ga ba otlhaiwe ka bonako. Mo morafeng otlhe, mapodisi a kgona fela go rarabolola molato o le mongwe mo melatong mengwe le mengwe e megolo e metlhano ya thubakanyo.” Boemo bo tshwana fela mo lefatsheng ka bophara. Lekgotlakakaretso la Merafe E E Kopaneng le bega ka “go oketsega ga bothubaki le bomasisi jwa jone mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.”

Mme le eleng le fa ntwa, ditlhabano, le thubakanyo di ne di ka nyelela ka bonako fela mo lefatsheng, botshelo bo ne bo santse bo tla nna bo le mo kotsing. “Lehuma la nta ya tlhogo, malwetsi a a tletsetletseng, le ba le dimilione di le makgolokgolo bao ba sa tsenang sekolo ba kwa dinageng tse di iseng di tlhabologe,” go akgela jalo Worldwatch Institute mo pegong ya bone ya State of the World 1990. “Batho botlhe—ba humile kana ba humanegile, ba nonofile mo sesoleng kana ba le bokoa mo go sone—ba lebane le bothata jo bo tshwenyang tlhaloganyo thata jo bo sa tshwaneng le bope jwa go senngwa ga tikologo.”

Ee, dithulaganyo tseo di tshegetsang botshelo tseo batho botlhe ba ikaegileng ka tsone di tseelwa kwa tlase. “Lefatshe lotlhe ka bolone le senyegile tota [go na le kafa le neng le ntse ka gone ka 1970],” go kwala jalo mokwadi wa dikgang Paul Hoffman mo makasineng wa Discover. “Mafelo a re epelang matlakala mo go one a a penologa. Loapi lo gotediwa ke digase tse di bakang mogote mo lefatsheng. Ozone e e sireletsang polanete eno e a ngotlega. Dikaka di a gola, le dikgwa di a ngotlega. Mefuta mengwe ya dimela le diphologolo e nyelela ka selekanyo sa e le 17 ka oura.”

Mo godimo ga seo o ka oketsa ka seo se bakiwang ke go kgotlelwa ga lefatshe le metsi go go sa kgaotseng. Akanya ka go oketsega ga baagi ba lefatshe, goo go felelang ka gore naga e e ka ntshang dikuno tse dintsi e agiwe kana e tshelwe konkoreite, ka gone go oketsa go nyelela ga mefuta mengwe ya diphologolo le dimela. Akanya ka tlhaelo eo e ntseng e oketsega ya metsi a a nowang le bothata jwa pula ya asiti. Oketsa ka matswela a a kotsi mo boitekanelong ao moya o o kgotletsweng thata a nnang le one mmogo le mathata a matlakala a a kotsi. Tsotlhe di le mmogo, di kaya gore batho botlhe ba mo kotsing. Go sa kgathalesege gore re bomang kana gore re tswa kae, re tlhoka moya, dijo, metsi, le diretala gore re tshele. Re di tlhoka di sa kgotlelwa le ka selekanyo se se tshwanetseng. State of the World 1990 e bolela gore “dingwaga tsa bo 1980 e ne e le tsa matlhotlhapelo tota, nako eo go neng go sena dijo ka yone ebile go na le dintsho di le dintsi.”

Ereka batho ba tshosediwa ka ditsela tse dintsi jaana, a go na le mongwe yo a ka ganelang gore go tlhokega lefatshe je lesha? Mme a seo tota se ka kgonega? Lefatshe le le ntseng jalo le tla tlisiwa ke motswedi ofe? Ke mathata afe a a tshwanetseng go fenngwa pele go ka twe polanete ya rona eleruri e bolokesegile ebile e tswelela pele? A re boneng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a “Ntwa” e tlhalosiwa gore ke tlhabano bobotlana puso e le nngwe e nang le seabe mo go yone le eo mo go yone go swang batho ba ba ka nnang 1000 ka ngwaga.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

WHO photo by P. Almasy

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela