LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 5/1 ts. 23-28
  • Seo se Kaiwang ke go Rata Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seo se Kaiwang ke go Rata Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisiwa ga Sefapaano mo Bodumeding
  • Sefapaano sa ga Constantine
  • A go ka Tlotlwa Sedirisiwa sa Loso
  • Go Tshola Lefoko le le Tlhotlheleditsweng
  • ‘Boloka Ditaolo tsa Gagwe’
  • A Ruri Jesu o Swetse mo Sefapaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Rwala Sefapaano?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Sefapaano
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 5/1 ts. 23-28

Seo se Kaiwang ke go Rata Modimo

“Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna.”—1 YOHANE 5:3.

1. Re tshwanetse go bontsha gore re rata Modimo jang, mme go tla felela ka eng?

MABAPI le tshwanelo ya batho ya go obamela Modimo, Jesu o ne a bua jaana: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago.” (Mathaio 22:37) Re tshwanetse go bontsha lorato lono jang? Bibela e araba jaana: “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna.” (1 Yohane 5:3) Seno se tla felela ka molemo ofe mo go ba ba dirang jalo? Johane o ne a bua jaana: “Eo o nnetseñ rure mo loratoñ o nnetse rure mo Modimoñ.”—1 Yohane 4:16b.

2. Ke mang fela yo re tshwanetseng go mo obamela?

2 Fa re rata Modimo, ga re kitla re obamela sebopiwa sepe, e le se se tshelang kana se se suleng, mme re tla obamela Modimo fela. (Luke 4:7, 8) Moaposetoloi Petere, mme le eleng moengele, ba ne ba gana go obamelwa ke batho. (Ditihō 10:25, 26; Tshenolō 22:8, 9) Gape, Jesu o ne a bontsha gore mmaagwe, Maria, ga a tshwanela go fiwa tlotlo ya kobamelo, ka go bo eo e tshwanela Modimo fela. (Luke 11:27, 28; Yohane 2:3, 4; Tshenolō 4:11) Go lebisa kobamelo koo go sa tshwanelang gone go tla felela ka go tlola ditaolo tsa Modimo, ka go bo “ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi.”—Mathaio 6:24.

Go Dirisiwa ga Sefapaano mo Bodumeding

3. La-Bodumedi e leba go dirisiwa ga sefapaano jang?

3 Go na le didirisiwa dingwe tse di sa tsheleng tseo go di rapela go ka lebisang kwa go tloleng melao ya Modimo. Gareng ga tse di tseelwang kwa godimo ke sefapaano. Se ile sa dirisiwa ke batho ba La-Bodumedi ka makgolokgolo a dingwaga jaaka karolo ya kobamelo ya bone. The New Encyclopædia Britannica e bitsa sefapaano “tshupo e kgolo ya tumelo ya Bokeresete.” Mo kgotla-tshekelong nngwe kwa Greece, Greek Orthodox Church e bile ya ba ya gatelela gore ba ba ganang ‘Sefapaano se se Boitshepo’ ga se Bakeresete. Mme a tota-tota sefapaano ke sesupo sa Bokeresete? Se simologile kae?

4, 5. (a) Ke eng seo buka e e tlhalosang mantswe e se buang ka lefoko stau·rosʹ, leo le ranotsweng jaaka ‘sefapaano’ mo Bibeleng E Ntšha ya Setswana? (b) Tiriso ya sefapaano e simologile kae?

4 Mo ditemaneng tse di jaaka Mathaio 27:32 le 40 re bona selo seo Jesu a neng a bolaelwa mo go sone. Mo go tsone lefoko la Segerika stau·rosʹ le ranotswe jaaka ‘sefapaano’ mo Bibeleng E Ntšha ya Setswana. Mme stau·rosʹ e ne e kaya eng mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa go ne go kwalwa Dikwalo tsa Segerika? An Expository Dictionary of New Testament Words, ya ga W. E. Vine, e bua jaana: “Stauros . . . e kaya, segolo bogolo, kota e e tlhamaletseng kana mokgoro. Batlola-molao ba ne ba bolawa ka go kokotelwa mo go yone. Leina [stau·rosʹ] gammogo le lediri stauroō, eleng go kokotela mo mokgorong kana mo koteng, kwa tshimologong di tshwanetse go farologanngwa le sefapaano se se nang le dikota tse pedi sa kereke. Popego ya sone e simologile kwa Kaladea wa bogologolo, mme se ne se dirisiwa jaaka setshwantsho sa modimo Tamuse (seo se neng se le mo sebopegong sa Tau wa ditlhamane, eleng tlhaka ya ntlha ya leina la one) kwa nageng eo le mo dinageng tse di neng di le gaufi le yone, go akareletsa le Egepeto.”

