Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Kgothatso ya Fa A Tsamaya
JESU le baaposetoloi ba gagwe ba feditse go ja dijo tsa segopotso, lemororo ba santse ba le kwa kamoreng e e kwa godimo. Lemororo Jesu a tla tloga a tsamaya, o santse a na le dilo tse dintsi tse a batlang go di bua. “A dipelo tsa lona di se huduege,” o ba gomotsa jalo. “Dumela[ng] mo Modimoñ.” Mme go tlhokega mo go oketsegileng. “Dumèlañ le mo go nna,” o oketsa jalo.
“Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi,” Jesu o a tswelela. “Ke ea go lo baakanyetsa bonnō . . . gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna. Me kwa ke eañ gōna, lo itse tsela ea gōna.” Baaposetoloi ga ba lemoge gore Jesu o bua ka go tsamaya a ya kwa legodimong, ka jalo Thomase o botsa jaana: “Morèna, ga re itse kwa u eañ gōna; kana tsela re e itse yañ?”
“Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō,” Jesu o a araba. Ee, motho a ka tsena mo ntlong ya selegodimo ya ga Rraagwe fela ka go mo amogela le go latela tsela ya gagwe ya botshelo, jaaka Jesu a re: “Ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.”
“Morèna re bontshè Rara,” Filipo o a kopa, “me go tla bo go re lekanye.” Go lebega Filipo a batla gore Jesu a ba direle sesupo sengwe se se bonalang ka Modimo, jaaka se se neng sa supiwa mo metlheng ya bogologolo mo diponatshegelong tsa ga Moshe, Elija, le Isaia. Mme tota, baaposetoloi ba na le sengwe se se botoka thata go na le diponatshegelo tsa metlha eo, jaaka Jesu a tlhokomedisa jaana: “A ke go re, ke nntse le lona lobaka lo lo kana kana, me a ga u e se u nkitse, Filipo? Eo o mponyeñ, o bonye Rara.”
Jesu o supa botho jwa ga Rraagwe fela ka botlalo mo e leng gore go tshela le ene le go mo elatlhoko, totatota, go tshwana fela le go bona Rraagwe. Lefa go le jalo, Rara o mogolo mo go Morwa, jaaka Jesu le ene a dumela jaana: “Mahoko a ke a buañ le lona, ga ke a ipuise ka nosi.” Jesu o tlotlomatsa Rraagwe wa selegodimo ka dithuto tsa gagwe.
Abo go kgothatsa jang ne mo baaposetoloing go utlwa Jesu jaanong a ba raya a re: “Eo o dumèlañ mo go nna, ditihō tse ke di dihañ, le èna o tla di diha; me o tla diha ditihō tse di kgolo go heta tse”! Jesu ga a reye gore balatedi ba gagwe ba tla nna le nonofo e kgolo ya go dira dikgakgamatso tse dintsi go mo feta. Nnyaa, mme o raya gore ba tla nna mo bodiheding ka lobaka lo loleelenyana, ba dira mo lefelong le legolwane, le mo bathong ba bantsi.
Jesu ga a ne a latlha barutwa ba gagwe morago ga a sena go tsamaya. “Ha lo ntōpa señwe hèla ka leina ya me,” o a ba solofetsa, “shōna ke tla se diha.” Mo godimo ga moo, o bua jaana: “Ke tla rapèla Rara, me o tla lo naea Mogomotsi o sele, gore a nnè le lona ka bosakhutleñ, Eboñ Mōea oa boamarure.” Moragonyana, fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o tshololela barutwa ba gagwe moya o o boitshepo, ebong mothusi yo mongwe.
Jesu o setse a le gaufi le go tsamaya, jaaka a re: “E tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna.” Jesu o tlile go nna sebopiwa sa moya se batho ba sa kgoneng go se bona. Mme Jesu o solofetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gape jaana: “Me lona lo bo lo nntse lo mpōna: ereka ke tshedile, le lona lo tla tshela.” Ee, Jesu ga a ne a iponatsa mo go bone fela a le mo sebopegong sa motho morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing mme fa nako e ntse e tsamaya o tla ba tsosetsa mo botshelong kwa go ene kwa legodimong jaaka dibopiwa tsa moya.
Jesu jaanong o ba naya taolo eno e e motlhofo: “Eo o nañ le ditaolō tsa me, a di tshegetsa, ke èna eo o nthatañ: me eo o nthatañ, o tla ratwa ke Rrè, le nna ke tla mo rata, me ke tla mo ipontsha.”
Fa a rialo moaposetoloi Judase, yoo gape a bidiwang Thadaeo, o mo tsena ganong a re: “Morèna, go dihile yañ, ka u tla ipontsha rona, me eseñ lehatshe?”
“Ha motho a nthata,” Jesu o a araba, “o tla tshegetsa lehoko ya me: me Rrè o tla mo rata . . . Eo o sa nthateñ, ga a tshegetse mahoko a me.” Go farologana le barutwa ba gagwe ba ba kutlo, lefatshe le itlhokomolosa dithuto tsa ga Keresete. Ka jalo ga a le itshenolele.
Jesu o ile a ruta baaposetoloi ba gagwe dilo tse dintsi mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Ba tla kgona go di gakologelwa tsotlhe jang, ereka jaana le go fitlha jaanong ba palelwa thata jaana go tlhaloganya tse dingwe? Ka boitumelo, Jesu o ba solofetsa jaana: “Me Mogomotsi, eboñ Mōea o o Boitshèpō, eo Rara o tla mo romañ ka leina ya me, èna o tla lo ruta dilō cotlhe, me o tla lo gakolola cotlhe tse ke di buileñ le lona.”
Jesu o bua gape jaana a ba gomotsa: “Kagishō ke e tlogèla le lona . . . A dipelo tsa lona di se huduege, le gōna a di se boihe.” Ke boammaaruri gore Jesu o a tsamaya, mme o tlhalosa jaana: “Ha lo no lo nthata, lo no lo tla itumèla, ka go bo ke ea kwa go Rara: gonne Rara o mogolo bogolo go nna.”
Nako ya bone ya go nna le Jesu e setse e le khutshwane thata. “Ga nketla ke tlhōla ke bua segolo le lona,” o bua jalo, “gonne kgōsana ea lehatshe ee tla: me ga e na sepè mo go nna.” Satane Diabolo, yo a neng a kgona go tsena mo go Judase a bo a mo tshwara, ke ene kgosana ya lefatshe. Mme Jesu ga a na bokoa bope fela jwa boleo joo Satane a ka bo dirisang go mo dira gore a seka a direla Modimo. Yohane 14:1-31; 13:27; Luke 22:3, 4; Ekesodo 24:10; 1 Dikgosi 19:9-13; Isaia 6:1-5.
◆ Jesu o ya kae, mme Thomase o arabiwa jang mabapi le tsela ya go ya koo?
◆ Go ya ka kopo ya gagwe, Filipo go lebega a batla gore Jesu a dire eng?
◆ Ke ka ntlhayang fa motho yo o boneng Jesu a bone le Rara?
◆ Balatedi ba ga Jesu ba dira ditiro tse di fetang tsa gagwe jang?
◆ Satane ga a na kafa a ka tshwarang Jesu ka gone ka tsela efe?