Pego ya Baboledi ba Bogosi
‘Go Tuka ka Moya’ mo Mexico
“NAGA yotlhe e lebega e tuka ebile e tlhanasela ka tiro.” Go kwala jalo ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower ya kwa Mexico, mme abo kakgelo eo e le boammaaruri jang ne! Go tlhanasela ka tiro mo lefatsheng leo go supiwa ka gore go ile ga nna le ditlhora tse 70 tse di latelelanang tsa kgwedi le kgwedi fa esale ka August, tse di fitlhelelang go baboledi ba le 277 436. Mo godimo ga moo, go ile ga begiwa dithuto tsa Bibela tse di fetang 400 000 mme ba ba neng ba tlile Segopotsong mo ngwageng o o fetileng ba ne ba fitlha go 1 046 291. Abo seo e le motheo o o molemo jang ne wa koketsego mo isagweng!
Sengwe se se kgatlhisang se se diragetseng ka 1989 e ne e le phetogo mo boemong jwa Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. Ka jalo, go ne go kgonega jaanong gore Bibela e dirisiwe e le lantlha mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo, ebile go kgonega gore dipokano di bulwe ka thapelo. Seno se ne sa nna le matswela ka bonako. Baboledi ba ne ba oketsega ka palo e e fetang 17 000 mo dikgweding tse pedi.
Boipelo jwa bakaulengwe ka tiragalo eno bo bonwa mo dikakgelong tsa bone. Mongwe o ne a kwala jaana: “Fa lokwalo loo lo ne lo balwa mo diphuthegong, lo ne lwa kgaupediwa gabedi ka go opiwa ga diatla. Go ne go kgatlhisa tota!” Yo mongwe o ne a bua jaana: “Re ne ra palelwa ke go itshwara mme ra lela ka boipelo. Go ne ga felela ka gore bontsi bo tle ka nako. Mongwe le mongwe o batla go nna gone fa go bulwa ka thapelo.”
“Mo tshimong ya rona,” go ne ga bua jalo Mosupi mongwe, “mosadi mongwe yo o dirang ka natla mo thulaganyong ya Kereke ya Katoliki ya dithuto tsa Bibela o ne a akgela jaana: ‘Fa e le gore pele e ne e re fa [Basupi] ba ntsha dikakgelo fela le dimakasine tsa bone, re bo re sala re tshwerwe ke kgakge, jaanong ka ba tla bo ba bula Dibibela mo matlong a rona, ga re itse gore re tla nna ba ga mang!’”
Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico ba dira bosupi jo bo sa ikaelelwang ka Bibela. Kgaitsadi mongwe o ne a atamelwa ke mosadi mongwe yo a neng a mmotsa gore o akanya eng kaga go senya mpa. Mosupi o ne a mo araba jaana: “Seo ke se akanyang ga se botlhokwa jaaka se Bibela e se buang.” Morago ga go mmalela ditemana di sekae, kgaitsadi o ne a bua jaana: “Botshelo bo botlhokwa thata go Mmopi, le eleng botshelo jwa ba ba iseng ba tsholwe.”
Mosadi yono o ne a bolela gore o ne a lebeletse ngwana wa gagwe wa ntlha, mme ditlhatlhobo tsa balwetsi di ne di supa gore ngwana o tla nna segole. Ngaka ya gagwe e ne e batla gore a ntshe mpa eo, mme monna wa gagwe o ne a dumetse, mme mosadi ene o ne a etsaetsega. Mmoledi o ne a buisana le ene ka mo go oketsegileng ka Bibela, a mo naya leina la gagwe, ba bo ba kgaogana.
Dingwaga tse tlhano moragonyana kwa kopanong ya kgaolo, banyalani bangwe le ngwana wa dingwaga tse nnè ba ne ba batla go bona kgaitsadi yoo le monna wa gagwe. E ne e le mosadi yole! Go ne ga diragala eng? Morago ga puisano ya gagwe le Mosupi, mosadi o ne a swetsa ka gore o tla tshola ngwana yoo. Ngaka ya gagwe e ne ya gana go tlhola e mo tlhatlhoba, le monna wa gagwe o ne a ba a mo tshosetsa ka gore fa ngwana a ka tsholwa e le segole o tla mo tlogela. Fa nako ya go belega e tla, o ne a tsamaya go batla thuso kwa ngakeng epe fela e a neng a ka e bona.
Ka bonako fela fa ngwana a sena go tsholwa, ngaka e ne ya re: “Re a go itumelela, mma! O na le ngwana yo montle wa mosetsana.” Ka go sa dumele se a se utlwang, o ne a mo kopa gore a tlhatlhobe ngwana sentle. O ne a mmolelela kgang ya gagwe. Ngaka e ne ya mo raya fela ya re: “Seno ke dikgakgamatso.” Mosadi o ne a itumetse ka gonne a ne a nna pelokgale go tlotla pono ya ga Jehofa kaga boitshepo jwa botshelo, mme o ne a raya ngwana wa gagwe yo o itekanetseng yo montle leina la kgaitsadi yole. Fela fa a sena go nonofa, o ne a batla Basupi mme a simolola go ithuta Bibela le bone. Ene le monna wa gagwe ba ne ba kolobediwa mo nakong e e kafa tlase ga lobaka lwa ngwaga.
Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Lo nnè lo tukè mo moeeñ; lo dihèlè Morèna.” (Baroma 12:11) Basupi ba ga Jehofa mo Mexico, jaaka Bakeresete ba boammaaruri gongwe le gongwe ba reetsa kgothatso eno ka dipelo tsotlhe tsa bone. Ke ka gone moo naga yotlhe e tukang le go tlhanasela ka tiro ya semoya. Abo Jehofa a segofatsa batho ba ba ikanyegang thata jang ne!