5 Vine o tswelela pele a re: “Mo bogareng jwa lekgolo la dingwaga la bo-3 A.D. dikereke di ne di setse di latlhile, kana di sokamisitse dithuto tse dingwe tsa tumelo ya Bokeresete. Baheitane ba ne ba amogelwa mo kerekeng kwantle ga go tsosolosiwa ka tumelo gore go okediwe go tlotlomala ga tsamaiso ya botenegi ya kereke, mme ba ne ba letlelelwa go sala ka ditshupo le ditshwantsho tsa boheitane. Ka gone Tau kana T, ka sebopego sa yone se se tlwaelegileng, karolo ya yone e e kgabaganyang e isitswe kwa tlase, e ne ya amogelwa e le e e emelang Sefapaano sa ga Keresete.”

6, 7. (a) Lefoko “cross” (sefapaano) le tswa kae, mme ke ka ntlhayang fa go dirisiwa ga lone mo Bibeleng E Ntšha ya Setswana go sa tshwanela? (b) Ke jang go dirisa ga Bibela lefoko xyʹlon go tlhomamisang gore stau·rosʹ e ne e le kota e e tlhamaletseng?

6 The Companion Bible, kafa tlase ga setlhogo “Sefapaano le go Bapolwa,” e tlhokomedisa jaana: “Lefoko la rona la Seesemane ‘cross’ [sefapaano] ke thanolelo ya Selatine ya crux; mme stauros ya Segerika ga e tlhole e kaya crux fela jaaka lefoko ‘thobane’ [Seesemane, stick] le sa reye ‘dikota tse di dirisiwang ke digole [Seesemane, crutch].’ Homer o dirisa lefoko stauros la pale e e tlwaelegileng kana mokgoro, kana kota e le nngwe. Mme seno ke jone bokao jwa tiriso ya lefoko leno mo Segerikeng sa bogologolo. Ga le ise le ko le reye dikarolo tse pedi tsa kota nngwe e kgabaganya e nngwe. . . . Ga go na sepe mo Segerikeng sa [T]estamente e [N]tšha seo se kayang dikota tse pedi.”

7 Lefoko le lengwe la Segerika, xyʹlon, le dirisiwa mo Bibeleng go supa sedirisiwa seo Jesu a neng a swela mo go sone. Lefoko leno le thusa go bontsha gore stau·rosʹ e ne e le kota e e tlhamaletseng e e sa kgabaganngweng ke epe. Ke fela jaaka The Companion Bible e tlhalosa e re: “Lefoko [xyʹlon] . . . ka kakaretso le kaya karolo ya logong, kana kota, eo e dirisediwang molelo kana boikaelelo bope fela. . . . Jaaka lefoko leno [xyʹlon] le dirisisediwa la pele stauros, go bontsha gore bokao jwa one bo a tshwana . . . Ka gone go dirisiwa lefoko [xyʹlon] . . . mabapi le tsela eo Morena wa rona a suleng ka yone, le bile le dirisiwa jaaka ‘setlhare’ mo go Ditihō 5:30; 10:39; 13:29; Bagalatia 3:13; 1 Petere 2:24.”

8. Ke eng seo metswedi e mengwe e se bolelang ka sefapaano le tshimologo ya sone?

8 Dictionnaire Encyclopédique Universel (Encyclopedic Universal Dictionary) ya Sefora e bua jaana: “Re ne re ntse re dumela ka nako e telele gore sefapaano, seo se neng se lejwa jaaka setshwantsho sa bodumedi, segolo bogolo e ne e le sa Bakeresete. Mme ga go a nna jalo.” Buka Dual Heritage—The Bible and the British Museum e tlhalosa jaana: “Go ka nna ga gakgamatsa go itse gore ga go na lefoko le le tshwanang le ‘sefapaano’ mo Segerikeng sa Tesetamente e Ntšha. Lefoko leo le ranotsweng jaaka ‘sefapaano’ ka metlha ke lefoko la Segerika [stau·rosʹ] leo le kayang, ‘mokgoro’ kana ‘kota e e tlhamaletseng.’ Sefapaano ga se a simologa e le setshwantsho sa Bokeresete; mme se tserwe kwa Egepeto le mo go Constantine.” New Catholic Encyclopedia e bua jaana: “Setshwantsho sa loso lwa thekololo lwa ga Keresete mo Gologotha ga se tlhagelele mo setshwantshong se se takilweng sa makgolo a dingwaga a Bakeresete ba ntlha. Bakeresete ba pele, ka go bo ba ne ba tlhotlhelediwa ke go thibelwa ga bone ke Tesetamente e Kgologolo mo ditshwantshong ba ne ba sa rate go tshwantsha le eleng sedirisiwa sa [loso] lwa Morena. Sefapaano se ile sa tshwantshiwa mo motlheng wa ga Constantine.”

Sefapaano sa ga Constantine

9. Mmusi-mogolo Constantine o amana jang le sefapaano?

9 Constantine e ne e le mmusi-mogolo wa Moroma yo o neng a dira gore Council of Nicaea e kopane ka 325 C.E. le go tlhotlheletsa go amogela ga yone dithuto tseo eseng tsa dikwalo tsa gore Keresete e ne e le Modimo. O ne a dira seno go nonotsha puso ya gagwe ya boheitane le botenegi jwa Bokeresete. The New Encyclopædia Britannica e bua jaana kaga gagwe: “Mo bosigong jwa go fenya ga ga Constantine Maxentius ka 312, o ne a bona ponatshegelo ya ‘setshwantsho sa selegodimo’ sa sefapaano, seo a neng a dumela gore e ne e le sesupo sa bomodimo sa phenyo ya gagwe.” E bolela gape gore morago ga foo Constantine o ne a simolola kobamelo ya sefapaano.

10. Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale kana e se ga Dikwalo go dumela gore Modimo kana Keresete o ne a fa Constantine “sesupo” se se kopanyeletsang sefapaano?

10 Lefa go ntse jalo, a Modimo o ne a ka naya moeteledipele wa moheitane yo o sa direng go rata ga Modimo sesupo, ebile e le setshwantsho sa boheitane? Jesu o ne a kgalemela batho bao eleng bagaabo bao ba neng ba batla ditshupo. (Mathaio 12:38-40) Mo godimo ga moo, mmusi yono wa moheitane o ne a tsholola madi a a senang molato ka dibolao go batla tlotlomalo ya sepolotiki, mme ka boferefere jwa sepolotiki, o ne a dira gore balosika lwa gagwe le ditsala tse dingwe tsa gagwe ba bolawe. Go farologana le seo, Jesu o ne a bua jaana: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana.” (Yohane 18:36) Ke ka ntlha ya moo a neng a laela Petere jaana: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.”—Mathaio 26:52.

11. Ke eng seo se ileng sa tlhotlheletsa Constantine go rotloetsa tiriso ya sefapaano?

11 Buka Strange Survivals e bua jaana ka Constantine le sefapaano sa gagwe: “Ga re kake ra ganela gore go ne go na le boikaelelo bongwe ka boitsholo jwa gagwe; setshwantsho seo a neng a se tlhomile mo letlhakoreng le lengwe se ne se kgotsofatsa masole a gagwe a Bakeresete, mme kafa letlhakoreng le lengwe [baheitane] ba Mafora. . . . Mo go ba morago e ne e le setshwantsho sa go tlotla modingwana wa bone wa letsatsi,” modimo wa letsatsi oo ba neng ba o obamela. Nnyaa, ‘setshwantsho sa selegodimo’ sa ga Constantine se ne se sa amane ka gope le Modimo kana Keresete mme se ne se thailwe mo boheitaneng.

A go ka Tlotlwa Sedirisiwa sa Loso

12, 13. Ke ka mabaka afe a mangwe ao ka one sefapaano se sa tshwanelwang go tlotlwa?

12 Le eleng fa re itlhokomolosa bosupi mme re tsaya fela gore Jesu o ne a bolaelwa mo sefapaanong, a se tshwanetse go tlotlwa? Nnyaa, ka go bo Jesu o ne a bolawa jaaka senokwane, fela jaaka banna bao ba neng ba bapotswe fa thoko ga gagwe, mme mofuta wa loso lwa gagwe o ne o sa mo tshwanela gotlhelele. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ka seka ba bo ba ile ba leba sedirisiwa sa go bolawa ga gagwe jaaka se se boitshepo. Go se tlotla go ne go tla raya go galaletsa tiro e e maswe eo e neng ya dirwa mo go sone, eleng go bolawa ga ga Jesu.

13 Fa tsala ya gago e o e ratang thata e ne e bolailwe ka ditatofatso tsa maaka, a o ne o ka dira setshwantsho sa sedirisiwa seo e bolailweng ka sone (a re re mogala wa mmolai wa baatlholelwa-loso kana setulo sa motlakase kana sethunya ka bosone) me o bo o atla setshwantsho seo, o se tshubela dikerese, kana o se apara mo molaleng jaaka sekgabisa se se boitshepo? Seo se tla bo se sa bontshe gore o akanya sentle. Jalo, gape, go ntse fela jalo ka go obamela sefapaano. Lebaka fela la go bo sefapaano se simologile kwa boheitaneng go se dira maswe le go feta.

14. Re ka konela eng mabapi le sefapaano mo ponong ya bosupi jwa baithuti le jwa Bibela?

14 Go tlotla sefapaano ga se Bokeresete. Ga go supe go rata Modimo kana Keresete mme go sotla seo ba se emelang. Go ganana le melao ya Modimo e e kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa. Ke go rapela setshwantsho sa boheitane seo se tsewang ekete ke sa Bokeresete. (Ekesodo 20:4, 5; Pesalema 115:4-8; 1 Bakorintha 10:14) Go tsaya setshwantsho sa boheitane jaaka se se boitshepo ke go tlola molao ono wa Bokeresete: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? . . . Lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.”—2 Bakorintha 6:14, 17.

Go Tshola Lefoko le le Tlhotlheleditsweng

15. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go gana dingwao tseo di thulanang le Lefoko la Modimo?

15 Dikereke di bolela gore go tlotla setshwantsho ke karolo ya ngwao e e “boitshepo.” Mme fa ngwao e thulana le Lefoko la Modimo, bao ba ratang Modimo ba gana ngwao. Seo eleruri re se tlhokang mo kobamelong ya boammaaruri se setse se le teng mo Lefokong la Modimo. Fela jaaka Paulo a ne a kwalela Timotheo jaana: “Dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ ka tumèlō e e mo go Keresete Yesu. Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Timotheo 3:15-17) Ga go gope koo Bibela e bolelang gore dingwao tse di sa dumalaneng le Lefoko la Modimo ke tsa botlhokwa thata gore motho a bone poloko.

16. Ke eng seo Jesu a neng a se bolelela baeteledipele ba La-Bodumedi ba Bajuda mabapi le dingwao tsa bone?

16 Go thulana ga Dikwalo le dingwao tsa batho ga go gosha. Mo nakong ya fa go ne go wediwa go kwalwa ga Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera go ya kwa go tleng ga ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tsenya dingwao di le dintsi tse di sa kwalwang gope, tseo moragonyana ba neng ba di kwala mme di ne di sa tlhotlhelediwa ke Modimo. Dingwao tseo gantsi di ne di thulana le Dikwalo. Jalo Jesu o ne a bolelela baeteledipele bao ba bodumedi jaana: “Ke go reñ ha le lona lo tlola molaō oa Modimo ka ntlha ea [dingwao tsa, NW] lona? . . . Lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ya [dingwao tsa, NW] lona.” O ne a dirisa Lefoko la Modimo mo go bone fa a ne a re: “Me ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithutō tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.” (Mathaio 15:1-6, 9) Mo dithutong tsa gagwe, Jesu ga a ise a ko a tsopole go tswa mo dingwaong tseo. O ne a bua se se kwadilweng mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo.—Mathaio 4:4-10; Mareko 12:10; Luke 10:26.

17. Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore Bibela ke seitsetsepelo se se nonofileng sa tsholofelo ya rona?

17 Modimo ga o a ka wa tlogelela go bolokiwa ga “lehoko ya botshelō” mo diatleng tse di sa sireletsegang tsa batho ba ba ratang dingwao tsa bodumedi. (Bafilipi 2:16) Go na le moo, o ne a tlhotlheletsa go kwadiwa ga Bibela ka moya wa gagwe o o boitshepo o o nonofileng, gore “re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Go bolela gore Bibela ga e a felela le gore re tlhoka go ikaega gape ka go akanya go go sa tlhomamang ga batho ba ba sa itekanelang le ba ba sa tlhotlhelediwang, ke go latola maatla a Modimo. Eleruri, Mmopi mothatayotlhe yo o boitshegang wa lobopo o ne a ka kgona go kwala buka! Mme o dirile seno gore re tle re kgone go nna le seitsetsepelo se se nonofileng sa tsholofelo ya rona mme re se ka ra ikaega ka dingwao tsa batho tseo di isang batho kwa go tloleng melao ya Modimo. Ka gone, Lefoko la Modimo le bua jaana: “Lo se ka loa hetèla kwa pele ga dilō tse di kwadilweñ.” (1 Bakorintha 4:6) Bao ka boammaaruri ba ratang Modimo ba tla reetsa tlhagiso eo.—Bona gape Diane 30:5, 6.

‘Boloka Ditaolo tsa Gagwe’

18. Fa re rata Modimo ka boammaaruri, ke molao ofe o re tshwanetseng go o obamela?

18 “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna,” go tlhalosa jalo 1 Yohane 5:3. Fa baeteledipele ba bodumedi ba sa bue ditaolo tseo jaaka di ntse, kana ba di itlhokomolosa, kana ba di emisetsa ka dingwao tsa batho tseo di thulanang le tsone, he ba tsamaisa balatedi ba bone kgatlhanong le go rata ga Modimo. Ka sekai, a o ko o akanyetse molao-motheo o mogolo wa Bokeresete: lorato. E ne e le karolo ya botlhokwa thata ya thuto ya ga Jesu. O ne a bua jaana: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.”—Mathaio 22:39.

19. (a) Go botlhokwa go le kana kang gore Bakeresete ba boammaaruri ba ratane? (b) “Taolō e ncha” ya ga Jesu e farologana jang le e kgologolo?

19 Lorato lono lwa go rata wa gaeno le botlhokwa go le kana kang? Jesu o ne a ruta gore Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ka tlhaolwa ka go ratana ga bone. O ne a bua jaana: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Ka boammaaruri, Molao wa Iseraele wa bogologolo o ne o kopanyeletsa molao wa go re “u ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Lefitiko 19:18) Mme seo se neng se le sesha mo taolong eno ya ga Jesu e ne e le polelwana eno ya gagwe, “hèla yaka ke lo ratile.” Seno se ne se nonotsha lorato lwa Bokeresete, ka go bo Mokeresete o tshwanetse go iketleeletsa le eleng go beela badumedi-ka-ene botshelo jwa gagwe, fela jaaka Jesu a dirile.

20. Ke bomang bao rekoto ya hisitori ya lekgolo leno la dingwaga e ba tlhaolang jaaka bao ba obamelang taolo ya go “ratana”?

20 Ka jalo, batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba gompieno ba ka tlhaolwa ka sebofo se se ka sekang sa senngwa sa kutlwano mo selekanyong sa merafe yotlhe. Ke bomang mo motlheng wa rona bao ba bontshang go boloka melao ya Modimo ya lorato? Ke bomang bao ba ileng ba bogisiwa, ba tsenngwa mo kgolegelong, ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso, kana ba bolawa ka go bo ba ne ba sa batle go bolaya badumedi-ka-bone—kana le eleng ba ba sa dumeleng—ba merafe e mengwe? Rekoto ya lekgolo leno la dingwaga ya hisitori e araba ka go re: ke Basupi ba ga Jehofa fela.

21. Ke rekoto efe eo dikereke tsa La-Bodumedi di e dirileng malebana le molao wa go rata badumedi-ka-bone?

21 Kafa letlhakoreng le lengwe, ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa nna tsa tlola molao wa Modimo o o mabapi le lorato. Mo dintweng tsotlhe tsa lekgolo leno la dingwaga, baruti ba dikereke tsa La-Bodumedi ba ile ba etelela batho ba bone pele mo matlhakoreng a mabedi a dintwa mo go bolaaneng ka dimilione. Baporotesetanta ba ile ba bolaya Baporotesetanta-ka-bone, Bakatoliki ba ile ba bolaya Bakatoliki-ka-bone, lefa go le jalo botlhe ba ne ba iphaka gore ke Bakeresete. Mme Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone. Me taolō e re e chotse mo go èna, go re, eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.”—1 Yohane 4:20, 21.

22. Go ya ka tlhaloso e e mo go 1 Yohane 3:10-12, dikereke tsa La-Bodumedi ke bana ba ga mang, mme ka ntlhayang?

22 Lefoko la Modimo le bua gape jaana: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamo ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. . . . Re ratanè; Re se ka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.” (1 Yohane 3:10-12) Dikereke tsa La-Bodumedi di iphaka gore ke bana ba Modimo, mme ga go kake ga nna jalo, ka go bo ba tlola melao ya Modimo ya lorato mo gogolo mme ba ‘bolaya bomorwarrabone.’ Ba ka nna fela bana ba “eo o boshula.” Ka gone Lefoko la Modimo le kgothatsa botlhe bao ba tlhoafetseng mo ditumelong tseno ka go re: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshenolō 18:4) Go ise go ye kae Modimo o tla diragatsa dikatlholo tsa gagwe kgatlhanong le ditumelo tsotlhe tsa maaka. Bao ba ganelelang mo go tsone ba tla swa le tsone. (Tshenolō 17:16) Kafa letlhakoreng le lengwe, “eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.

O Ne O ka Araba Jang

◻ Ke ka ntlhayang fa lefoko la Seesemane “cross” (Setswana, sefapaano) e se thanolelo e e siameng ya lefoko la Segerika stau·rosʹ?

◻ Go tlotlwa ga sefapaano go simologile kae, mme ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go go gana?

◻ Ke sekao sefe seo Jesu a ileng a se tlhoma mabapi le dingwao tsa bodumedi?

◻ Ke bosupi bofe joo bo tlhaolang bao ba obamelang melao ya go bontshana lorato lwa bokaulengwe?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

TSHIMOLOGO YA SEFAPAANO

Pele ga motlha wa Bokeresete, mefuta ya difapaano e ne e dirisiwa jaaka ditshwantsho tsa bodumedi mo e ka nnang mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe

Crux Ansata e ne e dirisiwa kwa Egepeto wa bogologolo jaaka setshwantsho sa botshelo jwa mo isagweng

Crux Quadrata e ne e tshwantshetsa dikarolo tse nne tseo go dumelwang gore dilo tsotlhe di tlhodilwe go tswa mo go tsone

Crux Gammata go akanngwa gore e ne e le setshwantsho sa molelo kana e le letsatsi; ka gone, ke sa botshelo

Sefapaano sa Latin se se dirisiwang thata mo go La-Bodumedi

Sefapaano seno ke go kopanngwa ga ditlhaka tse pedi tsa ntlha tsa Segerika mo lefokong “Keresete”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Keresete o ne a swela mo mokgorong o o tlhamaletseng, eseng mo sefapaanong

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

“Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè.”—Tito 1:16

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela